LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 12/8 ts. 17-19
  • Difeshene—A ke Tshwanetse go ya le Tsone?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Difeshene—A ke Tshwanetse go ya le Tsone?
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ela Dikgato Tsa Gago Tlhoko
  • Se ba Bangwe ba se Akanyang ka Wena
  • Botlhokwa Jwa go Ikela Tlhoko
  • Difeshene—Di Kgatlha ka Eng?
    Tsogang!—1994
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Tshwanetse go Farologana le Ba Bangwe?
    Tsogang!—1992
  • A Diaparo tsa Me Di Ntshenola Jaaka Ke Ntse Tota?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
  • Ke Tshwanetse go Leba Jang Ditlelapa Tsa Basha Tsa go Tantsha?
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 12/8 ts. 17-19

Basha ba Botsa Jaana . . .

Difeshene—A ke Tshwanetse go ya le Tsone?

‘O TSAMAISANA le dinako!’ ‘Jaanong o mo nakong tota!’ Bankane ba gago ba ka go akgola tota fa ba go bona o setse feshene ya bosheng morago. Ee, difeshene di kgona go kgatlha batho ba bantsi le go dira gore ba di rate tota.

Lefa go ntse jalo, difeshene di fetoga jaaka maemo a bosa, e bile go itsege sentle gore di feta ka bonako. Go ya ka patlisiso nngwe ya thekiso, feshene gantsi e simolola go latelwa ke ditlhophana tsa basha ba ba ratang go lekeletsa dilo, ba ba sa direng dilo tse di tlwaetsweng. Fa e simolola go anama, badiri ba yone le baanamisi ba e supa mo dimakasineng, mo thelebisheneng le go e phasalatsa mo radiong. Baopedi le batho ba maemo a a kwa godimo ba duelelwa go e tlotlomatsa le go e goletsa ka go e apara. Basha ka bobone ba ka e anamisa ba le matlhagatlhaga tota. Fa go ka diragala gore e ratiwe, e ka bonwa thata “mo bontsintsing jwa basha.”

Lefa go ntse jalo, kgabagare, go kgatlha ga feshene go a fela e bo e feta. (American Demographics) Mme fa setaele se sesha, mmino, kana sedirisiwa sengwe se ratiwa thata, o ka nna wa ikutlwa o patelesega go tshwana le botlhe. Bontsi bo ikutlwa jaana jaaka Kim wa dingwaga tse 15: “Ba bangwe ba go dira gore o ikutlwe o le letlhaodi fa o sa tshwane le bone.”

Go dira se se dirwang ke ba bangwe go ka senya madi tota. Ka sekai, akanya ka feshene ya sekopelo e e neng e latelwa ke basha ba Bafora dingwaga di sekae tse di fetileng. Go ya ka setlhogo sa 1991 sa The New York Times, “ke de rigueur [o patelesega] go nna le kepisi ya beisibolo kana baki ya teng e e nang le dikopelonyana tsa enamele tse dinnyennye tse di mebalabala.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Feshene eno e ne e lebega e sena kotsi epe—mme o ne o tshwanela go bo o na le R44 go reka sekopelonyana sengwe le sengwe sa motlhami mongwe le mongwe.

Mosha a ka nna a fitlhela gore go “tsamaisana le dinako” go tla batla se se fetang fela go ntsha madi. Mo ditlhopheng tse dingwe, tse o a bong o le mo fesheneng fa o rwele kepese ya beisebolo, o tshwanetse go rwala kepese ya mmala o o siameng, wa setlhopha sa gago, e bile tsela e o e rwalang ka yone le yone ke karolo ya feshene eo.

Basha ba bantsi ba tsaya seno masisi tota. Ba bona go latela difeshene dingwe go dira gore ba tseelwe kwa godimo kana ba ratiwe. Lefa go ntse jalo, re tlile go bona gore ga go botlhale go dira se se dirwang ke botlhe.

Go Ela Dikgato Tsa Gago Tlhoko

Baebele ga e kgale difeshene. Go na le ditiro dingwe tse di siameng le mororo di tla le feshene. Ka sekai, go itshidila mmele ka go taboga, go ne go lejwa e le feshene fa go ne go anama dingwaga di sekae tse di fetileng. Mme ke mang yo o ka ganelang gore go itshidila mmele ka selekanyo go molemo?—Bapisa 1 Timotheo 4:8.

Lefa go ntse jalo, difeshene tse dingwe di dirwa ka bosilo e bile di kotsi. Ka gone, tlhagiso eno ya seane sa bogologolo e a tshwanela: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” (Diane 14:15) Motho yo o senokopela o botlhale, o lemoga dilo. Ga a latele selo sepe se sesha fela ka gore se a ratiwa. O sekaseka se a se dirang ka botlhale gore se ka felela ka eng.

O ka nna wa tshwanela go akanyetsa madi a sone. Makasine mongwe wa kwa Canada o bolela ka mosetsana mongwe yo o mo dingwageng tsa bolesome yo o dirang mo resetšhurenteng e e rekisang dijo tse di botlhoshwana. O dirisa mo e ka nnang go feta halofo ya madi a gagwe go reka diaparo tsa bosheng tse di mo fesheneng. Baebele e bolela gore, ‘madi ke phemelo’ ke gore, ke selo se se tlhokegang, se se mosola. (Moreri 7:12) A o ka a senya mo dilong tse mokwadi mongwe a bolelang gore di “dirilwe ka tsela e ka yone di tlileng go felelwa ke mosola mo setlheng se le sengwe fela kana tse pedi”?

Bodiphatsa jwa tsone mo mmeleng le jone bo tshwanetse go akanyediwa. Break dancing e ne e ratiwa thata mo lobakeng lo lo sa tswang go feta. Mme e ne ya gobatsa mekwatla ya ba le bantsi. Go tweng ka gompieno? Kgang nngwe mo makasineng wa Rolling Stone e bua ka dilo tse di neng di dirwa kwa ditlelapeng tsa go bina le kwa dikonsarateng tsa roko jaaka “go menogana mo seraleng” (go tlola go tswa mo seraleng o tlolela mo diatleng tsa batho ba ba go goang), “go bina le thulana ka mmele,” le “go bina le thulana le botlhe ba ba mo boalong”—ditsela tsa “go bina” tse tota e leng thubakanyo e e dirwang go tsamaisanwa le moribo wa mmino. “Selo seno se maswe tota. Ke raya gore totatota,” go ngongorega jalo mosha mongwe. O tlhalosa kafa “batho ba ba neng ba thulana mo boalong” ba ba tlhakaneng tlhogo ba neng ba “bina ba sa eme ka teng e bile ba binela ka bonako, ba dikologa ba sa fetse, ba thulana ba sa akanye ka ope fela yo a ka tswang a eme gaufi le bone.” Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo ka nna jwa kgatlha bankane ba gago. A mme Modimo yo o laelang Bakeresete gore ba ‘ikgaoganye le boikepo le dithato tsa lefatshe ba bo ba tshele ka go ikgapa’ a ka kgatlhiwa ke mafelo a a ntseng jalo kana go dira dilo tse di ntseng jalo?—Tito 2:12.

Go tweng ka bodiphatsa jwa go iphunya mmele le go itshwaya—goo le gone go simololang go ratiwa thata ke basha? Dingaka di bolela gore go itshwaya go ka tsenya motho malwetsi a a jaaka hepatitis gongwe le AIDS fa didirisiwa tsa teng di se phepa. Gape o tla nna o kgabisitswe jalo le fa feshene eo e sena go feta. Go boammaaruri gore matshwao a mangwe a ka tlosiwa ka marang a laser. Mme marang a laser fa a dirisiwa, go nna botlhoko, go ja makgolokgolo a diranta.

Selo se se gobatsang thata ke go koafala semoyeng go go ka bakiwang ke go sala difeshene dingwe morago. Bontsi jwa tsone di remeletse thata mo bathong ba ba itsegeng thata—batshameki ba diterama, batabogi, baopedi le ba bangwe. O a bo o “tsamaisana le dinako” fa o apere le go itshwara jaaka mongwe yo matlho otlhe a lebileng ene mo pakeng eo. Mme lefa go ntse jalo, Jehofa Modimo o leba jang go obamela bagaka ka tsela eo? Jaaka go obamela medimo ya disetwa. Ke gone ka moo Baebele e tlhagisang jaana: “Tshabang kobamelo ya medimo ya disetwa.” (1 Bakorinthe 10:14) Batho ba bantsi ba ba tseelwang kwa godimo ga ba na sepe le melao ya Baebele ya boitsholo. (1 Bakorinthe 6:9-11) E re ka go ntse jalo, a Modimo o ka go itumelela fa o dira le go apara ka tsela e totatota e supang fa o obamela batho ba ba ntseng jalo?

Se ba Bangwe ba se Akanyang ka Wena

Baebele gape e laela basha gore ba tlotle batsadi ba bone. (Baefeso 6:2) A ga o kitla o ba tlontlolola fa o tla gae o kgabisitse mmele wa gago ka mabenyane kana o itshwaile ditshwantsho? Mme go tweng ka batho ba bangwe, jaaka ba o tsenang le bone mo tlelaseng? Fa e le gore o Mokeresete, a ga ba ne ba fitlhela go le bokete go go tsaya tsia fa moragonyana o leka go ba bolelela ka tumelo ya gago?—Bapisa 2 Bakorinthe 6:3.

Go ka bolelwa selo se se tshwanang le ka go apara ka tsela e e tshwanang le baopedi ba ba itsegeng ba mmino wa repe. Gone ke boammaaruri gore kepisi ya beisebolo ke selo fela se se rwalang mo tlhogong mo mafelong a mangwe. Mme mo mafelong mangwe a ditoropo, “selo se se tlwaelegileng mo go one ke sone se se laolang gore go rwalwa dihutshe tse di ntseng jang.” (Entertainment Weekly) A go rwala dikepisi, go apara dibaki, diteki dingwe tse di rileng, kana a dilwana dingwe tsa hip-hop ga go ne go akantsha gore o tshela jaaka batho ba mmino wa repe? Gakologelwa gore lorato lwa Bokeresete “ga lo ke lo dira ka fa go sa tshwanelang” kana ka tsela e e tshosang.—1 Bakorinthe 13:5.

A o ko o akanye ka se se neng sa diragalela setlhopha sengwe sa basetsanyana ba dingwaga tsa bolesome kwa toropong nngwe ya batho ba ba salang ngwao morago, bao go ya ka makasine wa People, ba neng ba kgopisa batho ba tikologo eo ka go ya sekolong “ba apere diaparo tsa hip-hop.” Mongwe wa basetsana bao o ne a tlhalosa jaana: “Re tlhola re bona diaparo tseno mo MTV [seteishane sa thelebishene se se nang le babeeletsi se se tshamekang dibidio tsa mmino fela]. Ke ne ke akanya gore di dintle.” Lefa go ntse jalo, diaparo tseo tsa bosheng di ne tsa tsosa dikgang—le ntwa fa gare ga ditso.

Ka gone, jaaka Bakeresete re batla go ‘ikgabisa ka diaparo tse di seng maphatsiphatsi le tse di bori.’ (1 Timotheo 2:9) Seno se ama go akanyetsa maikutlo le megopolo ya ba bangwe le go sa ganelele go dira se wena o se batlang. Gape go raya go tila mekgwa ya go apara le ya boitshwaro e ba bangwe ba ka e bonang e feteletse.

Botlhokwa Jwa go Ikela Tlhoko

Gone mme, feshene nngwe le nngwe e tshwanetse ya lejwa go ya kafa e leng ka teng tota. Lefa go ntse jalo, gakologelwa gore Satane Diabolo ke mmusi wa lefatshe leno, mme boikaelelo jwa gagwe ke go ‘kometsa mongwe.’ (1 Petere 5:8; Johane 12:31; 1 Johane 5:19) Ga go belaetse gore Satane o ile a dirisa difeshene dingwe tse di ratiwang thata go itaya basha bangwe tsebe le go ba katosetsa kgakala le Modimo. Ka jalo motho o tshwanetse go ikela tlhoko.

Gantsi ga go botlhale go nna wa ntlha go latela setaele kana feshene nngwe e ntšha; go botoka gore motho a se salele kwa morago thata e bile e se ka ya nna ene wa ntlhantlha. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra nna ‘tshiamo ka mo go feteletseng.’ (Moreri 7:16) Eleruri gone ga o a tshwanela go ganelela mo setaeleng sengwe fa se fetoga mo o felelang o lebega o siilwe ke nako thata, o lebega ka tsela e e sa tlwaelegang kana o sa tshwane le batho.

Fa feshene nngwe e le kgatlhanong le molaomotheo mongwe wa Baebele kana mokgwa mongwe wa botlhokwa, go tla bo go le botlhale gore o e tile. Gone go boammaaruri gore ga go motlhofo go dira se se farologaneng le se bankane ba gago ba se dirang. Mme Sharon Scott o ne a botsa jaana mo bukeng ya gagwe How to Say No and Keep Your Friends: “A o na le ditsala tse di botlhaletlhale le tse di go itseng sentle mo e leng gore di tshwanetse go go direla ditshwetso? Ga go kake ga nna jalo!” A go ne go ka se nne botoka fa o ne o ka dira jaaka batsadi ba gago ba eletsa mmogo le kafa segakolodi sa gago se se katisitsweng ka Baebele se go kaelang ka teng? Bankane ba gago ga ba kitla ba go rata fa o dira seno, lefa go ntse jalo, go tla dira gore o ratwe ke Jehofa, yoo, go farologana le feshene e e fetang ene a nnetseng ruri!—Pesalema 41:12; Diane 12:2.

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Batsadi ba gago ba tla ikutlwa jang fa o ka sala feshene nngwe morago?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela