Go Boloka Thuto mo Maemong a Yone
MOTAKI yo o setswerere o itse kafa a ka dirang khuti ka gone mo setshwantshong sa gagwe. O tla dira gore dilo tse di kwa pele mo setshwantshong sa gagwe di bonale sentle go feta tse di fa gare kana tse di kwa morago. Go ntse fela jalo le ka dilo tse re di ratang mo botshelong. Dingwe tsa tsone di botlhokwa thata go feta tse dingwe.
Jesu Keresete o ne a re: “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ: gonne bogosi yoa legodimo ke yoa bōnè.” (Mathaio 5:3) Ka gone, dilo tsa semoya ke tsone tse di tshwanetseng go tla pele. Phapaanong le seo, dithoto tsone ga di a tshwanela go nna tsa botlhokwa thata.
Thuto yone e botlhokwa go le kana kang mo ntlheng eno? Kwantle ga pelaelo ga se selo se Mokeresete a tshwanelwang ke go se lebela kwa tlase. Selekanyo sengwe sa thuto ya lefatshe se a tlhokega gore motho a kgone go diragatsa boikarabelo jono jwa Dikwalo jo moaposetoloi Paulo a neng a bo bolela: “Me ha moñwe a sa tlamele ba ga gabō, bogolo ba e leñ ba ntlo ea gagwè, o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.” (1 Timotheo 5:8) Mo godimo ga moo, taelo e Jesu a neng a e neela barutwa ba gagwe ya gore ba dire batho barutwa ba “ba rutè go tlhōkomèla dilō cotlhe tse [a di] ba laoletseñ,” e tlhoka gore motho a ‘nne le kitso’ go tswa foo a rute ba bangwe ka botswerere.—Mathaio 28:19, 20; Yohane 17:3; Ditihō 17:11; 1 Timotheo 4:13.
Lefa go ntse jalo, thuto e tshwanetse ya bewa mo maemong a yone. Motho ga a tshwanela go batla go nna le yone fela gore a ipelafatse ka yone kgotsa gore a nne le dikerii ya maemo a a kwa godimodimo. Go batla go rutega e le fela gore o tlotlomadiwe ke go ipolaisa pelo fela. Ke boammaaruri gore go ka nna ga go leretse dilo tse di bonalang ka nakwana. Lefa go ntse jalo, Kgosi Solomone o ne a akgela jaana: “O ka dira sengwe ka botlhale, kitso, le botswerere jotlhe, mme morago ga moo o tshwanelwe ke go se tlogelela mongwe yo o sa se direlang ka gope.”—Moreri 2:21, Today’s English Version.
Basupi ba ga Jehofa ba rata thuto, e seng fela go nna le yone, mme gore e ba solegele molemo mo go direleng Modimo le gore ba kgone go itlamela. E re ka bodihedi jwa bone e se tiro e ba bonang madi ka yone, bontsi jwa bone bo ikaegile ka ditiro tsa boitshediso go itlamela. Seno e ka nna kgwetlho thata mo badiheding ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba ba bidiwang babulatsela. Ba tshwanelwa ke go latela thulaganyo e e gagametseng mo bodiheding jwa bone fa kafa go je lengwe ba itlamela ka madi le go tlamela ba malapa a bone fa ba nyetse.a—Diane 10:4.
Morago ga go sekaseka dilo tsotlhe tse di tlhokegang, bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itlhophela go oketsa thutego ya bone. Ke boammaaruri gore ba ne ba tshwanelwa ke go nna kelotlhoko e le gore ba beye thuto mo maemong a yone. Ke eng se se ba thusitseng go dira jalo? Lekawana lengwe la kwa Brazil le le bidiwang John a re: “Ke thusitswe ke dilo di le mmalwa. Lefa ke ne ke tshwanelwa ke go ithuta bosigo, ga ke a ka ka tlolwa ke dipokano dipe tsa Bokeresete. Gape ke ne ka dira gore kwa tshimologong fela baithutikanna ba itse fa ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”
Eric, yo le ene a nnang kwa Brazil o ne a dirisa tshono eo go buisana le ba bangwe ka dilo tse a di dumelang fa a ne a oketsa thutego ya gagwe. A re: “Ke ne ke tsaya sekolo seo e le tshimo ya me e e kgethegileng. Ke ne ka kgona go tshwara dithuto tsa Bibela le barutabana le baithuti ba le mmalwa, ba le batlhano ba bone gone jaanong ba kolobeditswe, ba le babedi ke bagolwane.”
Richard o ne a boela sekolong ka nakwana go ya go ithutela go thala dipolane. A re: “Go tsena sekolo seno go ne ga nthusa gore ke kgone go bona tiro ya go itlamela le go tlamela mosadi wa me, lefa go ntse jalo, go ne ga mpulela ditshono tse dingwe gape. Fa ke ne ke ntse ke tsamaya le diporojeke tsa go aga Diholo tsa Bogosi ka potlako, ke tla ke buisana la ba ba ikarabelelang, ke ne ka fitlhela gore go tlhokega mothadi wa dipolane.b Jaanong ke dirisa thuto eno ya me ka tsela e e molemo mo tirong eno. Mo godimo ga moo, nna le mosadi wa me re solofetse gore kgabagare re tla direla kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kana mo diporojekeng tsa boditšhabatšhaba tsa go aga.”
Go ntse go le jalo, Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba itebaganya le kgwetlho ya go itlamela le malapa a bone kwantle ga go ithutela pele kwa sekolong. Mary o tlhalosa jaana: “Ke itlamela ka go bereka mo dikitšhing gabedi ka beke. Se se gakgamatsang ke gore, ka ura ke dira madi a a fetang a batho bangwe ba ke ba berekelang. Lefa go ntse jalo, ke tsaya tiro ya me e le selo se se nthusang go itlamela. Go nthusa gore ke tswelele ke le mmulatsela, mme ga ke go ikwatlhaele.”
Steve le ene o ikutlwa fela jalo. A re: “Fa ke ne ke simolola go bula tsela, batho bangwe ba ne ba re: ‘O tlile go dira eng fa o ka nyala o nna le lelapa? A o tla kgona go itlamela?’ Fa go ntse go ya, ke ne ka dira mefuta e le mentsi ya ditiro ka ba ka nna le maitemogelo mo go sengwe le sengwe fela se o ka akanyang ka sone. Gone jaanong ka gonne ke na le mosadi yo ke tshwanetseng go mo tlamela, ke fitlhela gore ke amogela madi a mantsi go feta le baalogi bangwe ba dikholetšhe ba ba berekang kwa tirong ya rona.”
Borre ba ba sa dumelang ba ka nna ba batla gore bana ba bone ba ithutele pele, mme ba na le tetla ya Dikwalo go dira jalo. Lefa go ntse jalo, tumalanong le Mathaio 6:33, fa maemo a ntse jalo, basha ba ka tlhopha dikhoso tse di tla ba thusang go tsweletsa tirelo ya ga Jehofa kana le eleng go ba letla go nna le seabe mo tirelong ya nako e e tletseng ba ntse ba tsena sekolo.
Thuto E E Di Fetang Tsotlhe
Go na le sengwe se Basupi ba ga Jehofa ba nang le sone botlhe lefa ba ka tswa ba rutegile go le kana kang. Ba a tlhaloganya gore motswedi wa thuto e e botlhokwa go di feta tsotlhe tse di leng teng gompieno ke Lefoko la Modimo, Bibela. Yohane 17:3 ya re: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” Go sa kgathalesege gore Mokeresete o na le selekanyo se se kana kang sa thuto ya lefatshe, go nna le kitso ka Jehofa le Morwaawe, Jesu, e tshwanetse ya nna selo se se tlang pele.
Sekao seno se tlhomilwe ke Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Manaene o ne a “ithutile mmogo le Herode, molaodi wa kgaolo,” lefa go ntse jalo, e ne e le mongwe wa baperofeti ba ba tlhaga e bile gape e le morutisi kwa phuthegong ya Antioka. (Ditihō 13:1, NW) Paulo le ene o ne a rutegile ka thutego e gompieno e ka tshwantshiwang le thutego ya yunibesithi. Lefa go ntse jalo, fa a sena go nna Mokeresete, o ne a baya thutego eo mo maemong a yone. Go na le go dirisa kitso ya gagwe ya sosoloji, molao, le hisitori go dira gore batho ba mo sisimoge, o ne a e dirisa go rerela batho ba mefuta yotlhe.—Ditihō 16:37-40; 22:3; 25:11, 12; 1 Bakorintha 9:19-23; Bafilipi 1:7.
Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa itsege thatathata ka ntlha ya thutego ya bone. Bontsi jwa bone bo ne bo “sa rutèga, e le batho hèla” ba ba sa tsenang dikolo tsa borabi. Lefa go ntse jalo, seno ga se bolele gore ba ne ba sa itse sepe. Go na le moo, banna le basadi bano ba ne ba eme sentle go femela tumelo ya bone—selo se se bontshang gore ba ne ba ithutile sentle.—Ditihō 4:13.
Ka gone, Bakeresete botlhe ba kgatlhegela go ithuta thata. Go ntse go le jalo, ba leka thata go “tlhomamisa dilo tsa botlhokwatlhokwa,” ba baya thuto—le dilo tse dingwe tse ba lekang go nna le tsone—mo maemong a a di tshwanetseng.—Bafilipi 1:9, 10, NW.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bonala moaposetoloi Paulo yo o neng a rutegile thata a ile a itlamela mo bodiheding jwa gagwe ka go dira ditente, tiro e a ka tswang a ithutile yone mo go rraagwe. Go dira ditente e ne e se tiro e e motlhofo. Letsela la teng le le neng le dirwa ka mabowa a dipodi le le bidiwang cilicium, le ne le le thata le bile le le magwasipa, le le thata go segwa le go rokwa.—Ditihō 18:1-3; 22:3; Bafilipi 3:7, 8.
b Mafoko a a reng “go aga ka potlako” a bolela mokgwa wa go aga o o rulagantsweng ka matsetseleko tota oo o o itlhametsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Baithaopi ba ba berekang mo diporojekeng tseno ga ba duelwe; ba dirisa nako le dilo tsa bone ka go ithaopa. Ngwaga le ngwaga kwa United States go agiwa Diholo tsa Bogosi tse disha di ka nna 200, mme tse dingwe tse 200 di a tlhabololwa ka one mokgwa ono wa go aga.
[Lebokoso mo go tsebe 23]
Khako E E Tshwanelang Mong Sentle
Ngwaga pele a aloga kwa sekolong se segolo, Matthew o ne a akanya ka tlhoafalo kafa a tlileng go itlamela ka teng fa a tla bo a dira tiro ya botshelo jotlhe e le modihedi wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Morago ga go sekaseka kgang eno ka thapelo, Matthew le batsadi ba gagwe ba ne ba fitlhela gore go ikoketsa dithuto go ne go tla mo thusa thata gore a fitlhelele mokgele wa gagwe. Ka gone, o ne a dira kopo ya basari. Mo go yone mogakolodi wa sekolo wa ga Matthew o ne a tsenya le lekwalo le le mo hakang, le le reng:
“Mo dingwageng tse pedi le sephatlo tse di fetileng, ke ile ka itumelela go nna tsala le mogakolodi wa ga Matt. Matt ke mosimane yo o godisitsweng sentle . . . O na le tumelo e e nonofileng e bile o tlhomame tota mo go se a se dumelang, dilo tseno o kgona go di lemoga mo kamanong ya gagwe le ba bangwe le ka ditiro.
“Mo dingwageng tse di fitileng Matthew o ntse a ikatisetsa bodihedi. Motho yo e leng modihedi mo bodumeding jwa gagwe ga a duelwe ka madi. Ke tiro e motho a e dirang ka go rata. Matt ke lekawana le le seng bogagapa, o botlhale e bile o akanyetsa batho ba bangwe. Basari eno e tla thusa lekawana leno la tumelo gore le itlamele fa le ntse le tswelela pele ka katiso le tiro eno e a e ithaopetseng.
“Malebana le tiro eno ya go ithaopa, Matt o dirisitse diura di le dintsi go rera ka ntlo le ntlo ka mafelobeke le morago ga sekolo le ka malatsi a boikhutso. O bereka mo setšhabeng le batho ba mefuta e e farologaneng. Matt o supile neo le bokgoni jwa gagwe jwa boeteledipele ka go tshwara dithuto tsa Bibela le batho ba basha le ba ba godileng. . . . O kgona go tlhotlheletsa batho le go ba thusa go lemoga bokgoni jwa bone. Mo tlelaseng ya gagwe barutabana ba mo akgotse ka gore ke motho yo ka metlha a tlhotlheletsang ba bangwe ka tsela e e molemo. O etelela metlotlo ya mo tlelaseng pele e bile ke setswerere mo puong. . . .
“Matt ke lekawana le le molemo thata le ke itumeletseng go nna mogakolodi wa lone. O ratiwa le go tlotlwa thata ke balekane ba gagwe le barutabana. Boikanyegi jwa gagwe ke jwa maemo a a kwa godimo.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Basupi ba ga Jehofa ba rata go ithuta, thatathata gore ba kgone go nna batlhanka ba ba ditswerere ba Modimo