Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Kgona Jang go Thusa Motsadi Wa Me Yo O Mongwe Fela?
“Go nna motsadi yo o mongwe fela go tshwana fela le go nna motho yo o itseng go latlhela dibolo di le dintsinyana kwa godimo ka go di kabakanya. Morago ga dikgwedi tse thataro tsa go ithuta seo, kwa bofelong o setse o kgona go latlhela dibolo tse nnè kwa godimo ka nako e le nngwe fela ka go di kabakanya. Mme fela fa o setse o kgona go dira jalo, mongwe o go latlhelela bolo e nngwe.”—Motsadi yo o mongwe fela.
TIRO ya motsadi yo o mongwe fela e a lapisa, gantsi e bokete. Mme fa e le gore mmago ke motsadi yo o mongwe fela, kwantle ga pelaelo o lemoga gore o ka lebogela thuso nngwe.a Mme wena jaaka mosha, o lebane le seo mokwadi mongwe a neng a se bitsa “nako e e gatelelang tota le e e tshosetsang ya botshelo.” Go ka lebega ekete go dirisana fela le go nna mosha go go lekane.
Lefa go ntse jalo, fela jaaka motsadi yo o mongwe fela yo o tsopotsweng kwa tshimologong, gangwe le gape mmago o ka nna a ikutlwa a sa kgone gotlhelele, a leka go nna mmè le rrè gape mo go wena. Ke boammaaruri, Jehofa ga a a lebelela gore ope a dire dilo tse a sa kakeng a di kgona. Jaaka molaomotheo mongwe wa Bibela o bolela: “Selo se se botlhokwa ke go rata go aba kafa re ka kgonang ka gone—seo ke sone se Modimo o se amogelang.” (2 Bakorintha 8:12, Phillips) Mme o tla nna a ntse a ikutlwa a le tlase ga kgatelelo e kgolo. A o ka tshwanelwa ke go itlhokomolosa pitlagano e a leng mo go yone, kana a go na le lebaka le le utlwalang la gore o leke go mo thusa?
“Go Leboga”
Mo go 1 Petere 3:8, Bakeresete ba bolelelwa jaana: “Sa bohèlō, nnañ maikutlō mañwe hèla lotlhe.” Ka jalo a bobotlana go nna maikutlo mangwe fela le motsadi wa gago go ka se go tlhotlheletse go mo thusa? Eleruri, go a “lebosèga mo matlhoñ a Modimo” gore basha ba Bakeresete ba “lebog[e] batsadi ba bōnè.”—1 Timotheo 5:4.
Lefa kwantle ga pelaelo temana eno e lebisitse mo go neeleng motlholagadi thuso ya madi, e ruta molaomotheo o o botlhokwa wa gore: Re kolota batsadi ba rona go feta se re ka kgonang go se duela. Mme fa ba tlhoka, ke tiro ya rona le tshiamelo go leka go ba leboga. Ka sekai, basha ba bangwe ba dirisa bontlhanngwe jwa madi a ba a amogelang mo ditirong tse eseng tsa letsatsi lotlhe kana otlhe go thusa go duela dikoloto tsa mo lapeng. Seno se bontsha tebogo ya mmannete le kanaanelo!
Lefa go ntse jalo, thuso ya madi ke fela tsela e nngwe ya go neela motsadi wa gago ‘tebogo.’ Ga se gore go raya gore o tshwanetse go leka go thiba phatlha ya motsadi wa gago yo o seong—seo se ne se ka se kgonege—le gone ga o a tshwanela go tshwenyega mo maikutlong go feta selekanyo, o ikutlwa gore o ikarabelela ka botlalo go ditiro tsotlhe tsa mo lelapeng la lona. Seo e santse e le tiro ya ga mmago jaaka motsadi. (Bapisa Diane 31:27.) Mme go na le dilo tse dingwe tse o ka di dirang tse o ka kgonang go itshupa o le molemo tota go motsadi wa gago ka tsone fa e le gore ke motsadi yo o mongwe fela.
Go Nna Kutlo go mo Tlhofofaletsa Morwalo
Tsela e nngwe ke ya go latela taolo e e mo go Bakolosa 3:20 fela e e reng: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo diloñ cotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ.” O ka nna wa bo o kgona go bua temana eno sentle ka tlhogo. A mme ka dinako tse dingwe o palelwa ke go e utlwa?
Motsadi mongwe yo o mongwe fela wa morwawe yo o mo dingwageng tsa bolesome o bereka diura tse dintsi e le go thusa balelapa la gagwe. Mme o bua jaana ka go fegelwa: “Morwaake o dira gore botshelo bo nne bokete go feta fa a ntlhokela kutlo.” Morwawe o ganela ka go re: “Ke nna mosimane fela mo lelapeng. Ke feta mmè, ka jalo nako tse dingwe go a nketefalela gore ke mo ikobele le go mo tlotla jaaka tlhogo ya lelapa.”
Bokima jwa gago kana bong jwa gago ga bo go golole mo taolong ya ga Jehofa e e reng: “U se ka ua latlha molaō oa ga mmago.” (Diane 6:20) Modimo o letleletse mmago go dira melao, kana ditaolo tsa lelapa. Go tlhokega gore o mo tlotle le go mo utlwa. Fa o le ngwana wa mosimane, Mmago ka lorato o ka nna a go bitsa rre wa lelapa. Mme ke tlhogo ya lelapa! Mme ka go mo tlotla—eseng go mo ngangisa nako le nako fa a go kopa gore o dire sengwe—o mo tlhofofaletsa morwalo mmogo le go tlhagolela kagiso mo lelapeng la lona.
Go Thusa ka Tiro ya Lelapa
Tsela e nngwe ya go tlhofofaletsa motsadi wa gago morwalo ke go thusa ka ditiro tsa lelapa—o sa lete go fitlhela o bo o nna o kgorolwa gore o e dire. ‘Mme Mama ga a ke a nkopa gore ke dire sepe,’ o ngongorega jalo. Ka mo go gakgamatsang, gantsi seno ke sone seipato. Jaaka Carol V. Murdock a kwala: “Mmè yo o Mongwe Fela kana Rrè yo o Mongwe Fela o feta ka kamore e go nniwang mo go yone a thetheekela ka morwalo wa diaparo tse di tlhatswiwang di le bokete mo di obang mangole a a tiileng—mme matlho a bana ba bararo ba gagwe one a ganeletse fela mo thelebisheneng.”—Go ya ka Single Parents Are People, Too!
Ke ka ntlha yang fa batsadi ba le bantsi ba ba bangwe fela ba tlhoka go le gonnyennyane fela jaana mo baneng ba bone? Mmè mongwe yo o mongwe fela o ne a ntsha lebaka leno: “Ga ke batle gore morwadiake a palelwe ke go ijesa monate fela ka gobo ke tshwanetse go bereka. Ke tshaba gore o ka ntlhoa ka ntlha ya seo.” Yo mongwe o ne a re: “O batla go duelela boseong jwa motsadi yo mongwe ka go dira gore dilo di nne motlhofo mo baneng.” Lefa go le jalo, modi wa maikutlo ao e ka nna boikutlo jwa go ipona molato ka mo go sa tlhokafaleng ga motsadi wa gago. O ka nna a ikutlwa a le molato ka go bo go bereka go mo kgaoganya le wena. Kana o ka nna a ikutlwa a le molato ka lenyalo la gagwe le le sa atlegang, a akanya gore ke ene a leng phoso ka gobo o tshela mo lelapeng la motsadi yo o mongwe fela.
Go ya ka Dr. Richard A. Gardner, mokwadi wa The Boys and Girls Book About Divorce, o bolela gore basha ba bangwe ba dirisa seemo seno ka mo go sa tshwanelang. Ba batla go utlwelwa botlhoko ebile ba gana go dira ditiro tsa mo lapeng. Lefa go le jalo, seno se re gakolola ka boikutlo jwa go sa utlwele ba bangwe botlhoko jo bo neng jwa bontshiwa ke baeteledipele ba bodumedi mo motlheng wa ga Jesu. Jesu o ne a re go bone: ‘Ba bofa merwalo e e bokete, mme bone ga ba eletse le eleng gone go tsholetsa monwana go thusa go rwala merwalo eo.’—Mathaio 23:4.
Bontsha boikutlo jo bo fapaaneng. O ganane le go okeletsa mmago morwalo; o seka wa ikgogona mo ditirong tsa lelapa.
Go Itirisa Dilo
Seno se ka raya go dira seo se tlhokwang gore se dirwe o ise o kopiwe gore o se dire. Elatlhoko kafa Tony yo mmotlana a tlhofofaletsang mmagwe morwalo ka gone. O bolela jaana: “Mmè o dira mo kokelong, mme junifomo ya gagwe e tshwanetse go gatisiwa. Ka jalo ke a e mo gatisetsa.” A mme seo ga se tiro ya sesadi? “Ba bangwe ba akanya jalo,” go fetola jalo Tony. “Mme go thusa mmè, jalo he ke a e dira.”
Go na le go thusa mo ditirong tse o di kgonang, o ka dira mo gontsi e le go itumedisa mmaago fela ka go dira dikakgelo tse di bontshang kanaanelo. Motsadi mongwe yo o mongwe fela o ne a kwala jaana: “Gantsi ke fitlhela gore fa moya wa me o le kwa tlase kana ke tenegile mo letsatsing le go neng go le bokete tota kwa tirong mme ke tla mo gae—ke lone letsatsi leo morwadiake a tlhophileng go baakanya tafole le go dira dijo tsa maitsiboa.” O oketsa ka go re: “Morwaake o baya lebogo la gagwe kafa morago ga me a bo a ntlamparela mme a re, ‘O mmè yo o molemo go ba gaisa botlhe mo lefatsheng.’” Ditiro tsa go nna jalo tsa go akanyetsa di mo ama jang? O tswelela ka go re: “Boikutlo jwa me bo a fetoga bo nne botoka gape.”
“Tsamaea[ng] mo Boamarureñ”
“Ga ke na boitumèlō bopè jo bo hetañ yo, yoa go utlwa ha bana ba me ba nntse ba tsamaea mo boamarureñ.” (3 Yohane 4) Moaposetoloi Johane fano o ne a bua ka bana ba gagwe ba semoya. Fa e le gore mmago ke Mokeresete, ga go belaetse gore le ene o ikutlwa ka tsela e e tshwanang ka wena; o batla gore o tsamaye mo boammaaruring. Go dira jalo o ka nna a rulaganya thuto ya Bibela ya lelapa ya ka metlha le wena.
Go tshwara thuto eo go ka nna ga se nne motlhofo mo go ene morago ga tiro ya letsatsi e e lapisang. Mme fa e le gore ga o na tirisanommogo kana o ngongoregetse ruri fela, thuto ya lelapa e ka tshwenya motho mongwe le mongwe fela yo o amegang. Jalo he bontsha tirisanommogo! Ipaakanyetse thuto fa nako e e rulagantsweng e fitlha. Baakanyetsa dithuto tsa gago go sa le gale. Go dirisana mmogo ga gago go ka nna fela thotloetso e motsadi wa gago a ka e tlhokang go dira thuto eo go nna ya ka metlha. Fa o kopanela mo dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo o sa kgoromediwe ke ope, o tla bo gape o bontsha gore o tsamaya mo boammaaruring. (Mathaio 24:14; Bahebera 10:24, 25) Ka tsela eno o tlhomamisetsa mmago gore maiteko a gagwe ga se a lefela fela!
Mesola ya Gone
Diane 3:27 e bolela jaana: “Ba ba chwanecweñ ke go dihèlwa molemō, u se ka ua gana ka ōna, ha go le mo thateñ ea seatla sa gago go o diha.” Ka phepafalo, o tshwanetse wa bontsha motsadi wa gago kakanyetso e e ntseng jalo. Mme fa o e bontsha, ga o itumedise ene fela mme le Jehofa Modimo ka boene. Mosola o mongwe ke ono: Motsadi wa gago o tla bo a le mo boikutlong jo bo botoka go ka go naya thuso fa o e tlhoka.
Sa bofelo, go thusa ba bangwe go aga dinonofo tse di molemo. Jaaka mokwadi mongwe a tlhalosa: “Basha ba tlhoka ditshono tsa go ikutlwa gore ba a thusa le go abela ba bangwe. Fa ba sena ape a maitemogelo ano, ga ba kgone go lemoga maatla a bone le go tshwarelela [tse di nnang gone] ka go itse gore o motho yo o molemo mo go thuseng ba bangwe.” Jaaka Jesu ka boene a ne a bolela: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.” (Ditihō 20:35) Mme o ka bona boitumelo jo bogolo fa o tlhokometse go thusa motsadi wa gago yo o mongwe fela.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Ereka bontsi jwa batsadi ba ba leng bangwe fela e le basadi, re tla bua ka bommè. Lefa go ntse jalo, melaometheo e go tlotliwang ka yone fano e lebisa go batsadi ba ba leng bangwe fela ba bong bongwe le bongwe.
[Ditshwantsho mo go tsebe 14]
Mosha yo o setshwakga kana yo o senang kamego o oketsa tlalelo go botshelo jwa motsadi wa gagwe . . . Yo o thusang ka tiro ya mo lapeng o mo tlhofofaletsa morwalo