LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 85 ts. 198-ts. 199 ser. 2
  • Jesu o Fodisa Batho ka Sabata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Fodisa Batho ka Sabata
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bafarasai ba Ngangisana le Monna yo o Neng a Foufetse
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Botlhogoethata jwa Bafarasai jwa go sa Bontshe Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Botlhogoethata Jwa Bafarasai Jwa go Sa Bontshe Tumelo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Fodisa Monna yo o Tsetsweng a le Sefofu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 85 ts. 198-ts. 199 ser. 2
Bafarasai ba botsa monna yo o tshotsweng a sa bone dipotso

THUTO 85

Jesu o Fodisa Batho ka Sabata

Bafarasai ba ne ba tlhoile Jesu e bile ba batla lebaka la go mo tshwara. Ba ne ba mo raya ba re a se ka a fodisa batho ka letsatsi la Sabata. Nako nngwe, o ne a bona monna yo o sa boneng a kopa mo seterateng ka letsatsi la Sabata. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: ‘Lo boneng fela gore Modimo o tlile go thusa monna yono jang.’ Jesu o ne a tsaya mmu a o kgwela mathe mme a o tshasa mo matlhong a monna yoo. Jesu o ne a mo raya a re: ‘Tsamaya o ye go tlhapa matlho kwa nokeng ya Siloame.’ Monna yoo o ne a dira jalo, mme lekgetlo la ntlha mo botshelong jwa gagwe, o ne a kgona go bona.

Batho ba ne ba sa dumele se ba se bonang. Ba ne ba re: ‘A monna yono ke ene a neng a tlhola a kopa kgotsa a ke mongwe yo o tshwanang le ene?’ Monna yoo o ne a re: ‘Ke nna ke neng ke sa bone!’ Batho ba ne ba mmotsa ba re: ‘Go tlile jang gore o bo o bona?’ Fa a sena go ba bolelela, ba ne ba mo isa kwa Bafarasaing.

Monna yoo o ne a raya Bafarasai a re: ‘Jesu o ne a ntshasa seretse mo matlhong mme a re ke ye go se tlhapa. Ke ile ka dira jalo mme ka simolola go bona.’ Bafarasai ba ne ba mo raya ba re: ‘Fa e le gore Jesu o go fodisitse ka letsatsi la Sabata, go raya gore maatla a gagwe ga a tswe kwa Modimong.’ Mme ba bangwe ba ne ba re: ‘Fa e le gore Modimo ga se ene a mo nayang maatla, o ne a se kitla a kgona go fodisa ope.’

Bafarasai ba ne ba bitsa batsadi ba monna yono ba bo ba re: ‘Go tla jang gore ngwana wa lona a bo a bona?’ Batsadi ba ne ba tshogile ka gonne Bafarasai ba ne ba re motho yo o dumelang mo go Jesu ga a kitla a letlelelwa go tsena mo lefelong la kobamelo. Ka jalo, ba ne ba re: ‘Ga re itse. Mmotseng!’ Bafarasai ba ne ba botsa monna yono dipotso tse dintsi mo a neng a ba raya a re: ‘Ke lo boleletse sengwe le sengwe. Ke eng fa lo nnetse go mpotsakaka dipotso jaana?’ Bafarasai ba ne ba galefa mme ba mo latlhela kwa ntle ga motse.

Jesu o ne a ya go batla monna yono mme a mmotsa a re: ‘A o dumela mo go Mesia?’ Monna yoo o ne a re: ‘Ke ne ke tla dumela mo go ene fa ke ne ke mo itse.’ Jesu o ne a mo raya a re: ‘Ke nna Mesia.’ A seno ga se bontshe gore Jesu o ne a utlwela batho botlhoko? Ga a ka a fodisa monna yono fela, gape o ne a mo thusa go dumela mo Modimong.

“Ga lo itse Dikwalo e bile ga lo itse maatla a Modimo. Ke lone lebaka la go bo lo fositse.”​—Mathaio 22:29

Dipotso: Jesu o ne a fodisa jang monna yo o foufetseng? Ke eng fa Bafarasai ba ne ba tlhoile Jesu?

Johane 9:1-41

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela