LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g92 11/8 ts. 28-29
  • Ke Eng Seo Nka Se Dirang Fa Motsadi wa Me A Re Tlhabisitse Ditlhong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Seo Nka Se Dirang Fa Motsadi wa Me A Re Tlhabisitse Ditlhong?
  • Tsogang!—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga Se Molato wa Gago!
  • Go Itshupa Fa Wena O Farologane
  • Go Lwantshana le Maikutlo A O Nang le One
  • Ke Reng fa Motsadi Wa me A na Le Bokoa Bongwe?
    Tsogang!—1995
  • Ke Direng fa Motsadi Wa me A Lemaletse Bojalwa Kgotsa Diokobatsi?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Nka Tshwara Jang Motsadi Wa me Yoo A Tlogetseng Legae?
    Tsogang!—1990
  • Ke Ka Tshela Jang mo Legaeng Le Le Kgaoganeng ka Bodumedi?
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1992
g92 11/8 ts. 28-29

Basha ba Botsa Jaana. . .

Ke Eng Seo Nka Se Dirang Fa Motsadi wa Me A Re Tlhabisitse Ditlhong?

RRAAGWE Jacob e ne e kile ya bo e le molebedi yo o tlotlegang wa Mokeresete kwa nageng nngwe mo Afrika. Lefa go le jalo e ne ya re fa rraagwe Jacob a sena go tlogela mmaagwe Jacob mme a ya go nna le mosadi yo mongwe, o ne a lelekwa mo phuthegong ya Bokeresete. Dilo di ne tsa nna maswe le go feta fa jaanong a ne a simolola go nwa bobe. “Ka nako ya fa a ne nole jalo,” Jacob o gakologelwa jalo, “o ne a ka ntatela kwa sekolong mme a fitlha a ntlhabisa ditlhong fa pele ga barutabana le bana ba bangwe ba sekolo.”a

Mosha yo mongwe wa mo Afrika, yo re tla mmitsang David, le ene ka tsela e e tshwanang o ne a bona rraagwe a lelekwa mo phuthegong ya Bokeresete ka go bo a ne a dirile phoso mme a sa ikwatlhae. “Go ne go le thata go dumela seo,” David o bolela jalo. “Ka dinako tsotlhe ke ne ke mo tsaya e le sekao se se molemo. Selo se segolo seo ke neng ke se tshoga e ne e le gore go ne go se kitla go nna le ope yo o ka ratang go tlhola a itsalanya le lelapa la motho yo o kgaotsweng.”

Fa motsadi a ka diga seriti sa lelapa la gagwe ka go kopanela mo boitshwarong bongwe jo bo sa siamang, kana le eleng go tshwarwa, ga se selo se se sa tlwaelegang gore motho a ikutlwe a tlhabilwe ke ditlhong, a tlontlolotswe, le go ikutlwa a boifa isagwe. Ka dinako tse dingwe o ka ikutlwa jaaka mopesalema yo o ileng a kwala jaana: “Go tlotlologa ga me go ha pele ga me ka letsatsi yeotlhe, me ke bipilwe ke ditlhoñ tsa sehatlhōgō sa me.”—Pesalema 44:15.

Ka ntlha ya boitshwaro jwa motsadi wa gago, o ka nna wa ikutlwa o sa ritibala le go ikutlwa o swabile fa o na le ditsala le bao o tlwaelaneng nabo. Ka tsela e e tshwanang bangwe ba bano le bone ba ka ikutlwa ba sa ritibala fa o na le bone. Basha bangwe ba ba setlhogo ba ka nna ba bo ba itumelela go go sotla ka seemo sa motsadi wa gago, kana batho bangwe ba ba godileng ba ka nna ba tlhola ba go kgalema ba tiisitse lentswe gore o ka nna wa feleletsa o tshwana le ene.

Ga Se Molato wa Gago!

Seane sengwe se se tlwaelegileng sa bogologolo se a re: “Batsadi ba jele mofine o o botlha, bana e nne bone ba ba utlwang tatso ya one e e botlha.” (Esekiele 18:2, Today’s English Version) Ka tsela e e tshwanang basha gompieno ba ka ikutlwa gore ba latswisiwa ditlamorago tsa maitsholo a a sa siamang a batsadi ba bone. Morago ga gore rre wa gagwe a lelekwe mo phuthegong, David yo mosha o ile a ikutlwa a tshwenyegile thata mo maikutlong mme a ipotsa gore a eseng gore Modimo otlhaya ene.

A mme gone go ne go ntse jalo? Ke boammaaruri gore, Modimo o ne wa tlhagisa morafe wa Iseraele gore o ne o beletsañ “bana tshiamololō ea borrabō.” (Ekesodo 20:5) Ka sekai, ka nako nngwe Jehofa o ile a romela morafe otlhe wa Baiseraele kwa botshwarong kgakala kwa Babelona. Lefa gone selo se segolo seo se neng se bakile seno e ne e le boitshwaro jo bo sa siamang jwa batho ba ba godileng, go itshwara jalo ga bone go ne ga ketefaletsa bana ba Baiseraele dilo. Go ntse go le jalo, Modimo o ne a tswelela pele a ntse a kgatlhegela basha ba Baiseraele, ba ba jaaka Daniele le ditsala tsa gagwe, bao ka boikanyegi ba ileng a tswelela pele go mo obamela.—Daniele 3:28, 30.

Ka gone le fa boatla jwa motsadi wa gago bo ka go leretse kutlobotlhoko le matshwenyego, ga o na lebaka la go boifa gore o latlhegetswe ke kamogelo ya Modimo kana tshegofatso ya gagwe. Akanya mafoko a ga Jehofa a a mo go Esekiele 18:14, 17 ao a latelang mafoko ao a ileng a tsopolwa pelenyana malebana le mofine o o botlha: “Me yana, bōnañ, ha a tsala mosimane, eo o bōnañ maleo aotlhe a ga rragwè, a o a dihileñ, me a boiha, me a sa dihe a a chwanañ naō, . . . èna ga a ketla a shwèla boikèpō yoa ga rragwè, rure o tla tshela.”

Lefa go le jalo, ela tlhoko gore e le gore o tswelele pele o ntse o tshela, o tshwanetse go tsaya tsela e e farologaneng le eo motsadi wa gago wa seganana a e tsereng. “Me a motho moñwe le moñwe a sekasekè e e leñ tihō wa gagwè,” Bibela e rotloetsa jalo, “me hoñ o tla bōna go ipelahatsa kaga gagwè ka esi, me e señ kaga oa ga gabō.”—Bagalatia 6:4.

Go Itshupa Fa Wena O Farologane

Ka sekai, akanya ka kgosi ya Juda wa bogologolo eo e neng e sa le mosha, eo e neng e bidiwa Josia. Rraagwe mmogo le rraagwemogolo ba ne ba itsege ka tlwaelo e e sa siamang ya go obamela medimo ya disetwa. Go ntse go le jalo, Josia ka boene o ile a “diha se se siameñ mo matlhoñ a ga Yehofa.” (2 Dikgosi 21:19, 20; 22:1, 2) Rraagwe Kgosi Hesekia, Ahase, le ene ke mongwe wa dikgosi tseo di ileng tsa tlhoma sekao se se bodileng. Ahase o ile a tswala dikgoro tsotlhe tsa tempele ya ga Jehofa mme a ntshetsa medimo ya baheitene ditlhabelo ka bomorwawe! (2 Ditihalō 28:1-3, 24, 25) Lefa go le jalo, Hesekia o ile a itshupa a farologane le raagwe. O ile a simolola go busa a le dingwaga di le 25 mme ka bonako fela a busetsa kobamelo ya boammaaruri mo Juda.—2 Dikgosi 18:1-5.

Bomorwa Kora le bone ba ile ba tlhoma sekao se se ntseng jalo. Pele fela ga fa morafe wa Iseraele o tsena ka Lefatshe la Tsholofetso, Kora, yo e neng e le Molefi yo o tumileng, o ile ya nna ene a di gogang kwa pele mo go tsuologeleng Moshe le Arone. Lefa go ntse jalo, botsuolodi joo bo ile jwa fela ka nako ya fa Kora le balatedi ba gagwe ba ne ba nyelediwa ka thoromo ya lefatshe le ke molelo o o neng o tswa legodimong. Lefa go le jalo, se se itumedisang ke gore bomorwa Kora ba ile ba falola. (Dipalō 26:9-11) Go bonala fa ba ile ba seka ba goga le rraabone mo botsuoloding jono. Kwantle ga pelaelo barwa bano ba ga Kora ba ile ba ikutlwa ba tlhabilwe ke ditlhong ka ntlha ya boitsholo jono jo bo boikepo jwa ga rraabone. Lefa go le jalo Jehofa o ile a segofatsa bana ba ga Kora ka jaana ba ile ba kgomarela Molao wa gagwe. Gareng ga dikakgelo tse di kgatlhisang thata tse di fitlhelwang mo Bibeleng ke mafoko ao a ileng a kwalwa ke bomorwa Kora.—Bona Pesalema 45, 48, 84, 85, 87, le 88.

Fela jaaka Josia, Hesekia, le bomorwa Kora, basha ba bantsi ba Bakeresete gompieno ba ile ba itshupa ba farologane le batsadi ba bone bao ba tsereng tsela e e sokameng. Akanya ka mosha mongwe yo re tla mmitsang Maxwell. Batsadi ba gagwe pele e ne e le Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa lefa go le jalo morago ba ile ba fetoga batenegi ba ba leng kgatlhanong le Bokeresete. Ka lekgetlo lengwe batsadi ba gagwe ba ile ba tla ba rwele dipolakate mme ba dira ditshupetso ka kwa ntle ga mabala a kopano ya Bokeresete eo Maxwell a neng a le kwa go yone. “Go ne go ntlhabisa ditlhong,” o ile a tlhalosa jalo. “Bangwe bao ba neng ba sa itse gore e ne e le batsadi ba me ba ile ba nthaya ba re, ‘A o bone ditlaela tsele tsa batenegi kwa ntle kwa?’” Lefa go ntse jalo, Maxwell ga a ka a latela tsela ya botenegi ya batsadi ba gagwe. Mme ka tshegetso ya maloko a mangwe a lelapa a a ikanyegang le ditsala tse dingwe tsa Bakeresete, o ile a kgona go lepalepana le maikutlo a go tlhabiwa ke ditlhong le go swaba.

Maxwell, Jacob le David (bao ba ileng ba umakiwa pelenyana), ba ile ka boammaaruri ba fenya maemo a malapa a bone. Jaaka re bua jaana botlhe ba direla kwa ofising ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower mo Afrika. “Ke a itse gore ke santse ke ka nna ka tshwanelwa ke go lebagana le go swabisiwa ke batsadi ba me mo nakong e e tlang,” go rialo Maxwell, “lefa go le jalo ke a itse gape gore fa ke ka ikaega ka Jehofa, o tla nneela maatla a gore ke itshoke.”

Go Lwantshana le Maikutlo A O Nang le One

O ka tshwanelwa segolobogolo ke gore o bone thuso e le gore o ke o kgone go lepalepana le maikutlo ao a bakiwang ke boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong jwa motsadi wa gago. “Fa ke bona mmè [a nole],” go ne go kwala jalo Charmaine yo o dingwaga tse 15, “ke a tle ke ikutlwe o ka re sengwe se a swa mo go nna . . . ke tenega mo go maswe . . . Ekete ditsala tsa me di ka seka tsa bo tsa tsamaya tsa lemoga bothata jwa ga mmè, gonne ke santse ke na le seriti mo go bone.” (Alcohol Abuse—The Incredible Lie! ya ga Henri Naudé) Lefa go ntse jalo, seane sa Seesemane se re gakolola jaana, “fa o ngathogana manyaapelo le ba bangwe a okobatsa setlhabi sa one.” Go itse mang gore bothata jono jwa motsadi wa gago e ka tswa e le selo seo bontsi bo itseng ka sone. Ka gone goreng o bo tsaya jaaka o ka re ke sephiri seo go sa kakeng ga buiwa ka sone? Tota le eleng lefa go lebega go le thata go itse gore o ka dirang, a go lebega go le botlhale gore o letle maikutlo a letlhoo go mela mo go wena? A go ne go se kitla go nna botlhale gore o batle mogodi mongwe wa Mokeresete yo o ka tlotlang le ene ka seno? Ka go dira seno o ka nna wa bona mafoko a a molemo a kgothatso.—Diane 12:25; 16:24.

Go akanya ka melaometheo ya Bibela ke tsela e nngwe e e molemo ya go kgona go lepalepana le maikutlo a a sa siamang ka katlego. Jacob o dumela gore: “Dilo tseo rre a neng a di dira di ile tsa dira gore go age maikutlo a go mo tlhoa mo pelong ya me.” Lefa go ntse jalo, letlhoo ga le ka ke la tokafatsa seemo, ebile gape le thulana le taolo ya Bibela ya gore motho o tshwanetse go tlotla rraagwe le mmaagwe. (Baefesia 6:1-3) Go na le gore o tlhoe motsadi wa gago ka boene, o tshwanetse go tlhagolela letlhoo le le molemo la go tlhoa tsela e e maswe eo motsadi wa gago a e tsereng. (Bapisa Diane 8:13; Yude 23.) Ke selo se se siameng go ikobela tota le eleng go bontsha tlotlo mo motsading wa gago yo o fapogileng mo tseleng. Go tswelela pele o mmontsha lorato le go mmolelela kafa o mo ratang ka gone go ka nna ga tlhotlheletsa motsadi wa gago go dira diphetogo tse di tshwanetseng.

Jacob yo mmotlana o ne a na le bothata jo bongwe jo bo tlwaelegileng—tshekamelo ya go ipapisa le basha ba bangwe bao maemo a bone a neng a le a botoka. Lefa go ntse jalo, o ile a simolola go lemoga ka tsela eo go dira jalo go neng go se botlhale ka gone. “Go na le gore o ineele mo megopolong e e ntseng jalo,” go rialo Jacob, “selo se se ka thusang ke gore o bee tlhokomelo ya gago mo go reng o ka lepalepana le seemo jang ka katlego.” Jacob o ile a fitlhela gore go bala dibuka tsa Bibela le go tlhatlhanya ka tsela ya botshelo ya Bakeresete ba ba ikanyegang e le sone selo se se thusang thata.

Go kopanela thata le phuthego ya Bokeresete go ka itshupa e le selo se sengwe gape seo se ka thusang. Gone koo o ka fitlhela “bakaulengwe le bokgaitsadi le bomamotho” ba semoya. (Mareko 10:30, NW) David yo mmotlana o ne a boifa gore maloko a phuthego a ne a tla mo itlhokomolosa ka gonne rraagwe a kgaotswe. Lefa go le jalo o ile a lemoga gore o ne a boifa selo se se seong. “Mo phuthegong,” o a tlhalosa, “ga re a ka ra dirwa gore re ikutlwe re latlhilwe, jaaka fa ke ne ke akanya gore go ne go tla nna jalo. Ditsala di ne di santse di tla go re etela. Dilo tseno tsotlhe di ile tsa ntlhatswa pelo gore phuthego eleruri e ne e tshwenyega ka rona.”

Ga go na pelaelo ya gore go nna le motsadi yo o duleng mo tseleng e ka nna boitemogelo jo bo utlwisang botlhoko le jo bo swabisang thata. Lefa go le jalo ga wa tshwanela go ineelela seemo. Akanya ka maitemogelo a bao ba ileng ba umakiwa fano. Senka thuso go tswa mo ditsaleng tse di lorato. O seka wa bontsha go nyatsa batsadi ba gago; boikanyegi jwa gago bo ka nna ya re kgabagare jwa ba tlhotlheletsa go dira diphetogo. (Bapisa 1 Petere 3:1, 2.) Mme go sa kgathalesege gore ke eng seo se diragalang, gakologelwa gore go nna le botsala le Modimo ga go a ikaega ka boitshwaro jwa batsadi ba gago. Go ikaegile ka wena!

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina a a mo setlhogong seno ke ao a fetotsweng.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ga go tlhokafale gore o sale morago tsela e e phoso ya babadi ba gago

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela