Diphoso Tsa Boeleele Tse di Bakileng Ntwa ya Lefatshe
A ntwa ya lefatshe ya boraro e ka tlhagoga fela ka kotsi? A baeteledipele le bagakolodi ba bone ba sesole ba ka tlhaetsa dikotsi matlho mme ba bo ba dira gore go swe dimilione tsa batho?
GA RE itse. Mme re itse gore go diragetse sone seo. Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, baeteledipele ba kwa Yuropa ba ne ba etelela dinaga tsa bone pele go ya Ntweng e Kgolo, e moragonyana e neng ya bidiwa Ntwa ya Lefatshe I mme ba sa lemoge masetlapelo a mantsintsi a a neng a tla latela. David Lloyd George, yo e neng e le tonakgolo ya kwa Boritane o ne a ipobola jaana: “Re ne ra tsena mo ntweng kwantle ga go akanya.” Akanya ka ditiragalo dingwe tse dikgolo tse di neng tsa felela ka kgailo eo e kgolo.
Mokwalahisitori e bong A.J.P. Taylor o ne a kwala jaana: “Ga go ope wa baeteledipele yo o neng a batla gore go nne le ntwa e kgolo, mme ba ne ba batla go tshosetsa e bile ba ne ba batla go fenya.” Mmusimogolo wa Russia o ne a akanya gore go tshwanetse ga dirwa sengwe le sengwe se se kgonegang gore go bolokiwe kagiso. O ne a sa batle go nna le molato wa kgailo e e setlhogo. Le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa simolola go tswa mo taolong fa go bolawa batho ba babedi ka tlhobolo mo e ka nnang ka 11:15 a.m., ka June 28, 1914.
Go Hulwa ga Batho ba Babedi go go Fetotseng Lefatshe
Ka 1914, dikgotlhang tse di neng di sa bolo go nna teng fa gare ga mebuso ya Yuropa di ile tsa tsenya dinaga tsebetsebe mme tsa dira gore go nne le dinaga tsa semphato tse di ganetsanang: Triple Alliance (lekgotla la Dinaga Tse Tharo Tse di Dirileng Kgolagano) e leng Austria-Hungary, Italy le Jeremane, le gore go nna le Triple Entente (lekgotla la Dinaga Tse Tharo Tse di Dumalaneng go Dirisana Mmogo) e leng Boritane, Fora le Russia. Mo godimo ga moo, dinaga tseo di ne di na le dikamano tsa dipolotiki le tsa ikonomi le dinaga tse dingwe tse dintsi, go akaretsa le dinaga tsa Balkan.
Ka nako eo, kgaolo e go tweng ke ya dinaga tsa Balkan e ne e le yone e go neng go ka nna le dikhuduego tsa dipolotiki nako nngwe le nngwe fela mo go yone, e re ka di ne di galefisiwa ke go gatelelwa ke mebuso e mogolo mme e bile kgaolo eo e ne e na le mekgatlho e mentsi ya sephiri e e neng e loga maano a go ipusa. Gone koo, setlhopha sa basha se ne sa loga maano a go bolaya Kgosanakgolo ya Austria e bong Francis Ferdinand ka nako ya fa a ne a etetse Sarajevo, motsemogolo wa Bosnia, ka June 28.a Go ne go na le setlhopha se sennye fela sa mapodise koo mme seo se ne sa ba tlhofofaletsa dilo. Mme le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba tshwanetse go mmolaya ba ne ba sa thapisiwa sentle. Mosha mongwe o ne a latlhela bomo e nnye mme a se ka a kgona go bolaya motho yo a neng a ikaeletse go mmolaya mme ba bangwe ba ne ba palelwa ke go dira se ba tshwanetseng go se dira fa nako ya go dira jalo e fitlha. Gavrilo Princip, e ne e le mologamaano a le mongwe yo o neng a atlega—mme o kgonne fela ka kotsi. Jang jalo?
Fa Princip a bona kgosanakgolo e feta ka koloi e sa gobadiwa ke bomo, o ne a leka go ya kwa koloing mme a palelwa. A kgobegile marapo, o ne a kgabaganya tsela a ya kwa khefing. Ka nako eo, e re ka kgosanakgolo e ne e galefisitswe ke bomo e ba neng ba leka go mo tlhasela ka yone, e ne ya fetola tsela ya yone. Le fa go ntse jalo, mokgweetsi wa gagwe, yo o neng a sa itse maikaelelo a gagwe, o ne a tsaya tsela e sele mme a tshwanelwa ke go retolosa koloi. Ka yone nako eo, Princip o ne a tswa mo khefing mme a bona motho yo a batlang go mo tlhasela a le fela fa pele ga gagwe—kgosanakgolo e le mo koloing ya yone e e bulegileng e le bokgakala jo bo kafa tlase ga dimetara di le tharo. Princip o ne a atamela koloi mme a hula gabedi, a bolaya kgosanakgolo le mosadi wa gagwe.b Go ka direga gore morata bosetšhaba yoo, yo o se nang maitemogelo wa Mo-Serbia e bong Princip o ne a sa itse gore se a se dirileng se ne se tla nna le ditlamorago dife. Le fa go ntse jalo, e ne e se ene fela yo o neng a tla nna le molato wa masetlapelo a a neng a tla latela.
Go Siamela Ntwa
Pele ga 1914, bontsi jwa batho ba kwa Yuropa ba ne ba akanya gore ntwa e tla ba solegela molemo. Ba ne ba e bona e le sengwe se se tla ba solegelang molemo, se se tlotlegang, le se se molemo—le fa gone ba ne ba ipolela gore ke Bakeresete. Baeteledipele bangwe ba ne ba dumela le e leng gore ntwa e tla dira gore go nne le kutlwano mo setšhabeng le gore e ne e tla dira gore batho ba nne le tlhoafalo! Mo godimo ga moo, balaodi bangwe ba masole ba ne ba tlhomamisetsa baeteledipele ba bone gore ntwa e tla fenngwa ka bonako le ka botlhale. Molaodi mongwe wa sesole wa kwa Jeremane o ne a bolela jaana ka mabela: “Mo dibekeng di le pedi re tla fenya Fora.” Ga go na ope yo o neng a bonela pele gore banna ba ba dimilione ba tla bo ba le mo ntweng ka dingwaga di le dintsi.
Buka ya Cooperation Under Anarchy e bolela gore mo godimo ga moo, mo dingwageng tsa pele ga ntwa, “moya wa bosetšhaba o ne wa anama thata. Dikolo, diyunibesithi, baanamisi ba dikgang le badipolotiki botlhe fela ba ne ba rotloetsa boikutlo jono jwa bosetšhaba jo bo feteletseng le go itlotlomatsa.”
Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba sa dire maiteko ape go fedisa moya ono. Mokwalahisitori Paul Johnson o bolela jaana: “Kafa letlhakoreng le lengwe go ne go na le Baporotesetanta ba Bajeremane, Bakatoliki ba kwa Austria, Ba-Orthodox ba Ba-Bulgaria le Bamoselema ba kwa Turkey ba le bantsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ne go na le Baporotesetanta ba kwa Boritane, Bakatoliki ba kwa Fora le Italy le Ba-Orthodox ba Ba-Russia.” O oketsa ka gore, “bontsi jwa baruti ba ne ba tsaya Bokeresete bo tshwana le Bosetšhaba. Masole a Bakeresete ba madumedi otlhe a ne a rotloediwa go bolaana mo leineng la Mmoloki wa bone.” Tota le baruti le baitlami ba ne ba le mo ntweng mme moragonyana diketekete tsa baruti bano ba ne ba bolawa mo ntweng.
Dinaga tsa semphato tsa kwa Yuropa, tse di neng di tshwanetse go thusa gore go nne le pabalesego ka nako ya ntwa e kgolo, e ka tswa e le tsone di dirileng gore go nne le ntwa. Ka tsela efe? Buka ya Cooperation Under Anarchy ya re: “Mebuso e megolo ya kwa Yuropa e ne e sireletsana thata. Puso nngwe le nngwe e ne e tsaya gore pabalesego ya yone e ikaegile ka pabalesego ya dinaga tsa yone tsa semphato mme ka jalo, di ne di ikutlwa di patelesega go itlhaganelela go ya go femela dinaga tseo tsa semphato—tota le fa dinaga tseo di ne di rumotse dinaga tse di di tlhaselang.”
Selo se sengwe gape se se neng se le kotsi e ne e le Leano la kwa Jeremane la ga Schlieffen (Germany’s Schlieffen Plan) le le neng le reeletswe ka molaodi wa sesole wa kwa Jeremane e bong Mojenerale Alfred von Schlieffen. Leano leno, le le neng le akaretsa go tsaya kgato pele go tlhasela ka bonako, le ne le dirilwe ka kgopolo ya gore Jeremane e ne e tla tshwanelwa ke go lwantsha Fora le Russia. Ka gone, boikaelelo e ne e le gore go fenngwe Fora ka bonako fa Russia e sa ntse e tsena ka bonya mo ntweng, mme go tswa foo go bo go tlhaselwa le Russia. World Book Encyclopedia ya re: “Fa leano la ga [Schlieffen] le simolola go dirisiwa, thulaganyo ya dinaga tsa semphato tsa sesole e ne ya tlhomamisa gore go tla nna le ntwa kwa Yuropa ka kakaretso.”
Ditlhaselo Tse Dintsintsi di a Simologa
Le fa gone go ne go ise go bonwe bosupi bope mo dipatlisisong tsa semolao tse di dirilweng go supa gore puso ya Serbia e na le molato malebana le go bolawa ga kgosanakgolo, Austria e ne e ikemiseditse go fedisetsa ruri dikhuduego tsa Ba-Slav. Mokwalahisitori J. M. Roberts a re: Austria e ne e batla thata “go otlhaya Serbia.”
Ka go dira maiteko a go fokotsa dikgotlhang, Nicholas Hartwig—moemedi wa Russia wa motsemogolo wa Serbia—o ne a leka gore go nne le ditumalano. Mme o ne a ema pelo a bo a swa fa a ntse a kopane le baemedi ba Austria. Kgabagare, ka July 23, Austria e ne ya romela Serbia lenaane la dilo tse e batlang gore di dirwe e leng sengwe se se neng se tshwana le matshosetsi. E re ka Serbia e ne e sa kgone go amogela dilo tsotlhe tse di batlegang, Austria ka bonako fela e ne ya fedisa dipuisano tsa ditumalano. Ka yone nako eo, dipuisano di ile tsa fela.
Le fa go ntse jalo, go ile ga dirwa maiteko a le mmalwa go thibela ntwa. Ka sekai, United Kingdom e ne ya akantsha gore go nne le khonferense ya ditšhabatšhaba mme mmusimogolo wa Jeremane o ne a kopa mmusi wa Russia gore a se ka a ya ntweng. Mme le fa go ntse jalo, dilo di ne tsa tswa mo taolong. Buka ya The Enterprise of War ya re: “Baeteledipele, balaodi ba masole le ditšhaba di ne di fekeeditswe ke ditiragalo tse dintsintsi tse di neng di tla tloga di direga.”
Mmusi wa Austria, yo o neng a tlhomamiseditswe ke Jeremane gore e tla mo ema nokeng, o ne a bolela fa a ikaeletse go lwantsha Serbia ka July 28. Russia e ne ya ema Serbia nokeng mme ka jalo ya leka go thibela Austria ka go itsise gore go na le masole a Ba-Russia a le milione a a yang go tlhasela gaufi le molelwane wa Austria. E re ka seo se ne se tla raya gore go ne go tla bo go se na ope yo o femelang molelwane wa Russia o o neng e tla tlhaselwa ke Jeremane, mmusimogolo wa Russia o ne a laela gore go tlhaselwe mme a dira jalo a ntse a okaoka.
Mmusimogolo wa Russia o ne a leka go tlhomamisetsa mmusimogolo wa Jeremane gore ga a ikaelela go tlhasela Jeremane. Le fa go ntse jalo, go tlhasela ga ga Russia go ne ga dira gore Jeremane e itlhaganelele go tsaya kgato, mme ka July 31, Jeremane e ne ya simolola go dirisa leano la ntwa la ga Schlieffen, ya tlhasela Russia ka August 1 mme ya tlhasela Fora malatsi a le mabedi morago ga foo. E re ka dithulaganyo tsa ntwa tsa Jeremane di ne di akaretsa go ralala Belgium, Boritane e ne ya tlhagisa Jeremane gore e tla e tlhasela fa e ka tsena kwa Belgium e e neng e se mo ntweng. Masole a Jeremane a ne a ralala Belgium ka August 4. Ntwa e ne e ka se tlhole e thibelwa jaanong.
“Diphoso Tsa Segompieno Tse Dikgolo Tse di Dirilweng ke Mebuso”
Mokwalahisitori e bong Norman Davies o ne a kwala jaana: “Go bolela ga ga Boritane gore e tla tlhasela e ne e le yone kgato ya makgaolakgang e e neng ya felela ka diphoso tsa segompieno tse dikgolo tse di dirilweng ke mebuso.” Mokwalahisitori yo mongwe e bong Edmond Taylor o ne a kwala a bolela gore morago ga gore Austria e bolele gore e tla tlhasela ka July 28, “tlhakatlhakano ke yone e segolobogolo e neng ya dira gore go nne le [ntwa]. Go ne go direga dilo tse dintsi ka bonako thata mo mafelong a mantsi thata. . . . Batlhalefi le bagakolodi ba ne ba sa tlhole ba kgona go lepalepana le tshedimosetso e ntsintsi e e neng e tlhaga.”
Go ile ga swa masole le baagi ba ba fetang dimilione di le 13 ka ntlha ya “tlhakatlhakano” eo e e setlhogo. Batho ba ne ba sa tlhole ba na le tsholofelo ka isagwe mme le botho jwa bone bo ne jwa senyega, ka gonne batho ba go tweng ba tlhabologile, ba ne ba bolaana ka selekanyo se segolo e re ka ba ne ba na le dibetsa tse di maatla, di le dintsi e bile e le tse ba sa tswang go di dira. Lefatshe le ne le ka se tlhole le nna jaaka le ne le ntse pele.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Ntwa ya Lefatshe—A ke Sesupo sa Motlha wa Bofelo?”
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gone jaanong Bosnia ke karolo ya Bosnia le Herzegovina.
b Princip o ne a bolaya mosadi wa kgosanakgolo ka phoso. O ne a batla go hula mmusi wa Bosnia e leng Molaodi wa masole e bong Potiorek, yo o neng a tsamaya le banyalani bano mo koloing, mme sengwe sa mo sira fa a ntse a supile ene ka tlhobolo.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe ]
NTWA YA LEFATSHE—A KE SESUPO SA MOTLHA WA BOFELO?
Baebele e ile ya bolelela pele gore dintwa e ne e tla nna karolo ya sesupo se se supang metlha ya bofelo ya lefatshe le le bosula le le leng teng gone jaanong. (Mathaio 24:3, 7; Tshenolo 6:4) Go diragadiwa ga sesupo seo gompieno go supa gore re ntse re atamela ka bonako mo nakong ya fa puso ya Bogosi jwa Modimo e tla bong e laola lefatshe ka botlalo.—Daniele 2:44; Mathaio 6:9, 10.
Mo godimo ga moo, Bogosi jwa Modimo bo tla tlosa maatla a a sa bonaleng a a laolang dikgang tsa lefatshe—meya e e bosula e e eteletsweng pele ke Satane Diabolo. 1 Johane 5:19 ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Tlhotlheletso ya ga Satane e e bosula e okeditse masetlapelo a mantsi a batho, ga go na pelaelo gore seo se akaretsa le ditiragalo tsa masetlapelo tse di ileng tsa felela ka Ntwa ya Lefatshe I.—Tshenolo 12:9-12.c
[Ntlha e e kwa tlase]
c O ka bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le metlha ya bofelo le meya e e bosula mo kgatisong e e thusang motho go ithuta Baebele ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Motswedi wa Setshwantsho]
U.S. National Archives photo
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Go bolawa ga Kgosanakgolo e bong Ferdinand
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Mary Evans Picture Library