Nka Tshwara Jang Motsadi Wa me Yoo A Tlogetseng Legae?
“Mo matsatsing ao Papa a neng a solofeditse mo go one gore o tla tla go re tsaya go ja nala le rona, Mama o ne a nkgabisa mmogo le morwadiarre. Mme e ne e re morago ga moo re bo re dula re mo letela. Re ka ne e sale re beile seatla mo phatleng. Dioura di nne di fete ka go latelana ga tsone. Morago ga moo Mama a bo a bolela jaana, ‘Ke nako ya go ya go robala.’ Re bo re simolola go lela mme re bo re re, ‘O tla tla, o tla tla!’ Le eleng mo mosong o o latelang, re tla bo re santse re beile seatla mo phatleng re mo letetse, mme ntlo e ntse e re a o ne o mpeile Rre. Ka dinako tse dingwe seo se ne se lebega jaaka kgang ya botshelo jwa rona jotlhe.”—Anne.a
FA, JAAKA Anne, o ile wa bona batsadi ba gago ba kgaogana, gongwe o ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Jehofa, eleng Motlhami wa lenyalo, a sa kgothaletse tlhalo gotlhelele jaana. (Bapisa Malaki 2:16.) Tlhalo e utlwisa mongwe le mongwe yoo e mo amang botlhoko—le eleng fa e le gore motsadi yo o foseditsweng o na le tshwanelo e e kafa Dikwalong ya go ka tlhala yo mongwe.b
Mme lefa go ntse jalo fa e re kgabagare batsadi ba bo ba kgaogana, gongwe ba kgaogana ka tlhalo semolao, seo tota ga se fedise mathata otlhe ao go tlhoka kutlwano ga bone go ka nnang ga lo a leretse. Tota, jaanong o ka nna wa lebana le kgwetlho eno e e boima: eleng ya go dira tshwetso ya gore a o tshwanetse wa nna le kamano ya mofuta o o rileng le motsadi yoo a tlogetseng legae. Meg o gakologelwa jaana malebana le kafa seo se ka nnang boima ka gone: “Ke ne ke gamaregile thata mo eleng gore ke ne ka tseana fela ke sa itse gore ke direng. Ka gone ka lobaka lo lo rileng, ke ne ke gamaregile fela. Go ne go ntse jaaka ekete o ka re rre o sule.” Mme Mike o gakologelwa jaana: “Ke ne ka simolola go tlhoa rre, mme ke ne ka ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo ka lobaka lo lotelele. Fa ke ne ke akanya malebana le kafa a tlogetseng mosadi yo o nang le bana ba banè ka gone, a mo thusa ka madinyana a sekae fela ao a neng a ka kgona go ikgolola ka one—seno se ne sa ntena le go feta.”
Aga Dikamano, O Seka Wa Di Senya
Mo tlhakatlhakanong eno mmogo le tlhakantsuke tse di leng teng mo lobakeng lono mo botshelong jwa gago, go bonolo thata gore o se ka wa tlhola o batla go utlwa sepesepe ka mongwe wa batsadi ba gago mme wa letla bogale le tšhakgalo gore di tlale mo go wena. Mme lefa go ntse jalo fa o godisa moya o o ntseng jalo wa go tlala bogale go ka senya tsela eo o lebang botshelo ka yone. Bogale jo bo ntseng jalo bo ka felela ka gore o latlhele letlapa kwa morago, o senya dikamano tseo o nang le tsone le motsadi go fitlhela go sa tlhole go ka kgonega gotlhelele gore o ka di siamisa gape.
Bibela ga e re neye tetla ya gore re se ka ra tlotla batsadi ba rona. (Bapisa Luke 18:20.) Bomankge ba dumalana gore mo makgetlong a le mantsi o tshwanetse wa leka go tswela pele o na le kamano le batsadi boobabedi morago ga fa ba sena go kgaogana. Moporofesara wa bongaka jwa tlhaloganyo ebong Dr. Robert E. Gould o ne a kwala mo makasineng wa Seventeen gore fa o bona batsadi ba gago boobabedi ka metlha go ka nna ga bo ga dira gore go nne motlhofo mo go wena go ka ritibala maikutlo morago ga tlhalo. Badiradipatlisiso ebong Wallerstein le Kelly le bone ba ile ba fitlhela gore basha bao ba ileng ba kgona go ka fenya mathata a ka ntlha ya go tlhalana ga batsadi ba bone ka katlego ka kakaretso ba ne ba na le kamano e e atamalaneng le batsadi ba bone boobabedi. Mme lefa go ntse jalo o ka atamalana jang le motsadi yoo a tlogetseng legae la lona kana yoo a ileng a ikanyologa?c
Temogo—Selo sa Konokono Seo Se Dirang Gore go Nne le Kagiso
Bogale jwa gago jwa tlholego bo ka nna jwa go kgoreletsa kwa tshimologong. Mme lefa go ntse jalo fa o go dira gore e nne mokgele wa gago gore o tlhaloganye motsadi wa gago botoka, temogo eo seo se tla felelang ka yone e ka nna ya go thusa gore o tlose bogale jwa gago. Jaaka fa Diane 19:11 e bolela jaana: “Pharologanyō [“temogo,” NW] ea motho e mo diha gore a nnè bonya go galeha; le gōna ke kgalalèlō ea gagwè go tlhokomologa tlolō.” Seno eleruri se motlhofo fa e le gore motsadi yo o molato o ile a bontsha go swaba kana go ikotlhaya. Gakologelwa, go nna le temogo malebana le tsela eo motsadi yoo a tlogetseng legae a lebang dilo ka gone, botho jwa gagwe, le makoa a gagwe ao a nang le one jaaka motho tota ga go bolele gore o mpampetsa molato oo o dirilweng ke motsadi yoo kana gore o ema le motsadi yoo mo kgannyeng eo ya tlhalo; le gone ebile ga go bolele gore o tswa motsadi yoo o nnang le ene. Seo se tswa se bolela fela gore o nna le pono e e leng boammaaruri ka motsadi wa gago.
Ka sekai, basha ba le bantsi ba dumela gore motsadi yoo a tlogetseng legae o tshwanetse a bo a ba tlhoile—fa go sa nna jalo go tla jang gore motsadi yoo a bo a tsamaile? Mme lefa go ntse jalo tota, go kgaogana goo go nnile teng ka ntlha ya mathata a lenyalo, eseng ka ntlha ya gago. Motsadi yoo o tlogetseng legae gongwe maikaelelo a gagwe e ne e se go go phuaganya fa a ne a tlogela legae—lemororo o ka nna wa ikutlwa ka tsela eo. Jaaka fa Dr. Gould a tlhalosa seno jaana: “Go ka diragala thata gore batsadi bao ba neng ba go rata pele ga tlhalo ba tla nna ba go rata fela jalo le morago ga yone.”
‘Mme go tla jang gore a bo a eta ka monokela fela jaana?’ o ka nna wa botsa jalo. Fa motsadi a retelelwa ka makgetlo a le mantsi go ka eta jaaka fa go ne go rulagantswe, kana a ikgolaganya le lona ka sewelo fela, eleruri seo se ka nna sa lebega jaaka ekete o ka re ga a batle go lo bona. Mme lefa go ntse jalo go ka nna ga bo go sa nna jalo gotlhelele. Ka dinako tse dingwe motsadi o itse gore tsela eo a neng a itshwara ka yone pele ga ba tlhalana e kgopisitse lelapa thata. Fa e le gore o kile wa tsamaya wa utlwisa tsala nngwe ya gago botlhoko, o a itse kafa go leng boima ka gone go ka lebana le ene morago ga moo! Jaaka fa Diane 18:19 e bolela jaana: “Motse o o thekeleditsweng ga se sepe fa o bapisiwa le morwarra motho fa a kgopisitswe.”—The Interlinear Hebrew-Aramaic Old Testament.
Ka ntlha ya go ipona molato, motsadi wa gago le ene ka tsela e e tshwanang a ka nna a boifa go lebana le lelapa. Boikgantsho le jone e ka nna jone bo bakang bothata. Ebile e ka nna ya tswa e le gore motsadi yo o tlogetseng legae o retelelwa ke go ka lebana le molekane wa gagwe wa pele wa lenyalo, segolobogolo fa e le gore o tsene mo lenyalong le lengwe; seo e kileng ya bo e le “legae” jaanong se ka nna sa lebega ka tsela e e sa tlwaelegang. Dilo tseno mmogo le tse dingwe di ka nna tsa dira gore go nne boima gore motsadi wa gago a go etele. Ke eng seo o ka se dirang go dira gore dilo di nne motlhofo? Mo go Baroma 12:18 re bala jaana: “Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona.” O ka dira jang seo?
Ka sekai, o ka nna wa tshwanelwa ke gore o fokotse dilo tseo o di lebeletseng go sekae. Fa o ka lebelela gore batsadi ba gago ba senye nako ya bone e ntsi nao mmogo le go go tlhokomela go feta kafa ba go tlhokomelang ka gone jaanong go tlile go go tlhakanya tlhogo mmogo le go go swabisa fela. Mo boemong jwa moo leka gore o ipelele nako e sekae eo lo nang le yone lo le mmogo.
‘Mme lefa go ntse jalo ke eng seo re ka buang ka sone?’ o ka nna wa ipotsa jalo. Ke boammaaruri, e ka nna ya re kwa tshimologong maeto ano a nna bosula fela. Mme lefa go ntse jalo go ka diragala thata gore go na le dilo di le dintsi tseo motsadi wa gago a batlang go di itse—kaga ditsala tsa gago, kafa o gatelang pele ka gone kwa sekolong, le ka dilo tseo o ratang go di dira fa sekolo se tswa. Mme ebile go na le dilo di le dintsi tseo o ka botsang ka tsone. Kwantle ga pelaelo tlhalo e dirile gore go sale go na le bodutu joo bo seng kana ka sepe mo botshelong jwa batsadi ba gago, fela jaaka fa e dirile jalo le mo go jwa gago. Ka gone nna jaaka “motho eo o tlhaloganyō,” yoo go buiwang ka ene mo go Diane 20:5, yoo a ‘tleng a ge metse a a boteng’ a kgakololo mo go yo mongwe. Botsa dipotso. Batla go itse ka ntlo e ntšha ya motsadi wa gago kana ka tiro ya gagwe e ntšha, kana ka dilwana tsa go intsha bodutu tseo a di ratang, metshameko, mmogo le ditsala. Mme fa e le gore ga o kgone go ka fenya bohutsana joo motsadi wa gago a bo go baketseng, gongwe fa nako e ntse e tsamaya o ka nna wa bona tsela ya go ka buisana nae ka seo ka tsela ya kagiso.
Go Boloka Tekatekano ya Gago
Lefa go ntse jalo, go na le kotsi ya go fetola motsadi yo o tlogetseng legae modingwana. Rragwe Randy, yoo e neng e le lekgoba la dinotagi ebile e le rrabasadi, o ne a tlogela lelapa ka makgetlo a le mantsi mme ya re kgabagare a tlhala mmagwe Randy. Mme lefa go ntse jalo, Randy o gakologelwa jaana: “Ka ntlha ya lebaka lengwe le le rileng, tota go ne go setse go le gonnye fela gore ke obamele monna yoo.”
Go fetola batho medingwana go go ntseng jalo go go sa tshwanelang ga se selo se se sa tlwaelegang. Kwa United States, mo e ka nnang 90 lekgolong ya bana ba batsadi ba ba tlhalaneng ba nna le mmaabone mme ba kgona go etela rraabone. Ka gone, gantsi mmè ke ene a ikarabelang mo go tlhokomeleng bana ba gagwe letsatsi lengwe le lengwe—go akaretsa le go ba otlhaya. Mme go sa kgathalesege dituelelo tsa go tlhokomela bana, boemo jwa ga mmè jwa tsa itsholelo bo wela kwa tlase thata morago ga tlhalo; jwa ga rre bo ka nna jwa tlhatloga le go tlhatloga. Diphelelo tsa seno: Fa ke etela Papa ke itse gore ke tla bona dimpho mmogo le go ja monate! Fa ke nna le Mmè ke itse gore ke tla nnela go tlotlopisa ditikinyana le go nna ke bolelelwa gore ke direng le gore ke se ka ka dira eng. Ka maswabi, basha bangwe ba ile ba bo ba tlogela motsadi yoo eleng Mokeresete gore ba tle ba ye go nna le motsadi yo a sa dumeleng mme a humile go feta yoo ebile a ba tlogela ba itirela boithatelo.—Bapisa Diane 19:4.
Fa o raelesega go tlhaola ka tsela e e ntseng jalo, tlhatlhoba ditekanyetso tsa gago tsa boitshwaro. Gakologelwa gore seo Mmopi wa gago a se anaanelang thata ke seo tota o se tlhokang—eleng go kaelwa kafa o tshwanetseng wa itshwara ka gone mmogo le kotlhao. Ga go na sepe se sengwe seo motsadi a ka se go neelang seo se ka amang botho jwa gago go le kalo mmogo le tsela eo o tshelang ka yone. Kotlhao ke sesupo sa lorato lwa mmatota.—Bona Diane 4:13; 13:24.
Gape, gakologelwa gore Mmopi wa gago o na le tekanyetso e le nngwe fela ka monwana ya gore ke eng se se siameng le seo se sa siamang, go sa kgathalesege seo motsadi wa gago a go letlang gore o se dire. Tom o bolela jaana: “Ga go na le ka motlha ope mama a kileng a gana gore re ye go bona papa. Mme lefa go ntse jalo ka Labotlhano mongwe le mongwe fa re ne re etela rre, mama o ne a atisa go bolela jaana, ‘Leka fela gore o se ka wa lebala gore o Mokeresete le gore Jehofa o bona seo o se dirang.’ Seo se ne sa nthusa gore ke emele dilo tseo ke di dumelang fa ke ne ke etela papa.”
Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege kafa o lekang ka thata ka gone ga se ka metlha o ka kgonang go dira gore motsadi a go amogele. Dikakantsho tseo di leng mo setlhogong seno di ka go thusa gore o kgone go ka tswala legago leo le leng teng magareng ga gago le motsadi wa gago. Mme lefa go ntse jalo fa maiteko otlhe a gago a itaya se fololetse, o se ka wa felelwa ke tsholofelo. Batho ba a fetoga. Mme bobotlana o tla kgotsofalela go itse gore ‘kafa nonofong ya gago,’ o dirile gore kagiso e tswele pele e le teng. Se se botoka le go feta moo, o tla bo o santse o ka kgona go ipelela kamogelo e e thethebatsang ya batsadi ba gago. Jaaka fa Jehofa a bolela jaana mo go Diane 27:11: “Morwaaka u tlhalehè, me u ipedisè pelo ea me, gore ke tlè ke hetolè èna eo o nkgōbañ.” Fa o ngaparela ditekanyetso tsa Modimo ka boikobo mme o berekela go ka bontsha temogo ka bopelotlhomogi mo dikamanong tsa gago le batsadi ba gago, seo se a mo kgatlha. Mme ke Tsala le Motsadi yoo o sa tshwanelang go kgaogana nae le ka motlha ope.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
b Bona kgaolo e e reng “Ke Ka Ntlhayang Fa Rre le Mmè Ba Ne Ba Tlogelana?” e e mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
c Fano ga re bue ka batsadi bao ba nang le molato wa go gobolola bana ba bone ka go tlhakanela dikobo nabo kana ba sotla ka bone ka tsela e e makgwakgwa. Mo makgetlong a a ntseng jalo, kamano e e atamalaneng magareng ga motsadi le ngwana e ka se ka ya kgonega ebile e ka se ka ya kgothalediwa.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Ka dinako tse dingwe ke teko go ka tlogela motsadi yo mongwe le go ya go senya nako le yo mongwe