Thuto—E Dirisetse go Baka Jehofa
“Yo o ipuisang fela, o senka go ikgalaletsa, mme yo o senkang go galaletsa yo o mo romileng, mme ke ene wa boammaaruri.”—JOHANE 7:18.
1. Thulaganyo ya go ruta e simologile leng le gone jang?
THUTO e simologile bogologolo tala. Fela fa Jehofa Modimo, Moruti le Mokaedi yo Mogolo, a sena go bopa Morwawe wa leitibolo, thulaganyo ya thuto e ne ya simologa. (Isaia 30:20, NW; Bakolosa 1:15) E ne e le Ene motho yo o neng a ka ithuta ka tlhamalalo mo Moruting yo Mogolo ka boene! Mo dimileniamong tse dintsintsi tsa fa Morwa yoo—yo go neng ga itsiwe gore ke Jesu Keresete—a ntse a atamalane thata le Rraagwe, o ne a amogela thuto ya botlhokwa thata malebana le dinonofo, ditiro, le maikaelelo a ga Jehofa Modimo. Moragonyana, fa Jesu a ne a setse a le motho mo lefatsheng, o ne a ka re: “[Ga ke] dire sepe ka nosi, mme ke bua dilo tse fela jaaka Rara a nthutile.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)—Johane 8:28.
2-4. (a) Go ya ka Johane kgaolo 7, Jesu o ne a ya kwa Moletlong wa Metlaagana mo maemong afe ka 32 C.E.? (b) Ke ka ntlha yang fa Bajuta ba ne ba gakgamaditswe ke tsela e Jesu a neng a kgona go ruta ka yone?
2 Jesu o ne a dirisa jang thuto e a neng a e amogetse? Mo bodireding jwa gagwe jotlhe jwa mo lefatsheng jwa dingwaga tse tharo le sephatlo, o ne a abela ba bangwe se a neng a se ithutile a sa lape. Lefa go ntse jalo, seno se ne se dirwa gore se fitlhelele boikaelelo bongwe jo bogolo. Mme e ne e le bofe joo? A re tlhatlhobeng mafoko a ga Jesu a a mo go Johane kgaolo 7, koo a neng a tlhalosa gore thuto ya gagwe e tswa kae le gore boikaelelo jwa yone ke bofe.
3 Akanya ka maemo ao a neng a rutela mo go one. E ne e le ka letlhabula la ngwaga wa 32 C.E., mo e ka nnang dingwaga di le tharo Jesu a sena go kolobediwa. Bajuta ba ne ba phuthegile kwa Jerusalema ba tlile go keteka Moletlo wa Metlaagana. Go ne go builwe thata kaga Jesu mo malatsing a sekae a ntlha a moletlo oo. Fa moletlo o setse o le fa gare, Jesu o ne a goroga kwa tempeleng mme a simolola go ruta. (Johane 7:2, 10-14) O ne a itshupa e le Morutisi yo mogolo, fela jaaka a ne a dira ka dinako tsotlhe.—Mathaio 13:54; Luke 4:22.
4 Temana 15 ya Johane kgaolo 7 ya re: “Foo Bajuta ba gakgamala ba re: ‘Ana motho yo o itse jang dikwalo, ka a se ka a ithuta gope?’” A o tlhaloganya gore ba ne ba gakgamaditswe ke eng? Jesu o ne a ise a ko a tsene sekolo sepe sa borabi, ka jalo o ne a sa rutega—kana bone ba ne ba akanya jalo! Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a kgona go bula le go bala mo dikarolong dingwe tsa Dikwalo tse di Boitshepo motlhofo fela. (Luke 4:16-21) Ebu, mmetli yono wa kwa Galilea o ne a bile a ba ruta Molao wa ga Moshe! (Johane 7:19-23) Seno se ne se kgonega jang?
5, 6. (a) Jesu o ne a tlhalosa jang gore o tsaya kae se a se rutang? (b) Jesu o ne a dirisa thuto ya gagwe jang?
5 Jesu o ne a tlhalosa jaana, jaaka fa re bala mo ditemaneng tsa 16 le 17: “Thuto ya me, ga se ya me; ke ya yo o nthomileng. Fa motho le fa e le mang a rata go dira go rata ga gagwe, o tlaa itse ka ga thuto, gore a e tswa mo Modimong, kgotsa ke ipuisa fela.” Ba ne ba batla go itse gore Jesu o ne a rutilwe ke mang, mme o ne a ba bolelela ka phepafalo gore thuto ya gagwe e ne e tswa kwa Modimong!—Johane 12:49; 14:10.
6 Jesu o ne a dirisa thuto ya gagwe jang? Jaaka go kwadilwe mo go Johane 7:18, Jesu o ne a re: “Yo o ipuisang fela, o senka go ikgalaletsa, mme yo o senkang go galaletsa yo o mo romileng, mme ke ene wa boammaaruri, ga go na tshiamololo epe mo go ene.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) A bo go tshwanela jang ne go bo Jesu a ne a dirisa thuto ya gagwe gore a galaletse Jehofa, “[yo] o leng boitekanelo mo kitsong”!—Jobe 37:16.
7, 8. (a) Thuto e tshwanetse go dirisiwa jang? (b) Maikaelelo a manè a konokono a thuto e e lekaneng ke afe?
7 Ka gone re ithuta thuto ya botlhokwa mo go Jesu—thuto e tshwanetse ya dirisediwa go baka Jehofa, e seng go ikgalaletsa. Ga go na tsela epe e e botoka go feta eo e re ka dirisang thuto ka yone. Ka gone, o ka dirisa thuto jang go baka Jehofa?
8 Go ruta go kaya “go thapisa ka thuto e e tlwaelegileng le ka go dira o beilwe leitlho, thata[thata] fa o thapisediwa tiro, tiro ya diatla, kana tiro nngwe e e kgethegileng.” Jaanong a re tlhatlhobeng maikaelelo a manè a konokono a thuto e e lekaneng le ka fa maikaelelo ano otlhe a ka dirisiwang ka teng go baka Jehofa. Thuto e e lekaneng e tshwanetse ya re thusa (1) go bala ka thelelo, (2) go kwala sentle, (3) go gola mo tlhaloganyong le mo boitsholong le (4) go bona thapiso e e mosola e e tlhokegang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.
Go Ithuta go Bala ka Thelelo
9. Ke eng fa go le botlhokwa go kgona go bala ka thelelo?
9 Go bala ka thelelo ke gone ga ntlha mo lenaaneng. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana gore o nne mmadi yo o setswerere? The World Book Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Go bala . . . ke selo sa konokono mo go ithuteng e bile ke nngwe ya ditiro tsa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. . . . Babadi ba ba ditswerere ba thusa go bopa setšhaba sa batho se se atlegileng, le se se nang le mosola. Mo godimo ga moo, bone ka bobone ba nna le maitemogelo a mantsi mo botshelong, le go kgotsofala.”
10. Go bala Lefoko la Modimo go re thusa jang gore re tshele matshelo a a nang le maitemogelo a mantsi, a a kgotsofatsang thata?
10 Fa e le gore go bala ka kakaretso fela go ka re thusa “go nna le maitemogelo a mantsi mo botshelong, le go kgotsofala,” eleruri go bala Lefoko la Modimo go ka dira se se fetang seo! Go bala ka tsela e e ntseng jalo go dira gore re tlhaloganye megopolo ya ga Jehofa le maikaelelo a gagwe, mme go tlhaloganya dilo tseno sentle go dira gore matshelo a rona a nne mosola. Mo godimo ga moo, “lefoko la Modimo le tshedile, le tlhaga,” jaaka go bolela Bahebere 4:12. Fa re ntse re bala Lefoko la Modimo re tlhatlhanya ka lone, re atamela gaufi thata le Mokwadi wa lone, e bile re tlhotlheletsega go dira diphetogo mo matshelong a rona gore re kgone go mo itumedisa thata. (Bagalatia 5:22, 23; Baefeso 4:22-24) Gape re tlhotlheletsega gore re abele ba bangwe boammaaruri jo bo botlhokwa thata jo re bo balang. Seno sotlhe se dira gore Moruti yo Mogolo e bong Jehofa Modimo a bakwe. Eleruri ga go na tsela e nngwe e e botoka e re ka dirisang bokgoni jwa rona jwa go bala ka yone!
11. Ke eng se se tshwanetseng sa akarediwa mo thulaganyong ya thuto e e lekaneng ya motho ka namana?
11 Re kgothalediwa gore re ithute go bala ka thelelo go sa kgathalesege gore re basha kana re bagolo, ka gonne go bala go botlhokwa thata mo botshelong jwa rona jwa Bokeresete. Mo godimo ga go bala Lefoko la Modimo ka metlha, re tshwanetse ra nna le thulaganyo ya thuto e e lekaneng ya motho ka namana e e ka akaretsang go sekaseka temana ya Baebele mo bukaneng ya Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe, go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! ka kelotlhoko, le go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete. Mme go tweng ka bodiredi jwa Bokeresete? Go phepafetse gore go rera phatlalatsa, go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang le go ruta batho Baebele mo magaeng a bone, gotlhe go tlhoka gore motho a bo a kgona go bala sentle.
Go Ithuta go Kwala Sentle
12. (a) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go ithuta go kwala sentle? (b) Ke mokwalo ofe o o botlhokwa go gaisa mekwalo yotlhe e e kileng ya kwalwa?
12 Boikaelelo jwa bobedi ke gore thuto e e lekaneng e tshwanetse ya re thusa go ithuta go kwala sentle. Go kwala ga go fetisetse mafoko le dikgopolo tsa rona fela kwa go ba bangwe, mme gape go a di boloka. Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, banna bangwe ba Bajuta ba le 40 ba ne ba kwala mo komeng kana mo letlalong mafoko a moragonyana a neng a bopa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. (2 Timotheo 3:16) Eleruri eno e ne e le mekwalo e megolo go feta yotlhe e e kileng ya kwalwa! Kwantle ga pelaelo Jehofa o ne a kaela go kwalwa le go kwalololwa ga mafoko a a boitshepo ao mo makgolokgolong a dingwaga a a ntseng a feta gore a bo a fitlhile mo go rona a ntse a ka ikanngwa. A ga re lebogele go bo Jehofa a ne a dira gore mafoko a gagwe a kwalwe, go na le go ikanya fela gore a tla fetisiwa ka molomo?—Bapisa Ekesodo 34:27, 28.
13. Ke eng se se supang gore Baiseraele ba ne ba itse go kwala?
13 Mo metlheng ya bogologolo, batho fela ba ba neng ba itse go bala le go kwala e ne e le ditlhopha tsa batho ba ba rileng ba ba nang le maemo, jaaka bakwadi ba kwa Mesopotamia le kwa Egepeto. Go farologana gotlhelele le ditšhaba tse dingwe, mo Baiseraeleng, batho botlhe ba ne ba kgothalediwa gore ba itse go bala le go kwala. Taelo e e mo go Duteronome 6:8, 9 ya gore Baiseraele ba kwale mo mephakwaneng ya matlo a bone, lefa go bonala e ne e le ya tshwantshetso, e bontsha gore ba ne ba itse go kwala. Bana ba ne ba rutiwa go kwala ba santse ba le bannye. Bakanoki bangwe ba akanya gore Khalendara ya Gezer, sengwe sa dikai tse dikgologolo tsa mekwalo ya bogologolo ya Bahebera, e ne e le buka e mosimane mongwe yo o tsenang sekolo a neng a ikgopotsa dilo tseo a di tshwereng ka tlhogo mo go yone.
14, 15. Dingwe tsa ditsela tse di molemo le tse di mosola tsa go dirisa tsela e re kgonang go kwala ka yone ke dife?
14 Mme re ka dirisa jang go itse go kwala ga rona ka tsela e e siameng le e e mosola? Ruri re ka go dirisa ka go kwala dintlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse di potlana le kwa dikopanong tse dikgolo. Lekwalo, lefa le kwadilwe “go le go khutshwane,” le ka kgothatsa mongwe yo o lwalang kana la leboga mokaulengwe kana kgaitsadi wa semoya yo o re bontshitseng bopelontle kana yo o neng a re amogetse kwa ga gagwe. (1 Petere 5:12) Fa mongwe mo phuthegong a swetswe ke mongwe yo o mo ratang, lekwalo le lekhutshwane kana karata e ka re thusa gore re mo ‘nametse.’ (1 Bathesalonika 5:14) Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a tlhokafalelwa ke mmaagwe a sena go tshwarwa ke kankere o ne a tlhalosa jaana: “Tsala nngwe ya me e ne ya nkwalela lekwalo le le monate. Le ne la nthusa thata ka gonne ke ne ke kgona go le bala ke le boaboelela.”
15 Tsela e e molemolemo ya go dirisa bokgoni jwa go kwala ke ya go baka Jehofa ka go neela bosupi jwa Bogosi ka lekwalo. Ka dinako tse dingwe go ka tlhokega go nna o ntse o kwalelana le batho ba ba sa tswang go kgatlhega ba ba nnang kwa mafelong a a kwa kgakala. Go lwala go ka nna ga dira gore o palelwe ka nakwana ke go tsamaya ntlo le ntlo. Gongwe lekwalo le ka bolela se o neng o ka se bua ka molomo.
16, 17. (a) Ke boitemogelo bofe jo bo supelang botlhokwa jwa go kwala lekwalo go neela bosupi ka Bogosi? (b) A o ka anela ka boitemogelo bongwe jo bo tshwanang le jone?
16 A ko o akanyetse boitemogelo jono. Dingwaga di le dintsi tse di fetileng Mosupi mongwe o ne a kwala lekwalo a neela bosupi kaga Bogosi go motlholagadi mongwe, yo loso lwa monna wa gagwe lo neng lo itsisitswe mo pampiring ya dikgang ya lefelo leo. Ga a ka a fetola. Go tswa foo, ka November 1994, dingwaga di feta 21 moragonyana, Mosupi yono o ne a amogela lekwalo le le tswang kwa go morwadia mosadi yo. Morwadi o ne a kwala jaana:
17 “Ka April 1973, o ne wa kwalela mmè o mo gomotsa fa rre a sena go tlhokafala. Ke ne ke na le dingwaga di le robongwe ka nako eo. Mmè o ne a ithuta Baebele, mme ga a ise a nne motlhanka wa ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, go ithuta ga gagwe go ne ga dira gore kgabagare ke kopane le boammaaruri. Ka 1988, ke ne ka simolola go ithuta Baebele—dingwaga di le 15 re sena go amogela lekwalo la gago. Ke ne ka kolobediwa ka March 9, 1990. Lekwalo la gago la dingwagangwaga tse di fetileng ke le leboga fela thata mme ke itumelela thata go go itsise gore dipeo tsele tse o neng wa di jala di ne tsa tlhoga ka thuso ya ga Jehofa. Mmè o ne a mpha lekwalo la gago gore ke le boloke, mme nka rata go itse gore o mang. E kete lekwalo le le ka goroga koo go wena.” Lekwalo la morwadi yono, le le neng le na le aterese ya gagwe le nomore ya gagwe ya mogala, le ne la ba la goroga kwa Mosuping yono yo o neng a sa bolo go kwala dingwaga tse dintsi pele ga foo. Akanya fela kafa mosadi yono yo mmotlana a neng a gakgamala ka teng fa a founelwa ke Mosupi yono—yo le jaanong a santseng a kwala makwalo a bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya Bogosi!
Go Gola mo Tlhaloganyong, mo Boitsholong, le Semoyeng
18. Mo metlheng ya Baebele, batsadi ba ne ba tlhokomela jang thuto ya bana ba bone ya mo tlhaloganyong le mo boitsholong?
18 Boikaelelo jwa boraro ke gore thuto e e lekaneng e tshwanetse ya re thusa go gola mo tlhaloganyong le mo boitsholong. Mo metlheng ya Baebele go ruta bana mo tlhaloganyong le mo boitsholong go ne go tsewa e le nngwe ya ditiro tsa botlhokwatlhokwa tsa batsadi. Bana ba ne ba sa rutiwe fela go bala le go kwala, mme se se botlhokwa le go feta, ba ne ba rutiwa Molao wa Modimo, o o neng o akaretsa ditiro tsa bone tsotlhe tsa botshelo. Ka gone, thuto e ne e akaretsa go rutiwa ka dilo tse ba tshwanetseng go di dira tsa bodumedi le melaometheo e e laolang lenyalo, go dirisana mo lelapeng le boitsholo jwa tlhakanelodikobo, mmogo le dilo tse ba tshwanetseng go di direla batho ba bangwe. Thuto eo e ne e sa ba thuse go gola mo tlhaloganyong le mo boitsholong fela mme gape e ne e ba thusa go gola semoyeng.—Duteronome 6:4-9, 20, 21; 11:18-21.
19. Ke kae koo re ka bonang thuto e e re bontshang dintlha tse di molemolemo tsa maitsholo a mantle a re ka tshelang ka one e bile e re thusa go gola semoyeng?
19 Re ka reng ka gompieno? Thuto e e tlwaelegileng e e siameng e botlhokwa. E re thusa gore re gole mo tlhaloganyong. Mme ke kae koo re ka solofelang go bona thuto e e tla re bontshang boitsholo jo bo molemolemo jo re ka tshelang go dumalana le jone e bile e le e e tla re thusang go gola semoyeng? Mo teng ga phuthego ya Bokeresete, re na le thulaganyo ya thuto ya puso ya Modimo e e seyong gope gosele mo lefatsheng. Fa re ithuta Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng motho ka namana mmogo le go amogela thuto e e neelwang kwa dipokanong tsa phuthego, kwa dikopanong tse di potlana le kwa dikopanong tse dikgolo, re ka amogela thuto eno ya botlhokwa, e e tswelelang pele—thuto ya Modimo—mahala! E re ruta eng?
20. Thuto ya Modimo e re ruta eng, mme go felela ka eng?
20 Fa re simolola go ithuta Baebele, re ithuta dithuto tsa motheo tsa Dikwalo, ‘dithuto tsa ntlhantlha.’ (Bahebere 6:1, NW) Fa re ntse re tswelela pele, re ja “dijo tse di loileng”—ke gore, boammaaruri jo bo kwa teng. (Bahebere 5:14) Lefa go ntse jalo, mo godimo ga moo re ithuta melaometheo ya bomodimo e e re rutang kafa re ka tshelang ka gone ka tsela e Modimo o batlang re tshela ka yone. Ka sekai, re ithuta go tila mekgwa le ditlwaelo tse di ‘itshekololang nama’ le gore re tlotle ba ba re laolang le mmele le dithoto tsa ba bangwe. (2 Bakorinthe 7:1; Tito 3:1, 2; Bahebere 13:4) Mo godimo ga moo, re simolola go tlhaloganya kafa go leng botlhokwa ka gone go ikanyega le go dira tiro ya rona ka natla le mosola wa go tshela ka melao ya Baebele e e malebana le boitsholo jwa tlhakanelodikobo. (1 Bakorinthe 6:9, 10; Baefeso 4:28) Fa re ntse re gatela pele mo go diriseng melaometheo eno mo matshelong a rona, re gola semoyeng, mme botsalano jwa rona le Modimo bo a nonofa. E bile gape, boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo dira gore re nne baagedi ba ba molemo, go sa kgathalesege gore re nna kae. Mme seno se ka tlhotlheletsa ba bangwe gore ba galaletse Motswedi wa thuto ya Modimo—Jehofa Modimo.—1 Petere 2:12.
Thapiso e e Mosola mo Botshelong Jwa Letsatsi le Letsatsi
21. Bana ba ne ba thapisiwa jang ka tsela e e mosola mo metlheng ya Baebele?
21 Boikaelelo jwa bonè jwa thuto e e lekalekaneng ke go neela motho thapiso e e mosola e a e tlhokang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Thuto e e neng e rutwa ke batsadi mo metlheng ya Baebele e ne e akaretsa go thapisa ka ditiro tsa mmatota. Basetsana ba ne ba rutiwa ditiro tsa mo lelapeng. Kgaolo ya bofelo ya Diane e bontsha gore di tshwanetse tsa bo di ne di le dintsi e bile di farologane. Ka jalo, basetsana ba ne ba kgona go dira tlhale, go dira matsela, le go apaya le go tlhokomela legae, go rekisa, mmogo le go reka le go rekisa ditsha. Gantsi basimane ba ne ba rutiwa tiro e rraabone a itshedisang ka yone, e ka tswa e le ya temothuo kana ya go dira sengwe. Jesu o ne a rutiwa go betla ke rraagwe yo o mo godisitseng e bong Josefe; ka gone, o ne a sa bidiwe “morwa mmetli wa dikgong” fela mme gape e ne e le “mmetli wa dikgong.”—Mathaio 13:55; Mareko 6:3.
22, 23. (a) Thuto e tshwanetse ya baakanyetsa bana eng? (b) Re tshwanetse ra tlhotlhelediwa ke eng fa re tlhopha thuto e e oketsegileng fa go lebega e tlhokega?
22 Gompieno le gone, thuto e e lekaneng sentle e akaretsa go ipaakanyetsa gore letsatsi lengwe o tle o kgone go tlhokomela dilo tse di tlhokwang ke lelapa. Mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a fitlhelwang mo go 1 Timotheo 5:8 a bontsha gore go tlhokomela lelapa la motho ke sengwe sa botlhokwa thata se re tshwanetseng go se dira. O ne a kwala jaana: “Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.” Ka gone, thuto e tshwanetse ya baakanyetsa bana gore ba sikare maikarabelo a ba tla nnang le one mo botshelong le gore ba kgone go nna maloko a a dirang ka natla a setšhaba.
23 Re tshwanetse ra batla go nna le thuto e e tlwaelegileng ka selekanyo se sekae? Seno se ka farologana go ya ka dinaga. Mme fa e le gore ditiro tsa mo lefelong leo di tlhoka thapiso e e oketsegileng mo godimo ga thuto e e batlwang ke molao fela, batsadi ke bone ba ka kaelang bana ba bone go dira tshwetso malebana le thuto e e oketsegileng kana thapiso, ba sekaseka melemo e e ka nnang teng mmogo le mathata a a ka nnang teng ka ntlha ya dithuto tseo tse di oketsegileng. Lefa go ntse jalo, boikaelelo e tshwanetse ya nna bofe fa motho a tlhopha go oketsa thuto ya gagwe fa go lebega go tlhokega go dira jalo? Eleruri ga e a tshwanela go nna dikhumo, go batla go ikgalaletsa, kana go batla pako. (Diane 15:25; 1 Timotheo 6:17) Gakologelwa thuto e re e ithutileng mo sekaing sa ga Jesu—thuto e tshwanetse ya dirisediwa go baka Jehofa. Fa re tlhopha go oketsa thuto ya rona, re tshwanetse ra bo re tlhotlhelediwa ke go eletsa go itshedisa sentle gore re kgone go direla Jehofa ka botlalo mo go ka kgonegang ka gone mo bodireding jwa Bokeresete.—Bakolosa 3:23, 24.
24. Ke thuto efe e re e ithutileng mo go Jesu e le ka motlha re sa tshwanelang go e lebala?
24 Ka jalo, a re tlhoafaleleng go leka go nna le thuto e e tlwaelegileng e e lekaneng. E kete re ka dirisa ka botlalo thulaganyo e e tswelelang pele ya thuto ya Modimo, eo e neelwang mo mokgatlhong wa ga Jehofa. Le gone e kete re ka se ka ra lebala thuto ya botlhokwa e re e rutilweng ke Jesu Keresete, monna yo o neng a rutegile thata yo o kileng a tsamaya mo lefatsheng leno—thuto ga e a tshwanela go dirisediwa go ikgalaletsa, mme e dirisediwe go baka Moruti yo mogolo go gaisa botlhe, Jehofa Modimo!
O Araba Jang?
◻ Jesu o ne a dirisa thuto ya gagwe jang?
◻ Ke eng fa go le botlhokwa go ithuta go bala ka thelelo?
◻ Re ka dirisa jang bokgoni jwa rona jwa go kwala go baka Jehofa?
◻ Thuto ya Modimo e re thusa jang gore re gole mo maitsholong mmogo le semoyeng?
◻ Thuto e e lekaneng e tshwanetse ya akaretsa thapiso efe e e mosala?
[Lebokoso mo go tsebe 13]
Thuso e e Mosola ya Barutisi
Kwa Dikopanong Tsa Kgaolo Tsa “Babaki ba ba Itumetseng” ka 1995/96, Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa golola boroutšhara jo bosha jwa setlhogo se se reng Basupi ba ga Jehofa le Thuto. Boroutšhara jono jwa ditsebe tse 32, jwa ditshwantsho tsa mebalabala bo gatiseditswe segolobogolo barutisi. Go fitlha jaanong bo setse bo gatisitswe ka dipuo di le 58.
Ke eng fa barutisi ba gatiseditswe boroutšhara? Go ba thusa go tlhaloganya ditumelo tsa baithuti ba e leng bana ba Basupi ba ga Jehofa. Boroutšhara jono bo tshotse eng? Bo dirisa mafoko a a motlhofo go tlhaloganngwa fa bo tlhalosa tsela e re lebang ka yone dikgang tse di tshwanang le thuto e e oketsegileng, malatsi a botsalo le Keresemose le go dumedisa folaga. Gape boroutšhara jono bo tlhomamisetsa barutisi gore re batla bana ba rona ba dirisa nako e ba tsenang sekolo ka yone ka tsela e e molemolemo le gore re iketleeditse go dirisana le barutisi, re na le kgatlhego ya mmatota mo thutong ya bana ba rona.
Boroutšhara jwa Thuto bo ka dirisiwa jang? E re ka bo diretswe barutisi, a re bo feng barutabana, bagokgo, le badiredi ba bangwe ba sekolo. E kete boroutšhara jono jo bosha bo ka thusa barutisi botlhe bano go tlhaloganya kafa re lebang dilo ka gone le dilo tse re di dumelang le gore ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe re batla go se tshwane le batho ba bangwe. Batsadi ba kgothalediwa go dirisa boroutšhara jono go tlotla ka namana le barutisi ba bana ba bone.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Kwa Iseraeleng wa bogologolo thuto e ne e tseelwa kwa godimo