LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 11/8 ts. 12-14
  • Go Itirela Ditiro mo Dinageng Tse Di Tlhabologang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itirela Ditiro mo Dinageng Tse Di Tlhabologang
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgwebo ya Dijo—Mokgwa wa Seafrika
  • Dikgwebo tsa Ditirelo
  • Go Dirisa Botlhale
  • Go Bolelela ba Bangwe ka Tsholofelo ya Bokeresete Kwa Senegal
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • ‘Go Tlamela ba Ntlo ya Gago’—Go Lebana le Kgwetlho mo Mafatsheng a a Tlhabologang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Nka Bona Jang Madi?
    Tsogang!—1998
  • Tla o Bone Mmaraka wa Seafrika
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 11/8 ts. 12-14

Go Itirela Ditiro mo Dinageng Tse Di Tlhabologang

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA SENEGAL

RRAAGWE mosha yono o ne a swa e santse e le ngwana, a tlogela mmaagwe ka lelapa le legolo la bana ba le robedi. E re ka jaanong mmaagwe a tsofala, mosha yo o tshwanetse go thusa mo go tlameleng lelapa ka go senka tiro. Ga a ne a tlhola a ya sekolong jaaka a ne a eleditse. O tshwanetse go ya go batla tiro, le mororo a sa itse tiro epe kana a sa rutega.

Maemo a a tshwanang le ano a tlwaelegile mo dinageng tse di tlhabologang. Ditiro ga di bonwe motlhofo, le ba ba nang le dikerii tsa yunibesithi tota. Lefa go ntse jalo, bontsi bo ile jwa kgona go itirela ditiro ka go iketleetsa le ka go akanya se ba ka se dirang. Ditiro tse di ntseng jalo di ka nna tsa se ka tsa go humisa, lefa go ntse jalo Baebele e bolela jaana mo go 1 Timotheo 6:8: “E re fa re na le dijo le diaparo, re tlaa ritibatsa pelo mo go tsone.”

Re santse re akantse ka kgakololo eo e e ka dirang gore motho a lekalekanye dilo sentle, a re sekasekeng dingwe tsa ditsela tse di botlhale tse Bakeresete ba ba mo dinageng tse di tlhabologang ba ntseng ba tshela le go tswelela ka tsone.

Kgwebo ya Dijo—Mokgwa wa Seafrika

Dijo di batlega ka dinako tsotlhe. Fano mo Afrika Bophirima, basadi ba ba ratang go leka dilo ba ile ba bona mekgwa e mentsi e e farologaneng ya go bona merokotso ka seno. Ka sekai, bangwe ba aga leobonyana gaufi le fa go agiwang teng ba bo ba apeela badiri dijo tsa motshegare. Bangwe ba direla ba ba yang kwa tirong mo mosong dijo. Ba baya tafojana le dipankanyana, ba apaya metsi mo magaleng, ba bo ba dira sefitlholonyana—kofi e e molelo le borotho ka botoro. Mo maitsiboeng ba bula dikgwebonyana tseno gape ba bo ba rekisetsa badiri dijonyana fa letsatsi le wela. Go dira mofutanyana ono wa resetšhurente ke tiro e ntsi, mme ba ba dirang ka natla ba kgona go itshedisa.

Gape go na le gore o ka rekisa dijo tse di motlhoshwana. Basadi bangwe ba ya fa go tletseng batho teng gaufi le kwa mabenkeleng ba bo ba gadika matonkomane. Di-fataya—dikukunyana tse di tsentsweng nama mo teng di le mo morong o o babang—di rekwa motlhofo. Di tshwana fela le marotho a a tsentsweng nama a a jelwang ka moro wa nama o o tshetsweng diloki. Tseno di rekwa motlhofo kwa dinageng tsa Afrika tse di jaaka The Gambia le Mali.

Kwa Guinea-Bissau le kwa Senegal, basha ba bantsi ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba kgona go itshedisa mo bodiheding jwa nako e e tletseng ka go paka le go rekisa sengwe gape se se ratwang thata: dikukunyana tse dinnye. Moses, yo o nnang kwa Dakar, moshate wa Senegal, o tlhalosa jaana: “Nna le mosadi wa me re ne re le babulatsela ba ba kgethegileng [baefangele ba nako e e tletseng] fa re ne re nna le bana. Jaanong ke ne ka tshwanela go senka tsela ya go ba tlamela, ka jalo ke ne ka tlelwa ke mogopolo wa go dira dikuku le go di rekisa.

“Ke ne ke na le madi a mannye thata fa ke simolola, ka jalo ke ne ka tshwanela go farologanya madi a ke neng ke tshwanetse go a boloka e le morokotso le a ke neng ke tlhoka go a dirisa mo kgwebong go reka dilo tse di tlhokegang jaaka boupe le mae. Jaanong ke kgona go rekisa dikuku tse di lekaneng go ka tlamela lelapa la me le lennye.

“Mosadi wa me, Esther, o nthusa ka go roka mesese kwa gae. Seno se mo thusa gore a kgone go nna kwa gae le basimanyana ba rona ba babedi. Ka jalo, ka bobedi jwa rona, re kgona go tlamela lelapa la rona sentle, le mororo re tshela mo metlheng eno e e bokete.”

Mogopolo o mongwe wa go dira kgwebo e potlana ke ono: E re ka batho ba ba dirang ba tshwarega thata e bile gantsi ba sena nako ya go ya kwa marekelong, ba tla ya kwa lefelong le le gaufi le bone koo go rekisiwang maungo le merogo teng. Bangwe e bile ba kgona go isa merogo kwa matlong a bareki. Ba ka bolelelana ka bonako gore o a ikanyega le gore o rekisa dilo tsa boleng jo bo siameng. Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore o se ka wa bitsa madi a mantsi thata, go sa nneng jalo batho ba tla boela ba ya go reka kwa mebarakeng e ba e tlwaetseng.

Dikgwebo tsa Ditirelo

Fa go rekisa dilwana go sa go kgatlhe, akanya ka go direla batho dilo tse di farologaneng. Go ba direla mo magaeng, jaaka go phepafatsa, go apaya le go ba tlhatswetsa le go sidila diaparo, ke dilo tse ba di tlhokang thata. E bile go na le tse dingwe gape di le dintsi.

Ka sekai, a o nna gaufi le lewatle kana le kwa go rekisiwang tlhapi teng? Ke eng o sa senke tiro ya go phepafatsa ditlhapi—ka bonako e bile o sa bitse madi a mantsi? Se o se tlhokang fela ke sesane le thipa e e bogale e e segang tlhapi. Go tlhatswa dikoloi ke kgwebo e nngwe e e ka go direlang madi. O tlhoka didirisiwa dife? Kgamelo, metsi, sesepanyana, le letsela le le siameng. Kwa Dakar, basha ba ba ratang go dira dikgwebo ba bonwa mo mafelong otlhe a dikoloi di emisiwang kwa go one le mo mebileng e mentsi e e nang le meriti ba dira tiro eno.

A metsi a a tlhokega mo tikologong e o nnang mo go yone? Ka dinako tse dingwe basadi ba nna mo meleng ka diura di le dintsi ba le fa sedibeng sa metsi ba batla go tlatsa dikgamelo tsa bone. Morago ba tshwanela go a rwala ka dijana tse di bokete go a isa gae. Ka jalo bontsi bo itumelela go duela mongwe gore a ba tlisetse metsi. Selo sa botlhokwa ke go fitlha kwa sedibeng mo mosong gore o kgone go tlatsa dikgamelo tsa gago o bo o di pega mo kolotsaneng e e kgoromediwang kana e e gogwang ke ditonki. Jaanong o ka isa metsi kwa magaeng kana kwa mafelong a go berekelwang kwa go one.

A o rutegile ka tsela nngwe? Gongwe o ka nna wa ruta bana ka mafelobeke. Ditlelase tsa dinaga tse di tlhabologang gantsi di a tlala, e bile batsadi ba ka nna ba bo ba iketleeditse go duelela ngwana wa bone gore a rutiwe ke mongwe.

Sengwe gape se o ka tswang o se itse ke go loga moriri. E re ka basadi ba Baafrika ba rata go loga meriri, batho ba ba itseng seno ba ka itirela madi ka gone.

Go Dirisa Botlhale

Mo metlheng ya Baebele, mosadi wa setswerere o ne a kgona go senka ditsela tse di botlhale tsa go dira madi. Diane 31:24 ya re: “O tle a dire diaparo tsa leloba, mme a di rekise; a neele moreki meitlamo.” Ka tsela e e tshwanang, bontsi jwa batho ba ba leng mo dinageng tse di tlhabologang ba ile ba atlega mo go tlhomeng madirelonyana a mo gae kana dikgwebo tse dipotlana. Ka sekai, mmetli a ka nna a bula lebenkele le lennye mme a dira ditulonyana, dipanka, le didirisiwa dingwe tsa mo gae. Go tlhokega fela dithulusu tse di sa reng sepe. Fa o itse sengwe ka temothuo, gongwe o ka simolola kgwebo ya dikoko wa bo o rekisa mae le dikoko.

Botlhale ke selo sa botlhokwa thata fa o batla go simolola kgwebo e potlana. Batho bangwe ba ile ba dirisa dithini tse di latlhilweng go dira disutukeisi le diteranka. Bangwe ba dira bomphetšhane ka dithaere tsa dikoloi. Ba bangwe ba ile ba dira dikgamelo ka dibata tsa bogologolo. O ka dira sengwe le sengwe se o se akanyang.

Mo dinageng tse di tlhabologang go batlega fela botswerere le go akanya gore o kgone go tshela, e bile gape o tlhoka go nna pelotelele le go leba dilo sentle. Se ineele ka bonako. Fetofetoga, o iketleetse go fetola ditiro fa go tlhokega. Fa o simolola kgwebo kana tirelo nngwe tlhomamisa gore o botsa ka melao le melawana ya lefelo la lona. Bakeresete ba tshwanetse go ikobela molao wa naga.—Baroma 13:1-7.

Pele o simolola go rekisa selwana sengwe kana o dira tirelo nngwe, ipotse jaana: ‘Ke dilo dife tse di tlhokegang mo lefelong leno e bile dingwao tsa lone ke dife? Maemo a ikonomi a lefelo leno a ntse jang? A bareki ba ka kgona go duelela se ke se rekisang? Ke batho ba bakae ba ba rekisang kana ba ba dirang tiro e e tshwanang? A tota ruri ke na le botswerere, maatla, a ke a kgorometsega, nka kgona go itaya, e bile a ke kgona go rulaganya dilo jaaka go tlhokega gore ke kgone go dira seno? Tota seno se tlile go tlhoka madi a a kana kang? A ke tla tlhoka go adima madi? A ke tla kgona go duela madi a ke a adimileng?’

Potso eno ya ga Jesu e e mo go Luke 14:28 e a tshwanela: “Ke ofe wa lona yo e ka reng fa a rata go aga kago e e godileng, mme a se ka a dula pele a bala madi a yone, gore a tle a itse fa a na le a a lekanyeng go e swetsa”?

Ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o nang le botswerere kana nonofo ya go itirela kgwebo. Lefa go ntse jalo, Jehofa Modimo a ka go segofatsa fa o simolola le fa o dira maiteko o tlhoafetse o dira ka moya o o siameng. (Bapisa 2 Petere 1:5.) Ka jalo dira bojotlhe jwa gago go senka tiro—le eleng lefa o ka e itirela ka bowena!

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Go roka mesese, go tlhatswa dikoloi, go isetsa batho metsi, le go phepafatsa tlhapi ke dingwe tsa ditsela tse batho ba itshedisang ka tsone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela