Tsholofelo ya Mmatota ka Bana
“Ga go kitla go tlhola go nna le . . . losea lo lo tshelang malatsi a sekae fela . . . Ga ba kitla ba itapisetsa lefela kana go tsala bana ba ba welwang ke masetlapelo; gonne e tla nna batho ba ba segofaditsweng ke MORENA.”—Isaia 65:20, 23, New International Version.
DIMILIONE tsa bana ba e leng gone ba tsholwang di ‘welwa ke masetlapelo’ go sa kgathalesege maiteko a a molemo a motho a a dirang go tokafatsa dilo. Dilo ga di ne di nnela ruri jalo. Boperofeti jwa ga Isaia ga bo re tlhomamisetse fela gore letsatsi lengwe ngwana mongwe le mongwe o tla nna le isagwe e e babalesegileng mme gape bo tlhalosa kafa maikaelelo ano a tlileng go diragadiwa ka teng.
Modimo o bolela jaana mo go Isaia 65:17: “Ke tlhōla magodimo a masha, le lehatshe ye lesha; me dilō tsa pele ga di ketla di gakologèlwa, leha e le go tla mo mogopoloñ.” Go tlhokega “magodimo a masha” le “lehatshe ye lesha” gore bana ba ba mo lefatsheng ba tlhokomelwe sentle.
“Lehatshe ye lesha” leno, ke setšhaba sa batho ba ba bolokang melaometheo e Jesu Keresete a neng a e ruta. Mongwe wa melaometheo eo o Jesu a neng a o tlhalosa, ke wa gore “leha e le mañ eo o tla cholañ moñwe oa banyana ba ba nntseñ yana ka leina ya me, o chola nna.” (Mareko 9:37) Setšhaba se se tshwarang ngwana mongwe le mongwe yo mmotlana jaaka e kete ke Keresete ka boene ruri se tla nna “lehatshe ye lesha”! Dimilione dingwe tsa batho di setse di leka go dira fela jalo, e bile di kgonne go thusa bana bangwe ba mo lefatsheng go nna le tsholofelo.
Bana Ba Jaanong Ba Nang le Tsholofelo
Tshepo, bomogoloe le bokgaitsadie ba banè, ba ne ba nna mo motseng wa ditakana mo Afrika Borwa. O ne a setse a lebega a na le mpa e e gogomogileng ya bana ba ba sa fepiweng sentle fa a ne a na le ngwaga. Batsadi ba gagwe ba ne ba senya madinyana a e seng a sepe a ba neng ba a amogela ka bojalwa ba leka go itebatsa mahutsana a bone. Tshepo o ne a sa itse dijo tse di molelo, e bile o ne a tlogelwa fela a itshamekela mo gare ga matlakala le meteme ya dibiri e e neng e gasame go dikologa ntlo.
Isagwe ya ga Tshepo e ne e lebega e le e e sa itumediseng go fitlha go direga sengwe se se neng sa fetola tsela e batsadi ba gagwe ba neng ba akanya ka yone. Moagisani wa bone yo o bidiwang George o ne a ba tshwarela thuto ya mahala ya Bibela. Matswela a ne a kgatlha tota—ba ne ba sa tlhole ba nwa bobe, ntlo e ne e le phepa, ba ne ba ja dijo tse di molelo mo lapeng letsatsi le letsatsi, mme Tshepo le bomogoloe le bokgaitsadie ba ne ba simolola go nna phepa, ba apara sentle e bile ba itumetse.
George o ne a thusa lelapa la gaabo Tshepo ka gonne jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o tsaya go thusa batho botlhe, go akaretsa le ba ba humanegileng e le boikarabelo jwa gagwe. Ke boammaaruri gore go ne ga mo tlhoka nako e ntsi le bopelotelele go thusa lelapa leno go fetola tsela ya lone ya go tshela, go ba ruta mekgwa e mesha e e tswang mo Lefokong la Modimo. Lefa go ntse jalo, George o ikutlwa gore matsapa a gagwe ga a fetoga lefela, segolobogolo fa a bona phetogo e kgolo e seno se e dirileng mo baneng.
Kwa toropong ya San Salvador Atenco kwa Mexico, go nna monna mongwe wa mohumanegi yo o bidiwang José, rre wa bana ba le robonngwe. O ne a nwa bojalwa bobe, mme bana ba gagwe ba ne ba mo tshaba bobe ka gonne o ne a tle a ba galefele thata fa a tagilwe. Ntlo ya bone e ne e tlhola e le leswe, jarata ya bone e fetogile lesaka la ditonki le dikolobe tse di neng di itsenela fela mo lapeng jaaka di rata. Bana ba ne ba tshwarwa ke letshoroma la mala mme ka dinako tse dingwe ba duwa ke dintho tse di dutlang maladu mo mmeleng otlhe ka ntlha ya seno.
Dilo di ne tsa fetoga fa José a ne a simolola go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlogela go nwa bobe mme a simolola go nna rre tota mo baneng ba gagwe. Mongwe wa bana bano yo mmotlana o ne a bua jaana ka boipelo: “Gone jaanong re kgona le e leng go tshameka le rre!” Gone jaanong ntlo ya bone ke nngwe ya dintlo tse di phepa go feta tsotlhe—e seng e e leswe go di feta tsotlhe—mo toropong ya bone. Dikolobe le ditonki di nna kwa nageng mme ka metlha ba bedisa metsi a ba a nwang mo lapeng. Go tokafatsa bophepa jwa bone go dirile gore bana ba itekanele sentle le go itumela thata.
Jaaka fa dikai tse pedi tseno di bontsha, gantsi selo sa konokono se se ka thusang bana ke go thusa batsadi. Kitsiso e e neng ya dirwa ke World Summit for Children e ne ya bolela gore “lelapa le na le boikarabelo jo bogolo mo go otleng le go sireletseng bana.” Mme gore a malapa a tla otla bana le go ba sireletsa kana ga a ne a dira jalo go ikaegile thata ka thuto le madi a le nang le one.
Go Fetola Ngwana wa mo Mebileng
Domingos wa kwa Brazil o ne a le dingwaga tse robonngwe fela fa rraagwe a ne a tlhokafala. Fa mmaagwe a ne a nyalwa gape, o ne a isiwa kwa legaeng la dikhutsana. Tsela e ba neng ba tshwarwa makgwakgwa ka yone kwa legaeng la dikhutsana e ne ya dira gore a itsalanye le setlhopha se se neng se rulaganyetsa go ngwega koo. Le mororo mmaagwe a ne a ya go mo tsaya koo fa a utlwalela maikaelelo a gagwe, o ne a swetsa ka gore a ngwege mo gae ka ntlha ya go itewa gangwe le gape ke rraagwe wa bobedi. E ne ya nna mongwe wa diketekete tsa bana ba mo mebileng ba São Paulo ba ba itshedisang ka go phatsimisa ditlhako, go rekisa dimonamone, kana go rekisa diokobatsi.
Fa Domingos a fitlha la ntlha kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, o ne a sa ba tshepe e bile a sena maitseo—se se ne se sa gakgamatse fa o akanya ka tsela e a godileng ka yone. Lefa go ntse jalo, Basupi bangwe ba ba godileng ba ne ba dira gore a ba tshepe, mme ba ne ba mo thusa go nna le mekgwa e mesha ka go mo ruta Bibela. Kgabagare o ne a ithuta go ikanya Modimo le batho ba bangwe. Basupi ba ne ba mo thusa go bona tiro, a simolola ka tiro ya go thusa moagi wa matlo mme morago e le morongwa wa mo ofising. Gone jaanong, dingwaga di sekae fela morago ga moo, ke modihedi wa ka metlha wa Mokeresete.
Dikai tseno di supa gore setšhaba se se amegang ka batho se ka imolola bana ba ba mo lefatsheng dingwe tsa dilo tse di ba bogisang. Ke boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ba itse gore batho ka bobone ba ka se kgone go fedisa masetlapelo gotlhelele. Selo se se ka rarabololang mathata a bana ba ba mo lefatsheng se tlhoka mongwe yo o fetang motho ka maatla yo o nang le thata e e ka se kang ya lekanngwa le yo o kgonang go laola lefatshe lotlhe.
“Magodimo a Masha” A A Tla Tokafatsang Lefatshe
Ke Modimo fela yo o ka kgonang go rarabololela dilo ruri. Ke ka lone lebaka leno boperofeti jwa ga Isaia bo tlhalosang gore go tla nna le “lehatshe ye lesha” le “magodimo a masha.” Bibela e solofetsa gangwe le gape gore go tla tlhongwa “legodimo ye lesha” kana “magodimo a masha.” (Isaia 65:17; 2 Petere 3:13; Tshenolō 21:1) Gongwe le gongwe mo go buiwang ka “magodimo a masha” teng, go buiwa ka one e le kgato e e botlhokwatlhokwa e go tla fedisiwang go boga ka yone le e e tla dirang gore go nne le tshiamo mo lefatsheng. Totatota “magodimo a masha” ke eng?
Gantsi Bibela e dirisa lefoko “magodimo” jaaka lekaelagongwe la go busa, go busa Modimo kana batho. (Bapisa Daniele 4:25, 26.) Puso eno e ntšha ke Bogosi jwa selegodimo, Bogosi jwa Modimo—jone jo Jesu a neng a ruta balatedi ba gagwe go bo rapelela. (Mathaio 6:10) Bogosi jwa Modimo bo tla kgona go nyeletsa masetlapelo otlhe a a ka tshosetsang bana ba ba mo lefatsheng, mme e bile bo ikaeletse go dira jalo.
Ke eng fa re ka tlhomamisega thata jaana ka seo? Ka gonne puso e supa se babusi ba yone ba leng sone. Ka gone, Bogosi jwa Modimo bo tla busa go dumelana le melao ya Modimo le ya ga Morwawe, Jesu Keresete, Kgosi e e tlhomilweng ya Modimo. Ka bobedi ba ile ba supa fa ba rata gore bana ba tshele sentle.—Pesalema 10:14; 68:5; Mareko 10:14.
Re ka nna ra dira boiteko jwa go tokafatsa seemo sa bana ba lefelo la rona fa re santse re letile Bogosi jono jo re bo solofeditsweng, kana “magodimo a masha” ka tlhoafalo. Go ntse fela jaaka World Summit for Children e ile ya swetsa sentle jaana: “Ga go na tiro epe e e molemo go gaisa go direla ngwana mongwe le mongwe isagwe e e botoka.”
[Lebokoso mo go tsebe 11]
Thulaganyo E E Mosola ya go Thusa Bana
Tiro ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa e thusa bana ka tsela e e mosola le e e nnelang ruri. Dintlha dingwe ka thulaganyo eno ke tse:
Thuto ya bagolo. E akaretsa go ruta batsadi go bala le go kwala, le thuto e e tseneletseng ya Bibela e e rulaganyeditsweng go ba ruta mekgwa e e botlhokwa ya go tlhokomela bana sentle.
Kaelo mo lapeng. Bibela e laela batsadi—tota le ba ba humanegileng thata—go tlhokomela bana botlhe ba bone go na le gore ba romele bangwe ba bone go ya go nna le balosika. Buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa e ile ya thusa malapa a le mantsi a a neng a na le mathata a a kgethegileng.a
Go nna le seabe ga bana le go ba kaela. Dilo di nna botoka thata fa bana ba na le seabe mo thutong, mo go tlhokomeleng boitekanelo le mo go phepafatseng. Gantsi Basupi ba ithuta Bibela le bana ba dirisa dibuka tse di ba tshwanelang tota tse di jaaka Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo go ba thusa go rarabolola mathata a kwa gae le go nna phepa mo mmeleng.b
Go kaelwa ka bophepa le tlhokomelo ya boitekanelo. Basupi ba ga Jehofa ba gatisa lokwalopaka lwa Tsogang! ka dipuo di le 74, mme ka metlha makasine ono o nna le ditlhogo tse di buang ka tlhokomelo ya boitekanelo.
Tiro ya go namola. Fa go tlhagile maemo a tshoganetso, Basupi ba ga Jehofa ba dira dithulaganyo tsa namolo ka bonako go ya go thusa kwa go tlhagileng masetlapelo gone.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b Di gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Selo se se ka rarabololelang ruri mathata a bana ba ba mo lefatsheng se tlhoka mongwe yo o fetang motho ka maatla. Ke Modimo fela yo o ka a rarabololang jalo