LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 71 ts. 168-ts. 169 ser. 9
  • Bafarasai ba Ngangisana le Monna yo o Neng a Foufetse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bafarasai ba Ngangisana le Monna yo o Neng a Foufetse
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botlhogoethata Jwa Bafarasai Jwa go Sa Bontshe Tumelo
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Botlhogoethata jwa Bafarasai jwa go sa Bontshe Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jesu o Fodisa Batho ka Sabata
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Go Fodisa Monna yo o Tshotsweng E le Sefofu
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 71 ts. 168-ts. 169 ser. 9
Monna yo o neng a foufetse o bua le Bafarasai ba ba galefileng, mme batsadi ba gagwe ba ba lebile

KGAOLO 71

Bafarasai Ba Ngangisana Le Monna Yo O Neng A Foufetse

JOHANE 9:19-41

  • BAFARASAI BA NGANGISANA LE MONNA YO O KILENG A BO A FOUFETSE

  • BAETELEDIPELE BA BODUMEDI BA “FOUFETSE”

Bafarasai ga ba dumele gore Jesu o fodisitse monna yo o tshotsweng a foufetse, ka jalo ba bitsa batsadi ba monna yoo. Batsadi bano ba a itse gore ba ka nna ba “kobiwa mo sinagogeng.” (Johane 9:22) Fa lelapa leno le ka kobiwa, Bajuda ba bangwe ba ka nna ba se ka ba tlhola ba dirisana le bone sentle e bile lelapa leno le ka nna le mathata a ikonomi.

Bafarasai ba ba botsa dipotso tseno tse pedi: “A yono ke morwaalona yo lo reng o ne a tsholwa a foufetse? Jaanong go tla jang gore a bo a bona?” Batsadi bano ba araba ba re: “Re a itse gore yono ke morwaarona le gore o ne a tsholwa a foufetse. Mme ga re itse gore go tlile jang gore a bo a bona; e bile ga re itse gore ke mang yo o dirileng gore a kgone go bona.” Tota le fa morwaabone a ba boleletse se se diragetseng, ba nna kelotlhoko ka se ba se buang, ka jalo ba raya Bafarasai ba re: “Mmotseng. O godile. A a ipuelele.”—Johane 9:19-21.

Ka jalo, Bafarasai ba bitsa monna yono gape ba bo ba mo tshosetsa ba mo raya ba re ba na le bosupi jo bo bontshang gore Jesu o phoso. Ba mo raya ba re: “Galaletsa Modimo. Re a itse gore monna yono ke moleofi.” Monna yono ga a dumalane le se ba se buang, ka jalo o ba raya a re: “Ga ke itse gore a ke moleofi.” A bo a oketsa a re: “Se ke se itseng fela ke gore ke ne ke foufetse, mme jaanong ke kgona go bona.”—Johane 9:24, 25.

E re ka Bafarasai ba sa batle go tlogela kgang eno, ba mo raya ba re: “O ne a go dira eng? O dirile jang gore o kgone go bona?” O ba araba a le pelokgale a re: “Ke setse ke lo boleletse, mme ga lo a ka lwa reetsa. Ke ka ntlha yang fa lo batla go utlwa gape? A le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?” Bafarasai ba a galefa ba bo ba mo raya ba re: “O morutwa wa monna yole, mme rona re barutwa ba ga Moshe. Re a itse gore Modimo o buile le Moshe, mme monna yono ene, ga re itse kwa a tswang teng.”—Johane 9:26-29.

Monna yono wa mokopi o a gakgamala a bo a ba raya a re: “Eleruri seno se a gakgamatsa, gore ga lo itse kwa a tswang teng, le fa go ntse jalo o dirile gore ke kgone go bona.” Go tswa foo o ba raya a re: “Re a itse gore Modimo ga a reetse baleofi, mme fa mongwe a boifa Modimo a bo a dira thato ya gagwe, o a mo reetsa. Go tswa bogologolong ga go ise go ke go utlwiwe gore mongwe o dirile gore motho yo o tshotsweng a foufetse a kgone go bona.” Mme o konela a re: “Fa monna yono a ne a sa tswe kwa Modimong, o ne a ka se kgone go dira sepe gotlhelele.”—Johane 9:30-33.

Bafarasai ba a utlwa gore se monna yono a se buang se a utlwala, le fa go ntse jalo ba a mo sotla ba re: “O tsholetswe mo boleong, mme jaanong a o ruta rona?” Go tswa foo ba a mo koba.—Johane 9:34.

Fa Jesu a sena go utlwa se se diragatseng, o bona monna yono a bo a mo raya a re: “A o dumela mo go Morwa motho?” Monna yoo o mo araba a re: “Kana ene ke mang rra, gore ke dumele mo go ene?” Jesu o mmolelela ka tlhamalalo a re: “O mmone, tota e bile, ke ene yo o buang le wena.”—Johane 9:35-37.

Monna yono o mo araba a re: “Ke dumela mo go ene, Morena.” O bontsha gore o dumela mo go Jesu le gore o a mo tlotla ka go obama fa pele ga gagwe mme Jesu o bua mafoko ano a botlhokwa: “Ke tlile mo lefatsheng gore dilo tse ke di dirang di tle di dire gore ba ba sa boneng ba bone mme ba ba bonang ba foufale.”—Johane 9:38, 39.

Bafarasai ba ba leng foo ba a itse gore ga ba a foufala. Le fa go ntse jalo, ba ka tswa ba akanya gore Jesu o bua ka bone, a raya gore ga ba kaele batho mo tseleng e e siameng. Ba mmotsa jaana ba leka go iphemela: “A le rona re foufetse?” Jesu o ba raya a re: “Fa lo ne lo foufetse, lo ka bo lo se na boleo. Mme jaanong lwa re, ‘Re a bona.’ Ka jalo, lo tla tswelela lo na le boleo.” (Johane 9:40, 41) Fa e ka bo e se barutisi ba molao mo Iseraele, re ne re tla tlhaloganya fa ba sa dumele gore Jesu ke ene Mesia. Mme e re ka ba itse Molao wa ga Moshe, ba dirile boleo jo bo masisi ka go gana go mo amogela.

  • Goreng batsadi ba monna yo o neng a foufetse ba tshoga fa Bafarasai ba ba bitsa, mme ba araba Bafarasai jang?

  • Bafarasai ba galefisiwa ke mafoko afe?

  • Goreng Bafarasai ba se na lebaka le le utlwalang la go ganetsa Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela