Masego a a Gaisang Dikhumo
JON o ne a na le tiro e e atlegileng thata kwa United States. Le fa a ne a sa ntse a le mosha, o ne a tsaya maeto go ralala lefatshe mme a dira madi a le mantsi. Ene le mosadi wa gagwe ba ne ba na le legae le ntle e bile ba tshela botshelo jwa manobonobo. Mo bathong ba bantsi, go ne go lebega dilo di ba tsamaela sentle.
Akanya ka kgang e nngwe. Mo gare ga batho ba ba fetang 5 000 ba ba neng ba batla tiro, Kostasa e ne e le mongwe wa batho ba le 80 fela ba ba neng ba tlhophiwa gore ba ye go ithutela tiro kwa bankeng ya maemo a a kwa godimo ya kwa Yuropa. Mo dingwageng di le mmalwa fela, o ne a tlhatlosiwa maemo gangwe le gape mo tirong mme kgabagare a nna mookamedi wa lephata lengwe le legolo kwa bankeng e nngwe. Ka nako ya fa a ne a tlogela tiro go ya go ipulela khampani, ka ngwaga o ne a dira madi a a fetang a batho ba bantsi ba a dirang botshelo jwa bone jotlhe. O ne a ikutlwa a segofaditswe.
Le fa go ntse jalo, banna bano boobabedi ba dumela tota gore go na le masego a a fetang dikhumo. Ka sekai, gompieno, Jon o ithaopile go nna morutisi wa Baebele yo o thusang ba bangwe go atamalana le Modimo. Jon a re: “Ke iponetse ka matlho ka bo ka itemogela gore dikhumo ga di dire gore motho a itumele. Go kgaratlhela go di bona le go nna o ntse o na le tsone go dira gore o se ka wa nna le nako ya go dira dilo tse dingwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, go tshela ka melaometheo ya Baebele go dira gore motho a nne le masego a mantsi thata, a a jaaka go itumela mo lenyalong, go nna le kagiso ya mogopolo le go nna le segakolodi se se phepa.”
Kostas le ene ka tsela e e tshwanang o bolela jaana: “Modimo ga a batle gore re kgaratlhele go nna le dikhumo tse dintsi thata. Ke dumela thata gore le fa e le dilo dife tse di fetang se re se tlhokang letsatsi le letsatsi tse a di re nayang di re pateletsa gore re di dirise go ya ka go rata ga gagwe.” Bosheng jaana, Kostas le ba lelapa la gagwe ba ne ba simolola go ithuta puo e sele gore ba tle ba rute batho ba ba oketsegileng melaometheo ya Baebele. A re: “Re ile ra ithuta gore go aba go dira gore re itumele thata go na le fa re amogela.”—Ditiro 20:35.
Ee ruri, Jon le Kostas ka bobedi ba ithutile gore masego a semoya a botlhokwa thata go na le dikhumo. Daniel Gilbert yo e leng porofesa kwa Harvard, o bolela gore bomankge ba boitekanelo jwa tlhaloganyo “ba tsere masomesome a dingwaga ba ithuta gore khumo e amana jang le boitumelo, mme ka kakaretso ba sweditse gore khumo e dira gore batho ba itumele thata fa e thusa batho go tswa mo lehumeng la go ja ntša gore ba nne mo seemong sa batho ba itsholelo ya maemo a a fa gare.” Mme o oketsa ka gore, “Go tswa foo, khumo ga e oketse boitumelo.”
Sengwe se Gantsi se Ithutiwang ka Tsela e e Botlhoko
Motho mongwe yo o elang dilo tlhoko o ne a re: “Go a gakgamatsa go bona gore fa motho a sa tlhole a humanegile go oketsega ga madi a a a amogelang ga go amane ka gope le boitumelo jwa gagwe.” Mo masimologong a lekgolo la dingwaga le le fetileng, mmegadikgang mongwe o ne a ithuta seo fa a ne a botsolotsa Andrew Carnegie, yo o nnileng le seabe mo go simololweng ga madirelo a tshipi, yo ka nako eo e neng e le mongwe wa batho ba ba humileng thata mo lefatsheng. Carnegie o ne a mo raya a re: “Batho ga ba a tshwanela go ntswela pelo. Khumo ya me e nthusa ka eng? Ke na le dingwaga di le 60 mme mala a me ga a kgone go sila dijo. Nka aba dimilione tsa me tsotlhe fa nka kgona go boa ke nna mosha gape le go nna le botsogo jo bo siameng.”
Mohumi yo mongwe yo mogolo, yo o di gogang kwa pele mo kgwebong ya lookwane e bong J. Paul Getty, moragonyana o ne a dumalana le seo a bolela jaana: “Tota go nna le madi ga go amane ka gope le boitumelo. Gongwe go amana le go tlhoka boitumelo.”
O ka nna wa dumalana le mokwadi wa Baebele yo o neng a kopa jaana: “O se ka wa nnaya lehuma le fa e le dikhumo. Mma ke je dijo tse ke di laoletsweng, gore ke se ka ka kgora mme ka go latola ka re: ‘Jehofa ke mang?’ le gore ke se ka ka humanega mme ka utswa ka gobolola leina la Modimo wa me.”—Diane 30:8, 9.
Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ne a tlhalosa jaana: “Ke ne ka nna mogolo ka ba ka oketsega go feta ope fela yo o kileng a nna teng pele ga me mo Jerusalema.” Le fa go ntse jalo, o ne a oketsa ka gore: “Sengwe le sengwe e ne e le lefela le go kgaratlhela phefo.” Gape Solomone o ne a bolela jaana: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—Moreri 2:9-11; 5:12, 13; Diane 10:22.
Tsela ya go Bona Masego a a Nnelang Ruri
Ga go na pelaelo gore, re ka bona boitumelo jwa boammaaruri le jo bo nnelang ruri fela fa re sena go kgotsofatsa keletso ya rona ya dilo tsa semoya ka botlalo. Fa re baya Modimo kwa pele, re tla bona gore re segofala mo go sengwe le sengwe mo botshelong jwa rona.
Ka lesego, re ka re ga re na go nna re tshwenyegile ka madi ka metlha. Baebele e re tlhomamisetsa gore go tla nna le isagwe e mo go yone dikgwebo tsa bopelotshetlha le tse di tsietsang di tla bong di fediseditswe ruri. (1 Johane 2:15-17) Tsamaiso e ntšha ya Modimo ya dilo e e tla tlang morago ga foo e tla bo e laolwa ke melaometheo ya gagwe ya tshiamo. Lefatshe le tla fetolwa paradaise jaaka Modimo a ne a ikaeletse kwa tshimologong fa a ne a baya banyalani ba ntlha mo go lone. A bo go tla itumedisa jang ne go bona lefatshe lotlhe le tletse ka boitumelo, kagiso le lorato!—Isaia 2:2-4; 2 Petere 3:13; 1 Johane 4:8-11.
Fa re baya Modimo kwa pele, matshelo a rona a tla kgotsofatsa thata
Botshelo ka nako eo bo tla bo bo le monate mme bo sa lapise. Mo godimo ga masego a dilo tse di bonalang re tla bona masego a semoya, fa Modimo a diragatsa boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong jwa gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la paradaise. Re tlhomamisediwa gore batho botlhe ba tla nna le dijo tse di lekaneng, bonno le tiro e e kgotsofatsang. Lehuma le tla bo le fedisitswe gotlhelele.—Pesalema 72:16; Isaia 65:21-23; Mika 4:4.
Mongwe le mongwe yo ka boammaaruri a nang le tumelo mo go Jehofa, Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng, a ka se ka a swabisiwa. (Baroma 10:11-13) Ka gone, a bo go tla bo go le botlhale jang ne go batla masego a a fetang dikhumo gone jaanong!—1 Timotheo 6:6-10.
a Leina le fetotswe.