LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 1/8 ts. 3-4
  • ‘A Re Ikageleng Toropo’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘A Re Ikageleng Toropo’
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Toropo E E Neng E Bidiwa Enoke
  • Di Farologane Ntswa Di Na le Setshwano
  • Ditoropo—Ke Eng Fa di Le mo Mathateng?
    Tsogang!—2001
  • “Toropo E Tletse Kgatelelo”
    Tsogang!—1994
  • “Go Oketsega ga Batho mo Ditoropong”
    Tsogang!—2001
  • Kgwetlho ya go Fepa Batho ba ba Nnang mo Ditoropong
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 1/8 ts. 3-4

‘A Re Ikageleng Toropo’

Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Jeremane

BOAMMAARURI jwa gore o ka nna wa bo o nna mo toropong ke 50 lekgolong. Go ya ka diphopholetso dingwe, palo e e ka tshwarang sephatlo ya baagi ba lefatshe e nna mo ditoropong. Motswedi mongwe wa re “fa go lebilwe kgolo ya nako eno, e tla re ka ngwaga wa 2000, ditoropo di tla bo di nniwa ke 75 lekgolong ya baagi ba Amerika Borwa.” E re bolelela gape gore mo nakong yone eo, palo ya batho ba ba nnang mo ditoropong tsa Afrika e tla menagana go feta gabedi.

Lefa e le gore gongwe ga o nne mo toropong, o ka nna wa bo o bereka teng, o reka dilo teng, kana gongwe o dirisa ditlamelo tse di bonwang kwa go yone fela gangwe le gape. Ga go na ope yo o sa amiweng ke ditoropo. A bo matshelo a rona a ka bo a farologane jang ne fa di ne di seyo!

Toropo E E Neng E Bidiwa Enoke

Go agiwa ga ditoropo go simologile bogologolo tala. Re bala gore ngwana wa ntlha go tsholwa e bong Kaine, o ne “a aga [toropo], a reèlèla [toropo] leina ya ga morwawè, a re, ga Enōke.” (Genesise 4:17) Ka go aga toropo, lefa kwantle ga pelaelo e tshwanetse ya bo e ne e le nnye fa e bapisiwa le tsa gompieno, Kaine o ne a tlhomela dikokomana tse di neng di tla latela sekao.

Go rata batho ga batho ka tlholego go dirile gore batho ba batle go nna mmogo. Seno se ne se sa direlwe fela go bona bapati mme gape le ka ntlha ya go batla go sirelediwa le go babalelwa ke ba bangwe, bogolo jang mo makgolong a dingwaga a a fetileng e re ka batho ba ne ba tlhaselwa gantsi. Lefa go ntse jalo, ano ga se one mabaka fela a a dirileng gore batho ba simolole go aga ditoropo.

The World Book Encyclopedia e tlhalosa gore go ne go na le mabaka a le manè a magolo a a neng a dira gore go agiwe ditoropo. Ke “(1) kgatelopele mo go tsa boranyane [metšhine e e tsamaisiwang ke setimi, maatla a motlakase, ditlhaeletsano], (2) maemo a tlholego a a siameng [mangwe a one ke lefelo, tlelaemete, dinoka tse di lereng metsi], (3) dithulaganyo tsa loago [bathata, puso], le (4) go ntsifala ga batho.”

Ditoropo di dirile gore go kgonege go bapadisanya le go kgobokanya badiri golo go le gongwe fela. Ka lebaka leo, badiri le bamalapa a bone ba agelwa matlo a a sa tureng mo ditoropong. Mo malatsing ano, ka ntlha ya go bo batho ba na le dipalangwa tsa bone e bile go na le tsa botlhe, sekgala ga se tlhole se kgoreletsa gore dilo tsa kgwebo le tsa sepolotiki di laolwe sentle ka katlego. Ka lebaka leo, ditoropo di kgona go tlhotlheletsa dikgaolo tsa metseselegae.

Ditoropo tse dingwe tsa bogologolo di ne di amana thata le ditiro tsa bodumedi. Genesise 11:4 ya re: “Me ba re [batho ba ba neng ba tshela morago ga Morwalela wa ga Noa], Ntloñ, re ikageleñ motse, le kagō e e godileñ e setlhoa sa eōna se tla hitlhañ kwa legodimoñ [gore re tle re obamelele mo go yone], me a re itiheleñ leina; e se re kgotsa ra phatlalalèla mo lehatshiñ yeotlhe.”

Mabaka a loago, bodumedi, kgwebo, lefelo le a mangwe a sepolotiki a ile a nna le seabe mo go agiweng ga ditoropo. Mme gape, ditoropo di ile tsa tlhotlheletsa batho ba motlha wa gompieno jaaka re itse mme di re amile rotlhe.

Di Farologane Ntswa Di Na le Setshwano

The New Encyclopædia Britannica ya re “mathibelelo a batho ba bogologolo a fitlhelwa mo mekgatšheng e e bothitho le e e tletseng mouwane ya dinoka tsa Nile, Tigris, Euferatese, Indus, le ya Hwang.” Legale, ditoropo tse di tlileng pele ga tsa lekgolo leno la bo 20 la dingwaga di ne di farologane le tsa gompieno tse di mo matshitshing a dinoka.

Mo makgolong a dingwaga a a fetileng bontsi jwa batho bo ne bo nna kwa dikgaolong tsa magae. Ka sekai, toropo e tona e e neng e le teng kwa Engelane ka ngwaga wa 1300, e ne e le Lontone, mme batho ba yone ba le dikete tse 40 ba ne ba le kwa tlase ga 1 lekgolong ya palo yotlhe ya batho ba naga eo. Ka 1650 mo e ka nnang 7 lekgolong ya Baesimane botlhe ba ne ba nna kwa Lontone. Fa lekgolo la bo 19 la dingwaga le simologa, toropo eo e ne e setse e na le batho ba ba omelang milione. Gompieno jaana, ke batho ba ba kwa tlase ga 9 lekgolong ba baagi ba Borithane ba ba nnang kwa dikgaolong tsa selegae. Ba bangwe botlhe ba kgobokane mo ditoropong, ba ba ka tshwarang dimilione tse supa ba bone ba le mo tikologong ya Lontone yo Mogolo fela.

Go bontsha kafa ditoropo di godileng le go ntsifala ka teng, ka 1900, Lontone e ne e le yone toropo e le nosi fela e e neng e na le batho ba le milione mo lefatsheng. Mme jaanong go setse go na le ditoropo tse di fetang 200 tse di nang le batho ba ba fetang milione. Baithutafatshe ba bua ka ditoropogadi, ke gore ditoropo tse di tshwanang le tse di fitlhelwang kwa kgaolong ya Ruhr kwa Jeremane, koo lefelo le le iphaphathileng Noka ya Ruhr, go tswa kwa Duisburg go ya kwa Dortmund, le tshwaraganeng go dira lefelo le le lengwe fela.

Le ntswa ditoropo tsa bogologolo le tsa gompieno di sa tshwane thata, gone di na le setshwano—mathata. Mme ga go ise go ke go nne le mathata a mantsi kana a nne magolo jaaka a a leng teng gompieno. Ditoropo di na le mathata a a masisi. Fa e le gore go ‘ikagela toropo’ go rutile motho sengwe, go ne go tshwanetse gore bogolo go bo go mo rutile gore, maemo a a sa itekanelang le go agiwa ga tsone ke batho ba ba tletseng diphoso, go aga ditoropo ga se yone tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe ya go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela