Kgaolo 71
Botlhogoethata Jwa Bafarasai Jwa go Sa Bontshe Tumelo
BATSADI ba mokopi yo e neng e le sefofu ba tsenwa ke letshogo fa ba bidiwa ke Bafarasai. Ba itse gore go dirilwe tshwetso ya gore ope fela yo o dumelang mo go Jesu o tla kobiwa mo ntlong ya thuto. Go kgaolwa go kopanela le ba bangwe mo motseng mo go ntseng jalo go ka lere bothata jo bogolo, segolobogolo fa lelapa le humanegile. Ka jalo batsadi bao ba bua ka botlhale.
“A eo, ke èna ñwana oa lona, eo lo reñ o tsecwe a houhetse?” Bafarasai baa botsa. “Me o bōna yañ gompiyeno?”
“Rea itse ha eo e le ñwana oa rona, a bile a na a tsecwe a houhetse,” batsadi ba ba tlhomamisetsa jalo. “Me ga re itse kaha o bōnañ ka gōna gompiyeno; le eo o mo houholotseñ matlhō, ga re mo itse.” Eleruri morwaabone o ba boleletse sotlhe se se diragetseng, mme ka botlhale batsadi ba re: “Botsañ èna; o godile; o tla ikarabèla.”
Jalo, Bafarasai ba bitsa monna yoo gape. Mo nakong eno ba leka go mo tshosa ka go mo lemotsha gore ba bone bosupi jwa gore Jesu o dirile molato mongwe. “Naea Modimo kgalalèlō,” ba mo pateletsa jalo. “Rea itse ha monna eouō e le moleohi.”
Monna yono yo e neng e le sefofu ga a ganetse tatofatso ya bone, a lemotsha ka go re: “Kgotsa a o moleohi, ga ke itse.” Mme o oketsa ka go re: “Señwe kea se itse, ka re, ke ne ke houhetse, me gompiyeno kea bōna.”
Ba leka go bona phoso mo bosuping jwa gagwe, Bafarasai ba botsa gape ba re: “O gu dihileñ? O gu houholotse matlhō yañ?”
“Ke lo boleletse gompiyeno yana,” monna o a ngongorega, “me ga loa ka loa utlwa: lo ratèlañ go ba lo go utlwa?” O ba botsa jaana ka go ba sotla: “A le lona lo rata go cwa barutwa ba gagwè?”
Karabo eno e shakgatsa Bafarasai. “Wèna o morutwa oa gagwè,” ba mo pega molato, “rona re barutwa ba ga Moshe. Rea itse ha Modimo o buile le Moshe: me kaga monna eouō, ga re itse kwa o cwañ gōna.”
Mokopi yo o boikokobetso o araba jaana, a supa fa a gakgametse: “Ana go mo go gakgamatsa yañ! ka lo sa itse kwa o cwañ gōna, leha go nntse yalo, nna, o mp[ho]uholotse matlhō.” Go ka dirwa tshwetso efe go tswa mo go seno? Mokopi o supa boammaaruri joo batho botlhe ba bo itseng: “Rea itse ha Modimo o sa utlwe baleohi: me ha motho leha e le mañ e le moōbamedi oa Modimo, a ba a diha go rata ga ōna, eouō, oa mo utlwa. E sa le ka tlhōlègō ea lehatshe ga go e se go ko go utlwiwe ha moñwe a kile a houholola matlhō a motho eo o tsecweñ a houhetse.” Ka gone, phetso e e phepafetse: “Ha motho eo a na a sa cwe Modimoñ, o na a sa kake a diha sepè.”
Bafarasai ga ba itse kafa ba ka arabang lebaka leno le le utlwalang le le tlhamaletseng, le le phepafetseng. Ga ba kgone go lebana le boammaaruri, mme jalo ba kgala monna yoo jaana: “U tsalecwe hèla mo dibiñ, me a ua re ruta?” Fa ba rialo, ba latlhela monna yoo kwa ntle, go lebega ba mo koba mo ntlong ya thuto.
Fa Jesu a utlwalela seo ba se dirileng, o batla monna yoo a bo a mo raya a re: “A u dumèla mo go Morwa Modimo?”
Mokopi yo e neng e le sefofu yono fa a araba o botsa jaana: “Me èna ke mañ, gore ke dumèlè mo go èna?”
“Ke èna eo o buañ nau,” Jesu o araba jalo.
Ka bofefo fela, monna yoo o obama fa pele ga ga Jesu a bo a re: “Morèna kea dumèla.”
Go tswa foo Jesu o tlhalosa jaana: “Ke tletse katlholō mo lehatshiñ yeno, gore ba ba sa boneñ ba bōnè; le gore ba ba bōnañ ba houhalè.”
Fa a rialo, Bafarasai ba ba mo reeditseng ba a botsa: “A le rona re houhetse?” Fa ba ne ba ka dumela gore ba foufetse mo tlhaloganyong, go ne go tla bo go na le lebaka la go bo ba ganetsa Jesu. Fela jaaka Jesu a ba bolelela jaana: “Ha lo ka bo lo no lo houhetse lo ka bo lo sena boleo.” Lefa go le jalo, ka bopeloethata ba gatelela gore ga baa foufala le gore ga ba tlhoke tshedimosetso epe ya semoya. Jalo Jesu o ba bolelela jaana: “Ke ha, loa re, Loa bōna: boleo yoa lona bo sale gōna.” Yohane 9:19-41.
▪ Ke ka ntlhayang fa batsadi ba mokopi yo o kileng ya bo e le sefofu ba tsenwa ke letshogo fa ba bidiwa ke Bafarasai, mme jalo ba araba jang ka botlhale?
▪ Bafarasai ba leka go tshosa monna yo e neng e le sefofu yono jang?
▪ Monna yoo o shakgatsa Bafarasai ka go ntsha mabaka afe a a utlwalang?
▪ Ke ka ntlhayang fa Bafarasai ba sena seipato sa go bo ba ganetsa Jesu?