A go Huma Dithoto go ka Lere Boitumelo?
“MO BAITHUTING ba ba ka nnang 50 mo sekolong sa rona, go ne go na le a le 1 kana ba le 2 ba ba neng ba na le ditlhako,” go gakologelwa jalo Poching wa dingwaga tse 45, yo a neng a golela kwa borwa jwa Taiwan ka bo1950. “Re ne re sena madi a go di reka. Lefa go ntse jalo, re ne re sa ipone re humanegile. Re ne re na le dilo tsotlhe tse re neng re di tlhoka.”
E ne e le dingwaga tse 40 tse di fetileng. Fa e sale go tloga ka nako eo, botshelo jwa ga Poching le jwa dimilione tse dingwe tse 20 tse di nnang kwa setlhaketlhakeng seo bo fetogile fela thata. Jaaka buka ya Facts and Figures—The Republic of China on Taiwan e tlhalosa, “batho ba Taiwan [ba ne] ba fetoga go tswa go batho ba ba tshelang ka temo mme ya nna batho ba ba dirang mo diintasetering tse di tlhanaselang.” Kwa bokhutlong jwa bo1970, Taiwan “e ne e na le batho ba ba ritibetseng, ba ba gatelang pele.”
Eleruri, bosupi jwa gore Taiwan e humile bo bonwa gongwe le gongwe. Go tloga ka dikago tsa diofisi tsa matlhatlaganyane tsa segompieno tse di neng tsa agiwa ka bonako mo setlhaketlhakeng seo go ya go ditsela tse dikgolo tse di tletseng dikoloi tsa madi a a kwa godimo tse di rekilweng kwa dinageng di sele, dithoto tseno tsa dikhumo tsa Taiwan di elediwa ke ditšhaba tse dingwe tse di tlhabologang. China Post, lokwalodikgang lo logolo lwa Seesemane lwa Taiwan, lo ipelafatsa ka gore gompieno “seemo sa botshelo jwa batho ba Taiwan se kwa godimo go gaisa mo hisitoring ya China.”
‘Bontsintsi jwa Mathata a a Botlhoko’
A go huma dithoto gono go ile ga leretse batho boitumelo le kgotsofalo? Le mororo go sa belaetse gore batho ba Taiwan ba na le dilo tse dintsi tse ba ka ipelafatsang ka tsone, kgang eno ya go atlega ga bone e na le dilo dingwe gape. Jaaka China Post e tswelela e supa jaana: “Go huma gono ka selekanyo se segolo go ile ga tla le mathata a mantsintsi a a raraaneng le a a botlhoko thata.” Go huma dithoto ga Taiwan go ile ga ba bakela mathata mangwe.
China Post e bolela jaana mabapi le “mathata a a raraaneng le a a botlhoko” a a tlhasetseng setlhaketlhake seno se se kileng sa bo se sena bonokwane jo bontsi: “Mo dingwageng tsa bosheng jaana bonokwane le tlhakatlhakano di oketsegile ka selekanyo se se kwa godimo thata mo tikologong eno ya rona ya batho ba ba humileng, mme di baya matshelo le dithoto tsa baagi ba ba ikobelang molao mo kotsing.” Mo setlhogong se se reng “Khumo E Dira Taiwan Naga E E Pelotshetlha,” Post e kgala mathata a go tlhagoga ga “diresetšhurente le dibara tsa basetsana” le matlo a a sa dumelelwang ke molao a diaka a go dirwang e kete ke mafelo a banna ba pomang meriri kwa go one. Go amoga batho dilwana tsa bone le go utswa batho ka boikaelelo jwa gore ba rekololwe ka madi ke bothata jo bongwe gape. Pego nngwe e bolela gore go utswiwa ga bana ke “intaseteri e e gatelang pele thata ya Taiwan.” Bontsi bo dira ditiro tseo tsa bonokwane gore bo kgone go duela melato ya go betšha kana madi mangwe a a ba latlhegetseng.
Bana ga ba tlhaselwe fela ke dinokwane. Le bone ba ntse ba dira ditiro tse dintsi tsa bonokwane. Dipego di bontsha gore ka 1989 fela, palo ya melato ya bonokwane e e dirwang ke basha e ne ya oketsega ka 30 lekgolong. Bangwe ba re seno se bakilwe ke go thubega ga malapa, e bile dipalo di supa gore go ntse jalo. Ka sekai, go tloga ka 1977 go fitlha ka 1987, palo ya batho ba ba neng ba nyalana kwa Taiwan e ne ya fokotsega, mme selekanyo se ba tlhalanang ka sone se ne sa imena sebedi. E re ka ngwao ya Se-China e gatelela gore malapa a botlhokwa mo go direng gore go ritibale mo tikologong, ga go gakgamatse go bo bontsi bo tshwenyegile ka mathata ano a a ntseng a nnela maswe kwa pele.
Modi wa Bothata
Go ile ga bolelwa dilo tse di farologaneng fa go ntse go lekwa go tlhalosa lebaka la go bo dilo di senyegile thata jaana mo tikologong ya batho ba ba humileng thata jalo. Batho bangwe, ba ba lekang fela go ritibatsa megopolo ya ba bangwe ba bolela gore seno se bakilwe ke go atlega. Mme go pega go atlega kana go nna le dilo tse dintsi molato go tshwana le fa o re dijo ke tsone di dirang gore motho a je bobe. Ga se gore mongwe le mongwe o ja bobe, e bile ga se gore mongwe le mongwe yo o nang le dilo tse dintsi o rata dithoto bobe kana ke senokwane. Nnyaa, go nna le dithoto tse dintsi ga se gone go bakang bokebekwa le tlhakatlhakano e e mo loagong.
Kgang nngwe mo go China Post e ne ya supa selo se segolo se se bakang seno. E ne ya re: “Mo masomeng a dingwaga a a ntseng a feta, re ile ra gatelela thata gore motho o tshwanetse go nna le dithoto tse dintsi. Seno ke sone se se bakileng gore gompieno setšhaba sa rona se se ka sa nna le maitsholo a a siameng le gore se tlhokomologe dilo tsa semoya.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Ee, go gatelela thata go batla dikhumo go dira gore motho a rate dikhumo a bo a nne bogagapa. Go dira gore motho a itebe a le nosi. Moya oo ke one o dirang gore malapa a thubege go bo go nne le dilo tse di senyang loago. Selo seno se Baebele e neng ya se bolela dingwaga tse 2 000 tse di fetileng se santse se le boammaaruri: “Go rata madi [eseng madi ka boone] ke modi wa masula mangwe le mangwe otlhe.”—1 Timotheo 6:10.
Bothata jwa Lefatshe Lotlhe
Diketekete tsa batho di ile tsa fuduga kwa Taiwan tsa ya kwa dinageng tse dingwe di batla kagiso le tidimalo—le pabalesego. Mme mathata a a kwa Taiwan ga a kwa Taiwan fela. A aparetse lefatshe lotlhe.
Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, patlisiso nngwe e ne ya bega gore kgaolo nngwe e e nnang bahumi kwa California, kwa U.S.A., e ne e na le batho ba bantsi go gaisa ba ba tlhalanang mo nageng eo. Mo e ka nnang 90 lekgolong ya matlo le ditsha tse di neng di rekisiwa mo mafelong mangwe a naga eo e ne e le tsa batho ba manyalo a bone a thubegileng. Go ne ga begiwa palo e e fetang palogare ya ba ba ipolayang mo setšhabeng gabedi. Palo ya ba ba tshwakgotsweng ke bojalwa e ne e le kwa godimo thata mo nageng eo, e bile go ne go bolelwa gore go na le baithutatlhaloganyo le bagakolodi ba tsa boboko ba bantsi thata mo kgaolong eo, fa go lekanngwa ka palo ya baagi, go feta lefelo lepe le lengwe mo United States.
Jesu Keresete o ne a bolela boammaaruri bongwe jwa botlhokwa fa a ne a re: “Motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Modimo.” (Mathaio 4:4) Dithoto, lefa di ka nna dintsi jang, ga di kake tsa kgotsofatsa motho ka dilo tsotlhe tse a di tlhokang, e bile ga di kake tsa lere boitumelo. Go farologana le seo, go ntse fela jaaka polelo eno ya Se-China e bolela: “Fa motho a kgotshe e bile a thutafetse, kgopolo ya gagwe e akanya boitlhapediso le dikeletso tsa nama.” Seo se supiwa ke se se diragalang kwa Taiwan le kwa mafelong a mangwe—go atlega mo go nneng le dithoto tse dintsi ka bogone fela gantsi go salwa morago ke go senyega ga boitsholo le go senyega ga botshelo mo loagong mmogo le mathata a a tsamayang le gone.
Ka jalo he, ke eng se se tlhokegang gore go nna le dithoto tse dintsi go leretse motho boitumelo jwa mmatota le jo bo nnelang ruri? Tsweetswee, bala setlhogo se se latelang go bona karabo.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“Fa motho a kgotshe e bile a thutafetse, kgopolo ya gagwe e akanya boitlhapediso le dikeletso tsa nama.”—Polelwana ya Se-China
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Go nna le dithoto tse dintsi go ile ga fetola ditorotswana go nna ditoropo tse dikgolo tse di bonesitsweng ka mabone a neone