LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 11/8 ts. 3-9
  • Sarajevo—Go Tloga ka 1914 go Fitlha ka 1994

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sarajevo—Go Tloga ka 1914 go Fitlha ka 1994
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Yugoslavia le Ntwa ya Lefatshe I
  • Yugoslavia le Ntwa ya Lefatshe II
  • Marumo a Tlhobolo A A Neng a Fetola Lefatshe
  • Maiteko a go Tlhalosa Kaga 1914
  • Diphoso Tsa Boeleele Tse di Bakileng Ntwa ya Lefatshe
    Tsogang!—2009
  • 1914—Ngwaga E E Neng Ya Garola Lefatshe Lotlhe Pelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A Lefatshe le Tla ko le Utlwane?
    Tsogang!—1994
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 11/8 ts. 3-9

Sarajevo—Go Tloga ka 1914 go Fitlha ka 1994

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA SWEDEN

Go setse go fetile dingwaga di le 80 fa e sale marumo a tlhobolo a a neng a felela ka masetlapelo a thuntshiwa ka June 28, 1914, kwa Sarajevo. Marumo ao a ne a bolaya Archduke Francis Ferdinand le mosadi wa gagwe Archduchess Sophie, mme morago ga foo bobaba joo jwa Austria-Hungary le Serbia bo ne jwa felela ka Ntwa ya Lefatshe I. Mo makawaneng a le dimilione di le 65 a a neng a romelwa kwa ntweng, dimilione tse di ka nnang 9 tsa bone di ne tsa se ka tsa boa. Fa go akarediwa baagi ba ba neng ba bolawa, go ne ga swa dimilione di le 21. Bangwe ba santse ba bitsa nako ya go tlhagoga ga ntwa eo ka August 1914 nako e “lefatshe le neng la tsenwa ka yone.”

GO THUNYA ga marumo a ditlhobolo go ile ga utlwala gape kwa Sarajevo. Mme e seng fela kwa Sarajevo mme le kwa direpaboliking di le mmalwa tsa tse thataro tse di kileng tsa bo di dira Yugoslavia.a Buka ya Jugoslavien—Ett land i upplösning (Yugoslavia—Naga E E Makgaoganyane) ya re: “Ke ntwa ya semorafe e moagisani a lwang le moagisani. Dikgopi le go belaelana go go sa bolong go nna teng go fetogile letlhoo. Letlhoo leno le feletse ka dintwa mme dintwa di baka dipolaano le tshenyo e ntsi. Go tshwana fela le go kgotlha motshitshi kana ke motshopo fela wa letlhoo le le oketsegang, go belaelana, le go bolaana.”

Fa ntwa e ne e runya kwa Yugoslavia ka June 1991, go ne go sa gakgamatse go bo batho ba bantsi ba ne ba gakologelwa marumo a tlhobolo a a neng a thunya kwa Sarajevo ka June 1914. A kgotlhang e e simologang eno le yone e ne e tla felela ka masetlapelo a a kalo? A kagiso e ne e tla nyelela mo Yuropa? A thulaganyo ya “go nyeletsa batho ba lotso longwe” (ba bolawa fela ka boomo e bile go lelekiwa ditlhopha tsa lotso, tsa sepolotiki, kana tsa ngwao e e rileng) e ne e tla anamela kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe? Ditšhaba tsa lefatshe di ile tsa leka go ba gatelela gore ba tlogele go lwa. Mme tota mathata a kwa Yugoslavia a bakiwa ke eng? A ditiragalo tsa bosheng tsa kwa Sarajevo di amana ka tsela epe le polao ele ya 1914?

Yugoslavia le Ntwa ya Lefatshe I

Dintwa tseno ga di disha. Kwa tshimologong ya lekgolo leno la dingwaga, Sekasetlhake sa Balkan se ne sa bolelwa gore ke “lefelo le le tletseng khuduego thata mo Yuropa.” Jugoslavien—Ett land i upplösning ya re: “Seno ke go kgaogana ga dinaga tse di neng di kopane tseo dikgogakgogano tsa tsone di sa bolong go nna di gola ka lobaka lo loleele. Totatota, dikgotlhang di ne di setse di le teng fa Bogosi jwa Serbia, Croatia le Slovenia [leina la pele la Yugoslavia] bo ne bo tlhongwa kwa bokhutlong jwa Ntwa ya Lefatshe I.” Dintlha tsa hisitori di tla re thusa go bona gore dintwa tsa gompieno di amana jang le Ntwa ya Lefatshe I.

Hisitori e re bolelela gore fa Francis Ferdinand a ne a bolawa ka tshoganetso ke baba ka 1914, dinaga tse di kwa Borwa tsa Ba-Slavonia tsa Slovenia, Croatia, le Bosnia le Herzegovina e ne e le diperofensi tsa Mmusomogolo wa Austria-Hungary. Kafa letlhakoreng le lengwe, Serbia, e ne e le bogosi jo bo neng bo ikemetse ka nosi mme bo ne bo sale bo ntse jalo go tloga ka 1878, bo tshegeditswe thata ke Russia. Lefa go ntse jalo, Ba-Serbia ba bantsi ba ne ba nna kwa diperofensing tse di neng di busiwa ke Austria-Hungary, mme ka jalo Serbia e ne e batla gore Austria-Hungary e tlogele go busa mafelo otlhe a e a busang mo Sekasetlhakeng sa Balkan. Le mororo Ba-Croatia le Ba-Serbia ba ne ba sa utlwane, ba ne ba eletsa selo se se tshwanang: go tswa kafa tlase ga puso ya batswakwa. Baratanaga ba ne ba eletsa go bona Ba-Slavonia botlhe ba kwa Borwa ba kopane e le bogosi bo le bongwe. Ba-Serbia ba ne ba nonofile tota mo go batleng gore go tlhomiwe naga e e ntseng jalo e e ikemetseng ka nosi.

Ka nako eo, mmusimogolo yo o neng a busa, Francis Joseph, o ne a na le dingwaga di le 84. Archduke Francis Ferdinand o ne a tla tloga e nna mmusimogolo o mosha. Baratanaga ba Ba-Serbia ba ne ba bona Francis Ferdinand a tlile go kgoreletsa gore ba dire keletso ya bone ya go tlhoma bogosi jwa Ba-Slavonia ba kwa Borwa.

Baithuti bangwe ba babotlana kwa Serbia ba ne ba kgatlhilwe thata ke kgopolo ya go nna le naga e e gololesegileng ya Ba-Slavonia ba kwa Borwa e bile ba ne ba iketleeditse go swela seo. Go ne ga tlhophiwa basha ba le mmalwa gore ba bolaye Archduke. Ba ne ba neelwa ditlhabano ba bo ba katisiwa mo sephiring ke setlhopha sa baratanaga ba Ba-Serbia ba ba neng ba bidiwa Black Hand. Basha ba babedi mo go bano ba ne ba leka go mmolaya, mme mongwe wa bone o ne a kgona. Leina la gagwe e ne e le Gavrilo Princip. O ne a na le dingwaga di le 19.

Polao eno e ne ya fitlhelela boikaelelo jwa ba ba neng ba e tlhotlheletsa. Fa ntwa ya ntlha ya lefatshe e fela, puso ya Austria-Hungary e ne e kgaogantswe, mme Serbia e ne e eteletse pele mo go kopanyeng Ba-Slavonia gore e nne bogosi bo le bongwe. Bogosi joo bo ne jwa bidiwa Bogosi jwa Ba-Serbia, Ba-Croatia, le Ba-Slovenia ka 1918. Leina leo le ne la fetolwa go nna Yugoslavia ka 1929. Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa ditlhopha tseno tse di farologaneng di ne di sa tlhole di tlhoka go kopana mmogo ka ntlha ya bobaba jo di neng di na nabo kgatlhanong le Austria-Hungary, dikgotlhang tsa ditlhopha tseno di ne tsa bonala. Go na le ditlhopha di ka nna 20 tse di farologaneng tsa baagi, dipuo di le nne tsa semmuso, le tse dingwe di le mmalwa, dialefabete tse pedi tse di farologaneng (tsa Seroma, le Se-Cyril), le ditumelo tse tharo tse dikgolo—Katoliki, Bomoselema, le ya Orthodox ya kwa Serbia. Bodumedi e ntse e le selo se segolo se se bakang dikgotlhang. Ka mafoko a mangwe, go ne go na le dilo tse dintsi tse di bakang dikgotlhang mo Pusong e ntšha eo.

Yugoslavia le Ntwa ya Lefatshe II

Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, Jeremane e ne ya tlhasela Yugoslavia, mme go ya ka buka ya The Yugoslav Auschwitz and the Vatican, “batho ba ba fetang 200 000, ba bontsi jwa bone ba neng ba tsena Orthodox ya kwa Serbia, ba ne ba bolawa go rulagantswe” ke Ba-Croatia ba Bakatoliki ba ba neng ba dirisana mmogo le Banasi. Lefa go ntse jalo, Josip Tito wa Mo-Croatia mmogo le maloko a lekoko la Bokomanise ba dirisana mmogo le Baboritane le Baamerika, ba ne ba kgona go busetsa Bajeremane kwa morago. Fa ntwa e sena go fela, o ne a bonala sentle gore ke ene moeteledipele wa naga mme o ne a tswelela a e busa a gatelela tota. O ne a ikakanyetsa dilo a le nosi. Le ene Stalin o ne a palelwa ke go mo pateletsa gore a buse Yugoslavia jaaka dinaga tse dingwe tsa Bokomanisi.

Batho ba bantsi ba ba tswang kwa go se pele se neng se bidiwa Yugoslavia ba ile ba re: ‘Fa e ne e se ka Tito, dinaga tse di kopaneng di ka bo di ne di sa bolo go kgaogana bogologolo. Ke ene fela a neng a na le keletso le thata e e neng e tlhokega gore a di boloke di kopane.’ Seno se ile sa itshupa se le boammaaruri. Dikgotlhang di ne tsa simolola gape fa Tito a sena go swa ka 1980, mme di ne tsa gakala go fitlha ntwa ya semorafe e tlhagoga ka 1991.

Marumo a Tlhobolo A A Neng a Fetola Lefatshe

Mokwadi wa buka ya Thunder at Twilight—Vienna 1913/1914, e bong Frederic Morton o ne a kwala jaana ka polao ya ga Francis Ferdinand: “Modumo wa lerumo le le neng la tlhaba molala wa gagwe e ne e le wa tlhobolo ya ntlha mo go tse di neng tsa bolaya batho setlhogo go fitlha ka nako eo. O ne wa kgotlha motshitshi o o neng wa felela ka Ntwa ya Lefatshe II. . . . Bontsi jwa ditlhale tse di re thatheditseng bo ne jwa logiwa la ntlha mo tikologong ya Danube ngwaga le sephatlo pele sethunya se thuba tlhogo ya ga Archduke.”—Mokwalo o mosesane ke wa rona.

Ditiragalo tsa bosheng tsa kwa go se pele e neng e le Yugoslavia ga se tsone fela “ditlhale tse di logileng se re se bonang go re dikologa” tse fa di latedisiwa di simolotseng ka 1914. Raditiragalo Edmond Taylor o bolela selo seno se boraditiragalo ba bantsi ba dumalanang mo go sone: “Go tlhagoga ga Ntwa ya Lefatshe I go ne ga lere lekgolo la masomeamabedi la dingwaga la ‘Motlha wa Mathata’ . . . Go ritlha gotlhe ga halofo ya lekgolo la dingwaga le le fetileng ka tlhamalalo kana ka tsela e e seng ya tlhamalalo go simologile bogologolo ka 1914.”

Batho ba ile ba leka go tlhalosa lebaka la go bo ditlhobolo tse di neng tsa thuntshiwa kwa Sarajevo di ne tsa felela ka masetlapelo. Tota go tlile jang gore marumo a mabedi a a thuntshitsweng ke “mosimanyana wa sekolo” a tshube lefatshe lotlhe ka molelo mme a lere motlha wa thubakanyo, tlhakatlhakano le go swabisiwa go go ileng ga tswelela go fitlha mo motlheng ono wa rona?

Maiteko a go Tlhalosa Kaga 1914

Mokwadi wa buka Thunder at Twilight—Vienna 1913/1914, o leka go tlhalosa se se diragetseng ka go bua ka se a se bitsang “maatla a masha” a a neng a tlhotlheletsa merafe ka 1914. “Maatla” ano, jaaka a bolela, e ne e le dilo di le mmalwa di kopane. Batho ba sekae ba ba akanyetsang dilo sentle ba ne ba tsholetsa mantswe mme a ne a hupediwa ke mokgosi wa ntwa. Go ipaakanya ga naga e nngwe go ne ga gwetlha tse dingwe. Jaanong go ne go busa bojenerale go na le babusi. Batho ba bantsi ba ne ba bona ntwa e ba naya tshono ya go “tswa letsholo la bogatlhamela masisi jaaka setšhaba” mme ka gone seo se ba imolola mokgweleo wa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Moragonyana, modiredimogolo mongwe o ne a kwala jaana: “Jaaka batho ba ba emetseng pula ya matlakadibe gore e tle go ba timola mogote wa selemo, fela jalo kokomana ya 1914 e ne e itumelela go lapolosiwa go go neng go ka tla ka ntwa.” Mokwadi wa Mojeremane Hermann Hesse o ne a bolela gore go tla nna molemo mo bathong fa ba ka ntshiwa mo “botshelong jo bo sisibetseng jwa ikonomi e e gololesegileng.” Go bolelwa gore mafoko a a reng ntwa ke “go itshekisiwa, go gololwa, go newa tsholofelo e kgolo tota,” a ne a bolelwa ke mogapi wa sekgele sa Nobel wa Mojeremane e bong mokwadi Thomas Mann. Le e leng Winston Churchill o ne a kwala jaana a tlhakantswe tlhogo ke mowa wa ntwa: “Go baakanyetsa ntwa go nkgatlha ka tsela e e ntshosang tota. Ke rapela Modimo gore o intshwarele ka ntlha ya go itumelela seno ka tsela eno e e feteletseng e e tshosang.”

“Maatla ano a masha” ke one a neng a dira gore go bonwe dilo tse di neng di dirwa go ralala Yuropa fa masole a ne a gwantela kwa ntweng. Ba ne ba golegelwa dikalana tse ditala mo dihutsheng, dirouse di ne di logwa di bo di kgwagediwa mo dikanonong, diokhesetara di ne di letsa mmino, bommamalapa ba ne ba fokisa disakatuku ka difensetere, mme bana ba ba itumetseng ba ne ba siana fa thoko ga masole. E ne e kete batho ba mo moletlong ba itumelela go tla ga ntwa. Ntwa ya lefatshe e ne ya tla e iphitlhile e kete ke moletlo.

Seno se ne se tsweletsa seo Morton, yo o nopotsweng kwa pelenyana, a neng a se bitsa “maatla a masha” mme se tshwanetse go re thusa go tlhaloganya gore ntwa ya ntlha ya lefatshe e bakilwe ke eng. Mme “maatla” ano a ne a tswa kae? Mokwadi wa ditiragalo Barbara Tuchman o ne a kwala gore boradiintaseteri ba ne ba file motho maatla a masha le dilo tse disha tse di mo gatelelang. E bile tota, “batho . . . ba ne ba . . . na le maatla le nonofo e ntsi.” Stefan Zweig, morutegi mongwe yo mmotlana go tswa kwa Vienna, o ne a kwala jaana ka nako eo: “Ga go na tsela epe e nngwe e nka go tlhalosang ka yone fa e se gore maatla ano a a oketsegileng, a ne a kgobokantswe ka dingwaga di le masomeamane tsa kagiso mme jaanong a batla go tswa ka maatla.” Polelwana e e reng “ga go na tsela epe e nngwe e nka go tlhalosang ka yone” e akantsha gore ene ka boene o ne a ketefalelwa ke go tlhalosa. Mo ketapeleng ya buka ya Thunder at Twilight, Morton o kwala jaana: “Ke eng fa go ne ga diragala ka nako eo le kwa lefelong leo? E bile go diragetse jang? . . . A go na le tharabololo ya malepa ano?”

Ee, bontsi jwa batho ba ba lekang go tlhalosa kaga 1914, ba bona go na le mabaka mangwe a a bokete a a sa tlhaloganngweng motlhofo. Ke eng fa ntwa e ne ya se ka ya lowa fela ke ditlhopha tse di neng di amega ka tlhamalalo? Ke eng fa e ne ya felela e le ntwa ya lefatshe? Ke eng fa e ne e le kgolo jaana e bile e senya thata jaana? Tota maatla ano a a sa tlwaelegang a a neng a laola batho mo letlhabuleng la 1914 e ne e le eng? Setlhogo sa rona se se latelang, se se mo tsebeng ya 10, se tla araba dipotso tseno ka Baebele.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Yugoslavia e kaya “Naga ya Ba-Slavonia ba kwa Borwa.” Direpaboliki tsa yone ke Bosnia le Herzegovina, Croatia, Macedonia, Montenegro, Serbia le Slovenia.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Jaaka batho ba ba emetseng pula ya matlakadibe gore e tle go ba timola mogote wa selemo, fela jalo kokomana ya 1914 e ne e itumelela go lapolosiwa go go neng go ka tla ka ntwa.”—Ernest U. Cormons, moemedi wa puso ya Austria

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

1914

Baebele e ne ya bolelela pele ditiragalo tsa matlhotlhapelo tse di ileng tsa diragala ka 1914

“Ga tswa pitse nngwe, e le pitse e khunou; yo o e pagameng a newa gore a tlose kagiso mo lefatsheng, le gore batho ba bolaane; me a newa tšhaka e tona. E rile a kanolola sekano sa boraro, ka utlwa setshedi sa boraro se re: ‘Tlaa!’ Ka leba mme bonang ga bo go le pitse e le ntsho; yo o e pagameng a bo a tshotse selekanyo sa pego ka seatla. Ka utlwa e kete lentswe mo gare ga ditshedi tse nne, le re: ‘Seelwanyana sa mabele ke tefo ya letsatsi; mme o se ka wa senya lookwane le bojalwa jwa mofine.’ E rile a kanolola sekano sa bone, ka utlwa lentswe la setshedi sa bone le re: ‘Tlaa!’ Ka leba, mme bonang, ga bo go le pitse e tshetlha; yo o e pagameng, leina la gagwe go twe Loso; Bobipo a bo a na nae a mo setse morago. Mme ba newa taolo ya go re, lefatshe fa le kgaoganngwa sene, ba bolaye karolo ya sene ka tšhaka, le ka popamo, le ka loso, le ka dibatana tsa lefatshe.”—Tshenolo 6:4-8 (Bona gape Luke 21:10-24; 2 Timotheo 3:1-5.)

“Ntwa E Kgolo ya 1914-18 e tshwana le sebata se se sheleng sa lefatshe se se kgaoganyang motlha oo le wa rona. E ne ya bula phatlha e kgolo fa gare ga metlha e mebedi eo ka go nyeletsa matshelo a mantsintsi ao a ka bong a ne a dira sengwe mo dingwageng tse di neng tsa latela, ka go nyeletsa dilo tse di neng di dumelwa pele, e fetola dikgopolo le go tlogela dintho tse di sa foleng tsa go swabisiwa.”—Ketapele ya The Proud Tower, e e kwadilweng ke Barbara W. Tuchman.

“Dingwaga tse nnè tse di neng tsa latela [1914], jaaka Graham Wallas a ne a kwala, e ne e le ‘dingwaga tse nne tse di maswe tota le tse losika lwa motho lo neng lwa dira ka natla tota go gaisa.’ Fa matsapa ao a sena go dirwa, dilo tse di neng di akantswe le botlhaga jwa pele ga 1914 di ne tsa hupediwa ke go swaba. Ka tlhwatlhwa e batho ba neng ba e duetse, ba ne ba duelwa ka go lemoga fela gore ba bokoa ka tsela e e utlwisang botlhoko.”—Mafoko a a kwa morago a yone buka eo.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

The Bettmann Archive

The Trustees of the Imperial War Museum, London

National Archives of Canada, P.A. 40 136

[Mmapa mo go tsebe 7]

Yuropa Jaaka E Ne E Ntse—August 1914

1. Great Britain le Ireland 2. France 3. Spain 4. German Empire 5. Switzerland 6. Italy 7. Russia 8. Austria-Hungary 9. Romania 10. Bulgaria 11. Serbia 12. Montenegro 13. Albania 14. Greece

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Gavrilo Princip

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Bajeremane ba amogela dithunya fa ba le mo tseleng go ya ntweng

[Motswedi wa Setshwantsho]

The Bettmann Archive

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

Culver Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela