Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Eng Fa go le Thata Jaana go Tlosa Mogopolo wa Me mo Bathong ba Bong Bo Sele?
“Go batla go itse ka tlhakanelodikobo ke selo sa botlhokwa thata fa o le mmotlana,” go ne ga tlhalosa jalo Lorraine yo mmotlana. “O nnela go akanya ka tlhakanelodikobo le go feta.”
AO SENYA bontsi jwa diura tsa fa o tsogile kana tsotlhe o akanya, o bua kana o lebile batho ba bong bo sele? A o nna fa fatshe o re o feleletsa tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae mme o bo o tsena mo maibing o akanya ka mosimane mongwe yo montle kana mosetsana yo montle yo o mmoneng thapama eo? A fa o tlotla le ba bangwe o etla o ikutswa o leba motho ope fela yo o fetang yo montle? A go thata mo go wena go bala, go ithuta, kana gone go tlhoma mogopolo kwa dipokanong tsa Bokeresete le kwa dikopanong—fela ka gore go na le motho wa bong bo sele yo o sa kgoneng go mo ntsha mo mogopolong wa gago?
Fa go ntse jalo, o ka nna wa akanya gore tlhaloganyo ya gago ga e tlhole e dira sentle! Mosha mongwe o ne a bula mafatlha a gagwe a re: “Ke tshwanetse ka bo ke tlhakanngwa tlhogo ke tlhakanelodikobo. Ke raya gore, ke akanya ka metlha ka basetsana, ke ijesa dijo tsa ditoro . . . A o akanya gore ke siame sentle?” Jaaka mokwadi, Lynda Madaras a akgela, fa o le mosha, “go tseega maikutlo kana go batla go tlhakanela dikobo go ka nonofa tota. Ka dinako tse dingwe, go ka lebega e kete o akanya fela ka go tseega maikutlo le tlhakanelodikobo!”a
Maikutlo a tlhakanelodikobo ga a leswe ka boone. Modimo o tlhodile monna le mosadi ba kgatlhegelana tota. Seno se ne se dumalana le boikaelelo jwa gore ba nyalane mme ba ‘tlatse lefatshe’ ka bana ba ba siameng. (Genesise 1:28) Gape Bibela e bua e tlhamaletse fela fa e supa gore go tlhakanela dikobo ke selo se se ka itumelelwang ke batho ba ba nyalaneng.—Diane 5:19.
Bothata ke gore, gantsi ga re kgone go laola maikutlo a rona gonne re sa itekanela. (Bapisa Genesise 6:5.) “Thatō ea nama” e ka fekeetsa ka tsela e e nonofileng tota! (1 Yohane 2:16) E bile ka gore o mmotlana, go ka nna bokete tota mo go wena go tlosa mogopolo wa gago mo bathong ba bong bo sele. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
Kgatelelo Fa O Fetela mo Bogolong
Lebaka le lengwe ke gore o atamela ‘lobaka lwa go tsena mo lenyalong’—nako e keletso ya tlhakanelodikobo e nonofileng thata ka yone. (1 Bakorintha 7:36) Dr. Bettie B. Youngs o tlhalosa jaana: “Fa o fetela mo bogolong, selekanyo sa dihoromone se oketsega ka mo go gakgamatsang. Ke tsone tse di bakang diphetogo tsa mmele tse di fetolang mmele wa ngwana go nna wa mogolo. Go oketsega ga selekanyo sa dihoromone go go diragalang fa o fetela mo bogolong go ka dira gore maikutlo le boitshwaro jwa gago di fetoge fela thata.”
Di fetoge ka tsela efe? Gone mme, phetogo e kgolo e ama maikutlo a gago ka batho ba bong bo sele. Mokwadi, Ruth Bell o bolela jaana: “Tsela e mmele o fetogang ka yone fa o fetela mo bogolong gantsi e dira gore o eletse go tlhakanela dikobo fela thata. O ka iphitlhela o akanya ka tlhakanelodikobo, o nna le keletso ya tlhakanelodikobo bonolo fela, ka dinako tse dingwe o ikutlwa e kete o tlhakanela dikobo. Bana ba le mmalwa ba dingwaga tsa bolesome [ba re neng ra ba botsolotsa] ba tlhalosa gore fa ba ne ba tsamaya mo mmileng kana ba ntse mo beseng ba ne ba ikutlwa e kete mmele otlhe wa bone o a sha ka ntlha ya maatla a tlhakanelodikobo le go gotela.” Go akanya jalo thata ka batho ba bong bo sele ke nngwe ya “dithatō tsa bokau” tse batho ba basha ba tshwanetseng go di itshokela.—2 Timotheo 2:22.
Tlhotlheletso ya Metswedi ya Tshedimosetso le Ditsala
Lefa go ntse jalo, ditlhase tsa keletso eno gantsi di kgotlediwa ke go tlhotlhelediwa ke ba bangwe. Re tshela mo tikologong e e ratang thata go tlhotlheletsa tlhakanelodikobo ka dithulaganyo tsa thelebishene, kanamiso, dibuka, dimakasine, mmino, le dibaesekopo. Mosha mongwe wa Mokeresete yo o neng a dira boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo o bega jaana: “Ditshwantsho tse di supang tlhakanelodikobo di dintsi thata kwa sekolong, mme di dira gore motho a eletse go tlhakanela dikobo fela thata. Ke ne ke itse gore se se siameng ke eng, mme ke ne ke eletsa go tlhakanela dikobo fela thata.”
Ke gone ka moo buka nngwe e e kwaletsweng batsadi e reng: “Metswedi ya tshedimosetso [e] tlhotlheletsa tota. Basha ba rona ba bona bomabontle le borabontle ba dingwaga tsa bone ba tshameka ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo e bile ba rekisa diaparo tse di ntseng jalo; ba bona basha ba supiwa ba tlhakanela dikobo mo dibaesekopong le mo thelebisheneng.” E bile tota thelebishene ya kheibole le metšhine e e tshamekang dikhasete tsa bidio di ile tsa dira gore basha ba bantsi ba lebe difilimi tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. “Metswedi ya tshedimosetso e tsosa kgatlhego le keletso mo basheng,” go dumela jalo mosha mongwe.
Lefa go ntse jalo, ga se gore buka e maswe fela fa e supa ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo gangwe le gape. Akanyetsa boitemogelo jwa mosetsana mongwe wa Mokeresete. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka bala buka nngwe e e monate e e neng e na le serapa se le sengwe kana tse pedi fela tse di buang ka tlhakanelodikobo. Kwa tshimologong ke ne ka tlola dirapa tseo, mme sengwe se ne sa mpusetsa kwa go tsone mme ka di bala. A bo ke ne ke dirile phoso e tona jang ne! Ke ne ka nna le ditoro tse di maswe morago ga foo.”
Ditsala tsa gago le batho ba o ba tlwaetseng ba ka tlhotlheletsa tsela e o akanyang ka yone fela thata. Buka nngwe e e buang ka go gola ga basha ya re: “Go leba basetsana kana basimane ke selo se se dirwang mo dikhutlong tsa mebila, mo diholong tsa sekolo, kwa bojelong le kwa mabenkeleng.” Mme fa basha ba sa leba batho ba bong bo sele ba a bo ba bua ka bone. “Fa ke ne ke santse ke le mmotlana, kgatelelo ya gore ke tlhakanele dikobo e ne e nonofile tota . . . Go ne go buiwa fela ka gone kwa go beelwang dilwana teng,” go ne ga dumela jalo Robert wa dingwaga tse 18. Mosha yo mongwe o dumela jaana: “Tlhakanelodikobo e ne e le selo se segolo se ditsala tsa me tsa sekolo di neng di bua ka sone, ka jalo ke ne ke akanya ka yone thata.”
Go thata tota go ema fela o farologane. Fa bankane ba gago ba nnetse go bua ka batho ba bong bo sele—gongwe ka tsela e e leswe, e e senyang maitsholo—o ka raelesega gore le wena o akgele. Mme Bibela e tlhagisa jaana: “Tsamaea le batho ba ba botlhale, me u tla nna botlhale: me monkana oa dieleele o tla utlwisiwa botlhoko ke gōna.”—Diane 13:20.
O Tlhoka go Lekalekanya Dilo
A dilo tseno tsotlhe di kaya gore go phoso go leba kana go batla go bua ka mongwe wa bong bo sele? Nnyaa, le bone bakwadi ba Bibela ba a dumela gore banna bangwe le basadi bangwe ba ne ba le bantle. (Bapisa 1 Samuele 9:2; Esethere 2:7.) Ka gone, Jesu, ga a ka a kgala ope fela ka gore a ne a leba mosadi yo montle. Lefa go ntse jalo, o ne a gakolola Bakeresete gore ba se ka ba ‘nnela go leba basadi ka go ba eletsa.’ (Mathaio 5:28) Ka tsela e e tshwanang, ga o kake wa itetla gore o laolwe ke kgotelo o sa akanye. Re bolelelwa jaana mo go 1 Bathesalonia 4:4, 5: “Gore moñwe le moñwe oa lona a itse go ikgapa mmele, gore o nnè mo boitshepishoñ le mo tlotloñ, E señ mo dithatoñ tse di mashwè hèla yaka Badichaba ba ba sa itseñ Modimo.”
Lefa gone o ka nna wa akanya ka tlhakanelodikobo nako le nako, go nnela go akanya ka yone thata go ka dira gore o se tlhole o akanya ka sepe se sele, mme morago o ka nna le bothata jo bo masisi. Moreri 5:3 e bolela jaana: “Gonne tōrō e tle e tle ka bontsi yoa ditihōtihō.” Ee, go nnela go akanya ka dilo tse o di eletsang gantsi go dira gore o ijese dijo tsa ditoro ka dilo tse di phoso mmogo le go eta mogopolo.b
Lefa gone go tlwaelegile gore motho a ka akanya ka tlhakanelodikobo nako le nako, go nnela go akanya ka gone ke kgang e sele. Mokwadi ebong Ruth Bell o bolela gore “ka dinako dingwe motho o iphitlhela a feditse letsatsi lotlhe kana bosigo jotlhe a ijesa dijo tsa ditoro. Di ka nna tsa bo tsa lebega e le tsa mmatota go feta dilo tse e leng tsa mmatota.” Akanya ka mosetsana mongwe yo a neng a gapilwe maikutlo ke mongwe. A re: “Ke na le dingwaga di le 12 1/2 mme ke ikutlwa ke rata mosimane mongwe kwa Holong ya Bogosi. Ke a itse gore ga ke ise ke lekane go ka ratana, mme ga ke kgone go laola maikutlo a me ka ene.” Mo go yone kgang eno, basha bangwe ba fitlhela go le thata go bala, go ithuta, go reetsa kwa tlelaseng, kana go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete fa dikgopolo tsa bone di tletse ka dikgopolo tsa go bontshana lorato kana tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.
Mosha a ka nna le mathata a a masisi fa a leka go di tlosa ka go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo. Bibela e kgothatsa Bakeresete jaana: “Bolaeañ ditokololō tsa lona tse di ganèlèlañ mo lehatshiñ; ke raea boaka, le bomashwè, le dithatō, keleco e e boshula, le pelotshètlha.” (Bakolosa 3:5) Go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo ke mokgwa o o leswe o o tshwanetseng wa tilwa ke Bakeresete e bile o fapaane thata le go ‘bolaya keletso ya tlhakanelodikobo.’ Phapaanong le seo, o a e tsosa kana o a e godisa. Gantsi motho o tla batla go kgotsofatsa keletso eo. Mokwadi wa Bibela Jakobe o tlhalosa jaana: “Motho moñwe le moñwe oa raèlwa ha a haposiwa ke e e leñ thatō ea gagwè, me a hepisiwa. Hoñ thatō, e re e sena go èmèra, e tsale boleo.”—Yakobe 1:14, 15.
Tota he, ke eng se o ka se dirang gore o tlose mogopolo wa gago mo bathong ba bong bo sele? Tsweetswee bala setlhogo se se latelang sa motseletsele ono.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Kafa letlhakoreng le lengwe, mokwadi e bong Alvin Rosenbaum o gakolola basha jaana: “Maikutlo a tlhakanelodikobo le mekgwa ya yone di farologana thata. Batho ba bangwe ga ba ke ba emisa go akanya ka tlhakanelodikobo fa ba bangwe ba sa ikutlwe ba batla go tlhakanela dikobo gotlhelele. . . . Botlhe ba siame fela.” O oketsa jaana: “Motho mongwe le mongwe o gola ka selekanyo se se farologaneng.”
b Bona ditlhogo tse di buang ka go eta mogopolo tse di mo ditokololong tsa lokwalopaka lono tsa July 8 le August 8, 1993.
[Mafoko a a mo go tsebe 23]
“Maikutlo a go bontshana lorato kana a tlhakanelodikobo a ka nna maatla tota”
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Difilimi tsa thelebishene le ditshwantsho tsa papatso tsa dimakasine gantsi di tsosa kgatlhego mo go ba bong bo sele, seo se leng kotsi