LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 1/8 ts. 8-12
  • ‘A Tlhatlologanya Ditoropo Tsotlhe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘A Tlhatlologanya Ditoropo Tsotlhe’
  • Tsogang!—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Toropo E Tletse Kgatelelo”
    Tsogang!—1994
  • ‘A Re Ikageleng Toropo’
    Tsogang!—1994
  • Ditoropo—Ke Eng Fa di Le mo Mathateng?
    Tsogang!—2001
  • “Go Oketsega ga Batho mo Ditoropong”
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 1/8 ts. 8-12

‘A Tlhatlologanya Ditoropo Tsotlhe’

ERILE fa Keresete Jesu a santse a le mo lefatsheng o ne “a tlhatlologanya [ditoropo] le metsana eotlhe, a èta a ruta mo matluñ a bōnè a thutō, a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi.” (Mathaio 9:35) Botlhe ba ba neng ba eletsa go mo sala morago le bone ba ne ba lalediwa go rera mo ditoropong tsa lefatshe. Ba ne ba tla rakana le mathata a a leng teng mo ditoropong ka tlwaelo mme ba ne ba tla patelesega go tshela le one.

Hisitori ya go etela ditoropo e bontsha dinako tse di molemo le tse di bosula tsa dingwaga tse di dikete tsa go nna gone ga motho, boipelo le mahutsana a maiteko a motho a go bona boitumelo. Fa re sekaseka ditoropo sentle go gatisetsa ntlha ya gore ditso tsotlhe tsa batho ke lelapa le le lengwe fela, le le nang le mathata a a tshwanang. Mo nakong eno ga go a tshwanela go nna le go ipelafatsa ka bosetšhaba kana ka go ilana ka ntlha ya lotso.

Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba itse thata ka ditoropo, le kwa di leng teng tota. E rile fa baithuti ba yunibesithi ba kwa United States ba bodiwa mo magareng a bo1980 gore ba bolele kwa ditoropo dingwe di leng teng, bangwe ba bone ba ne ba re Dublin (Ireland) e kwa United States mme Lima (Peru) e kwa Italy.

Dingwaga di sekae tse di fetileng go ne ga dirwa teko kwa yunibesithing e nngwe mme e ne ya supa gore mo e ka nnang sephatlo sa baithuti ba ne ba sa kgone go supa kwa Lontone e leng teng mo mmapeng wa lefatshe. Ba bangwe ba ne ba e supela kwa Iceland, ba bangwe mo Dinageng dingwe tsa Yuropa. Porofesa yo o neng a dira teko o ne a utlwisiwa botlhoko ke gore 42 lekgolong ya baithuti ba ne ba “timeletswe” ke Lontone gotlhelele. Se se bileng se tlhabisa ditlhong le go feta ke gore, 8 lekgolong ya bone e ne e “timeletswe” ke toropo ya Amerika e teko e neng e direlwa mo go yone!

Mme go bonala sentle gore ga se Baamerika ba le bosi fela ba ba nang le mathata a go itse naga. Kwa bokhutlong jwa bo1980, teko e e neng ya dirwa mo baithuting ba dinaga di le lesome e ne ya bontsha gore batho ba Sweden ke bone ba neng ba ba gaisa botlhe mme Baamerika ba ne ba tswa ba borataro. Academy of Sciences ya se e kileng ya bo e le Soviet Union e ne ya lemoga gore 13 lekgolong ya baithuti ba Soviet ba ba ileng ba botsolotswa ba ne ba sa kgone go supa naga ya bone mo mmapeng wa lefatshe. Leloko la Academy e bong Vladimir Andriyenkov o ne a bua jaana a tlhabilwe ke ditlhong: “Go thata go dumela maduo ano.”

Go tweng ka wena? O itse thutafatshe go le kana kang mme bogolo jang ditoropo? Ke eng o sa iteke ka dipotso tse di mo tsebeng ya 10? O ka ithuta dilo tse di kgatlhang ka “Go Sekaseka Ditoropo ka Kelotlhoko.”

[Lebokoso mo go tsebe 10, 11]

A O Ka Kgona Go Bolela Gore Toropo Eno ke Efe?

Bolela gore ke toropo efe e e tshwanelwang ke ditlhaloso tse di fano.

1. Ke yone toropo e e kwa godimo go di gaisa tsotlhe mo lefatsheng.

2. Ke yone toropo e kgolo mo nageng eo e e nang le batho ba bantsi thata mo lefatsheng lotlhe.

3. Leina la yone la semmuso le mororo le sa dirisiwe thata le na le mafoko a le 27, karolo ya lone ya ntlha e kaya se se tshwanang le Los Angeles; e fa gare ga mpa ya kgaolo e go lengwang raese kwa go yone. E na le ditempele tsa Sebuda tse di fetang 400.

4. Batho ba yone ba sukagane ka selekanyo se se fetang sa ditoropo tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe gabedi—fa e se tse dingwe di le nnè fela.

5. Go ne ga swa baagi ba yone ba ka tshwara nngwenneng ya milione ka matlhotlhapelo a 1976.

6. Ke boremelelo jwa kgaolo ya naga e e mo go yone e go dirwang matsela le wulu teng, toropo eno e ne ya nna le seabe se segolo mo diphetogong tsa madirelo.

7. E kile ya bo e tsewa e le nngwe ya ditoropo tse di leswe thata tsa Yuropa, mme gompieno e itsege mo lefatsheng ka ntlha ya seedi se se biditsweng ka yone.

8. Go buiwa diteme di ka tshwara 60 mo toropong eno e e mo lotshitshing lwa lewatle ya Asia. E ne e le motsemogolo wa naga ya yone go simologa ka 1833 go fitlha ka 1912.

9. Moshate o o agilweng go ya ka polane e e neng e tlhamilwe, e e ileng ya tsaya nako e telele, e ne ya agiwa ka 1960.

10. E kwa bofelong jwa molatswana wa boleele jwa dikilometara di le 100, fa go lebilwe bogolo jwa naga e e e tsereng, ke nngwe ya ditoropo tse dikgolo mo lefatsheng.

11. E batlile e senngwa gotlhelele ke thoromo ya lefatshe ka 1755, ke yone e dilo tse di dirisiwang tsa botshelo di seng turu thata kwa go yone go gaisa metsemegolo yotlhe ya Lekgotla la Dinaga tsa Yuropa.

12. E ne e setse e tlhamilwe ka 1873, fa batho ba ba mo matshitshing oomabedi a Noka ya Danube ba ne ba tshwaragana ka matsogo ba bo ba bidiwa ka leina le le lengwe fela.

13. Baupolodi ba Bapotokisi ba ne ba ithaya ba re kgogomelo ya yone ke molomo wa noka nngwe, mme ke fa ba e fa leina le e santseng e bidiwa ka lone le gompieno.

14. E ne ya tlhomiwa ka 1788 e le kgolegelo ya kgaolo ya bokolone, ke nngwe ya ditoropo tsa selekanyo sa yone tse di kwa borwa jo bo kwa thoko mo lefatsheng.

15. Ka ntlha ya go rata bodumedi thata, toropo eno e itsege thata ka moletlo wa tee o o sa tlwaelesegang wa sepolotiki.

16. Ka 1850, Kgosi Kamehameha III o ne a e tlhoma go nna motsemogolo wa bogosi jwa gagwe; leina la yone le raya gore “Kgogomelo e e Sireleditsweng,” mme tlelaemete ya yone e e bothitho ngwaga otlhe e dira gore e ratwe thata ke bajanala.

17. Ka dinako tse dingwe e bidiwa phualerole, e kile ya batla go nyelediwa ke molelo; gompieno e na le kago e e di fetang tsotlhe ka boleele mo lefatsheng.

18. Pele ga 1966, e ne e bidiwa Léopoldville.

19. Dingwaga tsa yone di lekana le tsa mongwe wa babusi ba ba maatlametlo ba Bagerika, baithuti ba Bibela ba gakologelwa toropo eno e le lefelo le go neng ga ranolelwa thanolo e e tumileng thata ya Dikwalo tsa Sehebera mo go yone.

20. Go gola ga yone ka bofefo go dirilwe ke go bonwa ga gauta gaufi le yone, mme ke ya mofuta wa yone fela ka jaana e le yone toropo ya selekanyo sa yone mo lefatsheng lotlhe e e seng mo lotshitshing lwa lewatle kana lwa letšha kana lwa noka.

Alexandria, Egepeto

Bangkok, Thailand

Boston, U.S.A.

Brasília, Brazil

Budapest, Hungary

Calcutta, India

Chicago, U.S.A.

Cologne, Jeremane

Hong Kong

Honolulu, Hawaii,

U.S.A.

Johannesburg, Afrika Borwa

Kinshasa, Zaire

La Paz, Bolivia

Lisbon, Portugal

Manchester, Engelane

Oslo, Norway

Rio de Janeiro, Brazil

Shanghai, China

Sydney, Australia

Tangshan, China

[Lebokoso mo go tsebe 11, 12]

Dikarabo:

1. La Paz, e e bogodimo jwa dimetara di le 3 250 le 4 100 go feta lewatle, e ne ya simololwa ke Ba-Spain ka 1548.

2. “Shanghai” mo go rayang “Mo Lewatleng,” mo godimo ga go bo e le bongwe jwa maemakepe a magolo mo lefatsheng, gape ke boremelelo jwa thuto e e kwa godimo le dipatlisiso tsa saense kwa China.

3. Karolo ya ntlha ya leina la semmuso la Bangkok ke Krung Thep, mme le raya “Toropo ya Baengele”; ka Sepanishe, “Los Angeles” e raya “baengele.” Le mororo Bangkok e dirile ditsela tse di phuthologileng, bontsi jwa dinoka tsa yone tse di itiretsweng tse di tumileng di ile tsa katelwa gore go dirwe ditsela.

4. Hong Kong, ka batho ba le 96 000 mo sekwerekilomitareng, e latelwa ke Lagos, kwa Nigeria (55 000); Dacca, kwa Bangladesh (53,000); Djakarta, kwa Indonesia (50 000); le Bombay, kwa India (49 000).

5. Ka 1976, China e ne ya nna le thoromo ya lefatshe e e maswe go di gaisa tsotlhe mo go tsa motlha ono, e e neng e gatisitse 7,8 mo sekaleng sa Richter. Tangshan e batlile e sala e le marope fela; batho ba ba seng kwa tlase ga 240 000 ba ne ba swa.

6. Manchester, e e dikilometara tse di ka nnang 240 kwa bokone jwa Lontone, e ne ya nna lefelo la madirelo ka bofefo thata mo e leng gore mo magareng a 1821 le 1831, batho ba ba neng ba nna mo go yone ba ne ba oketsega ka 45 lekgolong.

7. Kwa tshimologong ya lekgolo la bo 19 la dingwaga, Cologne e ne e itsege gore ke nngwe ya ditoropo tse tharo tse di leswe thata mo lefatsheng—Calcutta, Constantinople, le Cologne—le eleng lebaka le le ileng la dira gore masole a Fora a a neng a beilwe koo a “ipipe difatlhego ka ditukwana tse di neng di kolobeditswe ka Eau de Cologne go timola bogale jwa ditshwang tse di neng di nkga mo toropong yotlhe.”—Kölner Stadt-Anzeiger.

8. Calcutta ke toropo ya boraro ka bogolo ya India mme e ne ya emisediwa ke New Delhi jaaka moshate.

9. Mogopolo wa go e aga o ne wa nna teng ka 1789 mme o ne wa tsenngwa mo Molaotheong wa 1891, mogopolo oo wa go nna le moshate mo teng ga naga ya Brazil o ne wa diragadiwa ka 1960 fa go agiwa Brasília. Go agiwa ga yone mo nageng e go neng go ise go agiwe sepe mo go yone go ne ga lere tshiamelo e e sa bonweng motlhofo ya go simolola le go wetsa “toropo e e rulagantsweng sentle mabapi le gore e ya go nna jang, dikago tsa yone, le kwa batho ba yang go nna teng.”—Encyclopædia Britannica.

10. Oslo, moshate wa Norway, o mo nageng ya disekwerekilometara di le 453, e bontsi jwa yone e leng dithaba tse di nang le ditlhare le matšha.

11. Dikereke di ne di tletse mo mosong wa November 1, 1755, go ketekwa moletlo wa Letsatsi la Baitshepi Botlhe, fa Lisbon e ne e welwa ke thoromo ya lefatshe e kgolo go di feta e e neng e itsiwe, e e neng ya bolaya batho ba ka nna 30 000.

12. Ka 1873 toropo ya Pest, mo botlhaba jwa Noka ya Danube, le Buda, go akareletsa Óbuda le Margaret Island, kafa ntlheng ya bophirima, di ne tsa kopana semmuso go nna Budapest, nngwe ya ditoropo tse di kgatlhang thata tsa Yuropa, e e kileng ya bo e bidiwa Mohumagadi wa Danube.

13. Mafoko a Sepotokisi a a rayang “noka” le “Firikgong”—baupolodi ba ne ba goroga ka January 1, 1502—a ne a tshwaraganngwa go dira leina Rio de Janeiro.

14. Ka January 1788 magolegwa a ka nna 750 a ne a goroga go tswa kwa Borithane e le bone motheo wa kgolegelo ya bokolone; gompieno Sydney ke toropo e kgologolo le e tona go di feta tsotlhe kwa Australia.

15. Mo makgolong a a ka tshwarang boraro a dingwaga, ke ditoropo di se kae fela tse di ileng tsa tlhotlheletsa botshelo kwa United States go gaisa Boston, e e tlhomilweng ke Ba-Puritan ba ba neng ba tshaba go bogisiwa ka ntlha ya bodumedi kwa Yuropa. Ka 1773, baagi ba yone ba ne ba thusa mo go tlhosetseng Diphetogo tsa Amerika, fa e rile ba sena go ikapesa jaaka Baindia, ba ileng ba tshololela matlhare a tee e tletse mo dikepeng di le tharo mo boemakepeng jwa Boston ba ngongoregela go duela Borithane lekgetho mme ba se na moemedi ope mo pusong.

16. Kwa tshimologong e ne e le bothibelelo jwa bagwebi ba dikgong tsa mosantala le batshwari ba maruarua, e ne ya gapiwa la ntlha ke Ba-Russia, go tsweng foo ke Baborithane, le Bafora, Honolulu e ne ya busediwa Kgosi Kamehameha III. Ka 1850 o ne a e tshwaya go nna moshate wa bogosi jwa gagwe. Hawaii e ne ya nna karolo ya United States ka 1900 mme e ne ya nna kgaolo ka boyone ka 1959.

17. Bangwe ba re Chicago ke toropo e e bontshang boammaaruri ka United States, e supa dilo tse di molemo le tse di maswe ka naga eo. Karolo e e fa gare ya toropo e ne ya senngwa gotlhelele ke molelo ka 1871 fa go se na go twe kgomo ya ga Mme O’Leary e ile ya raga lebone le le neng le tshubilwe mo mabeelong a dijo tsa dikgomo. Batho ba ka tshwara 250 ba ne ba swa, mme ba le 90 000 ba ne ba sala ba se na magae. Kago e go tweng Sears Tower ya kwa Chicago, ya bogodimo jwa dimetara di le 443, ke yone kago e e di fetang tsotlhe ka boleele mo lefatsheng.

18. Ka 1960, Léopoldville, e e neng e reeletswe ka kgosi ya Belgium e bong Leopold II, e ne ya nna moshate wa Repaboliki ya Congo morago ga go phutlhama ga Belgian Congo. Ka 1971 leina la naga eo le ne la fetolwa go nna Zaire; ka 1966 moshate wa yone o ne wa bidiwa Kinshasa.

19. Alexandria e reeletswe ka Alexander yo Mogolo, yo o neng a ntsha taolo ya gore e agiwe ka 332 B.C.E. Dingwaga tse di ka fa tlase ga lekgolo morago, Bajuda ba koo—gongwe ka nako ya puso ya ga Ptolemy II Philadelphus (285-246 B.C.E.)—ba ne ba simolola go ranolela Dikwalo tsa Sehebera mo Segerikeng go dira Septuagint.

20. Johannesburg, ga e a agiwa gaufi le lotshitshi lwa lewatle, letšha, kana noka, mme e ile ya nna toropo e kgolo ka ntlha ya gauta e e neng ya bonwa mo yone ka 1886. E ne ya simolola e na le batho ba le 2 000 ka 1887 mme ya gola go nna le ba le 120 000 ka 1899. Mme gompieno e na le ba sa fetang dimilione di le 1,7.

[Mmapa mo go tsebe 8, 9]

(For fully formatted text, see publication)

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Rio de Janeiro, Brazil

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bangkok, Thailand

[Motswedi wa Setshwantsho]

Tourism Authority of Thailand

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Molemeng: Sidney, Australia

Fa tlase: La Paz, Bolivia

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Shanghai, China

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Molemeng: Honolulu, Hawaii

Mojeng: Hong Kong

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela