LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g91 2/8 ts. 21-23
  • Ke Ka Tshela Jang mo Legaeng Le Le Kgaoganeng ka Bodumedi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Ka Tshela Jang mo Legaeng Le Le Kgaoganeng ka Bodumedi?
  • Tsogang!—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Diru Tse O Tshwanetseng go Di Tila
  • Go Itlhophela Bodumedi ka Bowena
  • Go Gapa Motsadi wa Gago Yo O Sa Dumeleng
  • Nka Tshwara Jang Motsadi Wa me Yoo A Tlogetseng Legae?
    Tsogang!—1990
  • Ke Direng fa Motsadi Wa me A Lemaletse Bojalwa Kgotsa Diokobatsi?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • A go Tlwaelegile go Utlwa Botlhoko Jaana?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo 1
  • Ke ka Kgona Jang go Thusa Motsadi Wa Me Yo O Mongwe Fela?
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1991
g91 2/8 ts. 21-23

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Ka Tshela Jang mo Legaeng Le Le Kgaoganeng ka Bodumedi?

“Maemo a ne a re ketefalela tota fa re ne re gola. Papa o ne a nyatsa bodumedi jwa rona. Re ne re nna ka go tlhoka kutlwano mo ntlong.”—Terry.

A O NNA mo legaeng le le kgaoganeng ka bodumedi? Fa e le gore go ntse jalo, o a itse gore dilo di ka nna bosula le go nna bokete mo go kana kang. Gongwe Mama a ka tswa a itshokela sentle dilo tse Papa a di dumelang le Papa fela jalo a itshokela tse Mama a di dumelang, mme lefa go ntse jalo jaaka fa S. Sandmel a ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya When a Jew and Christian Marry: “A go bo motho a letlelela bodumedi jwa molekane wa gagwe go kopanyeletsa gore o tla letlelela gore bana ba godisetswe mo bodumeding joo? Karabo e e ikanyegang gantsi ke nnyaa.”

Ka sekai, tlhokomela gore ke eng seo se ka tswang se diragala fa e le gore mongwe wa batsadi ba gago ke Mosupi wa ga Jehofa. Motsadi yoo o ikutlwa a tlamega ka mo go masisi gore a go godisetse “mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna” mme a ka tswa a na le pono e e gagametseng tota malebana le go ratana, maitsholo, go tsaya karolo mo metshamekong ya sekolo, go dirisa nako ya boiketlo, le mekgele ya botshelo jotlhe. (Baefesia 6:4) Motsadi wa gago yo e seng Mosupi ene, lefa go ntse jalo, a ka nna a bo a na le pono e e sa gagamalang mo dikgannyeng tseno.

Ka Sontaga thapama Mama a ka nna a batla gore o tsamaye le ene go ya kwa pokanong nngwe ya Bokeresete. Papa a ka nna a batla gore o sale le ene mo gae gore lo lebelele motshameko wa kgwele mo thelebisheneng. “Ka dinako tse dingwe ke ne ke tlhomogela Papa pelo go se kae,” go gakologelwa jalo Doug. “Tiro ya gagwe e ne e le go rekisa, ka jalo re ne re senke re mmona mo gare ga beke, mme e bo e re ka mafelobeke, ba lelapa ba bo ba mo tlogela fa ba ya dipokanong tsa bone. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke tle ke lofele pokano mme ke sale le ene.”

Jesu o ne a bonela pele gore maemo a a ntseng jalo a ne a tla nna teng. O ne a re: “Gonne ke tsile go lotlhanya monna le rragwè, le mosetsana le mmagwè, le ñwetsi le matsalaagwè: Le baba ba motho e tla nna bōnè ba ntlo ea gagwè.” (Mathaio 10:35, 36) Ga se gore Jesu o ne a lotlhanya malapa ka boomo, mme o ne a itse gore mathata a ne a tla tsoga fa maloko mangwe a lelapa a amogela kobamelo ya boammaaruri mme ba bangwe ba sa e amogele. Potso ke gore: O tshwanetse wa dira eng tota fa e le gore o mo seemong se se ntseng jalo?

Diru Tse O Tshwanetseng go Di Tila

Sa ntlhantlha, lemoga gore mokgele wa gago ke gore o itumedise, eseng a le mongwe fela wa batsadi ba gago, mme Modimo ka boene! Ke ene a laelang gore a ‘obamelwe ka moya le ka boammaaruri.’ (Yohane 4:24) Mme lefa go ntse jalo gore o dire jalo mo legaeng le le kgaoganeng ka bodumedi, go na le diru dingwe tse o tshwanetseng go di tila.

Go ineela—Mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo batsadi ba gagwe ba tlhalaneng o bolela jaana kaga maeto a gagwe kwa go rraagwe yo o sa dumeleng: “O leka go ntira gore ke tlhanogele boammaaruri le Modimo.” O dira seno ka go gatelela morwawe gore a tsenelele mo meketeng ya malatsi a boikhutso eo e seng ya Bokeresete. “Seno se ntira gore ke ikutlwe ke le mo kotsing,” mosimane yono o bolela jalo. Mme lefa go ntse jalo Jesu o re gakolola jaana: “Eo o ratañ rragwè kgotsa mmagwè bogolo go nna, ga aa nchwanèla.” (Mathaio 10:37) Ka jalo ema o nitame mo go se o se dumelang! Fa e le gore go ikopa ka botlhale gore o seka wa tsenelela mo tirong nngwe e e sa amogelesegeng ga go lekane, itsise motsadi wa gago ka bonolo mme o tiisitse gore o gana go ineela. Jaaka motsadi wa gago a bona maikemisetso a gago a a sa tshikinyegeng, kgatelelo e ka re ka bonya ka bonya ya nolofala.

Lefa go ntse jalo, tekatekano e a tlhokafala. Bafilipi 4:5 e a re: “A boiphapaanyō yoa lona bo itsiwè mo bathuñ botlhe.” Boiphapaanyo bo kopanyeletsa go ikoba, le go fetofetoga le seemo. Gongwe o ka rulaganya dilo gore o senye nako e e oketsegileng le motsadi wa gago yo o sa dumeleng fa e le gore o ikutlwa a tlhokomologilwe. Gape, gakologelwa gore o tlamega go utlwa batsadi ba gago ka bobedi.—Baefesia 6:1.

Go itira ‘yo o lekalekanyang dilo’—Ka ntlha ya mogopolo o e seng one wa go dira molemo, o ka nna wa raelesega go tsaya letlhakore la ga Mama mo dikgannyeng tsa bodumedi fela ka go bo morwarrago a tsere letlhakore la ga Papa—kana wa tsaya letlhakore la ga Papa ka go bo morwarrago a tsere la ga Mama. A mme seo ke motheo o o utlwalang wa go tlhopha gore o ka obamela Modimo jang? Go tweng fa e le gore pono ya ga Mama kaga bodumedi e phoso, e se ya Dikwalo? “Rèka boamarure, me u se ka ua bo rekisa,” go gakolola jalo Diane 23:23.

Latela moetapele—Gongwe o ikutlwa o le gaufi thata le morwarrago kana kgaitsadio mongwe yo mogolwane go na le batsadi ba gago ka bobedi. Ka jalo o ka ikutlwa o sekametse mo go reng o latele tsela lefa e ka nna efe ya bodumedi eo ene a tlhophang go e tsaya. “Ke ne ke ikutlwa fela jalo, ka go bo ke ne ke tswa mo lelapeng le legolo,” go rialo Roberto. Ka ntlha ya moo o ne a boela morago semoyeng fa morwarragwe yo mogolwane a ne a gana bodumedi jwa boammaaruri gotlhelele a bo a tswa mo gae. “Go ne go kgoba marapo tota,” a rialo. Go sa kgathalesege gore o ka tswa o ikutlwa o le gaufi go le kana kang le morwa kgotsa morwadiarrago, a e tla bo e se boeleele tota gore o mo letlelele gore a go gogele kgakala le go direla Modimo?

‘Kgaoganya mme o fenye’—“Ka nako ya fa ke ne ke na le dingwaga di ka nna 19, papa o ne a simolola go nkgothaletsa gore ke ratane,” go gakologelwa jalo Doug. “Mama, yo e neng e le Mokeresete yo o kolobeditsweng, o ne a le kgatlhanong thata le seo. Kgabagare ke ne ka iphitlhela ke ya le Papa, lemororo mo pelong ke ne ke itse gore Mama o ne a bua boammaaruri.” Koo batsadi ba nang le ditekanyetso tse di farologaneng tsa boitsholo gone, go nna le sebaka se sentsi sa gore o thulanye batsadi ba gago. O ka nna wa raelesega gore o ye le motsadi yo o go letlelelang o dira boithatelo.

Lefa go ntse jalo, go thulanya batsadi go oketsa go tlhoka kutlwano fela mo lelapeng. Mme go fiwa tetla ya gore o dire sengwe seo o itseng gore ga go botlhale go se dira kana gore se phoso ga go go dire gore o tlhoke molato mo matlhong a Modimo. “Me ke gōna, eo o itseñ go diha molemō, me a sa o dihe, Ke boleo mo go èna.” (Yakobe 4:17) Go na le gore o goge motsadi yo o go neelang kgolesego e kgolwane ka nko, ke ka ntlha yang fa o sa leke go utlwa motsadi yo o go kaelang gore o tsamaye ka “tsela ea botshelō”?—Diane 6:23.

Go Itlhophela Bodumedi ka Bowena

Lefa go ntse jalo, basha bangwe ba ka nna ba bo ka mmatota ba tsietsega gore motsadi yoo e ka nna ofe. O ka itse jang? Bibela e re bolelela kaga lekawana lengwe leo le neng le bidiwa Timotheo yo o neng a goletse mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi. O tlhalosiwa jaaka “morwa mosadi oa Seyuda, oa modumedi; me rragwè e . . . le Mogerika.” (Ditihō 16:1) Ka dinako tse dingwe Timotheo o ka nna a bo a ile a ikutlwa a tsietsega gore o ka ya le motsadi ofe. Mme lefa go ntse jalo, o ne a amogela tumelo ya bodumedi ya ga mmaagwe mme a nna mopati wa ga moaposetoloi Paulo mo maetong a gagwe. (Ditihō 16:2, 3) A seno e ne e le ka go bo a ne a rata mmaagwe go feta rraagwe? Le eseng.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “Me wèna u nnèlè rure mo diloñ tse u di ithutileñ le tse u di tlhomamisedicweñ, ka u itse ba u di ithutileñ mo go bōnè; le yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go gu tlhalehisetsa polokoñ ka tumèlō e e mo go Keresete Yesu.” (2 Timotheo 3:14, 15) Go tswa mo go seno re ka fetsa ka gore Timotheo o ne a dira phetso ya gagwe a ikaegile ka thuto eo a neng a e dira ka tlhoafalo ya Lefoko la Modimo! O ne a ‘tlhomamisediwa,’ a tlhatswiwa pelo, gore a dumele.

Go na le gore o dire phetso o ikaegile ka dikakanyo kana ka maikutlo a gago, tlhatlhoba dilo tseo batsadi ba gago ba di dumelang o dira jalo ka kaelo ya “dikwalō tse di boitshèpō.”a Kwa bokhutlong wena, eseng Mama kana Papa, o na le boikarabelo jwa go itirela poloko!—Bafilipi 2:12.

Go Gapa Motsadi wa Gago Yo O Sa Dumeleng

Jalo he, fa o setse o ititeile sehuba gore o tla latela bodumedi jwa boammaaruri, o tshwanetse go leba jang motsadi yo o sa dumeleng? Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba leke go gapa balekane ba bone ba ba sa dumeleng ka go re: “Akanya ka gone: jaaka mosadi o ka nna poloko ya monna wa gago; jaaka monna o ka nna poloko ya mosadi wa gago.” (1 Bakorintha 7:12-16, The New English Bible) A seno se ka se ka sa dira mo baneng ba ba nang le batsadi ba ba sa dumeleng se dira jaaka molaomotheo?

Boitsholo jwa gago jo bo phepa le go tlotla motsadi wa gago mo go boteng go ka dira go gontsi go mo thusa gore a lebe Bokeresete jwa boammaaruri ka tsela e e siameng. (Bapisa 1 Petere 3:1, 2.) Gape, gakologelwa gore go emela boammaaruri ga go reye gore ka tsela epe fela o kgatlhanong le motsadi yo o sa dumeleng. Tota, ka go tswelela o le pelonomi, o le kutlo, ebile o le tirisanommogo, o ka mo tlhomamisetsa gore o ntse o a mo rata.

Go na le “motlha oa go didimala, le motlha oa go bua.” (Moreri 3:7) Fa go tlhaga sebaka sa gore o ka bua le motsadi wa gago kaga dilo tse o di dumelang, ee, dira jalo! “Ba ba chwanecweñ ke go dihèlwa molemō, u se ka ua gana ka ōna,” Diane 3:27 e re gakolola jalo. Mme lefa go ntse jalo, nna pelonomi, gape o nne botlhale. Tila go bua ka lonyatso fa o bua le motsadi wa gago ka gonne o ka tswa o itse Bibela go mo feta. Go itse mang, gongwe maiteko a gago a tla ungwa. “Papa o ne a ganetsa mo go botlhoko ka dingwaga tse dintsi,” go gakologelwa jalo Jay. “Go ne go lebega o kare o ne a se kitla a tlhola a fetoga, mme e ne ya re kwa bofelong ra mo gapa.” Fa rraagwe Jay a ne a swa dingwaga di sekae tse di fetileng, o ne a direla jaaka mogolwane wa Mokeresete.

Fa go sena matswela ape, gakologelwa mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 27:10 a a reng: “[Fa] rrè le mmè ba [ka ntatlha] . . . Yehofa o tla nchola.” Gape o na le tshegetso ya ditsala tse di ikanyegang mo teng ga phuthego ya Bokeresete, tseo di ka ‘kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe.’ (Diane 18:24, bona NW.) Ka thuso ya bone le ya motsadi wa gago yo o dumelang, o ka emela boammaaruri ka nitamo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona ditlhogo tse di reng “Why Should I Accept My Parents’ Religion?” (Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Amogela Bodumedi jwa Batsadi ba Me?) le “Is the Bible Really True?” (A Bibela Tota E Boammaaruri?) tseo di tlhagang mo ditokololong tsa November 22, 1986, le June 8, 1987, tsa Awake!

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go thulanya batsadi go ka dira gore o kgone go bona se o se batlang, mme fa go ntse go ya, go godisa tlhokakutlwano mo lelapeng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela