Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba Lebang Thuto ka Yone
Fela jaaka batsadi botlhe, Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhegela isagwe ya bana ba bone. Ka gone ba tsaya thuto e le botlhokwa fela thata. “Thuto e tshwanetse ya thusa batho gore ba nne mosola mo setšhabeng. Gape e tshwanetse ya ba thusa gore ba somarele thata boswa jwa ngwao ya bone le gore ba tshele matshelo a a kgotsofatsang thata.”
FELA jaaka mafoko ano a a nopotsweng mo go The World Book Encyclopedia a kaya, boikaelelo jo bongwe jo bogolo jwa go tsena sekolo ke go ruta bana botshelo jwa letsatsi le letsatsi, jo bo akaretsang go ba thusa gore ba tlhokomele dilo tse di tla tlhokwang ke lelapa mo letsatsing lengwe. Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore seno ke boikarabelo jo bo boitshepo. Baebele ka boyone ya re: “Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.” (1 Timotheo 5:8) Dingwaga tse bana ba di fetsang ba le kwa sekolong di ba thusa mo maikarabelong a ba tla a tsayang mo botshelong. Ka gone, Basupi ba bona gore thuto e tshwanetse ya tsewa ka tsela e e masisi.
Basupi ba leka go tshela tumalanong le taolo eno ya Baebele: “Le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, lo se dire ka pelo yotlhe, jaaka e ka bo e le go direla Morena e seng batho.” (Bakolosa 3:23) Molaomotheo ono o amana le dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi, go akaretsa le sekolo. Ka gone Basupi ba kgothatsa bana ba bone gore ba dire ka natla le gore ba tseye ditiro tse ba di abetsweng kwa sekolong ka tsela e e masisi.
Gape Baebele e ruta batho go ikokobeletsa melao ya naga e ba nnang mo go yone. Ka jalo fa ngwana a patelesega go tsena sekolo go fitlha a na le dingwaga tse di rileng, Basupi ba ga Jehofa ba latela molao ono.—Baroma 13:1-7.
E re ka Baebele e sa nyatse botlhokwa jwa go ithapisetsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi, gape e bontsha gore ga se one fela mokgele wa konokono wa thuto. Gape thuto e e mosola e tshwanetse ya rotloetsa bana gore ba itumelele botshelo le gore ba nne maloko a setšhaba sa batho ba ba lekalekaneng sentle. Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba lemoga gore go itlhophela ditiro tsa morago ga sekolo go botlhokwa fela thata. Ba dumela gore boitapoloso jo bo phepa, mmino, ditiro tsa go itlosa bodutu, go itshidila mo mmeleng, go etela kwa dilaeboraring le kwa dimusiamong, le tse dingwe fela jalo, di botlhokwa thata mo thutong e e lekalekaneng. Mo godimo ga moo, ba ruta bana ba bone gore ba tlotle batho ba bagolo le gore ba senke sebaka sa gore ba ba direle tiro nngwe.
Go Tweng Ka go Oketsa Thuto?
Ditsela tsa go bona tiro di ntse di fetoga ka dinako tsotlhe, ka ntlha ya tegenoloji e ntšha. Ke gone ka moo basha ba le bantsi ba tla tshwanelwang ke gore ba bereke mo mafelong kana mo ditirong tse ba sa kgonang go fiwa thuto e e di tshwanetseng. Ka ntlha ya maemo ao, mekgwa ya bone ya go bereka le go ithapisa ka namana e tla ba solegela molemo fela thata, segolobogolo fa ba ka kgona go tsamaisana le seemo. Ka gone, fela jaaka mokwadi wa Motlha wa Tlhabologo e bong Montaigne a ne a bolela gore go botoka gore baithuti ba nne bagolo ba ba ‘kgonang go dirisa tlhogo go na le gore ba nne le tlhogo e e tletseng kitso fela.’
Go tlhoka ditiro, mo go amileng dinaga tse di humileng le tse di humanegileng, gantsi go baya batho ba ba sa rutelwang ditiro mo kotsing. Ka gone, fa e le gore tiro e ba e boneng e tlhoka gore ba thapisiwe gape mo godimo ga thuto e potlana e ba nang le yone e e tlhokegang kafa molaong, ke maikarabelo a batsadi gore ba kaele bana ba bone fa ba dira ditshwetso mo go oketseng thuto, gore ba sekaseke melemo e e ka nnang gone mmogo le dilo tse dithuto tseo tse di oketsegileng di ka ba rontshang tsone.
Lefa go ntse jalo, gongwe o tla dumela gore go atlega mo botshelong go akaretsa se se fetang fela go huma dilo tse di bonalang. Mo metlheng ya bosheng jaana banna le basadi ba botshelo jwa bone jotlhe bo neng bo ikaegile thata ka ditiro tsa bone tsa boitshediso ba ne ba sala ba iphotlhere fela fa ba ne ba senyegelwa ke ditiro tseo tsa bone. Batsadi bangwe ba ile ba ithontsha gore ba nne le ba malapa a bone le nako e ba ka bong ba e dirisitse le bana ba bone, ba sena sebaka se se molemo sa gore ba ba thuse go gola, ka gonne ba ne ba tshwaregile thata mo ditirong tsa bone tsa boitshediso.
Go phepafetse gore fa re batla thuto e e lekalekaneng re tshwanetse ra gakologelwa gore go huma dilo tsa senama ga se gone fela mo go tla re dirang gore re itumele ka tsela ya mmatota. Jesu Keresete o ne a bolela jaana: “Go kwadilwe ga twe: ‘Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi fela, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.’” (Mathaio 4:4) Jaaka Bakeresete, Basupi ba ga Jehofa ba anaanela kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba nonotshe dinonofo tsa bone tsa boitsholo le tsa semoya mmogo le go ipaakanyetsa gore ba itlamele ka dilo tse ba di tlhokang tsa senama.
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 5]
“Le fa e ka bo e le eng se lo se dirang, lo se dire ka pelo yotlhe, jaaka e ka bo e le go direla Morena.”—Bakolosa 3:23
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 6]
“Thuto e tshwanetse ya thusa batho gore ba nne mosola mo setšhabeng. Gape e tshwanetse ya ba thusa gore ba somarele thata boswa jwa ngwao ya bone le gore ba tshele matshelo a a kgotsofatsang.”—The World Book Encyclopedia
[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 7]
Boitapoloso jo bo phepa, mmino, ditiro tsa go itlosa bodutu, go itshidila mo mmeleng, go etela kwa dimusiamong di botlhokwa thata mo thutong e e lekalekaneng
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Thuto mo Metlheng ya Baebele
BAEBELE e ruta gore thuto e botlhokwa fela thata. E tlhalosa Modimo e le “Mokaedi yo Mogolo” wa batho ba gagwe, mme mo go yone yotlhe e kgothaletsa batlhanka ba gagwe gore ba nne le kitso e ntsi thata ka ga gagwe.—Isaia 30:20, NW.
Mo metlheng ya Baebele, e ne e le ditlhopha tse di rileng fela tsa batho tse di neng di na le tshiamelo ya go itse go bala le go kwala, jaaka bakwadi kwa Mesopotamia le kwa Egepeto. Se se farologaneng le seo gotlhelele, mongwe le mongwe kwa Iseraele o ne a kgothalediwa gore a ithute go bala le go kwala. “Ga go belaetse gore pharologanyo eo e ne e le teng ka ntlha ya go bo Bahebera ba ne ba dirisa dialefabete tse di motlhofonyana go ba gaisa. . . . Ga re a tshwanela go tlhokomologa tsela e go kwala ka dialefabete go neng go le botlhokwa ka yone mo hisitoring ya thuto. Go ne ga dira gore go tlogelwe mekgwa ya bokwadi e e neng e tlwaelegile kwa Egepeto, kwa Mesopotamia le kwa Kanana ya mileniamo wa bobedi. Go itse go bala le go kwala e ne e sa tlhole e le selo se se neng se itsiwe e bile se dirwa fela ke setlhopha sa bakwadi le baperesiti se se neng se itshedisa ka tiro eo, e leng bone fela ba ba neng ba tlwaelane le mekwalo e e thata go tlhaloganngwa ya mekgwaritso e e tshwanang le dimapo mmogo le ya ditshwantsho.”—Encyclopaedia Judaica.
Mekgwa ya go Ruta
Kwa Iseraele wa bogologolo, bana ba ne ba rutiwa ba santse ba le babotlana thata ba rutiwa ke rre le mmè boobabedi. (Duteronome 11:18, 19; Diane 1:8; 31:26) Mokanoki mongwe wa Baebele e bong E. Mangenot o ne a kwala jaana mo setlhalosamantsweng sa Dictionnaire de la Bible: “Fela fa ngwana a ne a setse a itse go bua, o ne a ithuta ditemana di sekae tsa Molao. Mmaagwe o ne a boaboeletsa temana nngwe; fa a ne a setse a e itse o ne a mo ruta e nngwe. Moragonyana, bana ba ne ba neelwa ditemana tse di kwadilweng tseo ba neng ba setse ba kgona go di bua ka tlhogo. Ka tsela e e ntseng jalo, ba ne ba rutiwa go bala, mme fa ba setse ba godile, ba ne ba ka tswelela pele ba ithuta ka bodumedi ka go bala molao wa Morena le go tlhatlhanya ka one.”
Go thusa bannye le bagolo gore ba tshware dilo ka tlhogo, go ne go dirisiwa dilo tse di farologaneng tse di neng di thusa gore motho a gakologelwe. Di ne di akaretsa ditlhaka tse di simololang alefabete (e leng ditemana tse di neng di latelana mo lebokong tse di neng di simolola ka tlhaka e e farologaneng go ya kafa ditlhaka di latelanang ka teng mo alefabeteng), mafoko a ne a simolola ka tlhaka kana ka modumo o o tshwanang, le go dirisiwa ga dipalo. Se se kgatlhang ke gore Khalentara ya Gezer (Archaeological Museum of Istanbul), nngwe ya dikai tse dikgologolo tsa mokwalo wa bogologolo wa Bahebera, e ne e le se bakanoki bangwe ba neng ba akanya gore e ne e le tsela ya gore mosimane wa sekolo a ikgopotse dilo tse a neng a di tshwere ka tlhogo ka yone.
Dilo Tse di Neng di Rutiwa
Thuto e e neng e rutiwa ke batsadi mo metlheng ya Baebele e ne e akaretsa go thapisediwa tiro ya diatla. Basetsana ba ne ba rutiwa ditiro tsa mo lapeng. Kgaolo ya bofelo ya Diane e bontsha gore ditiro tseno di ne di le dintsi e bile di farologane; di ne di akaretsa go reka le go rekisa ditsha le go tsamaisa kgwebo e potlana, mmogo le go dira tlhale, go dira matsela, go apaya, go rekisa, le tiro e e tlwaelegileng ya go tlhokomela legae. Go ne go tlwaelegile gore basimane ba rutiwe tiro ya borraabone ya boitshediso, e ka tswa e le ya temothuo kana ya go rekisa sengwe kana go dira sengwe. Mafoko ano a ne tlwaelegile thata mo ditumelong tsa Sejuta: “Yo o sa ruteng morwawe tiro ya diatla e e ka mo solegelang molemo o mo godisetsa gore e nne legodu.”
Ka gone, thuto e ne e tseelwa kwa godimo thata mo metlheng ya Baebele.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Schoolboy’s tablet: By permission of the British Library; Scroll: Bibelmuseum, Münster
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 6]
Galleria degli Uffizi, Firenze