LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 6/8 ts. 30-32
  • Ke Reng fa Motsadi Wa me A na Le Bokoa Bongwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Reng fa Motsadi Wa me A na Le Bokoa Bongwe?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Tota go ba Tlotla go se Kayang
  • Go Fenya Kgalefo le go Kgopisega
  • ‘Nka mo Fetola’
  • Itirele Poloko ka Nosi
  • Ke Direng fa Motsadi Wa me A Lemaletse Bojalwa Kgotsa Diokobatsi?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Nka Tshwara Jang Motsadi Wa me Yoo A Tlogetseng Legae?
    Tsogang!—1990
  • Ke ka Kgona Jang go Thusa Motsadi Wa Me Yo O Mongwe Fela?
    Tsogang!—1991
  • Ke Eng Seo Nka Se Dirang Fa Motsadi wa Me A Re Tlhabisitse Ditlhong?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 6/8 ts. 30-32

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Reng fa Motsadi Wa me A na Le Bokoa Bongwe?

“Rre o na le dingwaga di le lesome e le Mokeresete. Gone jaanong o tsidifetse. Ga a tlhole a ithuta Baebele e bile ga a tle dipokanong ka metlha. Ka metlha o a bo a ntse a tshwaya bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete ba ba mo phuthegong diphoso. O na le pono ya lefatshe ka batho ba ditso tse dingwe le dilo tse dingwe tse dintsi. Ke akanya gore jaanong o setse a na le makoa a mantsi thata.”—Mosha mongwe wa mosetsana.

BATSADI botlhe ga ba a itekanela. Baebele ya re: “Botlhe ba leofile, ba tlhaetse kgalaletso ya Modimo.” (Baroma 3:23) Lefa go ntse jalo, kgang eno e farologane thata fa rre wa gago kana mmè a itira e kete ke Mokeresete yo o molemo fa a le mo bathong mme a bo a nna ka tsela e sele fa a se fa gare ga batho. “Fa rre a le fa gare ga batho, o molemo tota,” go rialo mosetsana mongwe. “Mme ke motho o sele tota fa batho ba bangwe ba sa mmone—o letshwenyo tota! O ntshwaya diphoso mo go sengwe le sengwe se ke se dirang, mme o dira gore mongwe le mongwe mo lapeng a se ka a itumela. O dira gore ke tenwe ke botshelo. Ke simolola go mo ila.”

Basha ba ba sotlelwang mo sephiring ba ka nna ba galefile e bile ba sa itumela. Ka gone, mosadi mongwe yo leina la gagwe e leng Mary o kwala jaana ka “thubakanyo, go tlhapadiwa le mekgwa yotlhe ya go sotlwa” ke rraagwe—yo o neng a lemaletse bojalwa go sa lemotshege. “Batho ba ne ba tle ba tle mo go rona bana ba gagwe mme ba re bolelele kafa rraarona a leng molemo ka teng le gore re lesego tota,” o gakologelwa jalo ka pelo e e botlhoko.

Baebele e kgala mekgwa yotlhe ya boitimokanyi. (Jakobe 3:17) E re tlhagisa gore tota le mo baobameding ba boammaaruri ba Modimo go ne go tla nna le batho bangwe ba ba neng ba tla nna “baitimokanyi.” (Pesalema 26:4; bapisa Juta 4.) Lefa go ntse jalo, go itse seno go ka nna ga se ka ga tokafatsa dilo ka gope fa motho yo o itirang moitimokanyi e le motsadi wa gago—motho yo o tshwanetseng go mo rata le go mo tlotla. Basha bangwe ba utlwisiwa botlhoko thata ke maikutlo a a lwantshanang a a bakiwang ke seno. “Ke tlhoka thuso,” go ne ga rialo mosetsana mongwe a hutsafetse. “Baebele ya re ‘tlotla rraago,’ mme nna ga ke kgone.”

Se Tota go ba Tlotla go se Kayang

Ke boammaaruri gore ga gona gore mosha a ka ‘ikgolola’ mo taelong ya Baebele ya gore a tlotle batsadi ba gagwe ba a ikutlwang gore ga ba tshwanelwe ke seo. (Baefeso 6:1, 2) Lefa go ntse jalo, go tlotla motsadi ga go kaye gore o dumalana le mokgwa wa gagwe wa go tshela kana gore o itumelela tsela e a go tshwarang ka yone. Mo Baebeleng, go “tlotla” go ka kaya fela gore motho o dumela go ineela mo go yo o mo okametseng.

Ka sekai, moaposetoloi Petere o ne a kwala gore Bakeresete ba tshwanetse go ‘tlotla kgosi.’ (1 Petere 2:17) Petere o ne a itse ka boene gore gantsi dikgosi e ne e le batho ba ba sa itshwareng sentle. Ka sekai, Kgosi Herote Ageripa I e ne e le monna yo o sefafalele a se kelotlhoko. Fa Roma e sena go mo tlhoma go nna kgosi ya Palesetina, o ne a simolola go bogisa Bakeresete. O ne “a bolaya Jakobe mogoloa Johane ka tšhaka. Ya re a bona fa go kgatlhile Bajuta, a tswelela pele, a tshwara le ene Petere.” (Ditiro 12:1-3) Lefa go ntse jalo, Petere ga a ka a rotloeletsa botsuolodi. Go na le moo, o ne a buelela gore go tlotliwe dikgosi. Mme o ne a dira jalo ka mabaka a a molemo. Jehofa o batla gore babusi ba lefatshe ba ikobelwe. Mme ka nako ya ga Petere dikgosi dingwe di ne di sa ganediwe e bile di laola mo go sengwe le sengwe. Solomone o ne a re: “Kgosi e dira se e se ratang. Ka gobo lefoko la kgosi le na le thata; mme e mang yo o ka e rayang a re: ‘Ana o dirang?’”—Moreri 8:3, 4.

Go ntse fela jalo le ka motsadi wa gago—lefa a na le makoa a a kana kang—o santse a go okametse e bile o na le taolo mo botshelong jwa gago. Ka jalo, ga go botlhale gore o mo tsuologele kana o mo nyatse. Go dira jalo ga go ne go go ketefaletsa dilo fela mme gape go tla go dira gore o se ka wa tlhola o amogelwa ke Modimo. (Bapisa Diane 30:17; Moreri 10:4.) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o dirisana mmogo le motsadi wa gago, go ka nna ga dira gore go nne le kagisonyana le kutlwano mo kamanong ya lona.—Bakolosa 3:20.

Go Fenya Kgalefo le go Kgopisega

Lefa go ntse jalo, o ka kgona jang go tlotla motho yo o go utlwisitseng botlhoko a bo a go swabisa? Ga go motlhofo. Mme go nnela go akanya ka diphoso le makoa a gagwe go tla dira gore o kgopisege go feta. A e ka tswa e le gore o tlhoka go leba motsadi wa gago ka tsela e e molemo, o leba dinonofo dingwe tse di molemo tse a nang le tsone ka tsela e e tshwanetseng?

Ela tlhoko se Diane 19:11 e se bolelang: “Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa.” Fa o leka go tlhaloganya motsadi wa gago, go ka dira gore o lebe seemo ka tsela e nngwe. A mme gone o itshwara ka tsela e e maswe thata? Kana a gongwe ke fela gore o bokoa, o kgobegile marapo e bile o tlhoka thuso? A maitsholo a gagwe a ka tswa a bakwa ke bolwetse, go tshwenyega thata mo maikutlong, go jewa ke bodutu kana go ngomolwa pelo ke tiro? Fa go ntse jalo, go tlhaloganya mathata ano go tla go thusa gore o utlwele motsadi wa gago botlhoko gongwe le go go dira gore o se ka wa mo galefela thata.

Lefa seemo e ka tswa e le sefe, go a thusa gore o buisane le mongwe ka tsela e o ikutlwang ka yone. (Diane 12:25) “Rre o ne a tlhola a nwa thata,” go gakologelwa jalo mosetsana mongwe. “Ke ne ke sa kgone go bolelela batsadi ba me kafa ke ikutlwang ka teng, ka jalo, ke ne ka itidimalela fela.” Lefa go ntse jalo, ga go tlhokege gore o boge jalo go sa itse ope. Batho bangwe ba ba godileng sentle mo phuthegong ya Bokeresete ba ka go thusa thata gore o fenye go ikutlwa o sa kgatlhegelwe kwa gae mme ba sa tseele batsadi ba gago maikarabelo a bone. (Bapisa Mareko 10:30.) Diane 17:17 ya re: “Ditsala di rata motho ka metlha yotlhe. A tiro ya bakaulengwe ga se go go thusa fa o le mo mathateng?”—Today’s English Version.

‘Nka mo Fetola’

Basha bangwe ba boga thata mo maikutlong ka ntlha ya go nna le maikutlo a gore ba na le seabe ka tsela nngwe. Mary o gakologelwa jaana ka ene le bomonnaawe: “Re ne re nna re tshogile gore mongwe a ka nna a lemoga gore rre o lemaletse bojalwa.” Ba bangwe ba ipolaisa pelo ka go batla go fetola batsadi ba bone ba ba sa itshwareng sentle.

Lefa o ka tswa o rata motsadi wa gago jang e bile o batla go mo tlhokomela, ga se molato wa gago go bo a na le makoa ao. O “ithwalela morwalo wa gagwe” wa boikarabelo fa pele ga Modimo. (Bapisa Bagalatia 6:5; Jakobe 5:14.) Ga se maikarabelo a gago gore o dise kana gore o laole motsadi wa gago gore a itshware jang. Go tlhola o ngongorega kana o kgalema motsadi wa gago go tla mo tena.

Seno ga se reye gore ga gona sepe se o ka se dirang. Bogolo o ka “rapela ka go bisa go khutla” gore pelo ya motsadi wa gago e fetoge. (1 Bathesalonika 5:17) Fa ka metlha o mmontsha gore o a mo rata e bile o mo akgola ka pelo yotlhe fa go tlhokega, le gone go ka tokafatsa mokgwa wa gagwe. Kwantle ga moo, selo se le nosi fela se o ka se dirang ke go leka ka natla go itshokela seemo ka fa o ka kgonang ka teng.a

Ke boammaaruri gore, fa wena le motsadi wa gago lo le Bakeresete mme a dira dilo dingwe tse di phoso tse di masisi, tse di jaaka go se dirise bojalwa sentle kana go galefa ka tsela e e feteletseng, o ka ikutlwa o patelesega gore o tlotle le bagolwane ba phuthego ka seo. (Jakobe 5:14) Ga se gore o a bo o sa ikanyege mo motsading wa gago mme e tla bo e le maiteko a lorato a go tlhomamisa gore o bona thuso e a e tlhokang thata. Ke boammaaruri gore batsadi bangwe ba ile ba itatola diphoso tsa bone ba galefile ba bo ba itaya bana ba bone mo sephiring, lefa go ntse jalo, basha ba ba ‘bogang botlhoko ka ntlha ya tshiamo’ mo kgannyeng eno ba ka tlhomamisa gore Jehofa o kgatlhiwa ke bopelokgale jwa bone le gore ka nako ya gagwe e e tshwanetseng, o tla senola se e leng boammaaruri.—1 Petere 3:14; 1 Timotheo 5:24, 25.

Itirele Poloko ka Nosi

Solomone o ne a re: “Gonne boikgagapelelo bo fetola motho yo o botlhale seeleele.” (Moreri 7:7) Maswabi ke gore, basha bangwe ba ne ba galefisiwa thata ke sekao se se sa siamang sa motsadi mo ba ileng ba simolola go se itshware sentle ka bobone. Bangwe ba ile ba bo ba galefela le Modimo ba bo ba tlogela tsela ya Bokeresete! (Diane 19:3) Baebele e tlhagisa jaana: “O itise gore bogale bo se go faposetse mo [ditirong tse di bosula]. O ele tlhoko gore o se fapogele mo go se se utlwisang botlhoko.”—Jobe 36:18-21, NW.

Go na le gore o tshwenyege thata ka kamano ya motsadi wa gago le Modimo, o tshwanetse go ‘itirela poloko ka nosi, ka poifo le ka thoromo.’ (Bafilipi 2:12) Mo metlheng ya bogologolo, kgosana nngwe ya mosha e e bidiwang Hesekia e ne ya dira jalo mo maemong a a tshwanang le ano. Rraagwe e bong Kgosi Ahase o ne a ipolela gore o obamela Jehofa. (Isaia 7:10-12) Tota e ne e le moobamedi wa medingwana ya seheitene mo a bileng a ntsha mongwe wa bomorwaawe setlhabelo! (2 Dikgosi 16:1-4) Akanya fela kafa Hesekia yo mmotlana a neng a hutsafadiwa ka teng ke botenegi joo jo a neng a bo bona bo dirwa! Pesalema 119:28, e bangwe ba akanyang gore e kwadilwe ke kgosana eno, ya re: “Ke nyera mowa ka go imelesega; nthatafatsa ka fa lefokong la gago.”

Jehofa o ne a dira fela jalo! E ne ya re fa Hesekia a ntse a nnela ruri mo thapelong le go ithuta Lefoko la Modimo, o ne a gola semoyeng go sa kgathalasege maemo a o neng a le mo go one. (Pesalema 119:97) Gape o ne a etse tlhoko batho ba a neng a itsalanya le bone. (Pesalema 119:63) Go ne ga felela ka eng? Le mororo rraagwe wa moitimokanyi a ne a sa mo tlhomele sekao se se molemo, Hesekia ene o ne a nna “a ngaparela Jehofa.” (2 Dikgosi 18:6) Le wena o ka kgona! Gongwe motsadi wa gago o a itimokanya, mme gone ga go tlhokege gore o mo etse. Nna o kgomaretse Jehofa, gongwe letsatsi lengwe sekao sa gago sa boikanyegi se ka tlhotlheletsa motsadi wa gago gore a fetoge.

Fa e kare morago ga o sena go bala makasine ono, o bo o nna le dipotso dipe fela go tswa mo Baebeleng, tsweetswee o se ka wa tshaba go ikgolaganya le Basupi ba ga Jehofa kwa Holong ya Bogosi ya mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono. (Bona tsebe 5.)

[Ntlha e e kwa tlase]

a Seno ga se kaye gore mosha a letlelele go sotliwa ka go setlakiwa le ka tlhakanelodikobo. Mosha yo o dirwang jalo o tshwanetse go senka thuso lefa seo se ka mo tlhoka gore a kope thuso go mongwe yo e seng wa lelapa.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ga go tlhokege gore o nne le makoa mangwe fela ka gonne motsadi wa gago a na le one

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela