“Toropo E Tletse Kgatelelo”
FA MOPEROFETI wa Bibela e bong Esekiele a ne a bua ka toropo e e ‘tletseng kgatelelo,’ o ne a sa itse sepe ka mathata a a apesitseng ditoropo tsa gompieno. (Esekiele 9:9, An American Translation) Mme le mafoko a gagwe e ne e se mafoko a a bofitlha a a neng a bolelela pele ka ga mathata ano. Lefa go ntse jalo, se a neng a se kwala se tlhalosa seemo sa ditoropo tsa lekgolo la bo 20 ka boammaaruri.
Buka e go tweng 5000 Days to Save the Planet e ne ya re: “Ditoropo tsa rona ga di kgatlhe di swafetse, di maswe go nna mo go tsone le go di leba. . . . Dikago tse e leng tsone di tletseng thata mo ditoropong tsa rona di ne di agiwa go sa akanyediwe batho ba ba tlileng go nna le go berekela mo go tsone.”
Dintlha Tse Di Boammaaruri Tota ka Ditoropo tsa Rona
Ditoropo dingwe tse robongwe, tse di mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, di ile tsa tlhalosiswa jaana ke dipampiri tsa dikgang le dimakasine. A o ka kgona go bua leina la toropo nngwe le nngwe?
Toropo A, e e kwa Latin America, e itsege ka basha ba ba hiriwang go bolaya le ka go bolaana ga masika. E itsewe gape gore ke boremelelo jwa setlhopha se se rekisang diokobatsi tse di sa letlelelwang.
Toropo B, ke “toropo e e maswe go di gaisa tsotlhe kwa [United States] mo go kgothoseng mo mebileng.” Mo dikgweding tsa ntlha tse pedi tsa 1990, dipolao di ne tsa “oketsega ka 20 lekgolong mo nakong e e tshwanang” go feta tsa ngwaga o o fetileng.
“Dimilione di le dintsinyana tsa batho kwa Amerika Borwa, Afrika, le Asia ba fudugela kwa ditoropong ngwaga le ngwaga . . . , ba ya kwa go se ba gopolang gore ke lefatshe le le solofeditsweng.” Mme fa ba sa le bone, bontsi bo patelesega go tshelela mo lehumeng, ba felela e le bakopi kana ba utswa gore ba kgone go tshela. Sephatlo sa baagi ba Afrika ba Toropo C le ba Toropo D ya Asia—le 70 lekgolong ya batho ba Toropo E ya Asia—go bolelwa fa ba nna mo ditakaneng.
“Le mororo [Toropo F] e le nngwe ya ditoropo tse di seng kotsi kwa Amerika Bokone, go oketsega ga letlhoko la ditiro, go ntsifala ga bokebekwa le go ilana ga merafe go ile ga dira gore baagi ba yone ba ipotse gore a seno ga se mathata a go atlega. Bokebekwa . . . bo kgobile baagi ba toropo eo marapo. Dipetelelo di oketsegile ka 19% . . . Dipolao di oketsegile mo e ka nnang ka 50%.”
“Letsatsi le letsatsi batho ba le 1 600 ba fudugela kwa [Toropo G ya Latin America] . . . Fa [e ka] tswelela e gola jalo e tla re fa lekgolo leno la dingwaga le ya go fela go bo go nna batho ba le dimilione di le 30 mo go yone. Ba tla tsamaya ka mosepele wa lelobu mo toropong ba dirisa dikara di le dimilione di le 11, dikoloi di ema golo go le gongwe ka diura di le dintsi . . . Go kgotlelwa ga phefo . . . go feta selekanyo se se amogelesegang ka makgetlho a le lekgolo. . . . Baagi ba le 40 mo go ba le lekgolo ba nna le bolwetsi jo bo maswe jwa mometso nako le nako. . . . Ka dinako tsa semphete ke go fete modumo mo bogareng jwa toropo o tlhatloga go nna fa gare ga di-decibel di le 90 le di le 120; go tsewa gore di-decibel di le 70 ke modumo o o kwa godimo thata.”
“Letsatsi le letsatsi go tsewa ditone di le 20 tsa mantle a dintša mo mekgwatheng le mebilanyana ya [Toropo H kwa Yuropa]. . . . Mo godimo ga ditshenyegelo le go ferosa sebete, go na le sengwe se se maswe se se senotsweng. Mantle a dintša ke motswedi wa bolwetsi jo bo bakiwang ke pharasaete e go tweng Toxocara canis. Sephatlo sa dipatlelo tse bana ba tshamekelang mo go tsone le mabokose a motlhaba a [toropo] a fitlhetswe a kgotletswe thata ke mae a a palang fa go twe a a bolaiwa a pharasaete eo, a a tsenang mo magaeng ka disola tsa ditlhako le maroo a diruiwa. . . . Letsapa, mpa e e botlhoko, go ganwa ke dilo, le mathata a pelo le ditshika ke dikai tsa pele tsa bolwetsi joo.”
“Le mororo [Toropo I ya Asia] e na le mathata otlhe a toropo e e tlhabolotsweng thata mo lefatsheng le le sa tlhabologang—lehuma, bokebekwa, kgotlelo—e setse e itshetlela jaaka nngwe ya meshate ya lekgolo la bo 21 la dingwaga.”
A go Diragala ka Metlha Kana Fale le Fale?
A o kgonne go tlhaola ditoropo tseno ka maina a tsone? Gongwe ga o a kgona, ka gonne ga go na ape a mathata a a umakilweng a e leng a toropo nngwe e e rileng fela. Go na le moo, ke dikai tsa mathata a a leng teng mo toropong nngwe le nngwe ya selekanyo sengwe le sengwe mo lefatsheng lotlhe.
Go ya ka pampiri ya dikgang ya letsatsi le letsatsi ya Jeremane ya Süddeutsche Zeitung Toropo A, ke Medellín, kwa Colombia. Palo ya dipolao e ne ya fokotsega go tswa go 7 081 ka 1991 go ya go 6 622 “fela” ka 1992. Lefa go ntse jalo, pampiri ya dikgang ya letsatsi le letsatsi ya Colombia ya El Tiempo e bega gore, mo lesomeng le le fetileng la dingwaga, batho ba ba ka tshwarang 45 000 ba ile ba swa ka ntlha ya thubakanyo ya mofuta mongwe o o rileng. Ka lebaka leo ditlhopha di le dintsi tsa loago mo nakong eno di leka ka natla go tlosa dilabe tsotlhe mo toropong le go tokafatsa seriti sa yone.
Go bo The New York Times e re Toropo B ke New York City go ka nna ga se ka ga gakgamatsa batho ba ba ileng ba e etela mo dingwageng tse di sa tswang go feta re sa bue ka baagi ba yone.
Dipalo tse di ileng tsa ntshiwa ke makasine wa Jeremane wa Der Spiegel fa o ne o bua ka palo ya batho ba ba tshelelang mo lehumeng kwa Nairobi, kwa Kenya (C), Manila, kwa Philippines (D), le Calcutta, kwa India (E) di bontsha gore go na le batho ba ba nnang mo mafelong a a sa siamang mo ditoropong tse tharo tseno fela ba ba fetang botlhe ba ba nnang mo dinageng tse di humileng tsa Yuropa jaaka Denmark le Switzerland.
Toropo F—Toronto, kwa Canada—e ne ya tlhalosiwa ke makasine wa Time ka 1991 mo setlhogong se se neng se sa e galaletse thata fa se bapisiwa le se o neng wa se kwala dingwaga tse tharo pele ga foo. Mo pegong ya ntlha, ya setlhogo se se reng “Kgabagare, Toropo E E Tshelang,” se ne se galaletsa toropo e e “kgatlhang mo e ka nnang batho botlhe.” E ne ya nopola moeti mongwe go twe o rile: “Lefelo leno le ka nna la ntira gore ke nne le tshepo mo ditoropong gape.” Ka maswabi, “toropo e e tshelang” e lebega e welwa ke mathata a a welang ditoropo tse dingwe tse di swafalang.
Le mororo e re Toropo G ke “nngwe ya ditoropo tse dintle le tse di bopegileng tsa Seamerika, e bile e le nngwe ya tse di tlhabologileng thata,” gone makasine wa Time o dumela gore eno ke “Mexico City ya bahumi, le bajanala.” Lefa go ntse jalo, go ya ka World Press Review, bahumanegi ba sukagane mo “ditakaneng tsa motsemogolo tse 500” mo maobong “a a dirilweng ka matlakala a madirelo, dibokose, dikgoropa tsa dikoloi, le didirisiwa tsa kago tse di utswilweng.”
Makasine wa beke le beke wa Fora wa L’Express wa re Toropo H ke Paris, e go ya ka The New Encyclopædia Britannica, “mo dingwageng tse di makgolokgolo, ka mokgwa o o iseng o ke o tlhalosiwe, . . . e neng e ratwa thata ke dimilione tsa batho mo lefatsheng.” Lefa go ntse jalo, mathata a a masisi, a dirile gore dilo tse di neng di gogela tsa “Paris wa Mponangfela” di nyelele.
Time e ne ya bolela jaana ka Toropo I: “E kile ya bo e ratiwa thata ke batho ba Bophirima ba e tsaya gore ke moshate o o otselang, o o mo ditorong wa Siam wa bogologolo, ‘Venice wa Botlhaba,’ gompieno ke toropo e e sa tlhomamang ya baengele le ditempele tsa gauta ya tse di ntseng di tlhagoga bosheng tsa Asia.” Tota le baengele le ditempele tsa yone di paletswe ke go thibela Bangkok, ya Thailand, go nna “motsemogolo wa lefatshe wa kgwebo ya boaka,” mo nakong eno.
Go Sekaseka Ditoropo ka Kelotlhoko
Lesome la dingwaga le le fetileng mmegadikgang mongwe o ne a re le mororo ditoropo tse dikgolo di lebega “di na le mathata a a tshwanang, nngwe le nngwe e na le dilo dingwe tse di fitlhelwang mo go yone fela, mme ka jalo e kgaratlha ka tsela ya yone e e kgethegileng.” Monongwaga ka 1994, ditoropo di santse di kgaratlha, nngwe le nngwe ka tsela ya yone.
Ga se botlhe ba ba akanyang gore go ikgaratlhela go retetse. Ka sekai, ratoropo wa pele wa Toronto, o ne a bolela jaana ka tsholofelo: “Ga ke dumele gore toropo eno e a swafala. Gone e na le mathata, mme ke akanya gore re ka rarabolola bothata jono.” Go boammaaruri gore, ditoropo tse dingwe di ile tsa fedisa kana tsa fokotsa mangwe a mathata a tsone. Mme seno se ne se tlhoka se se fetang fela go nna le tsholofelo.
Ngogola ka January mmegadikgang e bong Eugene Linden o ne a kwala jaana: “Se se tlileng go diragalela lefatshe se ikaegile ka se se tlileng go diragalela ditoropo tsa lone.” Go sa kgathalesege gore phelelo ke efe, ditoropo di ile tsa dira gore lefatshe la rona le nne kafa le ntseng ka teng, mme di santse di tsweletse ka go dira jalo. Gape, go sa kgathalesege gore a ke tsa bogologolo kana ke tsa gompieno, di ile tsa re ama ka namana—gongwe ka selekanyo se re ka nnang ra se ka ra se akanya. Ke sone se go nna teng ga tsone go amang thata go nna teng ga rona jaana.
Ka jalo, ga re sekaseke ditoropo ka kelotlhoko ka maikaelelo a go nna le kitso ka kakaretso fela. Sa botlhokwa ke gore go tla re tlhaba botlhale ka seemo se se tlhobaetsang se lefatshe le leng mo go sone gone jaanong. Go sa kgathalesege mathata a magolo a lefatshe—a a itshupang sentle mo ditoropong tsa rona fa di ntse di kgaratlhela go nna teng—go santse go na le tsholofelo!
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“Se se tlileng go diragalela lefatshe se ikaegile ka se se tlileng go diragalela ditoropo tsa lone.”—Mokwadi e bong Eugene Linden
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go ka nna ga bo go le motlhofo go etela ditoropo ka go farologana, mme go rarabolola mathata a tsone gone ga go motlhofo