LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 5/8 ts. 27-29
  • Nka Dirang Gore Ke Iphokotse Mmele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nka Dirang Gore Ke Iphokotse Mmele?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ja Bobe, O Sa Itshidile Mmele ka Tshwanelo
  • Seru sa go Iphokotsa Mmele ka go Ipolaisa Tlala
  • Tsela E E Seng Kotsi ya go Fokotsa Bokete jwa Mmele
  • Go Fetola Tsela E O Jang ka Yone le E O Tshelang ka Yone
  • Fa go Nna Mokima go se Botoka
    Tsogang!—1997
  • Nka Fokotsa Mmele Jang?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Direng Fa ke Sa Rate Tsela e ke Lebegang ka Yone?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Bokima jo bo Feteletseng—Ke Eng Se se Ka Thusang?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 5/8 ts. 27-29

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dirang Gore Ke Iphokotse Mmele?

“GO NONA ke sengwe sa dilo tse di sa itumediseng se se ka diragalelang mosimane fa a le mo dingwageng tsa bolesome.” Go ne ga rialo mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Judd ka pelo e e botlhoko. Fa e le gore o nonne thata o tshwanetse wa bo o tlhaloganya kafa a ikutlwang ka teng.

Lefa go ntse jalo, mafura a mantsi mo mmeleng a ka nna kotsi go feta fela go senya tebego ya gago. Go nona thata go ka go leretse mathata a mantsi a botsogo—mathata a malokololo, malwetsi a khemo, taebetese, le malwetsi a a bolayang a a ka go bogisang moragonyana mo botshelong a a jaaka jwa pelo, le kankere ya mala.a

Ke boammaaruri gore, ga se gore fa o na le mmele o mogolo o tla tlhoka gore o fokotse bokete jwa mmele. Bangwe ba rona re tsere mebele e megolo mo batsading; re lebega re le bakima go feta ka fa re batlang ka teng tota lefa bokete jwa mmele wa rona bo siame.b Fa e le gore ngaka ya gago e lemogile gore o na le mafura a mantsi go feta jaaka go tshwanetse, go ka nna ga tswa go bakwa ke dilo tse di farologaneng. Buka ya The Healthy Adolescent ya re: “Go nona ga batho bangwe go amanngwa . . . le go sa berekeng sentle ga dikgeleswa tse di tsimolelang diedi tsa tsone mo teng ga mmele, tse di jaaka lebethe, kgeleswa e e fa molaleng, le ya diphilo.”

Go Ja Bobe, O Sa Itshidile Mmele ka Tshwanelo

Mo mabakeng a le mantsi, go nona go bakwa ke mekgwa e e sa siamang ya go ja le go sa itshidile mmele. Judd yo mmotlana o gakologelwa jaana: “Ka gonne mmè o ne a bereka gore a tle a re tlamele, nna le nkgonne re ne re tlhola . . . re ipolaisa dijo. Re ne re ja dipakipaki tsa dimonamone re di fetisa ka dilitara tse pedi tsa [senotsididi].” A se ke se o se tlwaetseng?

Lefa go ntse jalo, basha ba bangwe bone ga ba jele go leleka tlala mme ba ja gore ba ikotle le go ikutlwa ba kgotsofetse. Basha ba ba ntseng jalo ba ka ipolaisa dijo ka phoso ba leka go itebatsa mathata a a jaaka, go tlhalana ga batsadi, go swelwa ke yo ba mo ratang, kana mathata a mangwe.

Gantsi go ja bobe go gakatswa ke go sa itshidile mmele. A Parent’s Guide to Eating Disorders and Obesity ya re: “Thelebishine ga e dire fela gore motho a nne a sa dire sepe, mme gape dithulaganyo tsa yone tsa thekiso di rotloeletsa batho gore ba je . . . ba je . . . ba bo ba je.”

Seru sa go Iphokotsa Mmele ka go Ipolaisa Tlala

Batho bangwe ba bolela gore Moamerika a le 1 mo go ba le 4 o dirisa mokgwa mongwe wa go iphokotsa mmele. Go ntse go le jalo, batho ba ba fetang 90 lekgolong ba ba iphokotsang mmele ka go ja go sekae ba boa ba nona gape. Molato ke eng?

Mmele wa gago o tshwana le leubelo; boboko jwa gago jone ke selekanyabolelo. Fa o ja, mmele wa gago o gakolosa dijo tseo gore go tswe maikatlapelo. Fa o ja dijo tse dintsi go feta kafa mmele o batlang ka teng, di tla bolokiwa jaaka mafura. Fa jaanong o ipolaisa tlala gore mmele o fokotsege, kwa tshimologong o tla fokotsega. Lefa go ntse jalo, ka bonako fela mmele wa gago o tla ‘tlwaela seemo seo’ o bo o fokotsa selekanyabolelo ka go dira gore mmele wa gago o se ka wa gakolosa dijo ka bonako. O tla simolola go nona gape o ntse o ipolaisa tlala ka go ja go sekae fela, mme bontsi jwa dijonyana tse o di jang di kgobokanngwa go nna mafura. O boa gape o oketsega ka dikilogerama tse o ileng wa di fokotsa mme morago ka tse dingwe gape. Ka ntlha ya go bolaiwa ke pelo, o tla bo o simolola go fokotsa mmele gape. Lefa go ntse jalo, o tla nna o ntse o nonela pele.

Ka jalo, o ka bona gore ke ka ntlha yang fa matlhajana a go iphokotsa mmele ka go ja go sekae a sa thuse. Dipilisi tse di dirisiwang go iphokotsa mmele di ka fokotsa keletso ya gago ya go ja go sekae, lefa go ntse jalo mmele wa gago o tla di tlwaela ka bonako mme keletso ya gago ya dijo e tla boa gape. Kgotsa mmele wa gago o tla gakolosa dijo ka bonya fela o bo o boa o nona gape. Re sa bue sepe ka mathata a a neng a tlhagela batho bangwe, a a jaaka, go tsewa ke sedidi, bolwetsi jwa madi a magolo, go tlhobaela, le go tshwakgoga. Go ka nna ga nna jalo le ka dipilisi tse di fokotsang metsi kana tse di dirang gore mmele o gakolose dijo ka bonako. Dr. Lawrence Lamb o ne a bua puo phaa a re: “Ga go na pilisi epe e e seng kotsi e e dirang sentle e e fokotsang mafura mo mmeleng.”

Ka gonne o le motho yo mosha, mmele wa gago o tlhoka dikilojoule tse dintsi le dikotla letsatsi le letsatsi. Go ipolaisa tlala ka go ja go sekae fela go ka dira gore o se ka wa gola sentle. Akanya gape ka se Bibela e se buang ka Kgosi Saulo mo go 1 Samuele 28:20: “Ga bo go sena thata mo go èna: gonne o na a tlhotse a bile a letse a sa ye diyō.” Ka tsela e e tshwanang, ngaka nngwe e tlhalosa gore basha ba ba ipolaisang tlala ba ka tsenwa ke “letsapa, . . . ba tshwenyega thata mo maikutlong, ba tshabelelwa ke serame, ga ba dire sentle mo dithutong tsa sekolo, ba bipelwa, ba a tlhobaela, ba tshwarwa ke amenorrhea [go kganelwa ga go se bone kgwedi], le go itsapa go akanya.”

Tsela E E Seng Kotsi ya go Fokotsa Bokete jwa Mmele

Tsela e e seng kotsi ya go fokotsa bokete jwa mmele ke ka go simolola ka go tlhatlhobiwa tota ke ngaka ya lelapa la lona. E ka tlhatlhoba mathata ape fela a boitekanelo a a ka fekeetsang tsela e o batlang go iphokotsa mmele ka yone. Gape e ka go thusa go itlhomela mokgele o o ka go tshwanelang wa go fokotsa bokete jwa mmele le go go rulaganyetsa tsela e ka yone o ka kgonang go fitlhelela mokgele oo mo lobakeng lo lo rileng lwa nako.

Bibela ya re: “Ga go na sepè se se molemō mo mothuñ bogolo go go ya, le go nwa, le go yesa mōea oa gagwè molemō mo letsapeñ ya gagwè.” (Moreri 2:24) Ka jalo go iphokotsa mmele ka go itima monate wa go ja e ka nna ya re fa nako e ya ga se ka ga go thusa. Kwantle ga moo, Bibela e kgala go ja bobe. (Diane 23:20, 21) Ka jalo, dikakantsho di sekae tse di ka go thusang go nna motho yo o “lekalekanyeñ” fa o ja ke tse.—1 Timotheo 3:11.

O se ka wa tlolwa ke sefitlholo! “The New Teenage Body Book” e tlhagisa jaana: “Tlala le go ikutlwa o itima dilo di tla go fekeetsa. Moragonyana mo letsatsing o tla bo o ipolaisa dijo—le dikhalori [dikilojoule].”

Nwa metsi ka galase e kgolo pele ga dijo. Seno se tla go kgorisa. Go nwa metsi a a lekanyeng go bonala le gone go na le seabe mo go fokotseng mafura mo mmeleng. Ka jalo dingaka di akantsha gore motho a nwe digalase di le robedi tsa metsi letsatsi le letsatsi.

O se ka wa ja o lebile thelebishene. Dr. Seymour Isenberg a re: “Fa o ja o lebile thelebishene . . . , o [ka nna] wa simolola go ja jaaka e kete o motšhine.”

Rapela pele o ja. Gakologelwa: ‘Modimo o tlhophetse [dijo] go amogelwa ka tebogo ke ba ba dumelang le ba ba itseng boammaaruri.’ (1 Timotheo 4:3) Mosha yo o boifang Modimo yo a nnang a gakologetswe botsala jwa gagwe le Mmopi, ga a kitla a batla go ja bobe gore a bo a nne setshwakga mo tlhaloganyong le mo tirong. Thapelo e ka go thusa gore o je ka tekanyo.

Ja ka iketlo. Go tsaya mpa metsotso e e ka nnang 20 go itsise boboko gore e tletse. Ka jalo, go ja ka iketlo go tla go thusa go ja go fitlha ‘o kgora,’ e seng go feta foo!—Lefitiko 25:19.

Dira dilo dingwe tse di molemo kwantle ga go ja—segolobogolo fa o ntse o tlwaetse go ja nako nngwe le nngwe fa o lapisegile, o sa itumela, o jewa ke bodutu kana o tshwenyegile thata mo maikutlong. Bua le mongwe yo o mo ikanyang. Iphutholole dinao, kana o itshidile mmele. Dira tiro nngwe ya go itlosa bodutu. Reetsa mmino. Se se botoka go feta, leka go iphepa ka dilo tsa semoya. (1 Petere 2:2) Kana e bile, dijo ga di age tumelo ya motho. (Bapisa Bahebera 13:9.) Mme go bala Bibela go a e aga, mme e bile seno se ka nna sa go thusa go lebala ka dilo tse o di eletsang.

Go Fetola Tsela E O Jang ka Yone le E O Tshelang ka Yone

O ka nna wa tshwanela gape gore o fetole dilo tse o ntseng o di ja. Molao wa ga Moshe o ne o iletsa go ja mafura. (Lefitiko 3:16, 17) Le mororo seno e ne e le ka ntlha ya mabaka a bodumedi, go tila dijo tse di mafura—tse di jaaka bekara ya tšhisi kana dijo tse di gadikilweng ka mafura—go siame thata. Dinotsididi tse di botshe le dikuku tse di botshe tse di mafura le tsone di na le dikotla di le dinnye fela, mme di na le dikilojoule tse dintsi. Le mororo go loka namanyana ya kgomo ka letswai le le ntsinyana go ka e dira monate, go dira gore mmele wa gago o monye metsi.

Bontsi jwa ba ba gakololang ka go fokotsa mmele ba dumela gore go ja dijo tse o di ratang thata ka sewelo ga go ka ke ga go leretse dingalo. Lefa go ntse jalo, fa ruri o batla go fokotsa bokete jwa mmele o tshwanetse go rata dijo tse di go siametseng tse di jaaka maungo, manoko, dijo tsa dithoro, le merogo. Mogakolodi mongwe wa go fokotsa mmele o ne a akantsha jaana: “Ja mefuta e e farologaneng ya dijo gore o se ka wa lapisega.” A ga se wena yo o apayang mo gaeno? Fa go ntse jalo, bua le mmè go bona gore a a ka se go thuse. Ruri lelapa lotlhe le ka solegelwa molemo fa dijo tsotlhe tse lo di jang letsatsi le letsatsi di ka fetolwa ka tsela e e tshwanetseng.

Lefa go ja dijo tse di siameng go le botlhokwa, ga o kake wa fokotsa dikilogerama mo mmeleng fa e le gore ga o tsholetse “selekanyabolelo” sa boboko jwa gago. Jang? Ka go itshidila mmele go sekae metsotso e le 20 bogolo gararo ka beke. (1 Timotheo 4:8) Selo se se motlhofo se se jaaka go gwanta kana go pagama ditepise se ka thusa. Go ikatisa go go dira gore o lebege o le mosesane e bile o itekanetse go sa kgathalasege gore mmele wa gago o kana kang kana o ntse jang. E re ka go dira gore boubelo jwa mmele wa gago bo gotele, go tla gakolosa dikilojoule mme ka jalo go gakolose mafura. O ka fetola tsela e mmele wa gago o ntshang dikhemikale ka yone ka go itshidila mmele. O ka godisa mesifa ya gago, mme mesifa e gakolosa dikilojoule tota lefa o robetse!

Fa o ka nna pelotelele e bile o ititeile sehuba, o ka kgona go fenya ntwa ya go fokotsa bokete jwa mmele.c Ke boammaaruri, go fokotsa dikilogerama di sekae tsa mmele wa gago ga go kitla go rarabolola mathata a gago otlhe, lefa go ntse jalo, o ka nna wa lebega botoka wa bo wa ikutlwa botoka. O ka nna wa ba wa simolola go itumelela mmele wa gago.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo e ka nnang 80 lekgolong ya basha ba ba nonneng thata ba nna ba nonne le e le bagolo.

b Batho ba ba nang le mathata a a masisi a go ja ba ka nna ba tlhoka thuso ya yo o ithutetseng seo go ba thusa go lepalepana le bothata jono jo bo ba ngomolang pelo.

c Bona setlhogo se se tlang pele ga seno sa tokololo eno ya Tsogang! sa “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng Fa Ke Nonne Thata Jaana?”

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Go itshidila mmele le go ja dijo tse di go siametseng tse di nang le dikotla ke tsone dilo tse di ka go thusang go fokotsa bokete jwa mmele ka tsela e e seng kotsi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela