LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 9/8 ts. 19-20
  • Ke Eng Fa Ke Tshwanetse go Boela Sekolong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Fa Ke Tshwanetse go Boela Sekolong?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Fa E Le Bothata?
  • A Ke Ikoketse Dithuto Kana Nnyaa?
    Tsogang!—1994
  • Thuto E E Nang le Boikaelelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Batsadi—Lo Batlela Bana ba Lona Isagwe e e Ntseng Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • A Baebele e Ganana le Thuto?
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 9/8 ts. 19-20

Ke Eng Fa Ke Tshwanetse go Boela Sekolong?

ROBERT o ne a fetsa dingwaga di le tharo a bolaiwa ke pelo ya go batla tiro a sa e bone. Kgabagare, o ne a thapiwa go nna mogakolodi wa kampa ya boitapoloso a le dingwaga di le 21. Lefa gone jaanong seno se nona pelo ya ga Robert ka mathe, o ne a setse a lapisitswe ke go batlana le tiro. A re: “Ruri batsadi ba rona ga ba tlhaloganye. Malatsi a, ga go motlhofo go bona tiro.”

Fela jaaka Robert, ngwaga le ngwaga basha ba le bantsi ba ba alogang mo dikolong ba tlatsa palo ya babereki. Ba na le tsholofelo. Ba na le dilo tse ba ikaeletseng go di dira. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ga ba bone tiro e ba e batlang.

Ka gone, ba le bantsi ba ithutela go ya pele.a Makasine wa Fortune wa re: “Fa e le gore dingwaga tsa Bomasomeasupa di ile tsa dira gore batho ba lebe mesola ya thuto ka tsela e e sa siamang, jalo he, tsa Bomasomearobedi tsone di dirile gore ba e lebe ka tsela eno e e farologaneng: Nna le dikerii e seng jalo o tla sotlega.”

Ke Eng Fa E Le Bothata?

Ke eng fa ka dinako tse dingwe go tlhokega gore motho a oketse dithuto tsa gagwe? Sa ntlha, ditiro di le dintsi gompieno di batla batho ba ba sugegileng sentle. “Mmalamadi wa banka yo tiro ya gagwe e leng fela go kwala madi a motho a a bankileng o tseetswe tiro ke metšhini ya madi,” go rialo moemedi wa Lephata la Badiri la United States. “Jaanong [mmalamadi] o tshwanelwa ke go ntlhalosetsa mekgwa e meraro ya go baya madi mo bankeng le gore ke eng fa ke tshwanelwa ke mokgwa o o rileng go na le o mongwe.” William D. Ford, yo e leng monnasetulo wa House Education and Labor Committee, a re: “Ga go tlhole go na le ditiro tse di motlhofo.”

Sa bobedi, batho bangwe ga ba tlhatswiwe pelo ke tsela e dikolo di rutang baithuti ka yone. Ba bolela gore ba rutiwa thata ka dilo tse di jaaka go se dirise diokobatsi sentle, AIDS, le mekgwa ya go laola pelegi go na le go rutiwa thata go bala, go kwala le dipalo. Dr. Robert Appleton, yo o nang le dingwaga di le 27 e le morutabana, o ngongoregela gore go bonala thulaganyo ya sekolo e fetogile “setheo sa tirelo ya loago” se se “itebagantseng le mathata a pele a neng a sa amane ka gope le sekolo.”

Ka ntlha ya go bo dikolo dingwe tse dikgolo di palelwa ke go suga baithuti go nna le bokgoni jo bo tlhokegang, ba le bantsi ba ba alogang kwa go tsone ga ba kgone go itlamela. Joseph W. Schroeder, manejara wa ofisi ya Ditirelo tsa Mebereko ya Florida, a re: “Ga ba a rutiwa go bereka. Mathata a gangwe le gape bahiri ba mpolelelang one ka basha ke gore ga ba kgone go bala kana go kwala sentle. Ga ba kgone go tlatsa foromo ya go batla tiro.”

Selo se sengwe sa boraro se se ka dirang gore motho a batle go ikoketsa dithuto ke gore mo dinageng di le dintsi go na le baalogi ba le bantsi ba dikholetšhe ba ba batlang ditiro. “Baalogi ba dikholetšhe ba bantsi thata go feta ditiro tse di tlhokang bokgoni jwa bone,” go rialo The New York Times. Pego eno e oketsa ka gore, “ka ntlha ya go bo ba le bantsi jalo, bahiri ga ba batle go ikatla tlhogo ka baalogi ba dikolo tse dikgolo.”

Ka ntlha ya go batla go tshwanelegela ditiro tse di ka ba kgontshang go itlamela sentle, batho ba le bantsi ba boela sekolong. Kwa United States, 59 lekgolong ya batho e tswelela pele e tsena sekolo morago ga go fetsa dithuto tsa sekolo se segolo. Palo eno e oketsa thata palo ya 50 lekgolong e e saleng e eme jalo ka masomesome a dingwaga.

Go ntse fela jalo le kwa dinageng tse dingwe. Ka sekai, fa e sale ka bo1960 kwa Borithane, dipalo tsa batho ba ba ileng ba oketsa dithuto tsa bone morago ga go fetsa mephato e go patelesegang gore ba e dire di ile tsa oketsega fela thata. Mo ngwageng nngwe ya bosheng jaana 85 lekgolong ya baithuti ba ba neng ba aloga kwa dikolong tse dikgolo kwa Australia e ne ya dira makwalokopo a go ya kwa diyunibesithing le dikholetšheng tse di farologaneng. Mo e ka nnang 95 lekgolong ya baithuti ba Japane e ikwadisetsa ditlhatlhobo tse di kgontshang motho go rutiwa dingwaga tse dingwe tse tharo go sugelwa tiro kana go ya kholetšheng.

Lefa go ntse jalo, thuto e e oketsegileng e na le mo e tlhaelang teng. E na le melemo efe le mathata afe?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a mephato ya thuto a bidiwa ka tsela e e sa tshwaneng mo dinageng tse di farologaneng. Mo setlhogong seno fa go buiwa ka “sekolo se segolo” go tewa mephato yotlhe e molao o pateletsang gore motho a fete ka yone kwa sekolong. Fa go twe “kholetšhe,” “yunibesithi,” “sekolo sa tegeniki” le “sekolo sa katiso” gone go tewa mephato ya thuto e molao o sa pateletseng gore motho a fete ka yone, ke e motho a e dirang fa a rata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela