LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/15 ts. 10-11
  • Thuto ya Baebele e Rotloetsa Batho go Bala le go Kwala

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto ya Baebele e Rotloetsa Batho go Bala le go Kwala
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithulaganyo Tsa go Ithuta
    Basupi ba ga Jehofa le Thuto
  • Kitso ya go Bala le go Kwala mo Bathong ba Modimo
    Tsogang!—1994
  • A Ngwanake o Tshwanetse go Tsena Sekolo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Thulaganyo e e Anameng Thata ya go Ruta
    Tsogang!—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 8/15 ts. 10-11
Mosupi wa ga Jehofa a ruta batho go bala le go kwala

Go gatisitswe dibuka di le dimilione tsa Ithute go Bala le go Kwala ka dipuo di feta 100

Thuto ya Baebele e Rotloetsa Batho go Bala le go Kwala

“Batho botlhe ba tshwanetse go itse go bala le go kwala, e leng sengwe se se agang motho e bile se dira gore batho ba kgone go gatela pele mo go tsa loago.”—UNESCO.a

DIPEGO di bontsha gore mo lefatsheng lotlhe batho ba feta dimilione di le 700 ba dingwaga di le 15 kgotsa go feta, ga ba kgone go bala le go kwala. Seo se dira gore ba se ka ba itse dilo di le dintsi jaaka boitshwaro jo bo siameng le dithuto tse di ‘kwaletsweng go re ruta’ tse di mo Baebeleng. (Baroma 15:4) Ka jalo, mo dinageng tse dintsi, fa Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho Baebele, ba ba ruta go bala le go kwala—ba sa ba duedise. A thulaganyo eo e itshupile e atlega?

Akanya ka tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico, e leng naga e go buiwang Se-Spain thata kwa go yone. Fa e sa le ka 1946, Basupi ba ile ba ruta batho ba feta 152 000 go bala le go kwala e bile bangwe ba baithuti bao e ne ya nna barutisi. Puso e ne ya romelela Basupi makwalo a mantsi morago ga go lemoga tiro eo ya bone. Lekwalo lengwe le ne la re: “Lephata la Thuto le lo akgolela tirisanommogo ya lona mo Thulaganyong ya go Ruta Batho ba Bagolo.”

Bana le bagolo ba solegetswe molemo ke thulaganyo ya go bala le go kwala. Ka sekai, mo dingwageng di le pedi fela, Josefina yo o neng a na le dingwaga di le 101 fa a tsenela khoso eno, o ne a itse go bala le go kwala!

Le fa kwa Mexico go buiwa Se-Spain thata, batho ba rutiwa go bala le go kwala dipuo tse dingwe. Ka 2013, thulaganyo eno e ne ya thusa batho ba ba buang dipuo di le robedi gore ba itse go kwala le go bala puo ya gabone.

Ke boammaaruri gore go itse go bala le go kwala go thusa motho go ithuta dilo tse dintsi. Mo godimo ga moo, go bala le go kwala go thusitse batho ba ditso tsotlhe go bala Baebele—buka e e tlhotlheleditsweng ke Modimo e e ka ba gololang mo ditlhamaneng, mo dithutong tsa maaka tsa bodumedi le mo boitsholong jo bo utlwisang botlhoko.—Johane 8:32.

a United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization.

O NE A GAKGAMATSA BA LELAPA LA GAGABO

Monna yo o sa utlweng e bong Daniel a kwala dintlha fa bidio ya Puo ya Diatla ya Mexico e ntse e tshameka

Daniel o ithutile Puo ya Diatla ya Mexico a thusiwa ke di-DVD

Daniel o ne a sa utlwe mo ditsebeng e bile batho ba sa mo tlhaloganye. Seo se ne se dira gore a betwe ke pelo mme a iteye ba lelapa la gagabo. Fa a le dingwaga di ka nna 23, Mosupi mongwe yo o bidiwang Josué o ne a simolola go ithuta Baebele le ene, kwa tshimologong a bua le ene ka go itshikinya mmele le ka go torowa. Go tswa foo, Daniel o ne a dirisa di-DVD go ithuta Puo ya Diatla ya Mexico.b

Fa Daniel a ntse a ithuta, o ne a nna le se Baebele e reng ke “botho jo bosha” jo bo dirang gore motho a nne le “bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.” (Bakolosa 3:10, 12) Gape Daniel o ne a reetsa kgakololo ya Baebele ya gore motho a ikobele batsadi ba gagwe le go ba tlotla. (Baefeso 6:1, 2) O ne a gakgamatsa ba lelapa la gagabo! Mmaagwe Daniel o ne a leboga Josué a geletse dikeledi go bo a thusitse ngwana wa gagwe go itse Modimo. Ka 2007, Daniel o ne a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa.

b Kwa Mexico, go na le dikgatiso di le 46 ka DVD tsa Basupi ba ga Jehofa tsa Puo ya Diatla ya Mexico. Website ya rona ya jw.org/tn e na le dikgatiso tsa puo ya diatla ya dinaga di ka nna 80. Gape go na le dikgatiso tse di kwadilweng ka Mokwalo wa Difofu gore batho ba ba sa boneng ba solegelwe molemo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela