LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 84 ts. 196-ts. 197 ser. 4
  • Jesu o Tsamaya mo Metsing

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Tsamaya mo Metsing
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu A ka Re Sireletsa
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Jesu o Didimatsa Setsuatsue mo Lewatleng
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Mmusi yo o Kgonang go Laola Maemo a Bosa
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Sekepe se Thubega mo Setlhaketlhakeng
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 84 ts. 196-ts. 197 ser. 4
Jesu a tsamaya mo metsing mme a bolelela Petere gore a tle kwa go ene

THUTO 84

Jesu o Tsamaya mo Metsing

Jesu o ne a kgona go fodisa batho ba ba lwalang le go tsosa ba ba suleng. Gape o ne a kgona go laola diphefo le dipula. Fa Jesu a sena go rapela kwa thabeng, o ne a leba kwa Lewatleng la Galalea mme a bona phefo e maatla e foka. Baaposetoloi ba gagwe ba ne ba le mo sekepeng ba leka go dira gore se se ka sa tsewa ke phefo. Jesu o ne a simolola go tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa sekepeng. Baaposetoloi ba ne ba tshogile fa ba bona motho a tsamaya mo godimo ga metsi. Mme Jesu o ne a ba raya a re: ‘Se boifeng. Ke nna.’

Jesu a tsamaya mo metsing mme a bolelela Petere gore a tle kwa go ene

Petere o ne a re: ‘Morena fa e le gore ke wena, a nka tswa mo sekepeng mme ke tle kwa go wena?’ Jesu o ne a mo raya a re: ‘O ka tla.’ Petere o ne a tswa mo sekepeng a tsamaya mo godimo ga metsi a ya kwa go Jesu le fa phefo e ne e maatla thata. Mme fa a ntse a atamela, Petere o ne a leba phefo mme a tshoga. O ne a simolola go nwela mo metsing. Petere o ne a goa a re: ‘Morena, nthuse!’ Jesu o ne a mo tshwara ka seatla a bo a re: ‘Goreng o ne o belaela? O tshwanetse o ka bo o nnile le tumelo.’

Fa Jesu le Petere ba tsena mo sekepeng, ka bonako fela ke fa phefo e sisibala. O akanya gore baaposetoloi ba ile ba ikutlwa jang? Ba ne ba re: “Ruri o Morwa Modimo.”

E ne e se lekgetlo la ntlha Jesu a laola maemo a bosa. Nako nngwe fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba le mo sekepeng, Jesu o ne a ya go robala. Fa a ntse a robetse, phefo e maatla e ne ya simolola go foka. Makhubu a ne a itaagana mo sekepeng mme metsi a tsena mo go sone. Baaposetoloi ba ne ba tsosa Jesu ba goa ba re: ‘Moruti re thuse re tloga re swa!’ Jesu o ne a tsoga mme a laela lewatle a re: ‘Didimala!’ Phefo e ne ya kgaotsa. Jesu o ne a botsa baaposetoloi ba gagwe a re: ‘Goreng lo se na tumelo?’ Ba ne ba bua ba re: ‘Le eleng diphefo le lewatle di a mo utlwa.’ Baaposetoloi ba ne ba ithuta gore fa ba tshepa Jesu, ga ba tlhoke go boifa sepe.

“Tota nkabo ke le kae fa ke ne ke se na tumeloYa gore ke tla bo ke sa ntse ke tshela gore ke bone kafa Jehofa a leng molemo ka gone?”​—Pesalema 27:13

Dipotso: Ke eng se se dirileng gore Petere a simolole go nwela mo metsing? Baaposetoloi ba ga Jesu ba ile ba ithuta eng mo go ene?

Mathaio 8:23-27; 14:23-34; Mareko 4:35-41; 6:45-52; Luke 8:22-25; Johane 6:16-21

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela