LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 10/8 ts. 31
  • Kubu E A Namola!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kubu E A Namola!
  • Tsogang!—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Dira Dilo ka Tsela e e Tshwanang Gore ba Utlwane?
    Tsogang!—2003
  • Tla O Re Pate mo Loetong lwa Rona ka Sekepe Re Tlhatloga le Chobe
    Tsogang!—1990
  • Serapa sa Diphologolo sa Nairobi—Lefelo le Diphologolo di Itsamaelang ka Kgololesego Fela mo go Lone
    Tsogang!—2003
Tsogang!—1994
g94 10/8 ts. 31

Kubu E A Namola!

KUBU ke seamusi sa bobedi ka bogolo se se tshelang mo nageng, e bokete jwa ditone di ka nna nnè. Ditlhaa tsa yone tse di nonofileng di ka robaganya mokoro ka bogare fa e ka o kuma gangwe fela. Ke gone ka moo setlhopha sengwe sa banna kwa Hwange National Park, kwa Zimbabwe, se neng sa gakgamadiwa ke go bona kubu e dira dikgakgamatso tseno—re sa feteletse dilo.

E ne ya re fa banna bano ba le gaufi le letamo, ba bona diphala tse pedi di lelekilwe ke makanyane a le robongwe. Diphala tseno di ne tsa ithabuetsa mo metsing ka gonne go ne go sena kwa di ka tshabelang teng. Makanyane a ne a tshematshema gaufi le letamo a letile go bona fa diphala tseno di neng di tla photsegela gone.

Kgabagare phala nngwe e e neng e setse e lapile e ne ya simolola go shapela e tsamaela kgakajana go ya kwa losing e sa lemoge gore makanyane a ne a e letile koo. Lefa go ntse jalo, e ne ya re fa phala eno e atamela lefatshe, banna bano ba ne ba bona kubu e e neng e le gaufi foo e shapela ntlheng ya phala. E ne ya re fa e fitlha fa go yone, go ya kafa makasine wa African Wildlife o tlhalosang ka teng, kubu e ne ya “e retolosa mme ya e kgorometsa ka go e neneketsa gore e shapele kwa letlhakoreng le lengwe.” Phala ene ya dira fela jalo. Kubu e ne ya e sala morago, e tla e kgorometsa phala go sekae fa e kete e a nwela.

E ne ya re fa phala e fitlha fa losing lwa letamo, banna bano ba ne ba bona kubu e kgorometsa phala ka bonolo mme e dirisa maatla gore e tswele kwantle kwa losing. Phala e ne ya kgokgoetsega go sekae, mme morago ya ema foo e ntse e roroma. Ka bonako fela phala ene ya simolola go katoga letamo. Kubu e ne ya e sala morago go fitlha di sa tlhole di bonala.

Go ne ga direga eng ka phala e nngwe? Banna bano ba bolela gore makanyane “a ne a lebile tiragalo eno a gakgametse, mo e bileng phala e nngwe e neng ya somoga a sa lemoge.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela