Go Ganelela mo go Batleng go Nna le Dithoto Tse Dintsi
KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA TAIWAN
‘MADI ga a kake a reka boitumelo!’ Le mororo batho ba bantsi ba batla ba dumalana le polelo eo, bontsi jwa bone bo santse bo ganeletse thata mo go kokoanyeng dikhumo ba solofetse gore ba tla itumela mo botshelong. Mme e bile molato wa gone ke eng? Mo godimo ga moo, go lebega mathata a mantsi a batho a ka rarabololwa ke fa ba atlega mo go boneng dithoto tse dintsi le go huma.
Akanya fela kafa lefatshe leno le ka bong le farologane ka teng fa monna, mosadi le ngwana mongwe le mongwe ba ne ba tshela ba na le dithoto tse dintsi! Go ka bo go sena dimilione tse di sotlegang le tse di bogang tse di nnang mo ditakaneng le mo mekhukhung mo lefatsheng leno. Gape, bothata jwa go tlhoka magae joo ditšhaba tsotlhe tse di humileng le tse di humanegileng di nang nabo bo ka bo bo ile.
Mme go tweng ka go itekanela sentle mo mmeleng, goo go leng botlhokwa thata gore motho a itumele? Le mororo saense ya kalafi e gatetse pele thata jaana, batho ba bantsi ga ba kgone go duelela ditirelo tsa kalafi. Kafa letlhakoreng le lengwe dimilione tse dintsi di santse di bolawa ke tlala le phepelotlase. Fa e le gore lefatshe lotlhe le ne le humile, mongwe le mongwe o ne a tla nna le tshono ya go tshela a itekanetse, e bile a itumetse—a go ne go ka se ka ga nna jalo?
Le lefatshe le lone le ne le tla solegelwa molemo. Jang? Tikologo ya lefatshe jaanong e senngwa ka go kgotlelwa ka dilo tse di bolayang, tseo dingwe tsa tsone di kgotlelang thata fa di fisiwa. Lefa go ntse jalo, lebaka le legolo le le bolelwang le ka lone go sa tsweletsweng tegenoloji e e tlhokegang go phepafatsa dilo tseno gore di se ka tsa kgotlela, ke gore seo se tla ja madi a mantsi. Go rengwa ga dikgwa tsa boboatsatsi, e leng sengwe se se masisi se se tshosetsang go senya tikologo, le gone go bolelwa gore go bakiwa ke mathata a ikonomi.
E re ka go nna le dithoto go lebega go ne go ka rarabolola bontsi jwa mathata a rona ga bo ga fokotsa go boga, ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi ba amanya khumo le boitumelo. Ka sekai, batho ba Bophirima gantsi ba dumedisana ka gore “Itumelele Ngwaga O Mosha!” ka Letsatsi la Ngwaga O Mosha, Ba-China bone, fa Ngwaga O Mosha o o lepiwang ka ngwedi o simolola, ba tlwaetse go raana ba re “Kung hsi fa tsai,” ba supa fa ba eletsa go ‘huma!’ Ee, ga go kake ga ganelwa gore re tshela mo lefatsheng le batho ba lone ba ganeletseng thata mo go beeng go batla dikhumo kwa pele fa e se kwa pelepele. Go lebiwa gore motho o a atlega kana ga a atlege ka go lekanya ka dithoto tse a nang le tsone.
Lefa gone go nna le dikhumo le go di dirisa go se phoso, a gone go ka lere boitumelo? Re tshwanetse go go leba go le botlhokwa go le kana kang? A ruri go nna le dithoto go ka lere lefatshe le le botoka?