1914—Ngwaga E E Neng Ya Garola Lefatshe Lotlhe Pelo
“Ntwa E Kgolo ya 1914-18 e tshwana le lefelo la lefatshe le le sentsweng leo le kgaoganyang motlha oo wa ntwa le motlha wa rona. Ka go bolaya batho ba le bantsintsi thata jaana . . . , ka go senya dilo tseo batho ba di dumelang, ka go fetola megopolo ya batho, le ka go tlogela dintho tseo di ka se kang tsa kgona go fodisiwa tsa go ijesa dijo tsa ditoro, e ne ya dira gore go nne le pharologano e e seng kana ka sepe fa gare ga tsela eo batho ba motlha oo le ba motlha ono ba ntseng ka yone mo mmeleng le pharologano fa gare ga tsela eo ba akanyang ka yone.”—Go tswa mo go The Proud Tower—A Portrait of the World Before the War 1890–1914, e e kwadilweng ke Barbara Tuchman.
“E batlile e nna karolo ya hisitori, legale ga e ise e ne yone—ka gonne batho ba le diketekete tse di seng kana ka sepe bao ba neng ba le babotlana mo masimologong a lekgolo le le botlhokwa leno la masome a mabedi la dingwaga ba santse ba tshela.”—Go tswa mo bukeng e e gatisitsweng ka 1987 e e bidiwang 1914, e e kwadilweng ke Lyn MacDonald.
KE KA ntlha yang fa re tshwanetse ra itshwenya ka go akanya ka ngwaga wa 1914? ‘Ke tshwenyega ka isagwe,’ o ka nna wa bolela jalo, ‘eseng ka dilo tsa nako e e fetileng.’ Isagwe ya motho e ka nna ya lebega e le letobo ka ntlha ya mathata a a ntseng jaaka kgotlhelo eo e leng gone mo lefatsheng lotlhe, go thubega ga malapa, go oketsega ga bokebekwa, bolwetse jwa tlhaloganyo, le go tlhoka tiro. Lefa go ntse jalo, batho ba le bantsi bao ba ileng ba sekaseka go bona kafa ngwaga wa 1914 o leng botlhokwa ka gone ba ile ba nna le mabaka a a utlwalang a gore ba nne le tsholofelo mo isagweng e e botoka.
Tora ya Tebelo e feditse masome a le mantsi a dingwaga e tlhalosa gore ka ngwaga wa 1914 setho se ne sa diragalelwa ke selo seo se bidiwang gore ke “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.” Mafoko ao a bopa karolo ya polelelopele e e botlhokwa go di feta tsotlhe ya ga Jesu Keresete e e leng malebana le ditiragalo tseo di neng di tla diragala pele ga fa tsamaiso e e bosula eno ya motho e fela.—Mathaio 24:7, 8.
Gompieno, ke batho ba le mmalwanyana fela bao ba santseng ba kgona go gakologelwa ditiragalo tse di botlhokwa tsa ngwaga wa 1914. A losika lo lo tsofetseng loo lo tla feta pele ga fa Modimo o boloka lefatshe leno gore le se ka la senngwa? Eseng go ya ka polelelopele ya Bibela. “E tla re lo bōna dilō cotlhe tse,” Jesu o ne a solofetsa jalo, “lo bo lo itse ha a le gauhi, a le hèla ha meyakoñ. Amarure kea lo raea, Losika lo ga lo ketla lo heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.”—Mathaio 24:33, 34.
Gore o lemoge gore ke ka ntlha yang fa ngwaga wa 1914 o le botlhokwa ka tsela e e ntseng jalo mo hisitoring, a o ke o akanye kafa seemo sa lefatshe se neng se ntse ka gone go tla go fitlha mo bogareng jwa ngwaga wa 1914. Pele ga nako eo, babusi ba ba ntseng jaaka Czar Nicholas wa Russia, Kaiser Wilhelm wa Jeremane, le Mmusimogolo ebong Franz Josef wa mmuso o o kopaneng wa Austria le Hungary ba ne ba na le thata e kgolo mo dipusong tsa bone. Mongwe le mongwe wa banna bano o ne a ka kgona go bolotsa batlhabani ba ba fetang dimilione di le nne a bo a ba romela ntweng. Mme lefa go ntse jalo borraabomogolo ba ne ba saenile seo se neng se bidiwa gore ke Holy Alliance, ba bolela gore Modimo o ba abetse taolo ya gore ba buse dikarolo tse di farologaneng tsa “morafe wa Bokeresete” o mogolo o o mongwe fela.
Go ya ka The Encyclopædia Britannica, lekwalo leno “le ne la ama tirisanommogo ya dinaga tsa Yuropa ka tsela e e maatla fela thata mo lekgolong la bo 19 la dingwaga.” Le ne la dirisiwa go nna kgatlhanong le mekgatlho ya temokeratiki le go amogela seo se bidiwang gore ke taolo eo Modimo o e neetseng dikgosi gore di buse. “Rona Dikgosi tseo re leng Bakeresete,” Kaiser Wilhelm o ne a kwalela Czar Nicholas jalo, “re na le tiro e le nngwe fela e e boitshepo, eo Modimo o re e neetseng gore re e dire, e leng ya go tshegetsa molaomotheo wa [taolo eo Modimo o e neetseng dikgosi gore di buse].” A seno se ne se kaya gore dikgosi tsa dinaga tsa Yuropa di ne di amana ka tsela nngwe le Bogosi jwa Modimo? (Bapisa 1 Bakorintha 4:8.) Mme go tweng ka dikereke tseo di neng tsa ema dikgosi tseo nokeng? A go iphaka ga dikgosi tseo gore e ne e le Bakeresete go ne go le boammaaruri? Karabo ya dipotso tseno e ne ya phepafala mo dingwageng tseo di neng tsa latela fela kafa morago ga ngwaga wa 1914.
Ka Ponyo ya Leitlho Fela, mo Kgweding ya August
“Kwa Yuropa, dikgakologo le selemo sa ngwaga wa 1914 di ne tsa itsege ka kagiso e e sa tlwaelegang,” go ne ga kwala jalo moeteledipele wa puso ya Borithane ebong Winston Churchill. Batho ka kakaretso ba ne ba na le tsholofelo ka isagwe. “Go ne go na le dilo tseo di seng kana ka sepe tseo batho ba neng ba di solofetse ebile ba di lebeletse go tswa mo ngwageng wa 1914,” go ne ga bolela jalo Louis Snyder mo bukeng ya gagwe e e bidiwang World War I.
Ke boammaaruri gore go ne go fetile dingwaga di le dintsi go ntse go na le ntwa e e seng kana ka sepe fa gare ga Jeremane le Borithane. Lefa go ntse jalo, jaaka fa rraditiragalo ebong G. P. Gooch a tlhalosa mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Under Six Reigns: “Go ne go lebega go sena kgonagalo e e kalo ya gore ntwa ya kwa dinageng tsa Yuropa e tsoge ka ngwaga wa 1914 go na le jaaka fa go ne go ntse ka 1911, 1912 kana ka 1913 . . . Kamano e e neng e le gone fa gare ga mebuso e mebedi eno e ne e le botoka thata go na le jaaka fa e ne e ntse mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng.” Go ya ka Winston Churchill ebong leloko la kabinete ya ngwaga wa 1914 ya Borithane: “Go lebega Jeremane e ne e na le maikutlo a a tshwanang fela le a rona, e leng a go ikemisetsa go nna fela mo kagisong.”
Lefa go ntse jalo, isagwe e ne ya nna letobo ka ntlha ya go bolawa ga kgosi e e tlhatlhamang setulo sa bogosi ya Mmusomogolo wa Austria le Hungary kwa Sarajevo ka June 28, 1914. Kgwedi moragonyana, Mmusimogolo ebong Franz Josef o ne a bolotsa ntwa kgatlhanong le mmuso wa Serbia mme morago ga moo a laela masole a gagwe gore a tlhasele bogosi joo. Gape, mo bosigong jwa August 3, 1914, lesomo le le boitshegang la masole a Jeremane le ne la tlhasela bogosi jwa Belgium ka tshoganyetso go ya ka taolo ya ga Kaiser Wilhelm mme la lwela go ela kwa Fora. Mo letsatsing le le latelang Borithane e ne ya bolotsa ntwa kgatlhanong le Jeremane. Fa e le Czar Nicholas ene, o ne a laetse gore go bolodiwe lesomo le le seng kana ka sepe la masole a Russia gore a ye go tlhabana le mmuso wa Jeremane le mmuso o o kopaneng wa Austria le Hungary. Holy Alliance e ile ya palelwa ke go thibela dikgosi tsa dinaga tsa Yuropa gore di se ka tsa sotlhometsa kontinente eno mo ntweng eo mo go yone go neng ga bolaanwa setlhogo thata jaana. Mme lefa go ntse jalo seo e ne e le dinyana, dikgolo di ne di santse di tla.
A Ntwa Eno E Ne E Tla Bo E Khutlile mo Letsatsing la Keresemose?
Go runya ga ntwa ga go a ka ga fedisa tsholofelo eo batho ba neng ba na le yone. Ba le bantsi ba ne ba dumela gore ntwa eno e ne e tla tlhagisa lefatshe le le botoka, ebile matšhutitšhuti a a boitshegang a batho a ne a phuthega go ralala Yuropa yotlhe a bontsha gore a ne a ema ntwa eno nokeng. “Ga go na ope yoo ka ngwaga wa 1914,” go kwala jalo A. J. P. Taylor mo bukeng ya gagwe e e bidiwang The Struggle for Mastery in Europe—1848–1918, “a neng a akanya ka tsela e e boteng ka diphelelo tse di kotsi tseo ntwa e neng e tla nna le tsone mo bathong ka kakaretso fa e se fela go akanya gore diphelelo tse di kotsi tseno di ne di tla ama fela bao ba neng ba le mo ntweng. . . . Ga go na ope yo o neng a lebeletse gore e ne e tlile go tlisa matlhotlhapelo mo setšhabeng.” Go na le moo, ba le bantsi ba ne ba bolelela pele gore e ne e tlile go khutla mo dikgweding di sekaenyana fela.
Lefa go ntse jalo, bogologolo pele ga fa Bayuropa ba ne ba ka keteka Keresemose ya bone ya ngwaga wa 1914, go ne ga nna le ntwa ya molomo mo mafatsheng a a bapileng le mesele eo masole a neng a lwela mo go yone ao otlhe fela e leng dikilometara tse di fetang 700 go tswa kwa Switzerland o o kafa borwa go ya kwa lotshitshing lo lo kafa bokone lwa Belgium. E ne ya bidiwa gore ke ya Karolo E E Kafa Bophirima, ebile mokwadi mongwe wa Mojeremane yo o bidiwang Herbert Sulzbach o ne a e umaka ka nako ya fa a ne a kwala dintlha mo bukatsatsing ya gagwe mo letsatsing la bofelo la ngwaga wa 1914. Dintlha tseno tseo a di kwadileng di balega jaana: “Ntwa e e matlhomahibidu eno e nna e ntse e tswelela pele fela, mme le mororo kwa tshimologong motho a ne a akantse gore e ne e tla bo e khutlile mo dibekeng di sekaenyana fela, gone jaanong jaana go bonala e ka se ka ya lala e khutlile.” Gape, go ne ga runya dintwa tse di setlhogo thata mo dikarolong tse dingwe tsa Yuropa tseo di neng di lowa ke masole a Russia, Jeremane, a mmuso o o kopaneng wa Austria le Hungary, le a Serbia. Go ise go e kae ntwa eno e ne ya anamela ka kwa ga Yuropa, mme dintwa di ne tsa lwelwa mo mawatleng le mo Afrika, kwa Botlhabagare, le kwa ditlhaketlhakeng tsa Pacific.
Dingwaga di le nne moragonyana go ne go bona yo o pelo kwa Yuropa. Puso ya Jeremane, Russia, le puso e e kopaneng ya Austria le Hungary nngwe le nngwe ya tsone e ne ya latlhegelwa ke masole a a leng gareng ga milione o le mongwe le dimilione tse pedi ka palo. Russia e ne ya bo ya latlhegelwa ke puso ya yone ka nako ya diphetogo tsa Bolshevik tsa ngwaga wa 1917. Abo dikgosi tsa dinaga tsa Yuropa le baruti bao ba neng ba di eme nokeng ba ne ba garoga pelo jang ne! Borraditiragalo ba segompieno ba bontsha fa ba santse ba jele kgakge. Gordon Brook-Shepherd o botsa jaana mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Royal Sunset: “Go ne ga tla jang gore babusi, segolobogolo bao ba amanang ka losika kana ka lenyalo ebile botlhe fela ba ineetse mo go bolokeng bogosi gore bo se ka jwa nyelela, ba itetlelele gore ba wele ka phoso mo ntweng eo mo go yone batho bao ba amanang thata ka losika ba bolaanang setlhogo thata ebile e le ntwa eo e komeditseng ba le mmalwa ba bone le go tlogela batho bao ba falotseng ba koafetse?”
Repaboliki ya Fora le yone e ne ya latlhegelwa ke masole a a fetang milione o le mongwe ka palo, mme Mmusomogolo wa Borithane one, oo puso ya one e neng e setse e ntse e koafaditswe bogologolo pele ga ntwa, o ne wa latlhegelwa ke a a fetang 900 000. Ka kakaretso, go ne ga swa masole a a fetang dimilione di le 9, mme go ne ga gobala a mangwe a a oketsegileng a le dimilione di le 21. The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana malebana le palo ya bao ba suleng le mororo ba ne ba se mo ntweng: “Ga go na ope yo o itseng gore go sule baagi ba le kae ba bolawa ke bolwetse, tlala, le go bolawa ke dilo tse dingwe tseo di bakilweng ke ntwa. Borraditiragalo bangwe ba dumela gore palo ya baagi ba ba ileng ba swa e lekana le ya masole a a ileng a swa.” Kgogodi ya ngwaga wa 1918 ya bolwetse jwa Spanish flu e ne ya kometsa matshelo a batho ba bangwe ba le 21 000 000 go dikologa lefatshe.
Phetogo E E Seng Kana Ka Sepe
Morago ga Ntwa E Kgolo eo lefatshe le ne la se ka la tlhola le nna ka tsela eo le neng le ntse ka yone pele, jaaka fa le ne le bidiwa jalo ka nako eo. Ereka dikereke di le dintsi thata tsa Labokeresete di ile tsa nna le seabe ka tlhagafalo mo ntweng eno, batho ba le bantsi ba ba falotseng bao ba neng ba ijesa dijo tsa ditoro ba ne ba tlhanogela bodumedi mme ba amogela thuto e e latolang gore Modimo o gone. Ba bangwe ba ne ba simolola go gagamalela khumo ya dilo tse di bonalang le go ijesa menate. Go ya ka Porofesa Modris Eksteins mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Rites of Spring, batho bao ba neng ba tshela mo dingwageng tsa bo1920 “ba ne ba tshela botshelo jwa go ijesa menate le jwa go ikgatlhegela bobone fela ka tsela e e seng kana ka sepe.”
“Ntwa,” Porofesa Eksteins o tlhalosa jalo, “e ne ya tlhasela ditekanyetso tsa boitsholo.” Batho mo matlhakoreng oomabedi ba ne ba rutilwe ke baeteledipele ba bodumedi, ba sesole, le ba sepolotiki gore ba lebe go bolawa ga bontsi jwa batho jaaka selo seo se itshiametseng fela. Selo seno, Eksteins o bolela jalo, “e ne e se sepe fela fa e se go tlhaselwa ga boitsholo ka tlhaselo e e setlhogo go di gaisa tsotlhe eo go bolelwang fa e theilwe mo molaomotheong wa boitsholo wa Bokeresete wa Sejuda.” “Mo Karolong E E Kafa Bophirima,” o oketsa jalo, “matlo ao batho ba neng ba rekisetsa mebele ya bone mo go one a ne go ise go e kae a fetoga go nna karolo ya dikampa tsa masole tseo di neng di dirisiwa ka metlha . . . Kwa gae, banna le basadi ba ne le bone ba simolola go nna le boitsholo jo bo repileng. Go rekisa mebele go ne ga oketsega ka tsela e e boitshegang fela thata.”
Ke boammaaruri gore ngwaga wa 1914 o ne wa fetola dilo di le dintsi thata. Ga wa a ka wa tlhagisa lefatshe le le botoka, ebile ntwa eo ga ya a ka ya itshupa e le “ntwa ya go khutlisa dintwa tsotlhe,” jaaka fa batho ba le bantsi ba ne ba solofetse. Go na le moo, jaaka fa rraditiragalo yo o bidiwang Barbara Tuchman a bolela, “Go tsietsega le ditsholofelo tseo batho ba neng ba na natso go tla go fitlha ka 1914 di ne tsa nwelelela ka iketlo mo lewatleng la go ijesa go go seng kana ka sepe ga dijo tsa ditoro.”
Lefa go ntse jalo, bangwe bao ba boneng diphelelo tse di setlang pelo tsa ngwaga wa 1914 ga ba a ka ba gakgamadiwa ke ditiragalo tsa ngwaga oo. Ebile tota, pele ga fa ntwa e runya, ba ne ba ntse ba solofetse go tla ga “nako e e boifisang ya mathata.” E ne e le bomang bao? Ebile ke eng seo ba neng ba se itse seo ba bangwe bone ba neng ba sa se itse?
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Tsholofelo Eo Borithane E Neng E Na Nayo Ka Ngwaga wa 1914
“Ga go na mmaba ope yo o ileng a tlhagelela mo mawatleng go dikologa setlhaketlhake sa rona mo dingwageng tseo di ka nnang lekgolo. . . . Go ne go bile go se motlhofo go ka akanya gore dintshi tseno tsa mawatle tseo di neng di le mo kagisong di ne di ka nna tsa tshosediwa mo isagweng. . . . Puso ya London e ne e ise e ke e tsamae e lebege e itumetse go feta le go gatela pele thata jaana. Go ne go ise go ke go tsamae go nne le dilo di le dintsi thata jaana tseo go neng go le mosola go di dira, le go di bona, le go di utlwa. Ga go na batho bape ba ba godileng kana bana bao ba neng ba na le pelaelo epe malebana le gore dilo tseo ba neng ba di bona mo selemong seo se ka se kang sa bapisiwa le sepe seo sa ngwaga wa 1914, e ne tota e le bokhutlo jwa motlha.”—Before the Lamps Went Out, e e kwadilweng ke Geoffrey Marcus.