Kgaolo ya Borobongwe
Malapa a Motsadi a le Mongwe a ka Atlega!
1-3. Ke eng se se dirileng gore palo ya malapa a motsadi a le mongwe e oketsege mme ba ba leng mo go one ba amiwa ke dilo dife?
MALAPA a motsadi a le mongwe a ile a bidiwa “mofuta wa malapa o o oketsegang ka bonako” kwa United States. Boemo jono bo teng mo dinageng tse dingwe tse dintsi. Palo e e kwa godimodimo thata ya ditlhalo, go tlogelana, go kgaogana mmogo le bana ba batsadi ba ba sa nyalanang e ile ya ama dimilione tsa batsadi le bana fela thata.
2 “Ke motlholagadi wa dingwaga tse 28 yo o nang le bana ba babedi. Ke tshwenyegile thata mo maikutlong e bile ga ke batle go godisa banake kwa ntle ga rraabone. Go lebega e kete ga go na ope yo o amegang ka nna. Banake ba tlhola ba mpona ke lela mme seno se ba utlwisa botlhoko,” go ne ga kwala jalo mosadi mongwe yo o senang monna. Kwa ntle ga go lwa le go galefa, go ikutlwa ba le molato le bodutu, batsadi ba bantsi ba ba nosi ba lebane le kgwetlho ya go dira kwa ntle ga legae le go dira ditiro tsa mo legaeng. Yo mongwe o ne a re: “Motsadi yo o nosi o tshwana le motho yo o tshamekisang dibolo tse dintsi ka nako e le nngwe. Fa o sena go nna o ithapisa ka dikgwedi tse thataro, o a bo o setse jaanong o kgona go tshamekisa dibolo tse nne ka nako e le nngwe. Mme fela fa o simolola go di kgona, mongwe o go latlhelela bolo e nngwe gape e ntšha!”
3 Gantsi bana ba ba mo malapeng a motsadi a le mongwe ba na le mathata a bone. Ba ka nna ba tshwanela go lwa le kutlobotlhoko fa motsadi mongwe a sena go ba tlogela fela ka tshoganetso kana a sena go tlhokafala. Basha ba bantsi ba sala ba amegile ka tsela e e botlhoko tota fa motsadi yo mongwe a ba tlogetse.
4. Re itse jang gore Jehofa o amega ka malapa a motsadi a le mongwe?
4 Go ne go na le malapa a motsadi a le mongwe mo metlheng ya Baebele. Dikwalo di umaka “ngwana wa lesiela” le “motlholagadi” kgapetsakgapetsa. (Ekesodo 22:22; Duteronome 24:19-21; Jobe 31:16-22) Jehofa Modimo o ne a sa itlhokomolose mathata a bone. Mopesalema o ne a bitsa Modimo “rramasiela, le moatlholedi wa basadi ba batlholagadi.” (Pesalema 68:5) Eleruri, Jehofa o amega ka tsela e e tshwanang ka malapa a batsadi ba ba nosi le gompieno! Eleruri, Lefoko la gagwe le na le melaometheo e e ka ba thusang gore ba atlege.
GO KGONA DITIRO TSA MO LEGAENG
5. Batsadi ba ba nosi ba lebana le mathata afe kwa tshimologong?
5 Akanya fela ka tiro ya go laola legae. “Go na le dinako tse dintsi tse o eletsang go ka bo o na le monna,” go dumela jalo mosadi mongwe yo o tlhadilweng, “jaaka fa koloi ya gago e simolola go dira medumonyana mme o sa itse gore e tswa fa kae.” Banna ba ba sa tswang go tlhalwa kana ba ba sa tswang go swelwa ke basadi ba ka nna ba tlalelwa ka ntlha ya ditiro tse dintsintsi tsa legae tse ba tshwanetseng go di dira. Bana bone ba ikutlwa ba sa tlhomama e bile ba sa sireletsega fa dilo di sa rulaganngwa mo lelapeng.
6, 7. (a) “Mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng” yo o umakiwang mo go Diane o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo? (b) Go dira ditiro tsa mo lelapeng ka botlhaga go thusa malapa a motsadi a le mongwe jang?
6 Ke eng se se ka thusang? Akanyetsa sekao se se neng sa tlhomiwa ke “mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng” yo o tlhalosiwang mo go Diane 31:10-31. Dilo tse dintsi tse a neng a kgona go di dira di a gakgamatsa—go reka, go rekisa, go roka, go apaya, go reka matlo le ditsha, go lema le go tsamaisa kgwebo. Ke eng se se neng sa mo thusa go atlega? O ne a dira ka natla, a dira go fitlha e nna bosigo e bile a simolola ditiro tsa gagwe phakela. E bile o ne a rulaganya dilo sentle, a neela ba bangwe ditiro e bile a dira ka diatla tsa gagwe gore a kgone go tlamela ba bangwe. Ga go gakgamatse go bo a ne a bakwa!
7 Fa e le gore o motsadi yo o esi, dira ditiro tsa gago tsa mo legaeng ka tshwanelo. Kgotsofalela se o se dirang, ka go bo se tla itumedisa bana ba gago. Lefa go ntse jalo, go botlhokwa gore o akanyetse kwa pele le go rulaganya dilo. Baebele ya re: “Dikgopolo tsa batlhoafadi di ganelela kwa letlotlong fela.” (Diane 21:5) Rre mongwe yo o senang mosadi o ne a dumela jaana: “Ke akanya ka dijo fela fa ke setse ke tshwerwe ke tlala.” Mme dijo tse o di akanyeditseng kwa pele di a otla e bile di rokotsa mathe go feta tse di dirilweng fela ka bonako. O ka nna wa tshwanela go dirisa diatla tsa gago ka ditsela dingwe tse disha. Bommè bangwe ba ba senang banna ba ile ba kgona go penta, go baakanya diphaepe tsa metsi le go baakanya dikoloi ka go botsa ditsala tse di nang le kitso, go leba dibuka tse di tlhalosang dilo le go botsa baitse.
8. Bana ba ba mo lelapeng la motsadi a le mongwe ba ka thusa jang mo legaeng?
8 A go siame gore o kope bana gore ba thuse? Mmè mongwe yo o senang monna o ne a tlhalosa jaana: “O batla go dira gore bana ba se ka ba tlhoafalela motsadi yo mongwe thata ka go ba tlhofofaletsa dilo.” Seo se siame mme gongwe se ka se ka sa solegela ngwana molemo thata. Basha ba ba boifang Modimo ba metlha ya Baebele ba ne ba newa ditiro tse di ba tshwanetseng. (Genesise 37:2; Sefela sa Difela 1:6) Ka jalo, le mororo o tla ela tlhoko gore o se ka wa imetsa bana ba gago, o tla bo o dira sentle fa o ba abela ditiro tse di tshwanang le go tlhatswa dijana le go boloka dikamore tsa bone di le phepa. Ke eng fa lo sa dire ditiro dingwe mmogo? Seno se ka nna monate tota.
KGWETLHO YA GO ITLAMELA
9. Ke eng fa bommè ba ba senang banna gantsi ba nna le mathata a madi?
9 Batsadi ba bantsi ba ba nosi ba fitlhela go le bokete tota go itlamela ka madi mme e bile basadi ba babotlana ba ba sa nyalwang gantsi ke bone ba nnang le mathata tota.a Kwa dinageng tse dipuso tsa tsone di kgonang go thusa, go ka nna botlhale gore ba dirise thuso eo, gongwe go fitlha ba bona tiro. Baebele e letla Bakeresete go dirisa dithulaganyo tseo fa go tlhokega. (Baroma 13:1, 6) Batlholagadi le batho ba ba tlhadilweng ba lebana le mathata a a tshwanang. Ba le bantsi ba ba patelesegang go boela kwa tirong ba sena go nna mo gae ka dingwaga tse dintsi, gantsi ba bona fela ditiro tse di duelang madi a a kwa tlase. Ba bangwe ba kgona go tokafatsa maemo a bone ka go ithapisetsa ditiro tse di rileng kana dikhoso tse dikhutshwane tsa sekolo.
10. Mmè yo o senang monna a ka tlhalosetsa bana ba gagwe lebaka la go bo a tshwanetse go ya go senka tiro jang?
10 O se ka wa gakgamala fa bana ba gago ba sa itumele fa o ya go batla tiro e bile o sa ikutlwe o le molato. Go na le moo, ba tlhalosetse lebaka la go bo o tshwanetse go ya go dira mme o ba thuse go tlhaloganya gore Jehofa o batla gore o ba tlamele. (1 Timotheo 5:8) Bana ba bantsi ba simolola go tlwaela seemo morago ga lobakanyana. Lefa go ntse jalo, leka go dirisa nako e ntsinyana le bone go ya kafa thulaganyo ya gago e go letlang ka teng. Go ba tlhokomela jalo ka lorato go ka thusa gape go fokotsa mathata ape fela a madi a lelapa le ka nnang nao.—Diane 15:16, 17.
KE MANG YO O TLAMELANG?
11, 12. Batsadi ba ba nosi ba tshwanetse go boloka melelwane efe, mme ba ka dira jalo jang?
11 Go tlwaelegile gore batsadi ba ba nosi ba atamalane thata le bana ba bone, lefa go ntse jalo ba tshwanetse go tlhokomela gore ba se ka ba tlola melelwane e ba e tlhometsweng ke Modimo e e fa gare ga batsadi le bana. Ka sekai, go ka nna le mathata a a masisi tota fa mmè yo o senang monna a lebelela gore morwawe a dire maikarabelo a monna wa lelapa kana a bolelela morwadie mathata a gagwe, a imetsa mosetsana ka mathata a dilo tse di amang ene ka namana. Go phoso go dira jalo, go ngomola pelo e bile go ka dira gore ngwana a tlalelwe.
12 Tlhomamisetsa bana ba gago gore o tlile go ba tlamela gonne o motsadi wa bone—e seng bone ba tlamela wena. (Bapisa 2 Bakorinthe 12:14.) Ka dinako tse dingwe, o ka tlhoka kgakololo kana go engwa nokeng. E senke mo bagolwaneng ba Bakeresete kana mo basading ba ba godileng ba Bakeresete, e seng mo baneng ba gago ba bannye.—Tito 2:3.
GO KGALEMELA KA METLHA
13. Mmè yo o senang monna a ka nna le bothata bofe fa go tla mo go kgalemeleng?
13 Go motlhofo gore monna a reediwe fa a kgalemela mme mosadi a ka nna le mathata fa a dira seno. Mmè mongwe yo o senang monna a re: “Bomorwaake ba godile e bile ba bua ka dikodu. Ka dinako tse dingwe ke nna le bothata jwa go utlwala ke sa fetsa mogopolo kana ke le bokoanyana fa ke bapisiwa le bone.” Mo godimo ga moo, o ka tswa o santse o hutsafaletse motho yo o neng o nyalane nae yo o neng o mo rata yo o tlhokafetseng kana o ikutlwa o le molato kana o galefile ka ntlha ya lenyalo le le thubegileng. Fa e le gore lo kgona go bona bana ba lona lotlhe, o ka nna wa ikutlwa o boifa gore ngwana wa gago o rata go nna le motho yono yo o kileng wa bo o nyalane nae go na le wena. Maemo a a ntseng jalo a ka dira gore go nne bokete go kgalemela bana.
14. Batsadi ba ba nosi ba ka lekalekanya dilo jang fa go tla mo go kgalemeleng?
14 Baebele e bolela gore “ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong.” (Diane 29:15) Jehofa Modimo o go ema nokeng fa o tlhoma melao ya lelapa le fa o dira gore e ikobelwe, ka jalo, se letle go ipega molato, go ikgala kana poifo di go fekeetse. (Diane 1:8) Se letle gore melaometheo ya Baebele e tlolwe. (Diane 13:24) Leka go nna tekatekano, o dire dilo ka tsela e e tshwanang ka metlha o bo o tlhomame. Fa nako e ntse e tsamaya bontsi jwa bana bo tla dira sengwe ka gone. Lefa go ntse jalo, o batla go akanyetsa maikutlo a bana ba gago. Rre mongwe yo o senang mosadi a re: “Ke ne ka tshwanela go ba otlhaya ke ntse ke supa kutlwelobotlhoko gonne ba ne ba santse ba utlwisitswe botlhoko ke loso lwa mmaabone. Ke leka go bua le bone ka dinako tsotlhe. Re na le ‘dinako tse re bulelanang mafatlha ka tsone’ fa re apaya dijo tsa maitseboa. Ke yone nako e ba mpulelang mafatlha a bone ka yone.”
15. Motsadi yo o tlhadilweng o tshwanetse go tila dilo dife fa a bua ka yo a kileng a bo a nyalane nae?
15 Fa e le gore o tlhadilwe, ga o ne o solegelwa molemo ka gope fa o leka go nyenyefatsa yo o kileng wa bo o nyalane nae. Bana ba utlwa botlhoko fa batsadi ba tlhola ba omana e bile go dira gore ba se ka ba ba tlotla. Ka gone, tila go tlhola o ba tlhaba ka mafoko a a jaaka: “O tshwana fela le rraago!” Lefa yo o kileng wa bo o nyalane nae a go utlwisitse botlhoko go le kana kang, e santse e le motsadi wa ngwana wa gago, yoo lo tlhokang go mo rata, go mo tlhokomela le go mo kgalemela loobabedi.b
16. Ke dithulaganyo dife tsa semoya tse di tshwanetseng go nna karolo ya kgalemelo ka metlha mo lelapeng la motsadi yo o nosi?
16 Jaaka go setse go tlotlilwe mo dikgaolong tse di fetileng, kgalemelo e akaretsa thapiso le kaelo e seng kotlhao fela. Lo ka tila mathata a mantsi fa lo na le thulaganyo e e molemo ya thapiso ya semoya. (Bafilipi 3:16) Go botlhokwa thata go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Bahebere 10:24, 25) Go ntse fela jalo le ka thuto ya lelapa ya Baebele ya beke le beke. Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go tshwara thuto e e ntseng jalo ka metlha. “Fa o sena go fetsa letsatsi lotlhe o dira, o batla fela go ikhutsa,” go bolela jalo mmè mongwe yo o kelotlhoko thata. “Lefa go ntse jalo ke fetola mogopolo wa me gore ke kgone go ithuta le morwadiake, ke itse gore ke selo se ke tshwanetseng go se dira. O itumelela thuto ya lelapa fela thata!”
17. Ke eng tota se re ka se ithutang ka kgodiso e e molemo ya tsala ya ga Paulo, Timotheo?
17 Go lebega Timotheo, tsala ya ga moaposetoloi Paulo, a ne a rutilwe melaometheo ya Baebele ke mmaagwe le mmaagwemogolo—mme ga a rutiwa ke rraagwe. Lefa go ntse jalo, a bo Timotheo e ne ya nna Mokeresete yo o tlhomologileng jang ne! (Ditiro 16:1, 2; 2 Timotheo 1:5; 3:14, 15) O ka solofela go bona matswela a a molemo fa o leka go godisetsa bana ba gago “mo kwatlhaong le mo taong ya Morena.”—Baefeso 6:4.
GO FENYA NTWA YA GO JEWA KE BODUTU
18, 19. (a) Motsadi yo o nosi a ka jewa ke bodutu jang? (b) Ke kgakololo efe e e newang go thusa go laola dikeletso tsa nama?
18 Motsadi mongwe yo o nosi o ne a bua jaana ka kutlobotlhoko: “Fa ke tla gae mme ke bona mabota ano a mane, segolo thata fa bana ba sena go robala, ke ikutlwa ke jewa ke bodutu tota.” Ee, gantsi bodutu ke bothata jo bogolo jo motsadi yo o nosi a lebanang le jone. Ke selo sa tlholego fela gore motho a eletse botsalano jo bo lorato le katamalano e e leng teng mo lenyalong. A motho o tshwanetse go leka go rarabolola bothata jono ka tsela nngwe le nngwe fela? Mo motlheng wa ga moaposetoloi Paulo, batlholagadi bangwe ba babotlana ba ne ba letla “maikutlo a bone a a tlhotlheletsang tlhakanelodikobo go ba kgaoganya le Keresete.” (1 Timotheo 5:11, 12, NW) Go tla nna kotsi go letla keletso ya nama go fekeetsa ditiro tsa semoya.—1 Timotheo 5:6.
19 Monna mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Keletso ya tlhakanelodikobo e tla e nonofile thata mme o ka kgona go e laola. Fa o tlelwa ke kgopolo nngwe, ga o a tshwanela go akanya thata ka yone. O tshwanetse go e tlosa. Go akanya ka ngwana wa gago go a thusa.” Lefoko la Modimo le gakolola jaana: “Bolayang ditokololo tsa lona tse di ganelelang mo [keletsong ya tlhakanelodikobo, NW].” (Bakolosa 3:5) Fa e le gore o ne o leka go bolaya keletso ya gago ya dijo, a o ne o tla bala makasine o o nang le ditshwantsho tsa dijo tse di monate, kana a o ne o tla nna le batho ba ba tlholang ba bua fela ka dijo? Nnyaa! Go ntse fela jalo le ka dikeletso tsa nama.
20. (a) Ke dikotsi dife tse ba ba ratanang le ba ba sa dumeleng ba ka welang mo go tsone? (b) Batho ba ba seng mo lenyalong ba lekgolo la ntlha la dingwaga le ba jaanong ba ile ba lwa le go jewa ke bodutu jang?
20 Bakeresete bangwe ba ne ba ratana le batho ba ba sa dumeleng. (1 Bakorinthe 7:39) A seno se ne sa rarabolola bothata jwa bone? Nnyaa. Mosadi mongwe wa Mokeresete yo o tlhadilweng o ne a tlhagisa jaana: “Go na le selo se le sengwe se se maswe go feta go nna o sa nyalwa. Ke go nyalana le motho yo o phoso!” Ga go na pelaelo gore batlholagadi ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tle ba jewe ke bodutu, mme ba ba botlhale ba ne ba ‘boloka baeng, ba tlhapisa baitshepi dinao, ba thusa ba ba mo pitlaganong.’ (1 Timotheo 5:10) Bakeresete ba ba ikanyegang gompieno ba ba ileng ba leta dingwaga tse dintsi pele ba bona motho yo ba ka nyalanang nae yo o boifang Modimo ba ile ba dira ditiro tse di tshwanang. Motlholagadi mongwe wa Mokeresete wa dingwaga tse 68 o ne a simolola go etela batlholagadi ba bangwe fa a ne a jewa ke bodutu. O ne a re: “Ke fitlhela ke sa jewe ke bodutu fa ke eta jaana, ke dira tiro ya me ya mo legaeng le ka go itlamela semoyeng.” Go ruta batho ka Bogosi jwa Modimo ke tiro e e molemo tota.—Mathaio 28:19, 20.
21. Thapelo le botsalano jo bo siameng di ka thusa go leleka bodutu ka tsela efe?
21 Gone mme, bodutu ga bo na kalafi epe ya ka bonako. Mme nonofo e e tswang kwa go Jehofa e ka go thusa gore o bo itshokele. Mokeresete o bona nonofo e e ntseng jalo fa a ‘tsweletse mo mekokotlelong le mo merapelong bosigo le motshegare.’ (1 Timotheo 5:5) Ee, mekokotlelo ke go kopa ka tlhoafalo, ee, go kopa thuso, gongwe e bile o bokolela le go tsholola dikeledi. (Bapisa Bahebere 5:7.) Go bolelela Jehofa mathata a gago “bosigo le motshegare” go ka thusa tota. Mo godimo ga moo, botsalano jo bo siameng bo ka tlosa bodutu. Botsalano jo bo molemo bo ka dira gore motho a utlwe “lefoko le le molemo” le le tlhalosiwang ke Diane 12:25.
22. Ke dilo dife tse fa di akanyediwa di ka thusang fa motho a ikutlwa a jewa ke bodutu nako le nako?
22 Fa o ntse o ikutlwa o jewa ke bodutu nako le nako—jaaka go tla diragala—gakologelwa gore ga go na motho yo o siametsweng ke sengwe le sengwe mo botshelong. Ke boammaaruri gore ‘bakaulengwe ba ba mo lefatsheng lotlhe’ ba nna le mathata ka ditsela dingwe. (1 Petere 5:9) Tila go nnela go akanya ka dilo tsa nako e e fetileng. (Moreri 7:10) Akanya ka dilo tse di molemo tse o nang natso. Mo godimo ga moo, ititeye sehuba gore o batla go boloka bothokgami jwa gago le go itumedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.
KAFA BA BANGWE BA KA THUSANG KA TENG
23. Bakeresete ba bangwe ba na le boikarabelo bofe mo batsading ba ba nosi ba ba mo phuthegong?
23 Kemonokeng le thuso ya Bakeresetekawena ga e kake ya lekanngwa le sepe. Jakobe 1:27 ya re: “Tumelo e e itshekileng, e e sa leswefalang fa pele ga Modimo le Rraetsho, ke e, go lekola masiela le basadi ba batlholagadi mo pitlaganong ya bone.” Ee, Bakeresete ba tshwanetse go thusa malapa a batsadi ba ba nosi. Ba ka dira seno ka ditsela dife tse di mosola?
24. Malapa a motsadi yo o nosi a a tlhokang a ka thusiwa jang?
24 Ba ka thusiwa ka dilo tsa senama. Baebele ya re: “Le fa e le mang yo o nang le dilo tsa lefatshe, mme a bona mogagabo a tlhoka, a ikitsa go mo tlhomogela pelo, ana lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene?” (1 Johane 3:17) Lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranolwang jaaka “bona” ga le kaye go gadima fela, gape le kaya go leba ka maikaelelo. Seno se supa gore Mokeresete yo o ratang go aba yono o tshwanetse go itse pele maemo le dilo tse lelapa leo le di tlhokang. Gongwe le tlhoka madi. A mangwe a ka tswa a tlhoka go baakanyediwa dilo dingwe mo ntlong. Kana a ka itumelela go lalediwa go tla go ja dijo kana kokoano nngwe.
25. Bakeresete ba bangwe ba ka supetsa batsadi ba ba nosi kutlwelobotlhoko jang?
25 Mo godimo ga moo 1 Petere 3:8 e bolela jaana: “Nnang maikutlo mangwe fela lotlhe, lo le pelotlhomogi, lo ratana jaaka bana ba monna, lo le pelonamagadi.” Motsadi mongwe yo o nosi yo o nang le bana ba le barataro o ne a re: “Go bokete tota e bile ka dinako tse dingwe ke tshwenyega thata mo maikutlong. Lefa go ntse jalo, mokaulengwe mongwe kana kgaitsadi ka dinako dingwe o nthaya a re: ‘Joan, o dira sentle. O tlile go bona masego tota.’ Go thusa tota go itse gore ba bangwe ba akanyang ka wena le gore ba amega ka wena.” Basadi ba ba godileng ba Bakeresete ba ka nna ba thusa basadi ba meroba ba e leng batsadi ba ba nosi thata, ba ba reetsa fa ba na le mathata a ba ka nnang ba se ka ba kgona go bua ka one le motho wa monna.
26. Banna ba ba godileng ba Bakeresete ba ka thusa bana ba ba senang borraabone jang?
26 Banna ba Bakeresete ba ka thusa ka ditsela tse dingwe gape. Monna yo o siameng Jobe o ne a re: “Ke ne ke pholosa . . . lesiela le le se nang ope yo o le thusang.” (Jobe 29:12) Banna ba bangwe ba Bakeresete le bone ba kgatlhegela bana ba ba senang borraabo mme ba ba bontsha “lorato lo lo tswang mo pelong e e itshekileng,” ba sena maikaelelo a a bosula. (1 Timotheo 1:5) Ba bangwe ba ka nna ba laletsa basha ba ba ntseng jalo gore ba dire le bone mo bodireding jwa Bokeresete e bile ba ka nna ba ba laletsa go kopanela le bone thuto ya lelapa kana go itapolosa le bone mme ba dira jalo ba sa tlhokomologe malapa a bone. Bopelonomi jo bo ntseng jalo bo ka falotsa ngwana yo o senang rraagwe gore a se ka a nna seganana.
27. Batsadi ba ba nosi ba ka tlhomamisa gore ba tla engwa nokeng jang?
27 Gone mme, kwa bofelong, batsadi ba ba nosi ba tshwanetse go ‘ithwalela merwalo’ ya boikarabelo jwa bone. (Bagalatia 6:5) Lefa go ntse jalo, ba ka ratiwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete le ke Jehofa Modimo ka boene. Baebele e bolela jaana ka ene: “O tshegetsa khutsana le mosadi wa motlholagadi.” (Pesalema 146:9) Malapa a motsadi a le mongwe a ka atlega ka ntlha ya thuso ya Gagwe e e lorato!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa Mokeresete yo mmotlana a ithwala ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang, phuthego ya Bokeresete ga e mpampetse se a se dirileng. Mme fa a ikwatlhaya, bagolwane ba phuthego le ba bangwe mo phuthegong ba ka nna ba batla go mo thusa.
b Ga re bue ka boemo jo ngwana a ka nnang a tlhoka gore a sirelediwe mo motsading yo o mo sotlang. Gape fa e le gore motsadi yo mongwe o leka go nyenyefatsa taolo ya gago, gongwe a leka go rotloetsa bana ba gago gore ba go tlogele, go ka nna molemo gore o bue le ditsala tse di nang le maitemogelo jaaka bagolwane ba phuthego ya Bokeresete gore ba go gakolole gore o dire eng ka boemo jono.
MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . BATSADI LE BANA JANG GO RARABOLOLA MATHATA MO MALAPENG A MOTSADI YO O NOSI?
Jehofa Modimo ke “rramasiela, le moatlholedi wa basadi ba batlholagadi.”—Pesalema 68:5.
O tshwanetse wa rulaganya dilo sentle fa o batla go atlega.—Diane 21:5.
Jehofa o letla batsadi go dirisa tshwanelo ya bone ya go kgalemela.—Diane 1:8.
Batlholagadi ba ba botlhale ba Bakeresete ba dira ditiro tse di molemo le go rapela ka metlha.—1 Timotheo 5:5, 10.
Go kgatlhegela “masiela le basadi ba batlholagadi” ke karolo ya kobamelo ya boammaaruri.—Jakobe 1:27.
[Lebokoso mo go tsebe 112]
SE SE KA DIRWANG KE BA BABOTLANA
A mmè kana rre ke motsadi yo o nosi? Fa go le jalo, o ka thusa jang? Selo se se botlhokwa ke gore o nne boikobo. Bogolo jwa ngwana kana bong jwa gagwe ga bo mo neye tetla ya go ‘tlogela molao wa ga mmaagwe.’ (Diane 1:8) Jehofa o go laela gore o ikobe mme fa nako e ntse e tsamaya o tlile go itumela fa o dira jalo.—Diane 23:22; Baefeso 6:1-3.
Tsaya kgato pele o bo o supe tebogo. “Mmè o dira kwa bookelong e bile diaparo tsa gagwe tsa tiro di tlhoka go sidilwa. Ka jalo ke a di mo sidilela,” go bolela jalo Tony. “Ke a go dira ka gore go thusa mama thata.” Mmè mongwe yo o nosi a re: “Gantsi ke fitlhela e le gore fa ke goroga kwa gae ke ngomogile maikutlo kana ke sa itumela ka go bo go ne go le boketenyana kwa tirong—ke lone letsatsi le ke tla fitlhelang morwadiake a baakantse tafole e bile a apeile dijo tsa maitseboa.”
Nna o gakologetswe gore go botlhokwa gore o thuse. Fa motsadi a tlhotse a dira ka natla go ka nna bokete gore a kgone go tshwara thuto ya lelapa ya Baebele. Fa o sa dirisane mmogo sentle le ene, dilo di ka nna maswe le go feta. Leka gore o bo o siame fa nako e e tlhomilweng e tla. Ipaakanyetse thuto go sale gale. Fa o ikoba, o supa tebogo e bile o dirisana sentle le motsadi wa gago o tla itumela mme se se botlhokwa le go feta, o tla itumedisa Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 107]
Dirisa nako e ntsi o ntse le bana ba gago
[Setshwantsho mo go tsebe 109]
Bana dirisanang sentle le batsadi ba lona ba ba nosi
[Setshwantsho mo go tsebe 110]
Phuthego ga e itlhokomolose “basadi ba batlholagadi” le “masiela”