Basha ba Botsa Jaana . . .
Nka Tlosa Jang Mogopolo wa Me mo Bathong ba Bong Bo Sele?
‘LETSATSI le letsatsi, metswedi ya tshedimosetso e senya boitsholo jwa basha ka go ba akantsha le go ba tshamekisa ka tlhakanelodikobo; dipina tsa roko di tlerenya ditsebe tsa bone ka tlhakanelodikobo; dibuka tse di rekwang thata tsa thatano di phuthela go tlhakanela dikobo ka go ijesa dijo tsa ditoro ka tsela e e monate mo o ka reng o ja tswina.’ Seo se ne sa bolelwa ke mokwadi, Lesley Jane Nonkin. Ee, jaaka mosha, metswedi ya tshedimosetso e go kgothaletsa go akanya ka batho ba bong bo sele.
Gone mme, ke ga tlholego fela go kgatlhegela batho ba bong bo sele.a Mme fa o akanya ka tlhakanelodikobo, o eta mogopolo, o ijesa dijo tsa ditoro thata mo o palelwang ke go robala, go rapela, go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae, go bala Bibela kana go dira ditiro tsa legae, he go supa gore o na le lobakanyana o le mo boemong jo bo kotsi. Eleruri, go akanya go go kotsi goo go ka dira gore o dire boitsholo jo bo phoso.—Yakobe 1:14, 15.
Seo ga se reye gore o tshwanetse wa se ka wa tlhola o tlhokomela gore basetsana—kana basimane—ba teng. Mme jaaka Diane 23:12 (NW) e bolela, o tlhoka go “kgalemela pelo ya gago.” Nnyaa, seno ga se rarabologe motlhofo, ga o kake wa bona pilisi e e ka go thusang go dira seno ka kgakgamatso. Lefa go ntse jalo, o ka kgona go akanya dilo ka tekatekano fa o dira maiteko. A re sekasekeng ditsela dingwe tse di mosola tsa go dira seno.
Ela Tlhoko Batho Ba O Tsalanang le Bone
Ela tlhoko thata batho ba o tsalanang le bone. Lekawana lengwe le ne la dumela jaana: “Mongwe le mongwe o bua ka boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo jaaka ekete o bua ka go tswa fela a ya go ja felo gongwe.” A go tlhola o reeditse dipuo tse di ntseng jalo go ka go ama? Kwantle ga pelaelo. Go ya ka basha bangwe ba ba neng ba botsolodiwa, nngwetharong ya bone e ne ya dumela gore “go tshwana (kana go farologana) le ba bangwe ke gone go laolang boikutlo jwa bone ka tlhakanelodikobo.”
Go tweng ka ditsala tsa gago? A fa lo bua lo tsenelela thata mo go bueng ka mongwe wa bong bo sele? A puo e e ntseng jalo e na le go fetelela e bo e akaretsa dilo tse di leswe kana e gwetlha mogopolo? Fa go ntse jalo, go kopanela mo go yone—kana go e reetsa fela—go tla dira gore go nne thata gore o tlhome mogopolo wa gago mo dilong tse di itshekileng. Bibela e kgothatsa jaana: “Lo latlhè dilō tse cotlhe hèla; eboñ bogale, le kgakalō, le kilō, le kgalō, le dipuō tsa botlhabisa ditlhoñ, lo di tlosè mo melomuñ ea lona.”—Bakolosa 3:8.
Lefa go ntse jalo, go tla nna bokete go dirisa kgakololo eno fa ditsala tsa gago di sa tlotle melaometheo ya Bibela; o tlile go ikutlwa jaaka bone kwa bofelong. (Diane 13:20) Akanya ka boitemogelo jono jwa mosetsana mongwe wa Mokeresete: “Ke ne ke sa batle go bolelela bana ba sekolo gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ka jalo ba ne ba ipuela fela le nna ka tlhakanelodikobo ka dinako tsotlhe ba gololesegile.” Go ise go e kae o ne a tlhakanela dikobo le mongwe a bo a ithwala. Diane 9:6 e kgothatsa jaana ka botlhale: “Tlogela go tsamaya le batho ba ba senang kitso, mme o tshele. Latela tsela ya kitso.” (Today’s English Version) Ee, nna fela le ditsala tse boitsholo le melao e ba tshelang ka yone e tshwanang le ya gago ya Bokeresete, ditsala tse di tla go agang semoyeng—eseng tse di tla go garolakang.
Gone mme le Bakeresete ba bannye ba ka kakaretso fela ba boifang Modimo ba a tle ba “kgocwe mo puoñ” nako le nako. (Yakobe 3:2) Fa seo se diragala mme puo jaanong e fapoga, o ka dira eng? Bibela e re bolelela ka Kgosi Solomone fa a ne a ikutlwa a rata mosetsanyana wa modisa. Lefa go ntse jalo, o ne a sa mo rate. Fa ditsala dingwe tsa gagwe di ne di leka go mo dira gore a kgatlhegele Solomome, ga a ka a itetla go reetsa puo e e ntseng jalo ya lorato. O ne a re: ‘Ke lo ikanisitse . . . gore lo se ka lwa tsosa lorato mo go nna go tlo go tsamaye go kgatlhege lona pele.’ (Sehela sa Dihela 2:7) Le wena fela jalo, go ka nna ga tlhokega gore o bue fa puo e simolola go fapoga. Nnyaa, ga go tlhokege gore o bue puo e telele o ruta ditsala tsa gago. Mme o ka leka go fetola kgang ka bonolo, o e katosetsa kwa dilong tse di siameng.
O Tlhoka go Tlhopha Boitlosobodutu
Selo se sengwe gape se se tshwenyang ke boitlosobodutu. Baesekopo ya bosheng, bidio, kana disike, e ka kgatlha thata. Lefa go ntse jalo, Bibela e re gakolola jaana: “Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe.” (1 Yohane 2:16) Jaaka go umakilwe kwa tshimologong, bontsi jwa boitlosobodutu jwa gompieno bo diretswe go tsosa keletso ya tlhakanelodikobo. Ka sekai, dipina tse di ratiwang thata le difilimi, di bua di tlhamaletse fela—gantsi e bile di tsosa keletso ya tlhakanelodikobo.
O tlile go amega jang fa o itlosa bodutu ka tsone? Mokwadi, John Langone o bolela jaana: “Dipatlisiso di le mmalwa di ile tsa bontsha gore . . . fa re nnela go reetsa tshedimosetso e e buang ka go ratana, re simolola go bua thata ka tlhakanelodikobo. Ka dinako tse dingwe, seo se ka dira gore re lekeletse dilo tse ka tlwaelo fela re neng re ka se ka ra di lekeletsa.” Ee, ‘go tlhokomela dilo tsa nama’ go tla go gobatsa tota. (Baroma 8:5) Go tlile go senya tsela e o lebang lorato le tlhakanelodikobo ka yone go bo go tlatsa tlhaloganyo ya gago ka go ijesa dijo tsa ditoro ka dilo tse di leswe. Bibela e gakolola jang? “A re itshekiseñ mo maitshekologoñ aotlhe a nama le a mōea, re itekanedisè boitshèpō mo go boiheñ Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Ka jalo, tila difilimi, dibidio le didisike tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.
Monna mongwe yo o sa nyalang wa Mokeresete o ne a naya kgakololo eno e e dirang: “O se ka wa leba dilo tse di leswe pele o ya go robala. Difilimi tse dintsi tsa bosigo tsa thelebishene di akantsha seo thata.” Go ntse jalo le ka dibuka tse dintsi. Mokeresete mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Sherry o ne a ipolela a re: “Ke ne ke tlhola ke bala dibuka tse di buang ka lorato. Ke ne ke tlhola ke ijesa dijo tsa ditoro ka tlhakanelodikobo, ke lora ka botshelo jo bo monate le go tlhakanela dikobo le batho ba ba farologaneng.” Go ne ga nna motlhofo gore a simolole go tshwarana le go phoraphorana le lekawana lengwe ka go bo tlhaloganyo ya gagwe e ne e tletse ditoro tsa lorato. Mathata a a ntseng jalo a ka tilwa fa o bala fela tshedimosetso e e siameng—jaaka lokwalopaka lono le morwarraalone, Tora ya Tebelo. Go bala dilo tse di ntseng jalo go thusitse basha ba bantsi go ‘tlhokomela dilo tsa moya,’ go na le go tlhokomela tsa nama eno e e ratang boleo.—Baroma 8:5.
Tlogela go Ijesa Dijo tsa Ditoro!
Ka dinako tse dingwe, o iphitlhela o setse o akanya ka motho wa bong bo sele, o sa itemoge. Go ipolela jaana Scott wa dingwaga tse 17: “Go na le dinako tse go leng thata mo go nna go tlosa mogopolo wa me mo go akanyeng ka tlhakanelodikobo.” Kana gongwe o bona fela mosimane kana mosetsana yo montle. Pele o lemoga, o iphitlhela o setse o akanya ka ene. Mme go farologane go bona motho yo montle le go dira se Jesu a neng a tlhagisa ka sone, eleng, go ‘nnela go leba mosadi ka go mo eletsa.’ (Mathaio 5:28; bapisa Diane 6:25.) Fa o le mmotlana thata gore o ka nyala, go nnela go ijesa dijo tsa ditoro ka tlhakanelodikobo go tla go tshwenya thata mo maikutlong e bile go tla go kgoba marapo.—Bapisa Diane 13:12.
Ke gone ka moo Scott a reng: “Ke thusiwa ke go fetola kgang—ke tlosa mogopolo wa me mo dilong tse di tsosang keletso eo. Ke ipolelela gore maikutlo kana yone keletso eo e tla tsamaya ka bonako.” (Bapisa Bafilipi 4:8.) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ.” (1 Bakorintha 9:27) Ka tsela e e tshwanang, o ka nna wa itaya tota fa go nnela go akanya ka batho ba bong bo sele go batla go mela medi. Fa o nnela go akanya ka dilo tse di ntseng jalo, leka go itshidila mmele. “Go itshikinya mmele go molemō mokhutshane,” go gwanta kana go otlolola diatla le matsogo o ntse o tlolatlola go ka thusa thata gore o busetse tlhaloganyo ya gago gape mo tseleng.—1 Timotheo 4:8.
Basha ba bantsi ba fitlhetse go thusa thata go ‘totafala mo tirong ya Morena.’ (1 Bakorintha 15:58) Debra yo mmotlana o ne a baya seno jaana: “Ke bona se se thusang e le go dira go fitlha o sa tlhole o na le maatla a go dira sepe se sengwe.” Go tshwarega thata mo phuthegong ya Bokeresete le mo ditirong tsotlhe tsa yone go ka go thusa thata gore o akanye dilo ka tekatekano.
Lefa go ntse jalo, go ka nna ga nna thata go tlosa mogopolo wa gago mo bathong ba bong bo sele lefa o ntse o leka thata jalo. Fa go ntse jalo, kopa mogolo mongwe a go thuse. Gongwe o ka tlotla ka seno le mongwe wa batsadi ba gago. Akanyetsa se Carl yo mmotlana a neng a se bolela: “Go nthusitse thata go bua dilo tseno le mongwe yo mogolwane le yo o nang le maitemogelo. Fa o bua o tlhamaletse, go nna botoka thata.” Mo godimo ga tsotlhe, o se ka wa tlhokomologa thuso e o ka e newang ke Rraarona wa selegodimo. “Fa ke utlwa keletso ya go tlhakanela dikobo e tla,” go bolela jalo lekawana lengwe la Mokeresete, “ke rapela tota.” Bibela e bolela jaana: “A re atameleñ setuloñ sa bogosi sa tshegōhaco ka botlhōkapoihō, gore re tlè re amogèlè butlwèlō botlhoko, re bōnè tshegōhaco e e tla re thusañ mo motlheñ o go tlhōkwañ ka ōna.” (Bahebera 4:16) Nnyaa, Modimo ga o kitla o dira gore o se ka wa kgatlhegela ba bong bo sele. Mme o tla go thusa gore o kgone go bona dilo tse dingwe tse dintsi tse o ka akanyang ka tsone.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng Fa go le Thata Jaana go Tlosa Mogopolo wa Me mo Bathong ba Bong Bo Sele?” mo tokololong eno.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Fa lo simolola go bua dilo tse di leswe ka batho ba bong bo sele, nna pelokgale go fetola kgang