Tla O Re Pate mo Loetong lwa Rona ka Sekepe Re Tlhatloga le Chobe
KA MOKWALEDI WA TSOGANG! KWA AFRIKA BORWA
RE DUTSE mo sekepeng mo Nokeng ya Chobe mo gareng ga mpa ya borwa jwa Afrika. Karolo e e di gaisang tsotlhe ya malatsi a rona a boikhutso e gorogile. Re reetsa metsi jaaka fa a ntse a betsabetsa sekepe ka iketlo ka nako ya fa bapalami ba bangwe ba ntse ba palama. Mo dipoteng tsa noka, meseme e ntse e tshikinyega e ntse e tshikinngwa tshikinngwa ke pheswana e e monatšana. Re lebogela maru ao a re sireletsang mo letsatsing le le bogale la Afrika.
“Ekate ditlou di ka tla jaaka gale go tla go nwa metsi mo tshokologong,” Jill o bolela jalo, yoo eleng tlhogo ya dikamano tsa baagi wa hotele eo e rulaganyetsang loeto lo lo ntseng jaana. Le rona re solofela gore di tla tla. Noka ya Chobe e tumile ka ntlha ya ditlou tsa yone. Bokone jwa Botswana, joo eleng mo Noka ya Chobe e felelang teng, e na le ditlou tseo go fopholediwang gore di ka fitlha go 45 000—eo eleng palo e e di fetang tsotlhe mo borwa jwa Afrika. “Mme lefa go ntse jalo,” Jill o re tlhagisa jalo, “ka ntlha ya dipula tse di ntseng di na fa esale maloba jaana, go fetile matsatsi a le mararo re sa bone ditlou.”
Lefa go ntse jalo, Noka ya Chobe e na le dilo tse dingwe di le dintsi tse di kgatlhisang. Mo tereing nngwe eo eleng mo sekepeng, re bona go na le ditlhapi di le nne tse di suleng. “Ka metlha re aga re fitlhela bontswi ba ba jang ditlhapi ba eme ba letetse gore go latlhelwe tlhapi mo metsing,” go bolela jalo Rainford, yoo eleng moeteledipele wa rona wa sekepe wa Botswana. A re tla kgona go tsaya nngwe ya dinonyane tseno senepe ka nako ya fa e tla bo e fofela kwa tlase go tla go tsaya dijo tsa yone? Re tlala boitumelo ka nako ya fa sekepe se sengwe sa bajanala, se se bidiwang The Fish Eagle, se feta. Sekepe sa rona se bidiwa Mosi-Oa-Tunya, leo eleng leina la Se-Afrika la Diphororo tsa Victoria. Noka ya Chobe e rakana le e e maatla ya Zambezi go ka itatlhela mo diphororong tseno tse di tumileng, tseo o ka tsayang sebaka sa ura e le nngwe go fitlha kwa go tsone go tloga fano.
O ka se dumele, ka bonako fela morago ga fa sekepe sa Mosi se sena go tloga, re bona ditlou ka dibonelakgakala. Mme lefa go ntse jalo, ka maswabi, fa re santse re le kgakala thata le tsone, di boela kwa sekgweng. “Go tla go fitlha mo dibekeng di le tharo tse di fetileng,” Sandy o gakologelwa jalo, eleng yo o tsamayang le rona a ntse a re bontsha, “re ne re bona metlhape ya tsone di le makgolokgolo.” Morago ga moo, tlhokomelo ya rona e gapiwa ke dikudu di le thataro tseo di re lebileng go tswa mo dintshing tsa noka. Fa diphala tseno go atamelwa kwa go tsone ka sejanaga, gantsi di tswa di tshaba. “Di lebega di sa tshabe sekepe se se mo nokeng go le kalo,” Sandy o bolela jalo.
Go lela goo go seng kwa godimo go le kalo ga lephoi ka bonako go tsenwa gare ke segajaja se se thubang ditsebe. Ke nonyane efe eo? “Ka metlha go utlwala molelo ono oo eleng wa mofuta wa one fela wa ntswi eno ya ditlhapi ya Afrika mo Nokeng eno ya Chobe,” go tlhalosa jalo Dr. Anthony Hall-Martin mo bukeng ya Elephants of Africa. Di le nnè tsa dinonyane tseno tsa maratwa go lejwa di re lebile di le mo ditlharing tse di iphaphathileng le noka. Re akofa re ema sentle ka dikamera tsa rona ka nako ya fa Sandy a latlhela tlhapi. Ka go latelana, nonyane ya ntlha e tloga mo kaleng ya yone e bo e tla e fofela kwa go rona. Morago ga moo, re utlwa metsi a phatšhanyega e tshwere tlhapi ka thata mo menotong ya yone. Morago ga moo, nonyane eno e tlhatlogela kwa godimo e fofa ka diphuka tsa yone tse dikgolo e tswa mo metsing, e lela selelo sa phenyo—WHOW-kayow-kwow. Re gakgamadiwa thata ka tsela eo matlho, menoto, lentswe, le diphuka di kgonang go tsamaisana mmogo ka gone di kaelwa ke boboko jo bonnye jwa ntswi eno. Mo sekepeng go didimetse ga re tuu, fa e se modumo wa dikamera fela fa di ntse di tsaya dinepe, jaaka fa tiro eno e e kgatlhisang thata e boelediwa makgetlo a mangwe a le mararo.
Fa sekepe se ntse se tsamaela kwa pele, re bona motlhape wa ditlou di le 26, go akaretsa le tsa bana, di tshamekela mo metsing. Fa motho a di bogetse seo se mo gopotsa mafoko a ga Bruce Aiken mo bukeng ya gagwe ya The Lions and Elephants of the Chobe: “Fa fela di sena go intsha lenyora go sekae, tse dikgolo di dirisa dilopo tsa tsone go nna di ikgatsha ka metsi a a tsididi mo mmeleng otlhe wa tsone. Tse dingwe, segolobogolo tseo di seng dikgolo go le kalo le dipoo, go ka diragala thata gore di bete pelo fela mme di tsenelele mo nokeng mme di nne di tshameke ka go sapa le go kalapa, gantsi go bonala dintlhana tsa dilopo tsa tsone fela mo godimo ga metsi gore e nne tsone di hemang ka tsone. Lefa go ntse jalo, ga go na epe ya tsone e e jang monate go phala dinamane tsa tsone. Fano ke moo nako ya go tshameka e simologang gone, di kalapa botlhaswa fela le go nna di lelekisana . . . Fa di sena go itimola lenyora, ke nako ya gore go latele tiro e nngwe eo kwantle ga pelaelo eleng eo di e ratang thata, eleng go bidika mo seretseng. . . . Ka bonako fela, maradu a tsone a a senyang motshameko o o monate ao e reng fa a buile go bo go sa tlholwe go twe ka moso, a dira tshwetso ya gore ke nako ya gore go tsamaiwe.”
Ka maswabi, fa sekepe sa rona se segolo se atamela seo se dira gore “maradu a a senyang motshameko o o monate” a tsenwe ke tsebetsebe, mme a etelela motlhape pele gore o tsamaye mme legale eseng pele ga re tsere dinepe di sekae.
Letsatsi ga le ise le phirime, mme Noka ya Chobe e santse e na le dilo tse dingwe tse di gakgamatsang. Ka ntlha ya lorole loo lo tswang mo Sekakeng sa Kalahari seo se e dikologileng, letsatsi le phirima ka tsela e e kgatlhisang thata go pota moseja ole wa noka. Mantsiboa gape ke nako eo dikubu tse di bobodu di simololang go fudua metsi ka yone jaaka fa di ipaakanyetsa go tswa mo go one go ya go ja bobe eleng seo di se dirang mantsiboa. Fano ke selo se se molemo go bo go dirilwe gore sekepe sa rona se segolo se nne le polokesego. “O ka kgona go atamela dikubu o sa boife sepe,” go bolela jalo Rainford.
Modumo o mogolo, o o kwa godimo wa go gelebetega o re bontsha fa re setse re fitlhile fa lekadibeng la dikubu leo le leng go bapa le setlhaketlhake seo se leng mo nokeng eno. Ditlhogo tse dikgolo tsa dikubu tse di leng kafa tlase ga metsi di nna di biloga ka go latelana kafa matlhakoreng oobedi a rona. Ka tshoganyetso, dikubu di le pedi di a ragogelana ka melomo ya tsone e atlhamolotswe thata—melomo eo eleng megolo moo eleng gore motho a ka tsena a bo a sala a dutse mo teng ga yone. Morago ga moo, go tswa mo metsing ao a seng teng go le kalo a a leng go bapa le setlhaketlhake, kubu e nngwe e tla e lebile fela kwa go rona—e atamela gaufi le rona mo eleng gore mmele wa yone o o boitshegang o tlala ka leitlho la kamera ya rona. Fa metsi a ntse a nna teng go ya pele, tlhogo ya yone e a nwela, e tlogela karolo e kgolo e e kafa morago e le yone fela e bonalang kwa ntle. Morago ga moo, ka go ntsha moya mo makgwafong a yone, mmele wa yone o o boitshegang o a nwela.
Re gakgamadiwa ke go utlwa gore go sa kgathalesege go bo e na le boima jwa ditone di le nnè, kubu e majato thata fa e le mo metsing. “E kgona go sapa ka lebelo go gaisa ditlhapi di le dintsi go sa kgathalesege mmele wa yone o o boitshegang mme gantsi e ka bonwa mo metsing a a itshekileng e thuma ka bofefo e se kwa teng go le kalo,” go bolela jalo Bradley Smith mo bukeng ya gagwe ya The Life of the Hippopotamus. Kana fa di rata, dikubu di dirisa maoto a tsone a a nonofileng thata go bina ka one go kgabaganya dipota tsa noka e e boteng. Go ntse fela jaaka fa Mmopi wa motho a boletse a re:
“A u ko u bōnè kubu yana, e ke e dihileñ nau; e ya boyañ yaka kgomo. A u ko u bōnè, thata ea eōna e mo lothekeñ lwa eona, nonohō ea eōna e mo mesiheñ ea mpa ea eōna. Bōna, le ha noka e penologa, ga e rorome: e boikanyō hèla, leha Yoredane a gogomogèla le kwa molomuñ oa eōna.” (Yobe 40:15, 16, 23) Ereka re dikologilwe jaana ke dikai tseno tse di boifisang tsa “nonohō,” re lemoga kafa go tlhokafalang thata ka gone gore re bontshe tlotlo mo go Yoo o di tlhodileng. “A moñwe o ka e chwara e lebile kgotsa a moñwe o ka phunya nkō ea eōna ka serai?” Jehofa Modimo o botsa jalo, a re gakolola ka makoa a rona ao re nang le one jaaka batho.—Yobe 40:24.
Ereka kgatlhego ya rona e tserwe ke kgalalelo ya letsatsi leo le phirimang mmogo le ke kubu eno, ga re batle go tsamaya fa nako e fitlha ya gore sekepe sa rona se ikgate motlhala. Moragonyana ga moo, re le kwa mogopeng wa rona o o ruletsweng ka bojang oo o leng go bapa le noka, re bogela ka kgakgamalo e kgolo jaaka fa loapi lo fetoga go nna lobududu le mmala wa namune, mebala eo ya lone e bonala ka tsela e ntle thata mo metsing. Re tlhatlhanya ka dilo tse di kgatlhisang thata tseo re di boneng le tseo re di utlwileng. “Fa tota lo batla go atamela gaufi le ditshedi tsa naga,” Sandy o re gakolola jalo, “lo tshwanetse lwa dirisa seketswana se se kgweediwang.” Re ne ra dira tshwetso ya gore re latele kgakololo ya gagwe mme re hire sone mo tshokologong e e latelang.
Mo lekgetlong leno, kwantle ga dikubu tse di kotsi fela, eleruri re kgona go bona diphologolo tseno tsa naga re le gaufi le tsone mme ebile re kgona le go ama meseme mmogo le thepe ya noka. Re bogela diinodi jaaka fa di lepeletse mo godimo ga metsi di sa tshikinyege le go tshikinyega di batlana le ditlhatswana tse dinnyane. Dinonyane tse dingwe tse dintle di ntse di fofa go re dikologa, diinodi tse di nang le thalelotlhogo e khunou, dinonyane tse ditshumo tseo di jang dinotshe, le dipheelwane tse di seng ditilodi go le kalo. Jaanong, go bo go latela dinonyane tse dikgolo tseo di ipelelang polokesego ya ditlhaketlhake tsa mo nokeng—dihudi tsa Egepeto, dijakane, ditimeletsane, le bokokolofute, fa re umaka di sekae fela. Re feta setlhare sengwe seo bontlhanngwe jwa sone se nwetseng sotlhe mo metsing seo se kgabisitsweng ka dingwe tsa dinonyane tseno.
Kgabagare, re goroga kwa lefelong leo re neng re bone motlhape wa ditlou kwa go lone maabane. Mo nakong eno re bona poo e le nngwe fela eo e re itlhokomolosang fela e bo e tswela pele ka go nwa le go ja. Morago ga moo, ka nako ya fa re simolola go tsamaya, ya mmè eo e nang le bana e tlhaga ka tshoganyetso mo sekgweng. E a dikadika fa e re bona. Re sala re itomile sankatle re na le tsholofelo. A e santse e tla tla kana nnyaa? Ka ditebogo, e dira tshwetso ya gore e bete pelo fela mme e letle bana ba yone gore ba tle kwa go rona. Abo ke selo se se kgatlhisang jang ne go bona mmè, ngwana, le lesea ba tla ba tabogela kwa go rona!
Aiken o dira kakgelo eno go ya pele mo bukeng ya gagwe e e malebana le ditau le ditlou: “Go motlhofo go ka akanya fela kafa diphologolo tseno tse di boitshegang di tshwanetseng tsa bo di bolailwe ke lenyora ka gone letsatsi lengwe le lengwe . . . fa di konela loeto lo lotelele lo lo fisang lwa go ya kwa nokeng. Di tsamaya ka tlhoafalo le ka go natlosa dinao thata ka moo di ka kgonang ka gone, motlhape wa tsone o atisa go rotoga mo sekgweng mme o bo o tlhamalalela fela kwa lefelong leo di nwelang kwa go lone, gantsi di konela dimitara di le masome a matlhano kana di le lekgolo tse di setseng ka go ikhuna ka lebelo ka nako ya fa di dupelela metsi a a nayang botshelo.” Eleruri, re bogela re jele kgakge ka nako ya fa tse tharo tseno di eme di tlhomagane mme di nwa, ya lesea e le fa gare jaaka phio mo go tsone. Mme lefa go ntse jalo go setse go nna thari, mme re tshwanetse ra ikgata motlhala pele ga re tshwarwa ke lefifi.
Mo godimo ga ditlou, re bona dinare, dikwena, dipuku, dikudu, diphala, ditshepe, ditshwene, le dikolobe tsa naga. Re ikutlwa re patelesega go ka boifa Yoo o tlhodileng diphologolo tseno tse di farologaneng ka tsela e e jesang kgakge tsa naga le yoo o di dirileng gore di tshele mo tikologong e ntle go le kanakana. Ka setlha sa komelelo, dinonyane le diphologolo di kopanela mo nokeng di le ka dipalopalo tse di boitshegang, mme le esita le ditau, mangau, le ditshukudu di ka bonwa.
O ka nna wa tswa o nna kgakala le karolo eno e e kwa thokothoko ya Afrika, mme lefa go ntse jalo re solofela gore ka go re pata mo loetong lono lwa rona lwa ka sekepe, jaanong o tlhaloganya botoka gore ke dilo dife tse di kgatlhisang thata tseo di letetseng bao ba tsayang loeto go tlhatlogela kwa godimo le Chobe gore ba di bone.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]
All wood engravings: Animals: 1419 Copyright-Free Illustrations of Mammals, Birds, Fish, Insects, etc. by Jim Harter