Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng Fa Ke Nonne Thata Jaana?
“Ke ikutlwa ke nonne thata, lefa gone ditšhate tse di supang bokete jwa mmele di supa fa ke sa nona thata.”—Patti.
“Go nona . . . go dira gore o ikutlwe o nyatsega. Ke sale ke nona thata ke santse ke le mo mophatong wa bone . . . Ke ne ka simolola go tewa maina ka nako eo.”—Judd.
BOKETE jwa mmele. Ke selo se basha bangwe ba tshwenyegileng thata ka sone, segolobogolo basetsana. Fa basetsana bangwe ba ba lekaneng go tsena sekolo ba ne ba botsolotswa, 58 lekgolong ya bone e ne ya ipolela fa e nonne thata.
Go ya ka patlisiso nngwe ya kwa U.S., 34 lekgolong ya basetsana ba dingwaga tsa bolesome ba ba nonneng e dirisa dipilisi go fokotsa bokete jwa mmele. Mo e ka nnang a le 1 mo go ba le 4 o dira seno ka go itlhatsisa! The New Teenage Body Book e bega jaana fa e bua ka patlisiso nngwe: “Se se gakgamatsang ke gore, mo e ka nnang halofo ya bana ba dingwaga tse robonngwe le mo e ka nnang 80 lekgolong ya ba dingwaga tse di lesome le ba tse di lesomenngwe ba ne ba dirisa mekgwa ya go fokotsa bokete jwa mmele. Mo e ka nnang 70 lekgolong ya basetsana ba dingwaga tse di lesomepedi go ya go tse di lesomethataro ba ne ba leka go iphokotsa mmele—mme 90 lekgolong ya ba ba nang le dingwaga tse di lesomesupa ba ne ba iphokotsa mmele ka go fokotsa dijo tse ba di jang.”
Go Tlhakanngwa Tlhogo Ke go Batla go Nna Mosesane
Mo makgolokgolong a a fetileng a dingwaga, banna le basadi ba ne ba kgatlhwa ke mmele o mokimanyana. Mme lefa go ntse jalo, ka bo1920, madirelo a diaparo a U.S. ka tsela nngwe a ne a fetola dilo tota. Batho ba ba sesane ba ne ba simolola go ratiwa. Go nna mosesane go santse go ratiwa masomesome a dingwaga morago ga moo. Thelebishene le dimakasine di ile tsa rotloetsa kgopolo eno ka diphasalatso tsa tsone tsa botlhajana tse di tlhagisang thata banna le ba basadi ba basesane. Ga di na sepe le gore bontsi jwa batho bano ba basesane ba ipolaisa tlala! Dimilione tsa basha (le bagolo) ba ile ba dirwa gore ba akanye gore motho o kgatlha batho fa a le mosesane. Ga go gakgamatse he, go bo basha ba ba seng basesane go le kalo ba akanya gore ba nonne le gore ga ba kgatlhe ope.
Kgatelelo ya balekane le yone ga e thuse sepe. Gantsi go dirwa metlae ka basha ba ba nonneng ba a sotliwa, ga ba tshwarwe sentle, mme seno se dira gore ba nne le se mokwadi mongwe a se bitsang “kutlobotlhoko e kgolo ya tlhaloganyo”—kutlobotlhoko e e ka mo tshwenyang go fitlha le a godile.
Ke Mang Yo O Reng O Nonne?
Se se itumedisang ke gore, gore a o nonne kana ga wa nona go akaretsa se se fetang fela gore o lebega jang fa o le mo sutung ya gago ya go šapa—bobotlana fa re bua re lebile mabaka a tsa kalafi. Gantsi dingaka di bolela gore motho o nonne bobe fa a na le boima jo bo fetang jo bo tshwanetseng mmele wa gagwe ka 20 lekgolong. Lefa go ntse jalo, ditšhate tse di lekanyetsang boima jwa mmele fa bo bapisiwa le boleele di supa fela palogare e bile di ka supa fela gore motho yo o itekanetseng sentle o tshwanetse go nna le boima jo bo kana kang. Ka jalo, dingaka dingwe di rata go lekanya gore motho o nonne go le kana kang e seng fela ka go leba bokete jwa mmele wa gagwe mme gape le ka mafura a mantsi thata mo mmeleng. Go ya ka A Parent’s Guide to Eating Disorders and Obesity, “dithišu tsa mmele wa basadi di tshwanetse go nna le 20 go ya go 27 lekgolong ya selekanyo sa mafura mme dithišu tsa mmele wa banna tsone di tshwanetse go nna le 15 go ya go 22 lekgolong.”
Babatlisisi bangwe ba dumela gore ke basha ba sekae fela ba tota ba nonneng thata. Fa seno se lejwa go tswa kafa letlhakoreng la boitekanelo, go ka nna ga bo go sa tlhokege gore o fokotse bokete jwa mmele. Mo patlisisong e e umakilweng kwa tshimologong, basetsana ba ba fetang halofo ba ba neng ba botsolotswa ba ne ba ipolela fa ba nonne thata, mme lefa go ntse jalo ke fela 15 lekgolong ya bone e tota e neng e nonne.
Ke Eng Fa Ke Lebega Jaana?
Seno se ka nna sa se ka sa go kgothatsa go le kalo fa o iteba mo seiponeng; o ipona o sena mmele o o tsayang gore ke o montle. Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a bolela jaana ka kutlobotlhoko: “Ke rata go fokotsa mmele wa me, ke nne motelelenyana, ke bo ke nne le mmele o montle.”
Lefa go ntse jalo, se lebale gore mmele wa gago o tla nna o fetoga thata ka gonne o le mosha. Dr. Iris Litt o tlhalosa jaana: “Ka tlwaelo basimane le basetsana ba a nona fa e nna makau kana makgarebe. Lefa go ntse jalo, gantsi mo basimaneng go gola dithišu tsa mesifa fa basetsana bone ba nna le dithišu tsa mafura. Fa mosetsana e nna lekgarebe, mafura a mmele a oketsega go tloga go robedi lekgolong—e leng palogare e basimane le basetsana ba nang le yone fa e santse e le bana—go ya go mo e ka nnang 22 lekgolong. Go ntse go le jalo, marapo a basetsana fa a fetoga a dira gore ba none. Magetla a basimane a nna sephara fa dinoka tsa basetsana di nna sephara.” Diphetogo tseno di tsaya nako. Lefa go ntse jalo, e ka nna ya re fa mosetsana wa dingwaga tse 11 kana tse 12 yo o nonneng a tswa mo bokgarebeng a bo a nna le mmele o montle. Mme gape, o ka nna a se ka a nna jalo.
Fa e le gore go ntse jalo ka wena, gongwe ka tsela nngwe ke go bo o goditse batsadi ba gago. Dingaka dingwe di dumela gore, dipopego tsa mmele wa gago le tsone fela jaaka mmala wa letlalo la gago, tsela e moriri wa gago o leng ka yone le boleele jwa gago, fela jaaka fa mopesalema a ile a kwala, di ne di “kwadilwe” mo dijining tsa gago fa o ne o imiwa. (Pesalema 139:16) Fa Dr. Lawrence Lamb a tlhalosa yone ntlha eno e mopesalema a neng a tlhotlheletsega go e kwala, o bua jaana mo bukeng ya gagwe ya The Weighting Game: “O tsetswe o na le lekwalo la botshelo le le kwadilweng gore o tla nna le mmele o o kana kang, le gore o tla nna le mafura a le kana kang mo dikgatong tse di farologaneng tsa botshelo jwa gago.”
Dipatlisiso di ile tsa tlhomamisa gore dijini di na le seabe mo popegong ya mmele wa motho. Bana ba ba neetsweng batsadi ba sele gantsi ba nna le mebele e e tshwanang le ya batsadi ba bone ba tlholego, go sa kgathalasege gore batsadi ba bone ba bobedi ba bopegile jang. Mme e bile ka gonne mawelana a na le dijini tse di tshwanang ga go a tshwanela ga gakgamatsa fa bokete jwa mmele wa mawelana bo lekana.
Kgang eno e go ama jang? A re re ka sekai, batsadi ba gago ka bobedi ba nonne. Fa go ntse jalo, go ka direga ka 80 lekgolong gore le wena o none. Palo eno e fokotsega ka halofo fa e le gore ke motsadi a le mongwe fela yo o nonneng. Go itshidila mmele le go fokotsa selekanyo sa dijo tse o di jang go ka thusa ka tsela nngwe. Mme lefa go ntse jalo, ga o ka ke wa iphokotsa go feta ka tsela e mmele o ntseng ka yone. Fa o le motserepa, o mosesane e bile o marapo ka tlhago. Mme fa dijini tsa gago di supa gore o mokima—o motho yo o potokwe yo o nang le mafura a mantsi—ga o ka ke wa nna mosesane. Tota lefa o le moleele ka mo go tshwanetseng go ya ka tsa kalafi, o tla nna o lebega o nonne go feta ka tsela e o batlang ka yone.
Go Kgotsofalela Mmele wa Gago
A go go kgoba marapo? Gongwe go ntse jalo. Lefa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore, Jehofa Modimo o bopile banyalani ba ntlha, Adame le Efa ba bopegile sentle. Le mororo ba ile ba nna le bosaitekanelang mme ba fetisetsa go sa itekanela mo baneng ba bone, Modimo o tla tlhomamisa gore makoa otlhe a mmele a re a tsereng mo go bone a se ka a nna teng mo lefatsheng la gagwe le lesha la tshiamo.—Yobe 14:4; Baroma 5:12; 2 Petere 3:13.
O se ka wa lebala gore maemo a bontle e ka nna ya bo e le a batho ba itlhometseng one le a motho a ithatelang one ka boene. Ka jalo, se go tsewang gore ke bontle ga se tshwane mo lefatsheng lotlhe e bile se ka nna sa fetoga fa nako e ntse e ya. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa “o letla lefatshe le o leng mo go lone le go bopa ka tsela ya lone”? (Baroma 12:2, Phillips) Ke ka ntlhayang fa o ineela mo tseleng e e sokameng e le lekanyang le go leba dilo ka yone?
Ruri ga go tlhokege gore o inyatse kana o tshwenyege thata mo maikutlong fela ka gonne o se mosesane. Modimo ga o re atlhole ka gore re boleele go le kana kang kana gore re bopegile ka tsela efe. Bibela ya re: “Motho o leba bokahantlè, me Yehofa o leba pelo.” (1 Samuele 16:7) Ee, Modimo o tlhokometse thata “motho yo o sa bōnaleñ oa pelo”—e seng gore dinoka tsa gago kana letheka la gago le kana kang. (1 Petere 3:4) Mme e bile fa o le motho yo o itumetseng, o le bonolo, o le pelotshweu, e bile o amega ka batho ba bangwe, batho ba tla go rata.
Seno ga se bolele gore ga o kake wa dira sepe go tokafatsa kafa o lebegang ka teng. Mme fa e le gore ga o itumelele kafa mmele wa gago o leng ka teng, ga go tlhokege gore o sotle mmele wa gago ka go itima dijo. Gongwe o tla tshwanelwa fela ke gore o ele tlhoko mofuta le mmala wa diaparo tse o di aparang, o tlhophe diaparo le mmala o o tla fitlhang se o sa se rateng le tse di go dirang gore o lebege jaaka o batla.
Go ntse go le jalo, o ka nna wa ikutlwa gore o tshwanetse go fokotsa bokete jwa mmele wa gago go sekae. Kgotsa o na le bothata jo bo masisi jwa go nona mme o tshwanelwa ke go fokotsa bokete jwa mmele, e seng gore o lebege sentle mme e le ka ntlha ya mabaka a boitekanelo. Mo setlhogong se se latelang re tla tlotla kafa o ka dirang seno ka gone ka tsela e e seng kotsi.
[Lebokoso mo go tsebe 26]
“Ke Mosesane Thata”
Ga se basha botlhe ba ba dumelang gore o montle thata fa o le mosesane. Mark yo mmotlana o ngongorega jaana: “Ke mosimane wa dingwaga tse 15 yo o marapo le yo go tlholwang go dirwa metlae ka ene.” Gantsi go nna mosesane go bakwa fela ke gore o nna lekau kana lekgarebe. Mmele o o golang o dirisa palo e e seng kana ka sepe ya dikilojoule. Mosha a ka nna a se ka a oketsega mmele go fitlha go gola ga bosha go emisa. Dijini le tsone di na le seabe. Ke boammaaruri gore, bolwetsi le go sa tsweng sentle ga dihoromone go ka nna ga dira gore motho a nne mosesane thata, mme fa go ntse jalo, go botlhokwa gore o bone ngaka. Go batla thuso ya ba ba ithutetseng seno le gone go ka thusa thata fa mosha a sa tlhole a ja sentle ka gonne a tshwenyegile thata mo maikutlong kana a na le mathata a go ja, a a jaaka anorokesia.
Go sa kgathalesege gore seemo ke sefe, fa o akanya gore o mosesane thata, ya kwa ngakeng go utlwa gore yone e di bona jang. E ka nna ya nna gore o tshwanelwa fela ke gore o kgotsofalele—gongwe le eleng go rata—kafa o lebegang ka teng.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Batho ba le bantsi ba akanya gore ba nonne thata fela ka gonne mebele ya bone e sa lebege jaaka ya bommabontle le borabontle ba dimakasine tsa feshene