Dira ka Natla Gore Lelapa la Gago Le Bolokwe
“Lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—BAEFESIA 6:4.
1, 2. Batsadi ba lebane le dikgwetlho dife gompieno?
MAKASINE mongwe o o ratiwang thata o ne o di bitsa tsela ya diphetogo tse dikgolo. Seno se ne se le mo setlhogong sengwe se se neng se lebisitse mo diphetogong tse di gakgamatsang tse di diragetseng mo lelapeng mo dingwageng tsa bosheng jaana. Go ne ga bolelwa gore di “bakiwa ke tlhalo e e tletsetletseng, go nyala gape, go tlhala gape, bana ba dikgora, le matshwenyego a masha mo malapeng a go santseng go na le batsadi ba le babedi mo go one.” Ga go gakgamatse fa re bona matshwenyego a a ntseng jalo le go goga boima, e re ka Bibela e boleletse pele gore batho ba ne ba tla lebana le “dipaka tse di tlhokohatsañ” mo ‘metlheng eno ya bofelo.’—2 Timotheo 3:1-5.
2 Ka gone gompieno batsadi ba lebane le mathata a a neng a sa itsiwe ke dikokomana tsa nako e e fetileng. Le mororo batsadi bangwe mo go rona ba ile ba godisa bana ba bone ka ditsela tsa bomodimo go tswa “bonyaneñ,” malapa a le mantsi ke gone a sa tswang go simolola go “tsamaea mo boamarureñ.” (2 Timotheo 3:15; 3 Yohane 4) Bana ba bone ba ka tswa ba ne ba le bagolo fa batsadi ba ne ba simolola go ba ruta ditsela tsa Modimo. Mo godimo ga moo, go na le palo e e ntseng e oketsega ya malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela le malapa a a nang le motsadi wa bobedi mo gare ga rona. Go sa kgathalesege gore maemo a gago ke afe, tlhagiso eno ya moaposetoloi Paulo e a dira: “Lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4.
Batsadi ba Bakeresete le Diabe tsa Bone
3, 4. (a) Ke mabaka afe a a dirileng gore seabe sa borre se fokotsege? (b) Ke ka ntlha yang fa borre ba Bakeresete ba sa tshwanela go nna batlamedi fela mo lelapeng?
3 Ela tlhoko gore Paulo o ne a lebisitse mafoko a gagwe a a mo go Baefesia 6:4 thatathata mo go “borra bana.” Mokwadi mongwe o tlhalosa gore mo dikokomaneng tsa nako e e fetileng “borre ba ne ba ikarabelela mo boitsholong jwa bana ba bone le go ba godisa semoyeng; borre ba ne ba ikarabelela go ruta bana ba bone. . . . Mme Diphetogo tsa Diintaseteri di ne tsa senya kamano eno e e boteng; borre ba ne ba tlogela dipolasi tsa bone le mabenkele, ba ne ba tlogela magae a bone go ya go bereka kwa difeketiring mme moragonyana ba bereka mo diofising. Bommè ba ne ba sala ba tsweledisa bontsi jwa ditiro tse e kileng ya bo e le boikarabelo jwa borre. Borre ba ne ba tswelela pele ba le teng ka molomo fela.”
4 Banna ba Bakeresete: Ga lo a tshwanela go kgotsofadiwa fela ke go nna batlamedi ba lelapa, lo tlogelela basadi ba lona gore e nne bone ba thapisang le go ruta bana ba lona. Diane 24:27 e ne ya rotloetsa borre ba mo metlheng ya bogologolo jaana: “Baakanya tihō ea gago e e kwa ntlè, me u e iketleeletse kwa nageñ; me moragō ga mouō, u [agelele ba, NW] ntlo ea gago.” Ka mo go tshwanang le gompieno, jaaka monna yo o berekang, o ka nna wa tlhoka gore o bereke nako e telele le ka natla gore o kgone go itshedisa. (1 Timotheo 5:8) Lefa go ntse jalo, tsweetswee morago ga moo iphe nako gore o ‘agelele ba ntlo ya gago’—mo maikutlong le semoyeng.
5. Basadi ba Bakeresete ba ka kgona jang go dira gore malapa a bone a bolokwe?
5 Basadi ba Bakeresete: Le lona lo tshwanetse go dira ka natla gore malapa a lona a bolokwe. Diane 14:1 e bolela jaana: “Mosadi moñwe le moñwe eo o tlhalehileñ o aga ntlo ea gagwè.” Jaaka balekane ba lenyalo, wena le monna wa gago lo kopanela boikarabelo jwa go thapisa bana ba lona. (Diane 22:6; Malaki 2:14) Seno se ka akaretsa go otlhaya bana ba lona, go ba baakanyetsa gore ba ye kwa dipokanong tsa Bokeresete le mo bodiheding jwa tshimo, kana le gone go tshwara thuto ya lelapa fa monna wa gago a sa kgone go dira jalo. Gape o ka dira mo gontsi thata gore o rute bana ba lona ditiro tsa mo lelapeng, maitseo a mantle, go itlhokomela mo mmeleng, le dilo tse dingwe tse dintsi tse di mosola. (Tito 2:5) Fa banna le basadi ba dira mmogo ka tsela eno, ba ka fitlhelela dilo tse bana ba bone ba di tlhokang botoka. Tota dingwe tsa dilo tse ba di tlhokang ke dife?
Go Ba Tlhokomela ka Dilo Tse Ba Di Tlhokang mo Maikutlong
6. Bommè le borre ba dira diabe dife mo go godiseng bana ba bone mo maikutlong?
6 “Ha moamusi a ñomaèla bana ba eleñ ba gagwè,” ba ikutlwa ba bolokesegile, ba sireletsegile, ba ratiwa. (1 Bathesalonia 2:7; Pesalema 22:9) Ke bommè ba sekaenyana fela ba ba ka ganang fa ba rotloediwa gore ba tlhokomele masea a bone thata. Moperofeti Isaia o ne a botsa jaana: “A mosadi o ka lebala losea loa gagwè lo lo anyañ, gore a tlè a se ka a tlhomogèla ñwana oa sebopèlō sa gagwè pelō?” (Isaia 49:15) Ka gone bommè ba dira seabe se se botlhokwa gore bana ba gole mo maikutlong. Lefa go ntse jalo, borre le bone ba dira seabe se se botlhokwa mabapi le kgang eno. Morutisi wa malapa e bong Paul Lewis o bolela jaana: “Ga ke ise ke utlwe modirediloago ope yo o kileng a bona ngwana [yo o sa utlweng molao] a bega gore ba na le kamano e e siameng le borraabone. Ga go na lefa a le mongwe fela mo go ba le bantsintsi.”
7, 8. (a) Go na le bosupi bofe jo bo bontshang kamano e e nonofileng gareng ga ga Jehofa Modimo le Morwawe? (b) Borre ba ka kgona jang go aga kamano e e lorato le bana ba bone?
7 Ka gone go botlhokwa gore borre ba Bakeresete ba tlhagolele kamano e e lorato le bana ba bone. Ka sekai, akanya ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Jehofa o ne a bolela jaana fa Jesu a ne a kolobediwa: “U morwaake eo o ratègañ; ke itumetse thata mo go wèna.” (Luke 3:22) Mafokonyana ao fela a tlhalosa mo gontsi thata! Jehofa o ne (1) a itse Morwawe, (2) o ne a bontsha phatlalatsa gore o rata Jesu, e bile (3) o ne a itsise gore o amogela Jesu. Lefa go ntse jalo, e ne e se lone fela lekgetlho le ka lone Jehofa a bontshitseng gore o rata Morwawe. Moragonyana Jesu o ne a bolelela Rraagwe jaana: “U nthatile pele ga tlhōlègō ea lehatshe.” (Yohane 17:24) Lefa go le jalo, a tota barwa le barwadi botlhe ba ba kutlo ga ba tlhoke go itsiwe, go ratiwa, le go amogelwa ke borraabone?
8 Fa o le rre, go bonala o ka kgona go aga kamano e e lorato le bana ba gago ka go ba tshwara le go ba bolelela ka tshwanelo ka metlha gore o a ba rata. Ke boammaaruri gore, banna ba bangwe ba palelwa ke go bontsha lorato lwa bone, segolobogolo fa ba ise ba ko ba bontshiwe lorato ke borraabone. Mme lefa o ka bontsha bana ba gago lorato ka tsela e e sa reng sepe fela go ka ba solegela molemo fela thata. Ka gone, “loratō loa agèlèla.” (1 Bakorintha 8:1) Fa bana ba gago ba ikutlwa ba sireletsegile ka ntlha ya lorato lo o ba bontshang lone jaaka rre, ba tla nna ‘barwa le barwadi ba mmatota’ mme ba tla gololesega go go bolelela sengwe le sengwe.—Diane 4:3.
Go Ba Tlhokomela ka Dilo Tse Ba Di Tlhokang Semoyeng
9. (a) Batsadi ba Baiseraele ba ba neng ba boifa Modimo ba ne ba tlhokomela jang dilo tse malapa a bone a di tlhokang semoyeng? (b) Bakeresete ba na le sebaka sefe sa go ruta bana ba bone ka tsela e e sa rulaganngwang?
9 Bana le bone ba na le dilo tse ba di tlhokang semoyeng. (Mathaio 5:3) Moshe o ne a kgothatsa batsadi ba Baiseraele jaana: “Mahoko a ke a gu laolèlañ gompiyeno, a a nnè mo peduñ ea gago: Me u a rutè bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa.” (Duteronome 6:6, 7) Fa o le motsadi wa Mokeresete, o ka kgona go ruta thata ka tsela e e sa rulaganngwang, jaaka “ha u tsamaea mo tseleñ.” Nako e lo e dirisang lo palame koloi, lo ya go reka, kana lo tsamaya mmogo le bana ba gago ka ntlo le ntlo mo bodiheding jwa Bokeresete ke sebaka se se molemo sa go ruta ka nako ya fa lo iketlile. Dinako tsa dijo di molemo thata gore malapa a buisane. “Re dirisa nako ya dijo gore re bue ka dilo tse re di boneng mo letsatsing,” go tlhalosa jalo motsadi mongwe.
10. Ke ka ntlha yang fa ka dinako tse dingwe thuto ya lelapa e le kgwetlho jaana, mme ke eng se batsadi ba tshwanetseng ba ititaya sehuba go se dira?
10 Lefa go ntse jalo, gape go botlhokwa go nna le thuto e e rulagantsweng lo dirisa thuto ya Bibela ya ka metlha le bana ba lona. Ke boammaaruri gore, “boeleele bo bohelecwe mo peduñ” ya bana. (Diane 22:15) Batsadi ba bangwe ba bolela gore bana ba bone ba ka kgoreletsa thuto ya lelapa ka boomo fela. Jang? Ka go nna ba sa ritibala le go lapisega, ka go dira dilo tse di itayang tsebe tse di kgopisang (tse di jaaka go lwa le bomogoloabone le bomonnaabone), kana ka go itira e kete ga ba itse boammaaruri jwa motheo jwa Bibela. Fa seno se tla mo go reng go lwelwa gore go dirwa thato ya mang, go rata ga motsadi e tshwanetse ya nna gone go dirwang. Batsadi ba Bakeresete ga ba a tshwanela go itlhoboga ba bo ba letlelela bana gore e nne bone ba laolang lelapa.—Bapisa Bagalatia 6:9.
11. O ka dira jang gore thuto ya lelapa e nne e e itumedisang?
11 Fa e le gore bana ba gago ga ba itumelele thuto ya lelapa, gongwe go ka dirwa diphetogo dingwe. Ka sekai, a thuto e setse e le seipato sa go boeletsa diphoso tsa bana ba gago tse ba sa tswang go di dira? Gongwe go ka nna molemo thata fa lo tlotla mathata a a ntseng jalo mo sephiring. A thuto ya lona e tshwarwa ka metlha? Fa o e fetolela kwa nakong e nngwe ka ntlha ya lenaneo lengwe le o le ratang thata la thelebishene kana metshameko, go a kgonega gore bana ba gago ba se ka ba tsaya thuto ka tsela e e masisi thata. A o tlhoafetse le go nna matlhagatlhaga mo mokgweng o o tshwarang thuto ka one? (Baroma 12:8) Ee, thuto e tshwanetse ya nna e e itumedisang. Leka gore o akaretse bana botlhe. O tshwanetse wa tlhomama le go ba aga, o ntse o akgola bana ba gago ka lorato ka go bo ba akgela. Legale, o se ka wa lwela go fetsa fela se lo se ithutang, leka go fitlhelela dipelo.—Diane 23:15.
Go Otlhaya ka Tshiamo
12. Ke ka ntlha yang fa kotlhao e sa akaretse go itaya mo mmeleng ka metlha?
12 Gape bana ba tlhoka kotlhao thata. Jaaka motsadi o tshwanetse wa ba beela ditekanyetso. Diane 13:24 e bolela jaana: “Eo o rèkègèlañ thupa o ila morwawè: me eo o mo ratañ, o tla a mo oatlhaee go sa le galè.” Lefa go ntse jalo, Bibela ga e reye gore kotlhao e tshwanetse ya nna fela ya go itaya ka metlha. Diane 8:33 e bolela jaana: “Utlwañ thutō,” mme re bolelelwa gape gore “kgalemèlō e tsèna kwa teñ ga motho eo o nañ le tlhaloganyō, go heta dithupa di le lekgolo mo seeleeleñ.”—Diane 17:10.
13. Ngwana o tshwanetse go neelwa kotlhao jang?
13 Ka dinako tse dingwe, go otlhaya ka go itaya go ka nna ga tshwanela. Lefa go ntse jalo, fa o go dira o tenegile, o ka nna wa go feteletsa mme gape go bo go sa nne le matswela. Bibela e tlhagisa jaana: “Borra bana, se chwenyeñ bana ba lona, gore ba se ka ba shulahala pelo.” (Bakolosa 3:21) Eleruri, “[go gatelela go ka, NW] hetola motho eo o botlhale seeleele.” (Moreri 7:7) Mosha yo o gakaditsweng o ka nna a tsuologela le tsone ditekanyetso tse di siameng tota. Ka gone batsadi ba tshwanetse go dirisa Dikwalo fa ba otlhaya bana ba bone ka tshiamo ka tsela e e tlhomameng lefa go le jalo e le e e lekalekaneng. (2 Timotheo 3:16) Kotlhao ya bomodimo e neelwa ka lorato le ka tsela e e bonolo.—Bapisa 2 Timotheo 2:24, 25.a
14. Ke eng se batsadi ba tshwanetseng go se dira fa ba ikutlwa gore ba tlala bogale?
14 Ke boammaaruri gore, “re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi.” (Yakobe 3:2) Tota le ene motsadi yo o lorato ka tlholego fela o ka ineela mo kgatelelong ya nakwana mme a bua sengwe se se sa bontsheng bopelonomi kana a nna bogale. (Bakolosa 3:8) Fa seo se ka diragala, letsatsi le se ka la phirima ngwana wa gago a le mo tlalelong e kgolo kana wena o gaketse. (Baefesia 4:26, 27) Rarabolola kgang eo le ngwana wa gago, o mo kope maitshwarelo fa go tshwanela. (Bapisa Mathaio 5:23, 24.) Fa o bontsha boikokobetso lo tla atamelana thata le ngwana wa gago. Fa o ikutlwa gore o ka se kgone go itshwara le gore o tla nna bogale thata, kopa thuso mo bagolwaneng ba ba tlhomilweng ba phuthego.
Malapa a Motsadi Yo O Mongwe Fela le Malapa a Go Nang le Motsadi wa Bobedi
15. Bana ba ba mo malapeng a go nang le motsadi a le mongwe fela ba ka thusiwa jang?
15 Lefa go le jalo, ga se bana botlhe ba ba tlamelwang ke batsadi ba babedi. Kwa United States, ngwana a le 1 mo go ba le 4 o godisiwa ke motsadi a le mongwe. Go ne go na le ‘bana ba masiela’ mo metlheng ya Bibela, mme Dikwalo di umaka gore ba ne ba bontshiwa kamego. (Ekesodo 22:22) Gompieno, malapa a Bakeresete a a nang le motsadi a le mongwe fela ka mo go tshwanang a nna le dikgatelelo le mathata, mme ba gomodiwa ke go itse gore Jehofa ke “rra masièla, le moatlholèdi oa basadi ba ba batlhōlagadi.” (Pesalema 68:5) Bakeresete ba rotloediwa go “lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè.” (Yakobe 1:27) Badumedikarona ba ka dira mo gontsi go thusa malapa a a nang le motsadi a le mongwe fela.b
16. (a) Batsadi ba ba senang balekane ba tshwanetse go direla ba malapa a bone eng? (b) Ke ka ntlha yang fa kotlhao e ka nna thata, mme ke ka ntlha yang fa e tshwanetse go neelwa?
16 Fa o le motsadi yo o mongwe fela, ke eng se wena o ka se dirang gore se solegele lelapa la gago molemo? O tlhoka gore o nne tlhaga mo thutong ya Bibela ya lelapa, go nna gone kwa dipokanong, le mo bodiheding jwa tshimo. Lefa go le jalo, kotlhao e ka nna tiro e e bokete thata. Gongwe o santse o hutsafetse ka go bo o swetswe ke molekane yo o mo ratang. Kana o ka nna wa bo o lwa le maikutlo a go ipona molato kana go gakatsega ka ntlha ya go thubega ga lenyalo. Fa e le gore lo kopanetse bana kafa molaong, o ka nna wa tshoga gore ngwana wa gago o ka rata go ya go nna le molekane yo o kgaoganeng le ene kana yo o tlhalaneng le ene. Maemo a a ntseng jalo a ka nna a dira gore go nne thata gore o neele kotlhao e e lekalekaneng. Lefa go ntse jalo, Bibela e re bolelela gore “ñwana eo o lesiwañ hèla o tlhabisa mmagwè ditlhoñ.” (Diane 29:15) Ka jalo o se ka wa ineela ka ntlha ya go ipona molato, go utlwa pelo botlhoko, kana go nna le kgatelelo ya maikutlo ka ntlha ya molekane wa lenyalo yo o tsamaileng. Tlhoma ditekanyetso tse di mosola le tse di tlhomameng. O se ka wa ineela gore o tlole melaometheo ya Bibela.—Diane 13:24.
17. Diabe tsa balelapa di ka tlhoka go bonala sentle jang mo lelapeng la motsadi yo o mongwe fela, mme ke eng se se ka dirwang go thibela seno?
17 Lefa go ntse jalo, go ka nna ga tsoga mathata fa mmè yo o tlogetsweng ke molekane a tshwara morwawe jaaka yo o emeng mo boemong jwa monna wa gagwe—monna wa ntlo—kana a tshwara morwadie jaaka mongwe yo a tshelang diphiri tsa gagwe mo go ene, a mo imetsa ka mathata a a mo diragaletseng ka namana. Go dira jalo ga go a tshwanela e bile go tlhakanya ngwana tlhogo. Fa go sa bonale sentle gore diabe tsa motsadi le tsa ngwana ke dife, kotlhao e ka nna ya pala. A go bonale sentle gore ke wena motsadi. Fa e le gore o mmè yo o tlhokang kgakololo e e theilweng mo Bibeleng, o ye kwa bagolwaneng kana gongwe mo kgaitsading mongwe yo o godileng.—Bapisa Tito 2:3-5.
18, 19. (a) Malapa a a nang le molekane wa bobedi a lebane le dikgwetlho dife? (b) Batsadi le bana ba lelapa le go nang le molekane wa bobedi ba ka bontsha jang botlhale le temogo?
18 Malapa a a nang le molekane wa bobedi le one a lebane le dikgwetlho. Gantsi, batsadi ba bobedi ba fitlhela gore “go ratiwa ka bonako fela ke bana ba o ba fitlhelang” ga go a tlwaelega. Ka sekai, bana ba ba fitlhelwang ba ka kgopisega motlhofo fela fa ba bona motsadi a rata bana ba e leng ba gagwe go feta ba a ba fitlhelang. (Bapisa Genesise 37:3, 4.) E bile tota, bana ba motsadi wa ntlha ba ka nna ba bo ba leka go fenya bohutsana ka go bo motsadi yo mongwe a tsamaile mme ba boifa gore fa ba rata motsadi wa bobedi ka tsela nngwe go ka lebega e kete ga ba ikanyege mo go rraabone kana mmaabone wa tlholego. Go leka go neela kotlhao e e tlhokegang go ka nna ga arabelwa ka go gakololwa ka tsela eno e e bogale, ‘Ga o motsadi wa me wa mmatota!’
19 Diane 24:3 e bolela jaana: “Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyō.” Ee, gore lelapa le le nang le motsadi wa bobedi le atlege go tlhokega gore botlhe ba bontshe botlhale le temogo. Kgabagare, bana ba tshwanetse go amogela lebaka le gantsi le leng botlhoko la gore dilo di fetogile. Batsadi ba bobedi ka mo go tshwanang ba tshwanetse go ithuta go nna pelotelele le lorato, e seng go kgopisega ka pele fa ba bona e kete ga ba ratiwe. (Diane 19:11; Moreri 7:9) Pele o ka simolola go otlhaya, dira gore o nne tsala le ngwana wa motsadi wa ntlha. Go fitlha kamano eo e tlhomama, ba bangwe ba ka nna ba akanya gore go botoka go letlelela motsadi wa tlholego gore e nne ene a otlhayang. Fa go nna le mathata, lo tshwanetse lwa leka go buisana. “Mo go eo o amogetseñ kgakololō sentlè go na le botlhale,” go bolela jalo Diane 13:10.c
Tswelela Pele O Dira Gore Lelapa la Gago le Bolokwe!
20. Ditlhogo tsa malapa a Bakeresete di tshwanetse go tswelela pele di dira eng?
20 Malapa a a nonofileng a Bakeresete ga a itlele fela ka kotsi. Lona ditlhogo tsa malapa lo tshwanetse lwa tswelela pele lo dira ka natla gore malapa a lona a bolokwe. Nnang tlhaga, lo ntse lo etse tlhoko mekgwa e e sa itekanelang kana ditshekamelo tsa selefatshe. Tlhomang sekao se se molemo sa go bua, boitshwaro, lorato, tumelo, le boitsheko. (1 Timotheo 4:12) Bontshang maungo a moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Bopelotelele, go akanyetsa, go itshwarela, le go nna bonolo go tla nonotsha maiteko a gago a go ruta bana ba gago ditsela tsa Modimo.—Bakolosa 3:12-14.
21. Motho o ka dira jang gore legae la gagwe le nne le lorato, le boitumelo?
21 Ka thuso ya Modimo, leka go dira gore go rene boitumelo, le lorato mo legaeng la gago. Dirisang nako lo le mmogo jaaka lelapa, lo leka gore bobotlana lo je mmogo gangwe fela mo letsatsing. Dipokano tsa Bokeresete, tirelo ya tshimo, le thuto ya lelapa di botlhokwa. Lefa go ntse jalo, gape go na le “motlha oa go tshèga . . . le motlha oa go bina.” (Moreri 3:1, 4) Ee, rulaganyang dinako tsa go nna le boitlosobodutu jo bo agang. Go etela dimusiamo, dizoo, le mafelo a a tshwanang le ao go itumedisa lelapa lotlhe. Kana lo ka nna lwa tima thelebishene mme lwa dirisa nako eo go opela, go reetsa mmino, go tshameka, le go bua. Seno se ka thusa lelapa gore le atamelane thata.
22. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go dira ka natla gore lelapa la gago le bolokwe?
22 E kete lona batsadi ba Bakeresete lotlhe lo ka tswelela pele lo dira gore lo itumedise Jehofa fela thata lo ntse “lo uñwa mo ditihoñ cotlhe tse di molemō, lo totahala mo kicoñ ea Modimo.” (Bakolosa 1:10) Aga lelapa la gago mo motheong o o nonofileng wa go utlwa Lefoko la Modimo. (Mathaio 7:24-27) Mme o tlhomamisege gore o tla amogela maiteko a gago a go godisa bana ba gago “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Baefesia 6:4.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “Kgopolo E E mo Bibeleng: ‘Thupa ea Koatlhaō’—A E Siilwe ke Nako?” mo makasineng wa Tsogang! wa September 8, 1992.
b Bona Tora ya Tebelo ya March 1, 1981, ditsebe 18-31.
c Bona Tora ya Tebelo ya August 1, 1985, ditsebe 22-6.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Monna le mosadi ba ka dirisana mmogo jang go aga lelapa la bone?
◻ Ke dilo dife tse dingwe tse bana ba di tlhokang mo maikutlong, mme dilo tseno di ka fitlhelelwa jang?
◻ Ditlhogo tsa malapa di ka ruta bana ba bone jang ka tsela e e rulagantsweng le e e sa rulaganngwang?
◻ Batsadi ba ka otlhaya ka tshiamo jang?
◻ Ke eng se se ka dirwang gore malapa a a nang le motsadi a le mogwe fela le a a nang le molekane wa bobedi a solegelwe molemo?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Fa rre a rata ngwana le go mo amogela go botlhokwa ka gore go mo dira gore a gole mo maikutlong