LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 11/8 ts. 10-11
  • Se Tota Se Kaiwang Ke 1914

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se Tota Se Kaiwang Ke 1914
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1914 E Lere Motlha wa Mathata
  • Phediso ya Lefatshe e e Boleletsweng Pele E Tla Tla Leng?
    Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang?
  • Tsamaiso ya Jaanong E Tla Nama E Diegile Goleele Go le Kae?
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Losika lwa Ngwaga wa 1914—Ke Ka Ntlha Yang Fa Lo Le Botlhokwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • 1914—Ngwaga E E Neng Ya Garola Lefatshe Lotlhe Pelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 11/8 ts. 10-11

Se Tota Se Kaiwang Ke 1914

JAAKA go supilwe mo go tsebe 4, “makasine ono o dira gore batho ba nne le tsholofelo mo lefatsheng le lesha le Mmopi a le solofeditseng le le nang le kagiso le polokesego o dira gore ba nne le tsholofelo mo go lone pele ga losika lono lo lo boneng ditiragalo tse di diragetseng ka 1914 le feta.”

Ga go belaetse gore bontsi jwa babadi ba gakgamadiwa ke polelo eo. Lefa go ntse jalo, bogologolo ka December 1879—dingwaga tse di ka nnang 35 pele ga 1914—Tora ya Tebelo (e ka nako eo e neng e itsiwe jaaka Zion’s Watch Tower and Herald of Christ’s Presence) e ne ya naya bosupi jwa Baebele jo bo tlhomamisang gore ngwaga wa 1914 o tlile go nna wa botlhokwa. Le pele ga seno—fa gare ga lekgolo la bo19 la dingwaga—baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba bolela gore ngwaga wa 1914 o bonala e le one o o supiwang ke boperofeti jwa Baebele.a

Boperofeti bo ile jwa tlhalosiwa gore ke hisitori e e kwadilweng pele e diragala. Karolo eno ya Baebele e re tlhomamisetsa gore e kwadilwe ke Modimo. Mo godimo ga gore Baebele e re bolelela se se tla diragalang mo isagweng, ka dinako tse dingwe e re bolelela le boleele jwa lobaka lo lo tla fetang pele seo se diragala. Bongwe jwa boperofeti jono jo bo tlhamaletseng bo ka tsaya malatsi a sekae, jo bongwe dingwaga, mme jo bongwe makgolo a dingwaga.

Daniele, yoo a neng a perofesa ka metlha e Mesia a tla bonalang ka yone, gape o ne a senola nako e Mesia a neng a boa ka yone “go tla go nna teng” jaaka go ne ga bidiwa “lobaka lwa kwa bokhutlong.” (Daniele 8:17, 19; 9:24-27) Boperofeti jono jwa Baebele bo tsaya lobaka lo loleele, e seng makgolo a sekae fela a dingwaga mme dimileniamo tse pedi—dingwaga di le 2 520! Mo go Luke 21:24, Jesu o bitsa lobaka lono “metlha ya baditšhaba.”b

1914 E Lere Motlha wa Mathata

Boperofeti jo bo diragadiwang jwa Baebele bo supa gore re sale re ntse re tshela mo metlheng ya bofelo go tloga ka 1914. Jesu o ne a tlhalosa motlha ono jaaka “tshimologo ya botlhoko jwa pelega.” (Mathaio 24:8) Re bala jaana mo go Tshenolo 12:12: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle; ka diabolo a fologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse fa lobaka lwa gagwe lo setse lo le lokhutshwane.” Seno se tlhalosa lebaka la go bo lefatshe le ile la tlhakatlhakana jaana go tloga ka 1914.

Lefa go ntse jalo, nako eno ya bofelo e tlile go nna lobaka lo lokhutshwane—lo lo tla akaretsang fela kokomana e le nngwe. (Luke 21:31, 32) Lebaka fela la gore re setse re fetile dingwaga di le 80 go tloga ka 1914, le supa gore re ka lebelela gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo re golola. Seno se raya gore re tla bona “motho yo o nyatsegang”—Jesu Keresete—a tla go laola ka botlalo “mo bogosing jwa batho” mme a lere lefatshe le lesha le le nang le kagiso, le le siameng.—Daniele 4:17.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka 1844, moruti mongwe wa Moboritane, E. B. Elliott, o ne a bolela gore 1914 e ka nna letlha le “metlha e supa” ya Daniele kgaolo ya 4 e tla khutlang ka lone. Robert Seeley, wa kwa Lontone, o ne a bua se se tshwanang ka kgang eno ka 1849. Joseph Seiss, wa United States, o ne a bolela mo bukeng nngwe e e neng ya rulaganngwa mo e ka nnang ka 1870 gore 1914 e ne e le letlha la botlhokwa thata mo tlhatlhamanong ya Baebele. Ka 1875, Nelson H. Barbour o ne a kwala mo makasineng wa gagwe wa Herald of the Morning gore 1914 e ne e tshwaya bokhutlo jwa paka e Jesu a neng a e bitsa “metlha ya baditšhaba.”—Luke 21:24.

b Go bona tlhaloso e e tletseng ka boperofeti jono jwa ga Daniele, bona Go Fetolana ka Dikwalo, ditsebe 271-3, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Dikakgelo ka 1914 le Morago ga Yone

“E ka tswa e le gore, fa go sena go bonwa gore dintwa tse pedi tsa lefatshe ga di a kgona go tilwa, dibetsa tsa nutlelea tse di neng tsa dirwa e ne e le mpho e e neng e re tlhagisa, e e neng ya re sireletsa gore go se ka ga nna le ntwa ya boraro ya ditšhaba tse dikgolo mme ka gone ga nna le lobaka lo loleele lwa kagiso, le mororo kagiso ya teng e ne e le e e boifisang fa e sale ka metlha ya ga Victoria. . . . Go ne go diragetse eng se se phoso ka batho? Ke eng fa tsholofetso ya lekgolo la bolesomerobong e ne e sentswe? Ke eng fa lekgolo la bomasomeamabedi la dingwaga le ne la fetolwa motlha wa poifo, kana jaaka ba bangwe ba ne ba ka bolela, o o bosula?”—A History of the Modern World—From 1917 to the 1980s, e e kwadilweng ke Paul Johnson.

“Diphetogo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko mo tsamaisong ya Yuropa, Ntwa E Kgolo le kagiso e go neng ga dumalanwa ka yone di ne tsa re kgaoganya ka bonako tota le motlha wa bogologolo, mo go tsa ikonomi le loago mmogo le mo go tsa sepolotiki. . . . Go galalela go go itumedisang go go neng go lerilwe ke tsamaiso e e neng e atlegile e bile e thusa go ne ga nyelediwa ke masetlapelo a ntwa. Go na le moo, Yuropa e ne ya tshwanela go mekamekana le go wa le go senyega gotlhelele ga ikonomi. . . . Tshenyego e ne e le kgolo mo ikonomi ya Yuropa e neng ya se ka ya kgona go tlhomama le go ikemela pele ntwa e nngwe gape e tsoga.”—The World in the Crucible 1914-1919, e e kwadilweng ke Bernadotte E. Schmitt le Harold C. Vedeler.

“Mo Ntweng ya Bobedi ya Lefatshe kamano e motho a neng a na nayo le yo mongwe e ne e tshwanetse go fela. Bajeremane ba ne ba dira melato mo pusong e ba neng ba itetla gore e ba buse ya ga Hitler mme bogolo jwa yone le bomaswe jwa yone bo ne bo sa lekane le bope jo bo kileng jwa dirwa ke motho. Go ganyaolwa go go neng go rulagantswe ga dimilione di le thataro kana di le supa tsa banna, basadi, le bana mo dikampeng tsa polaelo tsa Jeremane go feta bosetlhogo jwa kgailo e e maswe thata ya ga Genghis Khan, mme bogolo jwa yone bo dira eno potlana thata. Go nyeletsa baagi ka boomo go ne ga akanngwa le go dirwa ke Bajeremane le Ba-Russia kwa Botlhaba ka nako ya ntwa. . . . Tota ruri kgabagare re ne ra tswa mo motlheng wa go senyega ga dithoto le boitsholo o o iseng o ko o akanngwe mo dingwagakgolong tse di fetileng.”—The Gathering Storm, Bolumo I ya The Second World War, e e kwadilweng ke Winston S. Churchill.

“Jaanong batho ba ditlhopha, ditšhaba le ditso tsotlhe ba neelwa ditshwanelo tsa bone tsa botho; mme lefa go ntse jalo re nwetse thata mo ntweng, mo go tlhaoleng batho ka ditšhaba le ka lotso. Dilo tse di maswe tseno tse di ratiwang di supiwa ka go bolawa ga batho setlhogo, ka bosetlhogo jo bo rulaganyediwang ka tsela ya saense; mme maemo ano a mabedi a mogopolo le melao ya boitsholo a a sa tsamaisaneng a kgona go bonwa gompieno, e seng mo lefatsheng leno, mme ka dinako tse dingwe mo nageng e le nngwe le mo moyeng o le mongwe.”—Civilization on Trial, e e kwadilweng ke Arnold Toynbee.

“Jaaka sepoko se se neng sa nnanna morago ga nako e e tlhomilweng—lekgolo la dingwaga la bolesomerobong—ka thulaganyo ya lone ya botlhokwa, go itshepa ga lone, le go dumela ga lone mo kgatelopeleng e e dirwang ke batho—lo ile lwa diega go fitlha ka August 1914, fa bontsi jwa babusi ba Yuropa bo ne bo tlhakana tlhogo mme seo se dira gore go swe dimilione tsa makawana a mantle go gaisa a kokomana eo. Dingwaga di ka nna nne le sephatlo morago ga foo, fa lefatshe le ntse le leka go busetsa dilo mo tlwaelong morago ga masetlapelo a a botlhoko thata a Ntwa E Kgolo eo, batho ba le bantsi (mme e seng botlhe) ba ba neng ba tshela ka nako eo ba ne ba bona sentle gore masalela a thulaganyo ya bogologolo a ne a tlositswe, le gore losika lwa motho lo ne lo tsene mo motlheng o mosha wa go sa tlhole lo akanyetsana e bile lo sa tlhole lo itshwarela batho makoa a bone a bosaitekanelang. Ba ba neng ba lebeletse gore go tla tla kagiso mo lefatsheng le le botoka ba ne ba se ka ba bona se ba se solofetseng ka 1919.”—Ketapele ya 1919—The Year Our World Began, e e kwadilweng ke William K. Klingaman.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Dithaba tsa Bavaria

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela