Diokobatsi le Mmino wa Heavy Metal—Didirisiwa Tsa Kobamelo ya ga Satane
CARL A. RASCHKE, mokaedi wa Yunibesithi ya Denver wa Institute of Humanities, o ne a kwala jaana: “Ga go gakgamatse go bo diokobatsi, [mmino wa] heavy metal, bosetlhogo, le thubakanyo e e boitshegang e le matshwao a a supang gore batho ba mo maemong a a maswe tota ka jaana re tsena mo ngwagasomeng wa boraro wa Motlha wa ga Satane.” Gape o ne a re: “Motho a ka re roko ya heavy metal mo kobamelong ya ga Satane e tshwana fela le mmino wa kosepele mo Bokereseteng. Ke batho ba sekae fela ba e nnang Bakeresete fela ka gonne ba reetsa mmino wa kosepele mo radiong. Lefa go ntse jalo, heavy metal yone e maatla tota. E dira gore basha ba akanye gore dilo tse di maswe tse ba setseng ba inaakantse le tsone di itshiametse fela.”
Kgang eno e kgatlhanong thata le dilo tse basha ba bantsi ba di dirisang jaaka tsela e e itshiametseng fela ya go itebatsa mathata a botshelo—mmino wa heavy metal le diokobatsi. A mme gone go ntse jalo? A e ka tswa e le gore diokobatsi le mmino wa heavy metal ke dilo tse di supang fa motho a amana le kobamelo ya ga Satane? Akanya fela ka dikakgelo tsa batho ba ba ileng ba rakana ka namana le thubakanyo ya baobamedi ba ba tletseng bosatane le ba ba ileng ba bo sekaseka.
“Molaetsa o o tlhotlheletsang thata wa mmino wa heavy metal o amana le ‘bodumedi’ mme seno ga se gakgamatse ka gonne o bua thata ka maatla a a okametseng lobopo. Lefa go ntse jalo, maatla ano ga se Modimo,” go ne ga kwala jalo Raschke mo bukeng ya gagwe ya Painted Black. “O . . . tlhamilwe ke Mmaba yo mogolo ka namana.” O ne a oketsa ka gore: “Maatla le thubakanyo ya bosatane ke dilo tse basha ba ba itlhobogileng le ba ba suleng digakolodi ba welang motlhofo mo go tsone. . . . Basha ba ba sotlegang le ba ba ileng ba gobololwa, le mororo ba ile ba ikutlwela manokonoko a boikepo ka namana ba sa le babotlana, ba dumela gore Maatla a Magolo a tshwanetse a bo a le bosula. Heavy metal e gatelela ‘thuto’ e e ntseng jalo, e e ruta batho ka mmino wa yone.”
Dr. Paul King wa Yunibesithi ya Tennessee, yo o neng a tlhagisa bosupi fa pele ga Senate ya United States malebana le mmino wa heavy metal, o bolela gore basha ba le bantsi ba diganana ba rata mmino “wa ditlhogo tse di sa tlwaelegang tse di buang ka thubakanyo, letlhoo, botsoulodi, tlhakanelodikobo ya boeleele, go gobolola basadi, le go galaletsa Satane. Fa mosha a dirisa diokobatsi, o rata dilo tseno le e leng go feta.” Mmino wa heavy metal o galaletsa le go tlotlomatsa boikepo, King o ne a rialo. Mmino wa heavy metal “o tlotlomatsa boikepo go gaisa lefa e le leng pele ka nako ya dikonsarata,” o ne a rialo.
Akanyetsa matswela a kafa molaetsa wa heavy metal o neng wa tlhotlheletsa ka teng mo dilong tseno tse di latelang.
Ngogola kwa New Jersey, U.S.A., basimane ba babedi ba dingwaga tse 15 ba ne ba bolaya ntša ya mo lapeng ya Labrador e e bidiwang Princess setlhogo. “Re ne re e ntshetsa Satane setlhabelo,” ba ne ba rialo. Ba ne ba kgwagetsa ntša ka keetane ya yone, ba e ragaka go fitlha e swa, ba e kgaola leleme mme ba le dirisa mo ngwaokobamelong ya bosatane. Ba ne ba kgwagetsa mmele o o matsatsanko wa ntša eno mo kgogeng ya tshipi ba bo ba o anega mo jarateng ya baagisani. Go ne ga fitlhelwa matshwaonyana a sesatane mo tlhogong ya ntša, ga ba ga fitlhelwa le pentagram (letshwao la Sesatane—naletsana e e dintlhana di tlhano e le fa gare ga tshekeletsana) e thadilwe mo mmung fa tlase ga mmele wa ntša eno. Mo bosigong jwa pele ga ba e bolaya ba ne ba reeditse bente ya death metal e e bidiwang Deicide (mo go rayang polao ya Modimo), e moopedimogolo wa yone a ipelafatsang ka go teketa le go bolaya diphologolo.
Kwa California, basha ba babedi ba ba ratanang, ba go ya ka ditsala tsa bone ba neng ba tlhakantswe tlhogo ke kobamelo ya ga Satane, ba ne ba bolaya mmaagwe mosetsana ka go mo tlhaba le go mo itaya ka tshipi. Kwa go one motse ono, mosha mongwe o ne a rapela Satane mme morago ga moo a bolaya rraagwe ka go mo hula. Mapodise a a neng a sekaseka kgang eo ba ne ba tlhomamisa tota gore o ne a tlhotlheleditswe ke mmino wa heavy metal. “Totatota, mmino ono o ruta motho gore ga a tshwanela go reetsa batsadi le gore o tshwanetse go tshela jaaka o batla,” go ne ga rialo lepodise lengwe.
Kwa Engelane batho bangwe ba ba neng ba betelelwa ke setlhopha sengwe se se itsegeng ka tiro eno, ba ne ba begela mapodise gore mongwe wa babeteledi o ne a itshwaile ka letshwao la bente nngwe ya heavy metal e melaetsa ya dipina tsa yone e buang ka go betelela le thubakanyo.
Kwa Arkansas, kwa U.S.A., mosha mongwe wa kwa magaeng o ne a leka go bolaya batsadi ba gagwe ka go ba itaya ka molamu le go ba kgabetlelela ka thipa e kgolo ya nama. Mapodise a ne a fitlhela mo setshamekadikhaseteng sa gagwe go tobeditswe theipe gore e tshameke pina ya bente nngwe ya heavy metal, e e reng, “Altar of Sacrifice,” e molaetsa wa yone o goeletsang mafoko a a reng: “Moperesiti yo mogolo o letile go tla a tsholola madi a a itshekileng, sabole e mo seatleng. Polao ya ga Satane, loso lwa moletlo, dira jaaka a laela. Tsena mo lefelong la ga Satane . . . Ithute mafoko ano a a boitshepo a kgalaletso, ‘A go bakwe Satane.’”
Mafoko a dipina dingwe tse di opelwang ke maloko a a goang a dibente tsa heavy metal—tse gantsi balatedi ba tsone ba boraboretsang mafoko a tsone fa go le mo dikonsarateng ba tlolakaka jaaka ditsenwa, kana ba di reeditse ka diuraura mo ditheiping tsa ditshamekadikhasete—melaetsa e e ntseng jalo ya tsone e ka tlhotlheletsa basha ba ba kgatlhiwang ke sengwe le sengwe go le kana kang? Ka sekai, akanya fela ka mafoko ano a dipina: “Satane mongarona wa boleo o kaela kgato nngwe le nngwe ya rona ya ntlha,” le “Tsholola madi a gago, a a ntshelegele. Tshwara seatla sa me mme o swe . . . O tsholotse madi. Ke tshotse mowa wa gago.”
Carl Raschke o ne a kwala jaana: “Fa e le gore re a dumela gore ditshwantsho tsa batho ba ba sa aparang di ka rotloetsa motho yo o tlhakanelang dikobo le bana, mme gone ke eng fa re sa dumalane gore melaetsa ya dipina e e goeletsang mafoko a a jaaka bolaya, tsatsanka, kgemetha, teketa, nyeletsa e ka rotloetsa motho wa boboko jo bo sokameng go dira tsone dilo tseno?”
Babatlisisi gongwe le gongwe ba akanya gore kobamelo ya ga Satane le go sa dirise diokobatsi sentle ke monwana le lenala. David Toma yo e kileng ya bo e le leteketifi la ditlolomolao tse di potlana o bolela ka kutlobotlhoko gore “ga ke ise ke ko ke kopane le moobamedi wa ga Satane yo o neng a sa dirise diokobatsi.” Makasine wa ’Teen o bega gore, go dirisa diokobatsi go raraanya mathata a basha “ba ba fetogelang mo go obameleng diabolo, go dira gore go nne thata le go feta go farologanya dilo tsa mmatota le tse di lebegang e le tsa mmatota fa motho a le mo sediding sa diokobatsi le dinotagi.”
“Heavy metal ke monwana le lenala le go se diriseng diokobatsi sentle fela jaaka batho ba ba lemaletseng go betšha ba rata dilothari,” Raschke o ne a rialo. “Basha ba ba lemaletseng dikhemikale tseno ba nna thamo di thata, setlhogo, magodu e bile ba rata go tlhakanela dikobo—ba rotloediwa go dira dilo tseno tsotlhe ke kopelo le mokibo wa ditlhopha tsa mmino ono wa metal.”
Kwantle ga pelaelo, Satane a ka tlhotlheletsa mosha motlhofo fa a letla boikepo le thubakanyo di phimola tsela e e siameng ya go akanya mo bobokong jwa gagwe.
[Mafoko a a mo go tsebe 8]
Satane a ka go tlhotlheletsa motlhofo fa o letla boikepo le thubakanyo di phimola tsela e e siameng ya go akanya mo bobokong jwa gago
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
O tlatsa tlhaloganyo ya gago ka eng?