A Ke Ikoketse Dithuto Kana Nnyaa?
MOTHO o tshwanetse a rutega go le kana kang gore a kgone go itlamela? Karabo e ikaegile ka maemo a dinaga. Go bonala mo dinageng di le dintsi maemo a thutego e e tlhokegang gore motho a kgone go itlamela a le kwa godimo go feta jaaka go ne go ntse dingwaga di sekae tse di fetileng. Ka dinako tse dingwe thutego e molao o pateletsang gore motho a nne le yone ga e a lekana.
Kwantle ga pelaelo seno ke sone se se dirang gore palo e e oketsegelang pele ya bao ba alogang kwa sekolong e boela sekolong go na le go ya go batla mmereko. Eleruri, go bonala e kete matswela a seno a molemo. The New York Times e umaka pego ya Economic Policy Institute e e neng ya fitlhela gore “fa e sale go tloga ka 1979 go ya go 1987, boleng jwa tuelo ya banna ba ba berekang ba na fela le dipoloma ya sekolo se segolo e ile ya fokotsega ka 7,4 lekgolong fa ya banna ba ba alogileng kwa kholetšheng yone e oketsegile ka 7 lekgolong.”
Baalogi ba dikholetšhe ba amogela dikerii tse di ka ba bulelang tshono ya go bona ditiro. William B. Johnston, yo e leng mmatlisisimogolo kwa Hudson Institute, o bolela gore: “Dikerii ya kholetšhe kana fa fela go na le bosupi jwa gore o kile wa ya kholetšheng, ke selo se segolo mo setšhabeng se se tlhomamisetsang motho gore o tla bona tiro.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, re tshwanetse go elwa tlhoko gore baalogi ba le bantsi ba kholetšhe ga ba bone ditiro motlhofo e bile ga se gore bone ba ka se kgaolwe kwa ditirong. “Bontsi jwa ditsala tsa me tse ke alogileng le tsone ga di bereke,” go rialo Karl wa dingwaga tse 22. Jim wa dingwaga tse 55 o ne a aloga ka onase kwa yunibesithing e e tlotlegang thata, lefa go ntse jalo, o ne a kgaolwa mo tirong ka February 1992. Dipoloma ya gagwe ga e a ka ya mo sireletsa, kana go mo thusa go bona tiro e e tlhomameng. “Motheo o montle o o o thaileng o fetoga moshawa fela,” a rialo.
Jaaka Jim, baalogi ba le bantsi ba dikholetšhe ba iphitlhetse ba le mo go se U.S.News & World Report e se bitsang “pakatori ya badiri ba diofisi”—ba le bannye thata go ka kopa go tlogela tiro, kana ba godile thata mo ba ka se kang ba hiriwa ke dikhampani tse dingwe.
Ka gone, lefa kholetšhe e ka solegela motho molemo, kwantle ga pelaelo ga se gore ke makgonatsotlhe. E bile ga se yone fela kgoro ya go bona katlego. Herbert Kohl o kwala jaana mo go The Question Is College: “Go na le batho ba le bantsi ba ba atlegileng ba ba sa yang dikholetšheng e bile go na le ditiro di le dintsi tse di molemo tse di sa batleng motho dikerii ya kholetšhe.” Ka sekai, koporasi nngwe e hira batho ba ba sa yang kholetšheng go dira ditiro tse gantsi di dirwang ke baalogi ba dikholetšhe. Go na le gore khampani eo e senke ba ba nang le dikerii, e batla ba ba itshupang ba ka kgona go dira tiro eo. “Fa re sena go bona motho yo o ntseng jalo, re tsaya gore re ka suga [motho yoo] go nna le bokgoni mo tirong nngwe e e maleba,” go rialo moemedi mongwe wa yone.
Ee, batho ba le bantsi ba kgonne go itlamela le go tlamela malapa a bone ba ntse ba sena dikerii ya kholetšhe. Bangwe ba bone ba ne ba dira dikhoso kwa dikolong tsa katiso, dikolong tsa tegeniki kana kwa dikholetšheng tsa katisetsogae tse di sa tseyeng nako le madi a mantsi.a Bangwe ba ile ba nna le bokgoni jwa ditiro dingwe ba ntse ba sa di katisediwa. Ka ntlha ya go bo ba ne ba setse ba itsewe e le batho ba ba ka ikanngwang, ba ne ba kgona go nna le ditiro tse di tlhomameng.
Go Leba Dilo ka Tsela E E Lekalekaneng
Ke boammaaruri gore, ga gona sekolo sepe—go akaretsa le dikholetšhe kana setheo sepe fela sa thuto ya tlaleletso—se se ka tlhomamisetsang motho gore o tla atlega. Mo godimo ga moo, Bibela e itaya kgomo lonaka fa e re, “mokgwa oa lehatshe yeno o a heta.” (1 Bakorintha 7:31) Selo se gompieno se tlhokegang thata se ka nna sa tsoga se sena mosola.
Ka gone, go ka nna molemo gore motho yo o akanyetsang go ikoketsa dithuto a sekaseke mesola le dithapolo tsa gone ka kelotlhoko. ‘A ke tla kgona madi a teng? Ke maemo afe le batho ba mofuta mang ba ke tla lebanang le bone teng? A dikhoso tseo di tla ntshuga sentle gore ke tle ke kgone go itlamela? A e tla nthusa go tlamela lelapa la me fa kgabagare go ka direga gore ke nyale?’ Batsadi ba ba emang bana ba bone nokeng ba tla ba gakolola ka tsela e e molemo tumalanong le maikarabelo a bone go ya ka Bibela. (Duteronome 4:10; 6:4-9; 11:18-21; Diane 4:1, 2) Fa e le gore o akanyetsa madi a o tla a bonang ka go ikoketsa dithuto kana sengwe fela se se amanang le gone, mafoko ano a ga Jesu a tshwanela tota: “Gonne ke ohe oa lona eo e ka reñ ha a rata go aga kagō e e godileñ, me a se ke a dula pele, a bala madi a eōna, gore a tlè a itse ha a na le a a lekanyeñ go e shwetsa.”—Luke 14:28.
Eleruri o tshwanetse go sekaseka dilo ka kelotlhoko thata fa o dira tshwetso ya go ikoketsa dithuto. Ka metlha Mokeresete ga a lebale mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:33: “Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō [ya Rraalona wa selegodimo]; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.” Mo Bakereseteng ba boammaaruri, batho ba ba senang thutego e e kwa godimo ga ba tseelwe kwa tlase kana go lejwa e se ba sepe, le ba ba nang le thutego e e kwa godimo le bone, ga ba tlhaolwe mo go ba bangwe kana go tseelwa kwa godimo ga ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “U mañ wèna eo u sekisañ motlhanka oa eo moñwe? go èma le go wa ga gagwè, e nntse ke ga morèna oa gagwè. E, o tla emisiwa; gonne Morèna o na le nonohō ea go mo emisa.”—Baroma 14:4.
Jesu o ne a supa gore o leba dilo ka tsela eno e e lekalekaneng. O ne a sa nyatse batho ba ba neng “ba sa rutèga, e le batho hèla,” e bile ga a ka a ikgogona go tlhophela Paulo yo o neng a rutegile thata go dira tiro e e seng kana ka sepe ya boefangele. (Ditihō 4:13; 9:10-16) Mo maemong ano otlhe, thuto e tshwanetse go bewa mo maemong a yone jaaka fa setlhogo se se latelang se tla bontsha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dithuto tsa tlaleletso di farologana go ya ka mafelo. Dikolo, dilaeborari le ditheo tsa puso tsa ditiro ke metswedi e e molemo e o ka tlholang mo go yone gore ke dife tse di leng gone mo lefelong la lona.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
Thuto ya Tlaleletso
Tora ya Tebelo ya November 1, 1992, e ne ya akgela jaana malebana le Basupi ba ga Jehofa le bodihedi jwa nako e tletseng: “Ka kakaretso go lebega gore mo dinageng di le dintsi gantsi thuto eo e tlhokegang gore motho a amogele dituelo tse di kgotsofatsang tsa kgwedi e feta ya mo dingwageng di sekae tse di fetileng. . . . Go bokete go bona ditiro tse di nang le dituelo tse di kgotsofatsang tsa kgwedi morago ga go bona thuto e potlana fela ya sekolo e e batliwang ke molao . . .
“Go tewa eng fa go twe ‘dituelo tse di kgotsofatsang’? . . . Go ka twe dituelo tsa bone di ‘lekane’ kana di a ‘kgotsofatsa,’ fa e le gore seo ba se amogelang se ba letla gore ba tshele sentle mme se ba tlogelela nako le dinonofo tse di lekaneng go diragatsa bodihedi jwa bone jwa Bokeresete.”
Ka jalo, Tora ya Tebelo eno e ne ya re: “Ga go a tshwanela go dirwa melao e e gagametseng ya gore go nniwe le thuto e e oketsegileng kana go se ka ga nniwa le yone.”