Fa go Nna Mokima go se Botoka
Rosa wa dingwaga di le 35 o ne a ngongorega jaana: “Diaparo tsa me ga di sa ntekana. Jaanong ke na le boima jwa di-pound di le 190 [dikilogerama di le 86] mme ga ke ise nko ke akanye gore ke tla nna mokima jaana!”
ROSA ga se ene fela yo o tshwenyegileng ka boima jwa gagwe jo bo oketsegang. Kwa United States, kwa a nnang teng, mo e ka nnang nngwe tharong ya setšhaba e nonne.a Palogare ya batho ba bagolo ba ba nonneng kwa Boritane e oketsegile sebedi mo dingwageng tse di lesome. Le kwa Japane—koo go kileng ga bo go bonwa batho ba bakima sewelo teng—go nona go a ata.
Bana ba le bantsi ba nna bakima go feta kafa go tshwanetseng ka teng. Basha ba ka nna dimilione di le 4,7 ba kwa Amerika ba dingwaga tse di fa gare ga tse 6 le 17 ba bakima mo go maswe, fa diperesente di le 20 tsa bana ba kwa Canada tsone di nonne. Mo dingwageng tsa bosheng jaana go nona ga bana go oketsegile ka makgetlho a le mararo kwa Singapore.
Kwa dinageng dingwe go nna mokima go lebiwa e le sesupo sa go nna mo letlepung le go itekanela, e leng selo se se eletsegang thata go feta go humanega le go se je ka tshwanelo. Mme kwa dinageng tsa kwa Bophirima, koo dijo di bonwang ka bontsi, go nna mokima gantsi ga go tsewe e le selo se se eletsegang. Go farologana le moo, ka kakaretso ke selo se se tshwenyang batho thata. Ka ntlha yang?
Dr. C. Everett Koop yo e kileng ya bo e le mookamedi wa dingaka tse di arang kwa United States a re: “Le fa batho ba le bantsi ba dumela gore go nona ke bothata jo bo amang tebego fela, sentlentle ke bolwetse jo bo masisi.” Moitse wa dikgeleswa tse di ntshang dihoromone e bong F. Xavier Pi-Sunyer wa kwa New York o tlhalosa jaana: “[Go nona ga Amerika go] tsenya batho ba le bantsi mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri, haebolate, seterouku, bolwetse jwa pelo le e leng mefuta e mengwe ya kankere.”
Go Nna Mokima Thata, go Kotsi Thata
Akanyetsa patlisiso e e dirilweng mo basading ba baoki ba kwa Amerika ba le 115 000, ba ba neng ba etswe tlhoko ka dingwaga di le 16. Patlisiso e fitlhetse gore fa batho ba bagolo ba oketsega boima ka dikilogerama di ka nna tlhano go ya go di le robedi, go felela ka gore go nne le kgonagalo e e kwa godimo ya go tshwarwa ke bolwetse jwa pelo. Patlisiso eno, e e neng ya gatisiwa mo go The New England Journal of Medicine ya September 14, 1995, e ne ya bontsha gore nngwetharong ya dintsho tse di bakwang ke kankere le sephatlo sa dintsho tse di bakwang ke pelo e ne e le ka ntlha ya go nna mokima ka tsela e e feteletseng. Go ya ka pego ya The Journal of the American Medical Association (JAMA) ya May 22/29, 1996, “78% tsa banna ba ba tshwarwang ke bolwetse jwa kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi le 65% tsa basadi ba ba ntseng jalo di ka tswa di amana ka tlhamalalo le go nona.” American Cancer Society ya re batho ba ba “nonneng thata” (diperesente di le 40 kana go feta boima jwa bone jo bo siameng) “ba mo kotsing e tona ya go tshwarwa ke bolwetse jwa kankere.”
Mme ga se fela go nona thata mo go leng kotsi; selekanyo sa mafura mo dikarolong dingwe tsa mmele le gone go oketsa kotsi ya go tsenwa ke bolwetse. Ba ba nang le mafura a mantsi mo dimpeng totatota ba mo kotsing e kgolo go feta ba ba nonneng mo mathekeng le mo diropeng. Mafura a a mo dimpeng a amanngwa le kotsi e kgolo ya go tsenwa ke bolwetse jwa sukiri, bolwetse jwa pelo, kankere ya mabele le kankere ya popelo.
Ka mo go tshwanang, basha ba ba nonneng thata ba bogisiwa ke kgatelelo ya madi e e kwa godimo, selekanyo se se kwa godimo sa kholeseterole le matshwao a pele ga motho a tshwarwa ke bolwetse jwa sukiri. Mme gantsi ba nna bagolo ba ba nonneng thata. The New York Times, e dirisa tshedimosetso e e gatisitsweng mo lokwalopakeng lwa Boritane lwa The Lancet, e ne ya bega gore “batho ba ba neng ba nonne fa e ne e le bana ba swa go sa le gale mme ba tshwarwa ke malwetse a mantsi thata ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bosha go feta batho ka kakaretso.”
Dikaelo Tse Disha Tsa Boima
Puso ya United States e ne ya gagamatsa dikaelo tse e di akantshitseng tsa go nona ka 1995 morago ga go tlhomamisega gore e na le bothata jo bo masisi jwa go nona. (Bona lebokose le le mo tsebeng e e latelang.) Dikaelo tsa teng tse disha di tlhalosa se e leng “boima jo bo siameng,” “boima jo bo kwa godimo ka tsela e e lekaneng,” le “boima jo bo kwa godimo ka tsela e e feteletseng.” Dikaelo tseo di ama banna le basadi ba ba godileng boobabedi, go sa kgathalesege dingwaga tsa bone.
Dikaelo tse di dirilweng ka 1990 di ne tsa tsaya tsia go gola ga mmele wa batho ba ba mo dingwageng tse di mo magareng ka selekanyo se se mo magareng, go gantsi go bidiwang kgolo ya dingwaga tsa bogareng. Dikaelo tse disha ga di a ka tsa tsaya tsia seo, e re ka mabaka a bontsha gore bagolo ga ba a tshwanela go nna ba nnela bakima ruri.b Ka jalo, motho yo pele a neng a tsewa a na le boima jo bo siameng jaanong o ne a ka iphitlhela a tsewa gore o mo lenaaneng la batho ba ba nang le boima jo bo feteletseng. Ka sekai, motho wa dimitara di le 1,68 a le dingwaga tse di fa gare ga 35 le 65 yo o nang le boima jwa dikilogerama di le 75 o ne a tla tsewa gore o mo lenaaneng la batho ba ba itekanetseng sentle go ya ka dikaelo tsa 1990. Mme go ya ka dikaelo tse disha, o tla bo a na le boima jo bo feteletseng ka dikilogerama di le tlhano!
Go Tlile Jang Gore re Nne Bakima Jaana?
Dilo tse re di goditseng e ka nna tsone tse di dirang gore motho a none, mme ga se tsone tse di dirang gore batho ba nne bakima kwa dinageng tsa Bophirima. Go na le selo se sele se se bakang bothata jono.
Bomankge ba tsa pholo ba dumela gore go ja mafura go ka re nontsha. Nama e ntsi le dilo tse di dirilweng ka maši, dilo tse di bakilweng, dijo tsa mo diresetšhurenteng, dijo tse di botlhoswana, dijo tse di gadikilweng, disouse, mero le dioli di tletse ka mafura, mme go di ja go ka dira gore o none thata. Jang?
Gone mme, go ja dikilojoule tse dintsi mo dijong tse re di jang go feta tse mebele ya rona e di dirisang go ka re dira gore re nne bakima. Mafura a na le dikilojoule di le 38 mo geramong nngwe le nngwe fa e bapisiwa le dikilojoule di le 17 mo geramong ya poroteine kana mo geramong ya khabohaetereite. Ka jalo re nna le dikilojoule tse dintsi fa re ja mafura. Mme go na le lebaka le lengwe gape la botlhokwa—tsela e mmele wa motho o dirisang maatla a o a tsayang mo dikhabohaetereiting, poroteine le mafura ka yone. Mmele o sila dikhabohaetereite le poroteine pele, mme go latele mafura. Mafura a dikilojoule a a sa dirisiwang a fetolwa go nna mafura a mmele. Ka jalo go fokotsa dijo tse di mafura ke tsela e e botlhokwa ya go fokotsa boima.
Le fa go ntse jalo, batho ba bangwe ba ba dumelang gore ba fokoditse go ja mafura ba fitlhela gore mebele ya bone e ntse e oketsegela pele. Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe ke gore ba ja dijo tse dintsi thata. Moitseanape wa tsa dijo kwa United States a re: “Re ja thata ka gonne re tsholelwa dijo tse dintsi. Fa di le teng, re a ja.” Gape batho ba ja thata dijo tse di senang mafura a mantsi kana tse di senang mafura gotlhelele. Mme moitse mongwe wa feme e e dirisanang le intaseteri ya dijo ya United States o tlhalosa jaana: “Dilo tse di fokoditsweng mafura gantsi di tsenngwa tatso ka go oketsa [dikilojoule tse dintsi] tsa diteng tsa sukiri.” Ka jalo, The New York Times e begile gore: “Ditlwaelo tse pedi tse di ileng tsa ata thata ka bo1990—go bona go le gontsi go ya ka tlhwatlhwa e o e dueletseng le go ja dijo tse di senang mafura a mantsi kana tse di senang mafura gotlhelele—go dirile gore batho ba rate go ja ka tsela e e feteletseng,” e leng se se dirang gore motho a nne mokima.
Go tlhola o nnetse thelebishene le gone go dira gore motho a nne mokima. Patlisiso nngwe ya kwa Boritane e fitlhetse gore bagolo ba ba fetang nngwetharong mo nageng eo ba ikatisa go sekae ka fa tlase ga metsotso e le 20 fela ka beke. Ba ba ka fa tlase ga halofo ya bone ga ba nke ba tshameka motshameko ope. Go tsamaya ka maoto go tseetswe sebaka ke go tsamaya ka koloi kwa dinageng di le dintsi tsa Bophirima mme go bogela thelebishene mo go ntseng go oketsega go tlhotlheleditse go nna botshwakga le go ja mo go feteletseng. Kwa United States, bana ba nna le go leba thelebishene diura tse di fopholediwang go nna 26 ka beke go sa buiwe sepe ka nako e e senngwang ka metshameko ya dibidio. Go sa le jalo, ke fela diperesente di le 36 tsa dikolo tse di santseng di na le thuto ka ga ikatiso.
Gape go na le mabaka a go nna mokima a a amanang le tlhaloganyo. Dr. Lawrence Cheskin, wa Johns Hopkins Weight Management Center a re: “Re ja ka ntlha ya dilo tse di amanang le maikutlo. Re ja fa re itumetse, re ja fa re utlwile botlhoko. Re godile re dumela gore dijo ke selo se se tsayang maemo a dilo tse dingwe tse dintsi.”
A re ka Atlega?
Dilo tse di amanang le go nna mokima thata di raraane. Ngwaga le ngwaga dimilione di ka nna 80 tsa Ba-Amerika di fokotsa mebele ka go itima dijo. Mme mo e ka nnang botlhe ba bone ba boela kwa mokgweng wa bone wa go ja fa ba fetsa fela go fokotsa boima jwa bone. Mo dingwageng di ka nna tlhano, diperesente di ka nna 95 di boela kwa boimeng jwa bone jo ba bo fokoditseng.
Selo se se tlhokegang gore motho a fokotse boima jwa gagwe jwa mmele le gore a kgone go tswelela a le jalo ke go fetola mekgwa ya go tshela. Diphetogo tse di ntseng jalo di tlhoka matsapa le boineelo mmogo le thuso go tswa go ba lelapa le ditsala. Mo mabakeng a mangwe thuso go tswa go ba tsa pholo le yone e ka tlhokega.c Le fa go ntse jalo, e le gore matsapa a gago a atlege, tlhotlheletso e e siameng e a tlhokega. Go siame go ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa ke batla go fokotsa mmele?’ Matsapa a gago a go fokotsa boima a ka atlega fa lebaka la go dira jalo e le ka gonne o batla go ikutlwa botoka le go lebega botoka le go batla go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa gago.
O ka nna wa ja dijo tse dintsi tse di monate le tse di kgotsofatsang tse di nang le dikotla le tse di nang le dikilojoule tse di seng dintsi. Mme pele ga re akanya ka dijo tse di thusang go fokotsa mmele, a re tlhatlhobeng ka moo dilo dingwe tse di mo dijong di ka nnang tsa nna kotsi mo pholong ka teng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go nona gantsi go tlhalosiwa gore ke fa o le diperesente di le 20 kana go feta tsa boima jo go dumelwang fa bo siame.
b Dikaelo tsa 1995 di dira mo ditlhopheng tsa dingwaga di le dintsi mme e seng tsotlhe. Dr. Robert M. Russell mo go JAMA ya June 19, 1996 a re: “Batho ba le bantsi ba dumalana gore dikaelo tse disha tsa boima gongwe ga di dire mo bathong ba ba fetileng dingwaga tse 65. Boima jo bo oketsegileng mo mothong yo o godileng bo ka thusa thata mo go mo tlameleng ka maatla a a boloketsweng dinako tsa go lwala le go thusa go boloka bogolo jwa mesifa le marapo.”
c Go bona dikakantsho ka ga go iphokotsa mmele, bona Tsogang! ya May 8, 1994, ditsebe 27-9; January 22, 1993, ditsebe 12-14, (ka Seesemane); le December 8, 1989, ditsebe 3-12, (ka Seesemane).
[Tšhate mo go tsebe 24]
A o mo lenaaneng la “boima jo bo siameng,” “boima jo bo kwa godimo ka tsela e e lekaneng,” kgotsa “boima jo bo kwa godimo ka tsela e e feteletseng”? Kerafa e e bontshitsweng fano e tla go thusa go araba potso eo
Dikaelo Tsa 1995 Tsa Boima Jwa Banna Le Basadi
(For fully formatted text, see publication)
Boleele *
1,98
1,90
1,80 BOIMA JO BOIMA JO BO BOIMA JO BO
BO SIAMENG KWA GODIMO KWA GODIMO
KA TSELA KA TSELA
E E LEKANENG E E FETELETSENG
1,70
1,60
1,50
kg 30 40 50 60 70 80 90 100 110
Boima†
Dipalopalo di theilwe mo go: U.S. Department of Agriculture, U.S. Department of Health and Human Services
* Kwantle ga ditlhako.
† Kwantle ga diaparo. Boima jo bo kwa godimo bo dira mo bathong ba ba nang le mesifa le marapo a mantsi, ba ba jaaka bontsi jwa banna.