Kgaolo 70
Go Fodisa Monna yo o Tshotsweng E le Sefofu
FA BAJUDA ba leka go kgobotletsa Jesu ka maje, ga a tswe mo Jerusalema. Moragonyana, ka letsatsi la Sabata, ene le barutwa ba gagwe ba ntse ba tsamaya mo motseng fa ba bona monna yo o tshotsweng e le sefofu. Barutwa ba botsa Jesu jaana: “Rabi, go no go leohile mañ? a monna eo, kgotsa batsadi ba gagwè ha e bo ne ne a tsecwe a houhetse?”
Gongwe barutwa, jaaka borabi ba Bajuda, ba dumela gore motho a ka leofa a le mo popelong ya ga mmaagwe. Mme Jesu o araba jaana: “Go no go sa leoha monna eo, leha e le batsadi ba gagwè: e ne e le gore ditihō tsa Modimo di tlè di bōnadiwè mo go èna.” Go foufala ga monna yono ga se ka ntlha ya phoso e e rileng kana boleo jo bo dirilweng ke monna yono kana batsadi ba gagwe. Go leofa ga monna wa ntlha ebong Adame go feletse ka gore batho botlhe ba nne ba ba sa itekanelang, mme ka jalo ba na le bogole jo bo jaaka go tsholwa motho a foufetse. Bogole jwa monna yono jaanong bo bulela Jesu tshono ya gore a supe ditiro tsa Modimo.
Jesu o gatisa ka moo go leng botlhokwa ka gone gore a dire ditiro tseno. “Re na le go diha ditihō tsa eo o nthomileñ go sa nntse go le motshegare,” o bua jalo. “Bosigo boè tla, yo go senañ opè eo o ka dihañ mo go yōna. E re ha ke sa nntse ke le mo lehatshiñ, ke be ke le lesedi ya lehatshe.” Mo nakong e khutshwane loso lwa ga Jesu lo tla mo thabuetsa mo lefifing la lebitla koo a ka se kang a tlhola a kgona go dira sepe gone. Mme ka nako eno ke motswedi wa lesedi la lefatshe.
Morago ga go bua dilo tseno, Jesu o kgwela mathe fa fatshe a bo a duba seretse ka one. O se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng yono a bo a re: “Ea u tlhapè mo lekadibeñ ya Siloame.” Monna o dira jalo. Mme fa a dira jalo, o kgona go bona! Abo o itumela thata jang ne fa a boa, e le lantlha a bona mo botshelong jwa gagwe!
Baagelani le ba bangwe bao ba mo itseng ba gakgametse. “Eo, a ga se èna eo o na a tla a nnèle go kopa?” ba a botsa. “Ke èna,” bangwe ba araba jalo. Mme ba bangwe ga ba dumele: “Nya, me o chwana naè.” Lefa go le jalo monna yono a re: “Ke nna.”
“Me ha e le yalo, matlhō a gago a houholocwe yañ?” batho ba batla go itse.
“Monna eo go tweñ Yesu, a duba serètsè, a se ntshasa mo matlhoñ, a nthaea, a re, Ea mo Siloame, u tlhapè; me ka tsamaea, ka ea ka tlhapa, me ka houhologa.”
“Éna o kae?” ba a botsa.
“Ga ke itse,” o a araba.
Jaanong batho bano ba isa monna yo o neng a foufetse kwa baeteledipeleng ba bone ba bodumedi, ebong Bafarasai. Bano le bone ba mmotsa gore o foufolotswe jang. “O mpeile serètsè mo matlhoñ, me ka tlhapa, me kea bōna,” monna yono o a tlhalosa.
Eleruri, Bafarasai ba tshwanetse go itumela le mokopi yono yo o fodisitsweng! Mme go na le moo ba pega Jesu molato. “Monna eouō ga aa cwa Modimoñ,” ba bolela jalo. Ke ka ntlhayang fa ba bolela jalo? “Gonne ga a ilele sabata.” Mme lefa go le jalo Bafarasai ba bangwe ba a gakgamala: “Motho eo e leñ moleohi o ka diha dichupō tse di nntseñ yalo yañ?” Ka jalo go nna le dikgaogano mo gare ga bone.
Jalo he, ba botsa monna yono jaana: “Wèna ua reñ kaga gagwè, ka e le ha a houholotse matlhō a gago?”
“Ke moperofeti,” o a araba.
Bafarasai ba gana go dumela seno. Ba tlhomamisegile gore go tshwanetse ga bo go na le tumalano ya sephiri fa gare ga ga Jesu le monna yono gore ba tsietse batho. Jalo go kgaola kgang, ba bitsa batsadi ba mokopi yono gore ba ba botsolotse. Yohane 8:59; 9:1-18.
▪ Go foufala ga monna yono go bakilwe ke eng, mme ga go a bakiwa ke eng?
▪ Bosigo jo motho ope a ka sekang a dira sepe mo go jone ke eng?
▪ Fa monna yono a fodisiwa, batho ba ba mo itseng ba itshwara jang?
▪ Bafarasai ba kgaogana jang ka go fodisiwa ga monna yono?