LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 112
  • Sekepe se Thubega mo Setlhaketlhakeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sekepe se Thubega mo Setlhaketlhakeng
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mokoro wa Galalea—Letlotlo la Metlha ya go Kwalwa ga Baebele
    Tsogang!—2006
  • Jesu A ka Re Sireletsa
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Jesu o Tsamaya mo Metsing
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O o Tswa mo Pitlaganong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 112
Paulo le batho ba bangwe ba ba neng ba falola fa sekepe se ne se thubega ba tla mo lotshitshing la Maleta

POLELO 112

Sekepe se Thubega mo Setlhaketlhakeng

BONA! sekepe seno se mo mathateng! Se a thubega! A o bona batho bano ba ba itatlhetseng mo metsing? Bangwe ba bone ba setse ba fitlhile fa losing lwa lewatle. A Paulo le ene o teng foo? A re bone gore ke eng se se ntseng se mo diragalela.

Se lebale gore Paulo o ntse a le mo kgolegelong kwa Kaesarea ka dingwaga di le pedi. Go tswa foo ene le magolegwa a mangwe ba tsenngwa mo mokorong mme ba isiwa kwa Roma. Fa ba feta gaufi le setlhaketlhake sa Kereta, go tsoga phefo ya matsubutsubu. Phefo eno e foka ka maatla mo batsamaisi ba sekepe ba sa kgoneng go se laola. Ga ba kgone go bona letsatsi motshegare le fa e le dinaledi bosigo. Kgabagare morago ga malatsi a le mantsi, ba ba mo sekepeng ga ba tlhole ba na le tsholofelo ya gore ba tla falola.

Le fa go ntse jalo, Paulo o a ema a bo a re: ‘Ga go na le fa e le ope wa lona yo o tla latlhegelwang ke botshelo; mokoro ke one fela o tla senyegang. Ka gonne mo bosigong jo bo fetileng moengele o ne a tla kwa go nna mme a nthaya a re, “O se ka wa boifa, Paulo! O tshwanetse go ema fa pele ga mmusi wa Roma e bong Kaesara. Mme Modimo o tla boloka botlhe ba ba nang le wena mo sekepeng.”’

Mo e ka nnang bosigogare ka letsatsi la bo14 fa phefo ya matsubutsubu e sena go simolola, batsamaisi ba sekepe ba lemoga gore metsi ga a tlhole a le boteng! E re ka ba boifa gore ba ka nna ba thula matlapa mo lefifing, ba latlhela ditshetledi mo metsing. Mo mosong ba bona boemakepe. Ba swetsa ka gore ba leke go isa sekepe fa losing lwa lewatle.

Fa ba atamela gaufi le losi lwa lewatle, sekepe se thula lekhubu la motlhaba mme se a ema. Makhubu a lewatle a itaagana mo go sone mme se thubega go nna dikarolwana. Molaodi wa masole yo o ba disitseng o ba raya a re: ‘Lotlhe ba lo kgonang go thuma itatlheleng mo metsing mme lo ye kwa losing lwa lewatle. Lona ba bangwe, ba saleng morago lo bo lo tsaya dikarolwana tsa sekepe lo itshwarelela ka tsone.’ Mme ba dira jalo. Ka tsela eo, batho botlhe ba ba 276 ba ba neng ba le mo sekepeng ba kgona go fitlha mo losing lwa lewatle ba sireletsegile fela jaaka moengele a ne a solofeditse.

Setlhaketlhake seo se bidiwa Maleta. Batho ba koo ba pelonomi mme ba tlhokomela batho ba ba tswang mo sekepeng. Fa maemo a bosa a nna botoka, Paulo o tsenngwa mo sekepeng se sengwe o isiwa kwa Roma.

Ditiro 27:1-44; 28:1-14.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela