LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 7/8 ts. 31
  • A Khumo E Ka Go Leretse Boitumelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Khumo E Ka Go Leretse Boitumelo?
  • Tsogang!—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Masego a a Gaisang Dikhumo
    Tsogang!—2009
  • A Dikhumo Di ka Go Itumedisa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Kgotsofala le go Abela ba Bangwe
    Tsogang!—2018
  • Tsela ya go Bona Boitumelo Jwa Mmatota
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 7/8 ts. 31

A Khumo E Ka Go Leretse Boitumelo?

GO PHEPAFETSE gore, go nna le madi a mantsi ga go dire gore batho ba itumele. Makasine wa Psychology Today o a re: “Selo se se gakgamatsang ke gore fa motho a sa tlhole a le mo go se go tsewang gore ke khumanego, a okelediwa madi a o a amogelang, ga go bonale ka gope fa seno se mo leretse boitumelo.”

New York Times ya October 29, 1993, e ne ya tlhomamisa gore seno se boammaaruri mo pegong ya yone ya dintsho ya setlhogo se se reng: “Go Latolwa Doris Duke, wa dingwaga tse 80, Moruaboswa Yo Khumo Ya Gagwe E E Boitshegang E Se Kileng Ya Mo Leretse Boitumelo.” Setlhogo seno se ne sa re: “E ne ya re maitseboa mangwe Mohumagatsana Duke a le kwa Roma ka 1945, ka nako eo a le dingwaga tse 33, a bolelela tsala ya gagwe gore mahumo a gagwe ka tsela nngwe a ne a mo kgoreletsa go bona boitumelo.”

Duke o ne a bolelela tsala ya gagwe a re: “Madi ano otlhe a nteretse mathata fela. Fa ke sena go intsha le monna makgetlo a sekae, o simolola go mpolelela kafa a nthatang ka teng. Mme nka itse jang fa ruri go ntse jalo? Nka tlhomamisa jang?” Times e ne ya re: “Se a ileng a se bua mo bosigong joo se ne se bontsha gore botshelo jwa gagwe bo ne bo amilwe thata e bile bo sulafaditswe ke mahumo ano a gagwe.”

Jean Paul Getty yo o kileng a kaiwa e le motho yo o humileng go gaisa botlhe mo lefatsheng, o ne a bolela jaana ka tsela e e tshwanang: “Madi ga a amane ka gope le boitumelo. Gongwe a ka tswa a amana le go sa itumele.” Jane Fonda, motshameki yo o tumileng wa dibaesekopo wa Hollywood, yo ka 1970 a neng a duelwa halofo ya didolara di le milione mo filiming nngwe le nngwe ya gagwe, o ne a re: “Ke ile ka nna le dikhumo le dilo tsotlhe tse di bonalang. Ga di na mosola. Mo godimo ga malwetsi, ditlhalo le bana ba ba tlhoileng batsadi ba bone, ntlo nngwe le nngwe e e nang le letamo la go thuma e na le ngaka ya yone ya tlhaloganyo.”

Lefa khumo ka boyone e se kitla e leretse motho boitumelo, go ntse fela jalo le ka khumanego e e feteletseng. Ka gone, monna yo o botlhale o kile a bua jaana bogologolo: “U se ka ua nnaea khumanègō leha e le khumō.” (Diane 30:8, 9) Mokwadi yo mongwe wa Bibela o ne a bolela gore selo se motho a se tlhokang gore a itumele ke “poihōmodimo e e nañ le pelo e e ritibetseñ . . . Gonne ga rea ka ra tla le sepè mo lehatshiñ, le gōna ga re kake ra cwa le sepè; Me e re ha re na le diyō le diaparō, re tla ritibatsa pelo mo go cōna.”—1 Timotheo 6:6-10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela