LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 3/8 ts. 7-9
  • Kitso ya go Bala le go Kwala mo Bathong ba Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kitso ya go Bala le go Kwala mo Bathong ba Modimo
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba Modimo Gompieno
  • A Ngwanake o Tshwanetse go Tsena Sekolo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Go Solegelwa Molemo ke go Bala Baebele Letsatsi le Letsatsi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ineele go Bala
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Thuto ya Baebele e Rotloetsa Batho go Bala le go Kwala
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 3/8 ts. 7-9

Kitso ya go Bala le go Kwala mo Bathong ba Modimo

MO METLHENG ya bogologolo batho ba Modimo ba ne ba itse go bala le go kwala ka bontsi. Dingwaga tse di ka nnang 3 500 tse di fetileng, Moshe o ne a kwala dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Bibela. Motlhatlhami wa gagwe e bong Joshua, o ne a laelwa gore a bale Dikwalo “bosigo le motshegare” gore a tle a atlege mo tirong e Modimo o neng o mo e neile. Mme Modimo o ne wa laela gore dikgosi tsa Iseraele, di ikwalele kopi ya Molao di bo di o bala malatsi otlhe, fa ba bewa bogosi.—Yoshue 1:8; Duteronome 17:18, 19.

Go bala le go kwala go ne go sa dirwe ke baeteledipele ba setšhaba seo fela. Le fa gone go lebega e ne e le puo ya setshwantsho, taelo ya gore Baiseraele ba “kwalè” ditaolo tsa Modimo mo dikwasaineng tsa matlo a bone e ne e supa gore batho ba ne ba itse go bala le go kwala. Amose e ne e le morui wa dinku, mme Mika e ne e le moperofeti go tswa kwa motseng wa dikgaolo; mme, boobabedi ba kwadile dibuka tsa Bibela.—Duteronome 6:8, 9; Amose 1:1; Mika 1:1.

Jesu o ne a kgona go bala memeno yotlhe e e tlhotlheleditsweng ya Dikwalo tsa Sehebera mo disinagogeng, koo, e rileng nako nngwe, a ileng a bala phatlalatsa a bo a bolela fa lokwalo lo ne lo bua ka ene. Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba itse go bala le go kwala, ba nopola le go umaka Dikwalo tsa Sehebera ka makgetlho a le makgolo mo dikwalong tsa bone.—Luke 4:16-21; Ditihō 17:11.

Batho ba Modimo Gompieno

Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe go “dih[a] merahe eotlhe barutwa, . . . [ba] ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse [a] di [ba] laoletseñ.” O ne a bolelela pele gape gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi [a ne] a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe.”—Mathaio 24:14; 28:19, 20.

Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira, Basupi ba ga Jehofa le bone gompieno ba ile ba dira thomo eno ka tlhagafalo ka go ruta le go rera ka melomo. Gape ba ile ba anamisa mafoko a a molemo a Bogosi ba dirisa dibuka. Fa e sale ka 1920, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira ba bo ba anamisa Dibibela, dibuka, dimakasine, le dipampitshana di feta dimilione tse di dikete tse robongwe ka dipuo tse di fetang 200.

Dimilione tsa batho mo lefatsheng ba ile ba utlwa molaetsa, mme ba tswa barutwa ba ga Keresete. Mo go bone go na le banna le basadi ba ba sa itseng go bala le go kwala. Batho bano ba ba sa itseng go bala le go kwala ga se Bakeresete ba maemo a a kwa tlase—bontsi jwa bone ba ile ba direla Modimo ka boikanyegi ka masome a dingwaga, ba itshokela go bogisediwa bodumedi jwa bone, mme ba supile fa ba rata Jehofa ka go utlwa ditaolo tsa gagwe.—1 Yohane 5:3.

Bontsi jwa bone bo eletsa go itse go bala le go kwala, ka ba lemoga gore go itse go bala le go kwala go ka ba bulela sebaka se segolwane sa go nna le seabe mo kobamelong ya Modimo. Ba batla gore kwa dipokanong, ba latedise fa go balwa Bibela le dikgatiso tsa Bokeresete, gape ba batla go bala mafoko a dipina gore ba opele mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya. Ba batla gore kwa gae, ba ikage le go aga malapa a bone semoyeng ka go ithuta Bibela. Fa ba le mo bodireding, ba eletsa go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, ba sa ikaega ka mongwe gore a ba ba balele.

Go Ithuta Go Bala

E re ka go tlhokega gore motho a itse go bala, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba dira dithulaganyo tsa go ruta batho go itse go bala le go kwala mo phuthegong kana ba ruta motho ka namana. Ba rutile dipalo tse dintsi thata mo lefatsheng tsa banna le basadi. Kwa Nigeria fela, Basupi ba ga Jehofa ba rutile batho ba ba fetang 23 000 go bala le go kwala. Mongwe wa bone e ne e le Effor. O lotlega jaana:

“Ke ne ka simolola go bala le go kwala ka 1950 ke na le dingwaga di le 16. Re ne re rutwa go bala le go kwala ke Basupi ba ga Jehofa. Re ne re dirisa buka e e kwadilweng ke Mokgatlho wa Watch Tower, mme re ne re fiwa tiro go ya go e dira kwa gae.

“Ke ne ke tshwana le motho yo o lwalang ka ntlha ya go sa itse go bala. Ke ne ke batla go tlhalosetsa barwarre le ditsala tsa me Bibela, mme ka ntlha ya go palelwa ke go bala le go kwala, ke ne ke sa kgone go dira jalo sentle. Selo se se neng se nthotloetsa e ne e le keletso ya go batla go rerela le go ruta ba bangwe go nna barutwa ba ga Keresete. Ke ne ke kwalela mo go sengwe le sengwe se ke se bonang, le mo matlhareng a ditlhare tota. Keletso ya me ya go batla go itse go bala le go kwala e ne e le kgolo mo e leng gore ke ne ke lora ke ithuta go bala le go kwala. Ke ne ka kopa ba bangwe gore ba nthuse; ke ne ke sa tlhabisiwe ditlhong ke seo. Ke gakologelwa ke kwalela ditsala tsa me dikwalo ke bo ke di neela ba ba neng ba tsene sekolo gore ba tlhatlhobe gore a ga di na diphoso.

“Ke ne ka tsaya ngwaga yotlhe mo tlelaseng ya phuthego ke ithuta. Morago ga moo ke ne ka neelwa maikarabelo a go ruta tlelase. Seo se ne sa mpha sebaka sa go thusa ba bangwe ba le bantsi.

“Sekolo seo se nthusitse mo e leng gore mo dingwageng tse di fetileng, ke ne ka nna le tshiamelo ya go ranolela diterama tsa Mokgatlho go tswa mo Seesemaneng go isa mo Seisokong, e e leng puo ya gaetsho. Mo godimo ga moo, ke sa le ke nna molebedi wa phuthego go simologa ka bo1960. Ka bo1980, ke ne ka direla ke le molebedi yo o tshwarelelang yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go tsamaisa Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela [sekolo sa badiredi ba nako e e tletseng] mme ke ne ka ruta gabedi mo Sekolong sa Bodihedi jwa Bogosi [sekolo sa bagolwane ba Bakeresete]. Ke itse sentle gore fa ke ka bo ke sa itse go kwala, ditshiamelo tseno tsotlhe di ka bo di mphetile.

“A bo ke lebogela thulaganyo eno jang ne ya go ruta batho fela go bala le go kwala! Nako e nngwe fa ke rapame mo bolaong, ke santse ke leboga Jehofa go bo ke sa tlhole ke sa itse go bala le go kwala mo lefatsheng leno la segompieno.”

Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, o segofaditse setho ka bokgoni jwa go ka bala le go kwala. Mme kitso eo ga e itlele fela. Mangwe a maduo a magolo a go ithuta go bala le go kwala ke go kgona go tsaya Lefoko la Modimo o bo o utlwa taelo ya bomodimo e e reng: “O le bale motshegare le bosigo.”—Yoshue 1:8, NW.

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Kafa O ka Thusang Bana ba Gago ka Teng Gore Ba Rate Go Bala

● Tlhoma sekao ka go bala ka metlha wena ka namana. Batsadi ba ba ratang go bala, go ka kgonega gore ba nne le bana ba ba ratang go bala.

● Buisa ngwana wa gago e santse e le lesea. Go bua le bana ka puo e e utlwalang go tla ba thusa go tlhaloganya mafoko le dintlha tse di tla dirang gore go ithuta go bala go nne motlhofo.

● Balela bana ba gago ka metlha. Fa ngwanyana a farilwe, a bo a balelwa, o nna le mogopolo wa gore mafoko le dibuka di siame, le fa gongwe a ise a gole mo a ka tlhaloganyang polelo e a e balelwang. Tswelela ka go balela bana ba gago le morago ga gore ba itse go ipalela ka bobone. Barutabana ba thusa bana go ithuta kafa ba ka balang ka teng, mme batsadi bone ba dira se segolo ka go ba thusa go itumelela go bala. Bana ba rata go bolelelwa dipolelo tse ba di ratang gantsintsi.

● Nna le dibuka tse bana ba ka di balang mo lapeng.

● Kgothaletsa bana ba gago go kwala. Gantsi ngwana yo o kgonang go kwala o a bo gape a itse go bala.

● Tlhopha nako nngwe e e tlhomameng e lelapa le tla balang ka yone malatsi otlhe. Lo amogane go bala, mme go tsweng foo lo bo lo tlotla kgang eo mmogo. Dinako tseno di tshwanetse go nna monate e bile di aga.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Banna ba ba boifang Modimo ba metlha ya bogologolo ba ne ba itse go bala le go kwala

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela