Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa
O o Tswa mo Pitlaganong
PAULO o mo kotsing. Ene le batho bangwe ba le 275 ba mo sekepeng se se heheutlelwang kwa le kwa ke Eurakwilo—phefo e e maatla thata kwa Mediterranean. Sefefo seno se tsubutla thata mo e bileng letsatsi le sa bonale motshegare, le dinaledi di sa bonale bosigo. Go a utlwala gore bapalami ba tshogile gore ba ka nna ba swa. Le fa go ntse jalo, Paulo o ba gomotsa ka go ba bolelela se Modimo a mo senoletseng sone mo torong: “Ga go moya ope wa lona o o tla latlhegang, go tla latlhega mokoro fela.”—Ditiro 27:14, 20-22.
Mo bosigong jwa bo14 sefefo seno se ntse se tsubutla, batsamaisi ba sekepe ba lemoga sengwe se se gakgamatsang—metsi a boteng jwa difathome di le 20 fela.a Morago ga sekgala se sekhutshwane, ba lekanya gape. Mo nakong eno, metsi a boteng jwa difathome di le 15. Naga e gaufi! Mme mafoko ano a a molemo a bolela sengwe se se tshosang. Ka gonne sekepe se ne se heheutlelwa kwa le kwa mo metsing a a boteng bosigo, se ne se ka thula matlapa mme sa thubega. Ka botlhale, batsamaisi ba sekepe ba ne ba latlhela ditshetledi. Ba bangwe ba ne ba batla go isa mokorwana kwa tlase mme ba o palame, ba leka go o tsamaisa mo lewatleng.b Mme Paulo o a ba emisa. O bolelela motlhankedi wa masole le masole jaana: “Fa banna bano ba sa nne mo mokorong, ga lo ka ke lwa bolokwa.” Motlhankedi yono o reetsa Paulo, mme jaanong bapalami botlhe ba le 276 ba leta ba le mo tlalelong gore letsatsi le tlhabe.—Ditiro 27:27-32.
Go Thubega ga Sekepe
Mo mosong, bapalami ba sekepe ba bona kgogometso nngwe e e nang le lotshitshi. Fa ba sena go nna le tshepo gape, batsamaisi ba sekepe ba kgaola ditshetledi mme ba tsholeletsa saile ya kwa pele kwa phefong. Sekepe se simolola go tsamaela kafa ntlheng ya lotshitshi—kwantle ga pelaelo batho ba ba mo go sone ba goa ka boitumelo.—Ditiro 27:39, 40.
Le fa go ntse jalo, ka tshoganetso fela, sekepe se simolola go itsetsepela mo thotaneng ya motlhaba. Se se maswe le go feta, makhubu a a nonofileng a itaagana le lemorago la mokoro, a le thuba gotlhelele. Bapalami botlhe ba tla tshwanelwa ke go tswa mo sekepeng! (Ditiro 27:41) Mme seno se baka bothata. Bontsi jwa batho ba ba mo sekepeng—go akaretsa le Paulo—ke magolegwa. Go ya ka molao wa Roma, molebeledi yo o letlang legolegwa la gagwe le tshaba o tshwanetse go otlhaiwa ka kotlhao ya legolegwa leo. Ka sekai, fa mmolai a ka tshaba, molebeledi yoo yo o sefafalele yono o ne a tla tshwanelwa ke go duela ka botshelo jwa gagwe.
Ka go boifa seno, masole a ikemisetsa go bolaya magolegwa otlhe. Le fa go ntse jalo, motlhankedi wa masole, yo o leng botsalano mo go Paulo, o a thusa. O laela gore botlhe ba ba ka kgonang, ba itatlhele mo metsing mme ba thumele kwa lefatsheng. Ba ba sa kgoneng go thuma ba itshwarelele ka dipolanka kana dilo dingwe tse di tswang mo mokorong. Ka bongwe ka bongwe, bapalami ba ba tswang mo sekepeng se se thubegileng ba gagabela kwa lotshitshing. Fela jaaka Paulo a buile, ga go na ope wa bone yo o swang!—Ditiro 27:42-44.
Kgakgamatso Kwa Maleta
Setlhopha seno se se lapileng se ne sa falolela kwa setlhaketlhakeng se se bidiwang Maleta. Baagi ba gone ke “batho ba ba buang seeng,” fa e bewa jaaka e ntse ke “ma-barbarian” (Segerika, barʹba·ros).c Mme batho ba kwa Maleta ga se dilalome. Go na le moo, Luke, yo o tsamayang le Paulo mo maetong a bone, o bega gore ba ne “ba re bontsha bopelonomi jwa setho jo bo sa tlwaelegang, gonne ba ne ba gotsa molelo ba ba ba re amogela rotlhe ka thuso ka ntlha ya pula e e neng e na le ka ntlha ya serame.” Paulo ka boene o thusa baagi ba Maleta fa ba ntse ba rwalela dikgong le go di tsenya mo molelong.—Ditiro 28:1-3, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
Ka tshoganetso fela noga e e botlhole e ithathelela mo seatleng sa ga Paulo! Baagi ba setlhaketlhake ba akanya gore Paulo o tshwanetse a bo a le mmolai. Gongwe ba akantse gore Modimo o otlhaya baleofi ka go tlhasela karolo ya mmele wa bone e e neng ya dira boleo. Mme bonang! Se se gakgamatsang baagi ba koo ke gore Paulo o tlhotlhorela noga eno e e botlhole mo molelong. Jaaka pego ya ga Luke yo o boneng ka matlho e bolela, “ba ne ba lebeletse gore [Paulo] o ne a tlile go rurutshiwa ke go fisa kgotsa a we ka tshoganyetso a swe.” Baagi ba setlhaketlhake seo ba fetola megopolo mme ba simolola go bolela gore Paulo o tshwanetse ya bo e le modimo.—Ditiro 28:3-6.
Paulo o nna dikgwedi di le tharo mo Maleta, mo nakong eno o fodisa rraagwe Pubelio, monna yo e leng molaodi wa setlhaketlhake seo, yo o neng a amogela Paulo sentle, a bo a fodisa ba bangwe ba ba tlhasetsweng ke malwetse. Mo godimo ga moo, Paulo o jala dipeo tsa boammaaruri, ga felela ka gore baagi ba Maleta ba ba itseng go amogela baeng sentle ba bone masego a mantsi.—Ditiro 28:7-11.
Thuto mo go Rona
Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Paulo o ne a lebana le dikgwetlho di le dintsi. (2 Bakorintha 11:23-27) Go ya ka pego e e fa godimo, e ne e le legolegwa ka ntlha ya dikgang tse di molemo. Go tswa foo, o ne a lebana le diteko tse a neng a sa di lebelela: sefefo se se nonofileng le go thubega ga sekepe ka ntlha ya sone. Mo dilong tseno tsotlhe, Paulo ga a ka a reketla mo boikaelelong jwa gagwe jwa go nna moreri yo o tlhoafetseng wa dikgang tse di molemo. O ne a kwala jaana malebana le se se mo diragaletseng: “Mo maemong otlhe ke ithutile sephiri sa kafa go kgora go ntseng ka gone mmogo le kafa go tshwarwa ke tlala go ntseng ka gone, kafa go nna le letlotlo go ntseng ka gone mmogo le kafa go nna mo letlhokong go ntseng ka gone. Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafilipi 4:12, 13.
Le ka motlha mathata a botshelo ga a tshwanela go senya boikaelelo jwa rona jwa go nna badiredi ba ba tlhoafetseng ba Modimo wa boammaaruri! Fa go tlhaga teko nngwe e e sa lebelelwang, re latlhela morwalo wa rona mo go Jehofa. (Pesalema 55:22) Go tswa foo, re leta ka bopelotelele go bona gore o re thusa ka tsela efe gore re itshokele teko. Le fa go ntse jalo, re tswelela pele re mo direla ka boikanyegi, re tlhomamisegile gore o amega ka rona. (1 Bakorintha 10:13; 1 Petere 5:7) Fa re nna re nitame, go sa kgathalesege se se diregang—jaaka Paulo—re ka tswa mo pitlaganong.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fathome e tsewa e le dikhubiki di le nnè, kana dimetara di le 1,8.
b Mokorwana go tewa o o neng o dirisediwa go isa batho kwa losing fa sekepe se ne se tshetletswe gaufi le lotshitshi lwa lewatle. Go bonala batsamaisi ba sekepe ba ne ba leka go boloka matshelo a bone fela ba sa kgathale ka matshelo a ba ba neng ba tla sala, ba ba neng ba sa itse go tsamaisa sekepe.
c Word Origins ya ga Wilfred Funk e bolela jaana: “Bagerika ba ne ba tseela dipuo tse dingwe kwa tlase, mme ba ne ba re di utlwala jaaka ‘bar-bar’ mme ba ne ba bitsa mongwe le mongwe yo o neng a di bua ba re barbaros.”