LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 12/1 ts. 22-24
  • Bontsha Gore o Akanyetsa Batsadi Ba ba Se Nang Balekane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bontsha Gore o Akanyetsa Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mabaka A go Bo re Tshwanetse go ba Akanyetsa
  • Kafa re ka Itseng ka Teng Gore ba Tlhoka Eng
  • Etsa Sekao se se Itekanetseng sa Modimo
  • Ba Tla Anaanela Go bo O ba Akanyetsa
  • Malapa a Motsadi a le Mongwe a ka Atlega!
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Motsadi yo o Nosi, Mme Gone e se Motshelanosi
    Tsogang!—2002
  • Mathata a Mantsi a Batsadi Ba ba Se Nang Balekane
    Tsogang!—2002
  • Ke ka Kgona Jang go Thusa Motsadi Wa Me Yo O Mongwe Fela?
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 12/1 ts. 22-24

Bontsha Gore o Akanyetsa Batsadi Ba ba Se Nang Balekane

BATHO ba le bantsi ga ba tlhoke go dirisa nako e ntsi le maatla jaaka batsadi ba ba se nang balekane ba dira. Batsadi bano ba lebana le dikgwetlho di le dintsi. Ba tshwanetse go sikara maikarabelo a mantsi a go tlhokomela lelapa. Kwantle ga tiro ya boitshediso, gape ba tshwanelwa ke go ya mabenkeleng, go apaya, go phepafatsa le go godisa bana. Mo godimo ga moo, ba tshwanelwa ke go tlhokomela botsogo jwa bana, go itlosa bodutu le bone le go ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong, mme fa go kgonega ba nne le nako ya bone ba le bosi.

Le fa malapa a batsadi ba ba se nang balekane a ntse a oketsega e bile a setse a tlwaelega mo setšhabeng gompieno, go ka nna motlhofo gore a tlodisiwe matlho. Fela jaaka mmè mongwe a ile a bolela jaana a sa fitlhe sepe: “Ga ke ise nko ke akanye ka batsadi ba ba se nang balekane go fitlha ke nna mongwe wa bone.” O ka dira eng go bontsha gore o akanyetsa batsadi ba ba se nang balekane? A o tshwanetse go amega ka bone? A re sekasekeng mabaka a le mararo a go bo re tshwanetse go ba naya dilo tse ba di tlhokang.

Mabaka A go Bo re Tshwanetse go ba Akanyetsa

Batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane ba batla go thusiwa. Motlholagadi mongwe wa dingwaga di le 41 yo o nang le bana ba le babedi o ne a re: “Ka dinako tse dingwe ga ke itse gore ke direng e bile ke imelwa ke maikarabelo a mantsintsi a ke nang le one.” Go swelwa ke molekane, go latlhiwa ke molekane kgotsa maemo a mangwe a a sa itumediseng a dirile gore batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane ba ikutlwe jaaka mmè mongwe a ne a ikutlwa. O ne a re: “Re kopa thuso, re e tlhoka ka bonako!”

Go tla go tlisetsa boitumelo. A o kile wa thusa motho go rwala morwalo o a neng a ka se kgone go o sikara a le esi? Fa go le jalo, o tshwanetse wa bo o ile wa kgotsofadiwa ke go itse gore o thusitse mongwe ka se a se tlhokang. Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba ba se nang balekane ba sikara morwalo o ka dinako tse dingwe o leng bokete gore ba ka o sikara ba le bosi. Fa o ba thusa ka se ba se tlhokang, o tla bona boammaaruri jwa mafoko a a mo go Pesalema 41:1 a a reng: “Go itumela ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase.”

Go itumedisa Modimo. Jakobe 1:27 ya re: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone.” Seno se akaretsa go tlhokomela batsadi ba ba se nang balekane.a Bahebera 13:16 ya re: “Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.”

Re ntse re akantse ka mabaka ano a mararo a go bo re tshwanetse go bontsha gore re akanyetsa batsadi ba ba se nang balekane, a re boneng gore re ka dirang go ba thusa le gore o ka tlhomamisa jang gore thuso e o ba nang yone e tla ba solegela molemo.

Kafa re ka Itseng ka Teng Gore ba Tlhoka Eng

Go ka nna ga lebega e kete selo se se motlhofo e ka nna go botsa motsadi yo o se nang molekane o re, “O ka rata gore ke go direle eng?” Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga se gantsi motho a ka go bolelelang se tota a se tlhokang fa o botsa potso eo. Jaaka go umakilwe pelenyana, Pesalema 41:1 e re kgothaletsa gore re ‘dire ka go akanyetsa.’ Buka nngwe e tlhalosa gore lefoko la Sehebera le le dirisitsweng fano le ka kaya “go akanyetsa kwa teng ka tsela e e tla felelang ka gore o dire dilo ka botlhale.”

Ka jalo, gore o bone tsela e e molemo e o ka thusang batsadi ba ba se nang balekane ka yone, o tshwanetse go akanyetsa dikgwetlho tse ba lebanang le tsone. Nna kelotlhoko, mme o ipeye mo seemong sa bone. Ipotse jaana, ‘Fa nka bo ke le mo boemong jo bo ntseng jalo, ke ne nka rata go thusiwa ka eng?’ Gone ke boammaaruri gore, batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane ba tla go bolelela gore le fa o ka leka go tlhaloganya gore go nna motsadi yo o se nang molekane go ntse jang, ga o ka ke wa tlhaloganya ka botlalo fa o se mongwe wa bone. Le fa go ntse jalo, fa o dira sotlhe se o ka se kgonang go tlhaloganya maemo a bone, seo se tla go thusa gore o itse se o tshwanetseng go se ‘dira go ba akanyetsa.’

Etsa Sekao se se Itekanetseng sa Modimo

Ga go na motho ope yo o ka tlhokomelang batsadi ba ba se nang balekane ka tsela e e lorato le e e molemo go feta Jehofa Modimo. Ditemana di le dintsi di bontsha kafa Jehofa Modimo a akanyetsang le go amega ka gone ka batlholagadi le basimane ba ba se nang borre, mo go rayang gore o tlhokomela le batsadi ba ba se nang balekane. Fa re sekaseka tsela e Modimo a thusang batho ba maemo a a kwa tlase ka yone, re ka ithuta mo go oketsegileng kafa re ka thusang ba bangwe ka teng ka dilo tse ba di tlhokang. Go na le dintlha di le nnè tsa konokono tse re tshwanetseng go di ela tlhoko.

Iphe nako ya go ba reetsa

Mo Molaong o Jehofa a neng a o naya Baiseraele ba bogologolo, o ne a bolela gore ‘ruri o tla utlwa selelo’ sa motho wa maemo a a kwa tlase. (Ekesodo 22:22, 23) O ka etsa jang sekao seno se se molemo? Gantsi batsadi ba ba se nang balekane ba jewa ke bodutu fela thata, go se na motho ope yo o godileng yo ba ka buang le ene. Motsadi mongwe yo o se nang molekane o ne a bua jaana a hutsafetse: “Ka dinako tse dingwe fa bana ba ya go robala, ke sala ke lela ke sa kgaotse. Ka dinako tse dingwe ke palelwa ke go itshokela go jewa ke bodutu.” Fa go tshwanela, a o ka kgona go ‘utlwa selelo’ sa motsadi yo o se nang molekane yo o ka tswang a tlhoka mongwe yo a ka mmulelang mafatlha? Go mo reetsa ka nako e e tshwanetseng le mo lefelong le le tshwanetseng go ka mo thusa go itshokela mathata a go nna motsadi yo o se nang molekane.

Ba kgothatse

Jehofa o ne a tlhotlheletsa gore go kwalwe dipina tse di boitshepo kgotsa dipesalema, tse Baiseraele ba neng ba tla di opela mo kobamelong. Akanya kafa batlholagadi le basimane ba ba se nang borraabone ba kwa Iseraele ba neng ba kgothadiwa ka teng ke mafoko a dipina tse ba neng ba di opela tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo tse di neng di ba gopotsa gore Jehofa ke ‘rraabone’ le “moatlhodi” wa bone le gore o ne a tla ba namola. (Pesalema 68:5; 146:9) Le rona re ka kgothatsa motsadi yo o se nang molekane ka mafoko a a tla a gopolang ka dingwagangwaga. Le fa go setse go fetile dingwaga di le 20, Ruth yo e leng motsadi yo o se nang molekane, o sa ntse a gakologelwa fa rre mongwe yo o nang le maitemogelo a ne a mo raya a re: “Ruri o dira tiro e e molemo ya go godisa bomorwao ba babedi. Tshwara fela jalo.” Ruth a re: “Mafoko ao a ne a nkama fela thata.” Ruri “mafoko a bopelonomi ke molemo” mme a ka kgothatsa motsadi yo o se nang molekane fela thata. (Diane 15:4, Contemporary English Version) A o ka akanya ka sengwe se o ka se akgolelang motsadi yo o se nang molekane?

Ba thuse ka dilo tse ba di tlhokang

Molao o Jehofa a neng a o neile Baiseraele ba bogologolo o ne o akaretsa thulaganyo ya gore batlholagadi le basimane ba ba se nang borre ba bone dijo tse ba di tlhokang ka tsela e e nang le seriti. Dithulaganyo tseno di ne di dira gore batho bano ba maemo a a kwa tlase ba nne le dijo tse di lekaneng gore ‘ba je mme ba ikgotsofatse.’ (Duteronome 24:19-21; 26:12, 13) Le rona re ka kgona go thusa lelapa la motsadi yo o se nang molekane ka dilo tse ba di tlhokang re dira jalo ka botlhale le ka tsela e e nang le seriti. A o ka ba isetsa dijo kwa lapeng kgotsa dilwana tse ba di tlhokang? A o na le diaparo tse o ka di nayang motsadi yo o se nang molekane kgotsa bana ba gagwe? Kgotsa a o ka thusa motsadi yo o se nang molekane ka madi gore a kgone go reka dilo dingwe tse di tlhokegang mo lapeng?

Ba laletse

Jehofa o ne a laela gore batlholagadi le basimane ba ba se nang borre ba akarediwe mo meletlong ya setšhaba ya ngwaga le ngwaga, kwa ba neng ba ka itumelela botsalano le Baiseraele ba bangwe. E bile tota ba ne ba bolelelwa jaana: “O ipele.” (Duteronome 16:10-15) Le gompieno Bakeresete ba gakololwa gore ba ‘bontshane moya wa go tshola baeng,’ ba dira gore go nne le dinako tsa go itumela mmogo. (1 Petere 4:9) Ke eng fa o sa laletse lelapa la motsadi yo o se nang molekane gore le tle go ja mmogo le lona? Ga go tlhokege dijo tse dintsi. Fa Jesu a ntse a itisitse kwa legaeng la ditsala tsa gagwe o ne a re, “go tlhokega dilo di sekaenyana fela, kgotsa se le sengwe fela.”—Luke 10:42.

Ba Tla Anaanela Go bo O ba Akanyetsa

Motsadi mongwe yo o se nang molekane yo o godisitseng bana ba le bararo e bong Kathleen a re a ka se lebale kgakololo eno e e botlhale: “O se ka wa lebelela gore batho ba go direle dilo dingwe tse di rileng; anaanela sengwe le sengwe se ba go direlang sone.” Fela jaaka Kathleen, batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane ba a itse gore ba na le boikarabelo jwa go godisa bana ba bone. Ka jalo, ga ba a lebelela gore batho ba bangwe ba ba direle dilo tse bone ka bobone ba tshwanetseng go di dira. Le fa go ntse jalo, ga go na pelaelo gore ba anaanela thuso epe fela e ba ka e newang. Fa o akanyetsa batsadi ba ba se nang balekane, o tla bo o ba thusa gore ba itumele mme le wena o tla itumela, e bile o tla tlhomamisega gore Jehofa Modimo o “tla go duela ka ntlha ya se o se dirileng.”—Diane 19:17, New Century Version.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Le fa polelwana e e reng “motsadi yo o se nang molekane” e seyo mo Baebeleng, mafoko a a reng “motlholagadi” le “mosimane yo o se nang rre” a dirisiwa gangwe le gape. Seno se bontsha gore tota le mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, go ne go na le batsadi ba ba se nang balekane.—Isaia 1:17.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

O sa le o feleletsa leng go laletsa ba lelapa la motsadi yo o se nang molekane gore ba tle go ja dijo mmogo le wena? Ke eng o sa dire jalo mo bogautshwaneng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela