‘Go Tlamela ba Ntlo ya Gago’—Go Lebana le Kgwetlho mo Mafatsheng a a Tlhabologang
“FA MONGWE a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.” Go boletse jalo moaposetoloi Paulo. (1 Timotheo 5:8) Lefa go godisa lelapa go setse go le bokete thata jaana mo dinageng tse di humileng, go dira jalo mo mafatsheng a a tlhabologang gantsi go lere kgwetlho e e boitshegang le go feta.
Ka sekai, mo Afrika mathata a ikonomi gantsi ke sengwe se se tlwaelegileng, ga a gakgamatse. Ditiro ga di bonwe, mme le fa di le teng monna le mosadi ba tlhoka go dira boobabedi gore ba kgone go itshedisa fela. Ditlhogo tsa malapa di ka tshwanela go tsamaya sekgala se seleele go bona tiro, ba tlogela basadi le bana ba bone dikgwedi—kgotsa dingwaga ba le nosi. Matlo a a lekaneng le one a ka tswa a le bokete go a bona. Malapa a le mantsi mo Afrika a magolo; ka jalo bonno jwa bone bo atisa go pitlagana, bo tlhoka le dilo tsa motheo tse di tlhokegang. Gantsi maemo a botsogo ga a nametse.
Mo godimo ga moo, ditlwaelo tsa selegae, dingwao tsa bogologolo le dikakanyo tse di tlwaelegileng di ka nna kgatlhanong le moya wa Lefoko la Modimo, Baebele. Ela tlhoko maikutlo mangwe a a atileng malebana le lenyalo le bana. Ditlhogo dingwe tsa malapa di dumela fela gore di ikarabelela go duela rente le madi a sekolo a a patelediwang fela. Basadi ba bone—ka dinako dingwe le bana ba ba godileng—ba tlogelelwa tiro ya go tlamela ka dilo tsa motheo tse di tshwanang le dijo le diaparo.
Go feta foo, banna bangwe ba na le boikutlo jwa gore “madi a me ke a me, mme fela madi a gago le one ke a me.” Seno gantsi se galefisa thata basadi ba ba tsenyang lotseno. Mosadi mongwe wa kwa Tanzania o ne a ngongorega jaana: “Madi a dirisediwa nno, e seng mo go rona kgotsa mo baneng. Re dira rotlhe, kgotsa re dire go mo feta, mme fela o tsaya madi otlhe a re bolelela gore ke a gagwe—gore o a bereketse.”
Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba baya Lefoko la Modimo kwa pele ga setso sa selegae kgotsa dikakanyo tse di tlwaelegileng. Baebele e re neela kaelo e e thusang malebana le kgang ya go tlhokomela lelapa. Ka sekai, ya re “bana ga ba a tshwanela go beela batsadi ba bone, fa e se batsadi go beela bana.” (2 Bakorinthe 12:14) Ka jalo banna ba ba boifang Modimo ba ba kgonang go bereka ga ba go tlogelele basadi ba bone kgotsa bana ba ba godileng go tlamela lelapa ka dijo le diaparo ka ntlha ya botshwakga; boikarabelo jono bo wela sentle mo magetleng a tlhogo ya lelapa.—1 Bakorinthe 11:3.
Ke boammaaruri gore lotseno lwa monna lo ka nna lwa bo lo sa lekane go tlhokomela dilo tsotlhe tse di tlhokwang ke lelapa la gagwe. Mme fela, fa mosadi wa gagwe a bona madi ka tiro e a e dirang, monna wa Mokeresete ga a kitla a kgopisega. Go na le moo, o tla mo tshola jaaka ‘molekane’ yo o tlotlegang. (Malaki 2:14) Ka jalo, ga a kitla a tsaya madi ao mosadi wa gagwe a a boneng makete le go a senyaka a sena kutlwelobotlhoko a ikgatholositse maikutlo a gagwe. Go na le moo, ene le mosadi wa gagwe ba tla “buisana” mme ba bone ka moo ba ka dirisang madi a bone go solegela lelapa lotlhe molemo ka teng. (Diane 13:10) Fa go kgonega, monna o tla letla mosadi wa gagwe go dirisa madi ka kgololesego ka selekanyo se se rileng, fela jaaka “mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng” wa mo metlheng ya Baebele a ne a dira. (Diane 31:10, 11, 16) Go latela kgakololo ya Baebele mo dilong tse di ntseng jalo go tlhatlosa boitumelo le thetebalo ya lelapa.
Go Lebana le Dikgwetlho Tsa go Tlhoka Tiro
Akanya ka bothata jwa go tlhoka tiro. Fa ditiro di tlhaela e bile di duela madi a a kwa tlase, ditlhogo di le dintsi tsa malapa a Baafrika di ile tsa ya go senka mmereko kgakala le legae—kwa meepong, mo difeketering, mo dipolasing le mo dipolantasing. Fa monna wa Mokeresete a ne a le mo boemong jono, o ne a tla iphitlhela a le kgakala le baobamedikaene mme a kopana le batho ba ba bosula. (Diane 18:1; 1 Bakorinthe 15:33) Lefa lelapa la gagwe le ne le ka leka go itshokela boemo, ba ne ba ka nna ba boga ka ntlha ya go tlhoka rre mo gae go etelela pele mo dilong tsa semoya kgotsa go ba kgothatsa mo maikutlong. Se se gakgamatsang, go se nne teng ga gagwe ka lobaka lo loleele go ka lere ditlamorago tseo go neng go tshwanetse go di kganela—mathata a madi.
Mmabana mongwe a re: “Monna wa me o ne a ile go epa gouta. O ne a ikaeletse go boa morago ga kgwedi kgotsa fa e le sengwe tse pedi. Mme e ne ya nna ngwaga! Ke ne ke tlogetswe le bana ba le barataro go ba tlhokomela. Teng foo go ne go le rente go e duelela. Ka gonne ke ne ke tshwenngwa ke go lwala, ke ne ke tshwanelwa ke go duela melato ya kwa bookelong. Re ne re tlhoka diaparo, e bile re ne re tshwanetse go ja letsatsi le letsatsi. Ke ne ke se na mmereko. Go ne go le bokete. Karolo e e bokete thata e ne e le go tlhokomela bomoya jwa bana—thuto ya lelapa, dipokano le tiro ya go rera. Ka thuso ya ga Jehofa, re ne ra kgona.”
Tota le bommabana bangwe ba ile ba patelesega go tlogela malapa a bone nako e telele ba ya go bereka. Bangwe ba tshela ka go nna babapatsi ba ba tsamayang mme ba bonwa sewelo mo gae. Ka jalo bana ba ba godileng ba patelesega go tsaya boikarabelo jwa botsadi mme ba tlhokomele dijo, ditiro tsa ntlo le go kgalema bomonnaabone. Ga ba nne le seabe mo ditirong tsa semoya sentle. Ee, lelapa le ka nna le bothata jo bo boitshegang!
Go ntse jalo, fa maemo a ikonomi a le maswe, motsadi a ka tlhoka tsela ya go tlamela lelapa la gagwe fa a sa ye go batla tiro kwa kgakala. Mo nakong ya Baebele bana ba ga Jakobe ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela malapa a bone kwa morago ba ya go batla dijo kwa Egepeto. (Genesise 42:1-5) Ka jalo fa maemo a a tshwanang le ano a tsoga gompieno, ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go sekaseka mosola wa dilo tse di bonalang fa di bapisiwa le tshenyo e e diregang mo bomoyeng le mo maikutlong ka ntlha ya go kgaogana lobaka lo loleele. Malapa a le mantsi a bona go le botoka go itshokela mathata a ikonomi go na le go kgaogana lobaka lo loleele thata. Ba gakologelwa mafoko a ga Paulo a a bonwang mo go 1 Timotheo 6:8: “E re fa re na le dijo le diaparo, re tla ritibatsa pelo mo go tsone.”—Bapisa Diane 15:17.
Gantsi go na le seo o ka se dirang mo boemong jwa go tsamaya. Ka go tsaya matsapa le bonatla, bangwe ba ne ba simolola mmereko ka go dira ditirelo tse di mosola.a (Bapisa Diane 31:24.) Kgotsa e nne kgang ya go amogela tiro e e kwa tlase e bangwe ba e lebang e se ya sepe. (Baefeso 4:28) Moaposetoloi Paulo ka boene o ne a ‘dira bosigo le motshegare’ gore a se ke a imetsa ope. (2 Bathesalonika 3:8) Banna ba Bakeresete gompieno ba ka latela sekao seo.
Mathata a go Tsena Sekolo
Bothata jo bongwe gape bo akaretsa go tsena sekolo. Mo mafelong mangwe a a kwa kgakala, go tlwaelegile gore batsadi ba romele bana ba bone go ya go nna le ba losika ka nako e telele go neela bana thuto e e lekaneng. Ba kgaogantswe le batsadi ba bone, gantsi bana ba ba ntseng jalo ba tshwara bothata jwa go ya kwa dipokanong kgotsa go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. E re ka ba sa newe kgalemo e e tlhokegang, ba wela mo seraing sa botsalano jo bo bosula motlhofo. Ka ntlha ya seo, bontsi bo tlogetse go tshela ka tsela ya Bokeresete.
Ga go na pelaelo gore thuto ya lefatshe e na le mesola ya yone. Mme fela Baebele e gatelela thata thuto ya semoya, mme Modimo o neile batsadi maikarabelo a go naya thuto e e ntseng jalo. (Duteronome 11:18, 19; Diane 3:13, 14) Le fa go ntse jalo, go tlosa ngwana mo gae ka lobaka lo loleele, go tla senya maiteko a batsadi a go mo godisetsa “mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.”—Baefeso 6:4.b
Fa ditshono tsa thuto tsa lefelo la bone di bonala di tlhaela, batsadi ba ka patelesega go dira seo ba ka se kgonang go ruta bana ba bone bokgoni jo bo rileng. Jehofa “Moruti yo Mogolo” le ene o re fa thuso. (Isaia 30:20) Diphuthego tsa mafelo a a farologaneng tsa Basupi ba ga Jehofa di rulagantse gore go nne le ditsela tse dintsinyana tsa go naya thuto. Diphuthego di le dintsi di na le ditlelase tsa go ruta go bala le go kwala. Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka mo go tshwanang ke thulaganyo e e thusang e e ka lootsang bokgoni jwa ngwana jwa go bala le go bua sentle.
Pono e e Lekalekaneng ya go Tshola Bana
Go tlamela bana go ka nna bokete bogolo jang fa ba le bantsi. Batsadi mo Afrika gantsi ba re ba rata bana, ke ka moo ba nnang le bana ba le bantsi ka moo ba kgonang ka teng! Lefa bana ba ka lebiwa jaaka motswedi wa madi, batsadi ba le bantsi ga ba kgone go ba tlamela sentle fa ba le bantsi.
Mme gone, Baebele e re “bana ke boswa jwa Jehofa.” (Pesalema 127:3) Lefa go ntse jalo, ela tlhoko gore mafoko ao a kwadilwe ka nako ya fa maemo a ne a iketlile kwa Iseraele. Morago, tlala ya leuba le ntwa tsa dira gore go tshola bana go nne bokete. (Dikhutsafalo 2:11, 20; 4:10) Ka ntlha ya maemo a a bokete a a atileng mo dinageng di le dintsi tse di tlhabologang, Bakeresete ba ba nang le maikarabelo ba tshwanetse go akanya sentle gore ke bana ba le kae ba ba ka kgonang go ba fa dijo, diaparo, bonno le thapiso sentle. Morago ga go sekaseka ditshenyegelo, banyalani ba le bantsi ba swetsa mogopolo gore ba dire kgatlhanong le ngwao mme ba lekanyetse palo ya bana bao ba nnang le bone.c—Bapisa Luke 14:28.
Ka phepafalo, tseno ke tsone “dipaka tse di tlhokofatsang.” (2 Timotheo 3:1-5) Fa tsamaiso eno ya dilo e wela mo bokhutlong jo bo sa ka keng jwa tilwa, ga go belaetse gore mathata a a tlelang malapa mo dinageng tse di tlhabologang a tla oketsega. Lefa go ntse jalo, fa ditlhogo tsa malapa di latela melao ya Lefoko la Modimo fela thata, di ka kgona go tlhokomela dilo tse di tlhokwang mo mmeleng le mo semoyeng ke malapa a bone, ka gonne Jehofa o dira tsholofetso eno go bao ba mo direlang ka boikanyegi jo bo nitameng: “Ga nketla ke go tlhokafalela gope, le gone ga nketla ke go latlha gope.” (Bahebere 13:5) Ee, le mo mafelong a a humanegileng tota, Bakeresete ba ka emelana le kgwetlho ya go tlamela ba malapa a bone ka katlego!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Go Itirela Ditiro mo Dinageng Tse Di Tlhabologang” makasineng o e leng tsala ya ono, e leng Tsogang! ya November 8, 1994.
b Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona “Dipotso Tse di Tswang Go Babadi” mo go Tora ya Tebelo ya February 1, 1983.
c Go neetswe tshedimosetso e e thusang mo motseletseleng wa “Go Laola Pelegi E Nna Kgangkgolo mo Lefatsheng,” o o tlhagelelang go Tsogang! ya March 8, 1993.