Basha ba Botsa Jaana . . .
Difeshene—Di Kgatlha ka Eng?
AVERY yo mmotlana ke mongwe wa basha ba le diketekete—gongwe dimilionemilione—ba ba gapilweng maikutlo ke feshene ya go apara dikipa tse di kwalakakilweng. Gone ee, dikipa tseno tse di kwalakakilweng ga di bolo go nna di aparwa; gongwe e bile batsadi ba gago le bone ba kile ba di apara e santse e le basha. Lefa go ntse jalo, go ya ka makasine wa Newsweek, feshene eno ga e tlhole e tshwana le pele. Basha bangwe “ba tsamaya ba apere dikipa tse di kwadilweng mafoko a a tsitsibanyang mmele.”
Dikipa tseno tse disha di kwalwa mafoko a bontsi jwa one a tlhabisang ditlhong. Dingwe di bua maswe ka batho ba ditso tse dingwe fa tse dingwe tsone di tlhapatsa basadi. Go lebega fa batho ba ba tabogang le feshene eno ba sa amege ka gope gore batho ba bangwe—go akaretsa le batsadi ba bone—ba ikutlwa jang ka melaetsa e e maswe eno. Andrea wa dingwaga tse 18 o ne a botsa mosha mongwe gore ke eng fa a apere sekipa se se kgopisang go le kalo, “o ne a se ka a itse gore a reng, o ne a tla ka diipato tse di jaaka gore, ‘Ke tsamaisana le dinako’ le ‘Mongwe le mongwe wa di apara.’”
Mo masomeng a dingwaga a a fetileng basha ba ile ba gapiwa maikutlo ke difeshene di le dintsi. Nngwe ya difeshene tse di tumileng thata e bile e dira madi a mantsi go di gaisa tsotlhe e ne e le Hula-Hoop e e neng ya tuma thata ka bo1950 kwa United States. Dingwaga di sekae pele ga moo, go ne go atile thata gore batho ba metse tlhapi e e serolwana e ntse e feletse le go leka go bona gore go ka tsena batho ba bakae mo matlwaneng a difouno. Bosheng jaana dilo tse dingwe tse di neng tsa tuma thata ke break dance, dibokate tse di thuntseng mmala, disekeiteboto, le “go tsamaya o le lepono” (go taboga o sa apara, o bonwa ke batho). Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a re: “Mokgwa wa lefatshe leno o a feta.” (1 Bakorinthe 7:31) Gompieno jaana, difeshene di le dintsi—dingwe e le tsa boeleele tse dingwe tsone e le tse di kotsi—di ratwa thata ke basha.
Basha le Diaparo Tsa Bone Tsa Feshene
A re dirise diaparo jaaka sekai. Go ya ka makasine wa Time, mmino wa repe (ka dinako dingwe o bidiwa hip-hop) “gongwe jaanong ke sengwe sa dilo tse di tumileng thata tse di tswang kwa Amerika se se tlhotlheletsang mo e ka nnang mosha mongwe le mongwe mo lefatsheng lotlhe.” Lefa go ntse jalo, jaaka fa o ka tswa o itse, repe ga se mmino fela. Time e oketsa jaana: “Repe gape ke feshene e e anameng le lefatshe lotlhe. Mekgwa e e farologaneng ya go apara ya botsotsi ba Amerika—marukgwe a a maburuburu, diteki tse di jang madi a mantsi, dikipanyana tse di nang le tlhoro, le dibenyane tse di magasigasi—e fitlhelwa gongwe le gongwe.” Ditlhopha tse di rategang thata tsa mmino le dibidio tsa mmino tse di rotloetsang seno di dirile gore batho ba kgatlhegele thata mekgwa eno ya go apara ya hip-hop.
Mekgwa eno ya go apara diaparo tse di maburuburu e ja madi a mantsi thata—diteki tse di telele tse di fitlhang fa magwejaneng di le nosi fela, di ja madi a mantsi tota! Lefa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba akanya gore di tshwanelwa ke tlhwatlhwa ya tsone. Go ya ka mosha mongwe yo o bidiwang Marcus, “fa o sa apare diaparo tse di maburuburu, ga o ka ke wa amogelwa ke batho ba hip hop.”
Basha ba ba ratang diaparo tse di tumileng thata tse di “makgasa” ga ba bone molato ope ka tsone. Dibokate tse di gagogileng le dihempe tse di maodi tse di rategang thata mo mokgweng ono wa go apara di ne tsa tumisiwa thata ke bente nngwe ya mo sephiring ya mmino wa roko ya kwa Amerika. Mokwadi mongwe o ne a bitsa kapari eno ya “makgasa” a re ke “go apara bohumanegi.” Ruri ke go apara bohumanegi. Mokgwa o o botlhaswa oo wa go apara o ja madi a mantsi. Gape go na le “mokgwa wa go busetsa sengwe mo fesheneng.” Go ya ka makasine wa Canada wa Maclean’s, “ono ke mokgwa wa go busetsa dilo tse di neng di le mo fesheneng mo bofelong jwa bo1960 le mo masimologong a bo1970.” Bagolo ba gakgamala thata fa ba bona basha ba reka dilo tseno tsa madi a a kwa godimo—tse di jaaka ditlhako tsa solo e kima le marukgwe a bolobotomo—tse di sa bolong go tswa mo fesheneng fela jaaka mmino wa disikho.
Kgatelopele mo Tegenolojing ke Feshene e Kgolo
Dihokitoki tsa kgetsana ke sengwe sa dikai tse di bontshang kafa basha ba fetolang mo e ka nang sengwe le sengwe ka teng go nna sa feshene. Kwa tshimologong di ne di dirisiwa ke dingaka le batho ba ba dirang ditiro tse di kgethegileng ba ba founelwang thata mme ka bonako fela di ne tsa simolola go dirisiwa thata ke dinokwane tse di gwebang ka diokobatsi mo ditoropong. Dinokwane tseno tse di gwebang ka diokobatsi di dirisa dihokitoki tseno go dira dithulaganyo tsa go kopana le bareki ba tsone. Go ya ka The New York Times, “[dihokitoki tsa kgetsana] di ne tsa anama thata mo e bileng batho ba ba rekisang diokobatsi ba neng ba itsege ka tsone.” Ga go gakgamatse go bo dikomiti di le dintsi tsa dikolo di ne tsa simolola go kganela baithuti go tla ka tsone kwa sekolong!
Lefa go ntse jalo, seno ga se thuse sepe. Dihokitoki tseno di dirisiwa thata ke basha ba mo ditoropong. Bangwe ba di dirisa ka tsela e e tshwanetseng, go tlhaeletsana le ba bangwe, ba thusa batsadi go itse kwa ba leng teng kgotsa ba ikgolaganya le bone ka nako ya tshoganetso. Lefa go ntse jalo, basha ba bangwe bone ba di tshola fela ka gonne di le mo fesheneng. Go ya ka Times, “basha ba dingwaga tsa bolesome ba tsenya dihokitoki tseno mo dikgwatlheng tsa bone, mo dikgetsaneng tsa dibaki le mo dibanteng. Go na le dihokitoki tsa diwatšhe, tsa ditaye, tsa dipene, dihokitoki tse di botala jwa loapi, tse dipinki le tse di khibidu le dihokitoki tsele tsa bogologolo tse dintsho le tse ditshetlha.” Lefa gone bagolo bangwe ba santse ba amanya dihokitoki tseno le batho ba ba dirisang diokobatsi, lepodise lengwe la kwa New York City la re: “Ke fela gore ke selo se se rekwang thata. Ke basha ba sekae fela ba ba nang le tsone ba ba dirisang diokobatsi, mme bontsi jwa bone ga bo a nna jalo. Ke feshene fela.”
Difeshene—Di a Gakgamatsa e Bile di Kotsi
Le mororo sengwe se se molemo se re ka se buang ka difeshene dingwe tsa diaparo e le gore di a amogelega fa sengwe se se bosula e le gore dingwe di a kgopisa, mefuta mengwe ya difeshene yone go lebega e le maswe thata. Basetsana bangwe ba basha ba taboga le feshene ya go itima dijo ka ntlha ya go batla go tshwana le bommabontle bangwe ba ba tumileng, ba dira jalo ba sa akanyetse gore seo se tla ama jang boitekanelo jwa bone. “Batho ba le bantsi ba iphokotsa mmele ka go itima dijo mo nageng ya rona,” Alvin Rosenbaum o kwala jalo. “Leba dibuka dipe fela tse 10 tse di rekwang thata mme gantsi o tla fitlhela go na le buka e e buang ka go iphokotsa mmele ka go itima dijo mo go tsone.” Rosenbaum o tlhalosa gore bontsi jwa tsone dibuka tseno di buelela mekgwa ya go itima dijo e e belaetsang. Baitse ba le bantsi ba bolela fa mathata a le mantsi a go sa jeng sentle ga basha—a a jaaka anorexia nervosa—a bakwa ke botsenwa jono jwa go batla go iphokotsa mmele.a
Mekgwa e mengwe ya feshene e e amanang le tebego ya motho le yone e ka nna kotsi fela jalo—e bile e a gakgamatsa. Go ya ka setlhogo sengwe sa Newsweek, “go itshwaya, e bong mokgwa wa go taka wa batho ba ba sa tlhabologang le wa dinokwane, o setse o fetoga feshene.” Basha bangwe ka ntlha ya go batla go tshwana le dikgantshwane tsa dibaesekopo le diopedi tsa mmino wa roko ya heavy metal, ba eletsa thata go itshwaya matshwao a a nnelang ruri mo mmeleng wa bone. Ga ba tseele tlhogong ditlhagiso tsa dingaka kaga kotsi ya go tshwarwa ke hepatitis le gore enke e e dirisiwang go itshwaya jalo e tla ba tlhagisetsa bodiphatsa bongwe.
Kgotsa, go tweng ka feshene e e tshosang ya go iphunya mmele? Le mororo go iphunya ditsebe e ka tswa e le ngwao ya basadi ba ditso dingwe, batho bangwe bone ba ile ba go feteletsa ka go iphunya maleme le dikhubu ba tsenya dibenyane dingwe mo marobeng ao. Basha ba ba ititeileng sehuba go kgopisa batsadi ba bone ba ka tlhopha go dira sengwe se se tshosang thata jaaka go itsenya mohitshane o mogolo mo nkong.
Ke Eng se se Tlhotlheletsang Difeshene?
Buka ya Adolescents and Youth e tlhalosa feshene e le “sengwe se se fetang le phefo se se tshwanang le ngwaokobamelo. Difeshene di ka tlhalosiwa ka gore, ke dilo tsa nakwana, ga di a tlhomama e bile di ratwa segolobogolo ke basha.” Mme gone, tota ke eng se se dirang gore motho a bone fela basha ba apara dibokate tse di maburuburu kana ba tsamaya ba tshotse dihokitoki? Madirelo le batho ba ba bapatsang ba ka rata thata fa potso eno e ka arabiwa go ntshiwa mabaka a saense. Setlhogo sengwe sa makasine wa The Economist wa Boritane se ne sa bolela jaana: “Difeshene ga di ka ke tsa tlhalosiwa ka tsela e e utlwalang.”
Lefa go ntse jalo, buka ya Adolescents and Youth, e ne ya leka go di tlhalosa jaana: “Go na le dilo tse di farologaneng tse di ka tlhalosang gore ke eng fa difeshene di ratega jaana: go batla go bonwa ke batho; go batla go tshwana le balekane; go batla go farologana le batho bangwe; le go kgatlhiwa ke go nna ka tsela e e sa tlwaelegang.” Mosimane mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a baya kgang fela jaana: “Fa o le mo sekolong se segolo [sa sekontari] ke nako e e molemo ya gore o ikgotsofatse ka go dira sengwe le sengwe se o se batlang.”
Baebele ga e gane gore o itshware jaaka mosha. Totatota ya re: “Basha, itumeleleng bosha jwa lona. Itumele o santse o le mosha. Dira se o se ratang o bo o latele keletso ya pelo ya gago.” Lefa go ntse jalo, morago ga kgakololo eo, Baebele e tlhagisa jaana: “Mme o itse gore Modimo o tla go atlhola ka sengwe le sengwe se o se dirang.” (Moreri 11:9, Today’s English Version) Re akantse ka kgakololo eno e e utlwalang, mosha wa Mokeresete o tshwanetse go leba difeshene tsa segompieno jang? A o tshwanetse go nna wa ntlha go taboga le difeshene? Setlhogo se se latelang mo metseletseleng eno se tla go naya kgakololo e e molemo mo ntlheng eno.
a Go bona tshedimosetso kaga mathata a go sa jeng sentle, bona Awake! ya December 22, 1990. Bona gape le ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana . . .” tsa Tsogang! ya May 8, 1994 go bona tshedimosetso e e lekalekaneng kaga go iphokotsa mmele.
[Mafoko a a mo go tsebe 15]
“Mongwe le mongwe o apara . . . Dikipa tseno.” Avery wa dingwaga tse 17
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go iphunya mo mmeleng le go itshwaya ka go ikwala go aname thata