Ditoropo Tse Dikgolo di Nnela go Hupela
GO RALALA lefatshe lotlhe, ditoropo tse dikgolo di ntse di golela pele, di ngoka dimilionemilione tsa batho ba ba senkang ditiro, matlo le dilo tse di itumedisang tsa botshelo jwa ditoropo tse dikgolo. Lefa go ntse jalo, seno se baka mathata. Tota le go hema fela ka bogone go diphatsa thata mo boitekanelong jwa batho ba ba nnang mo ditoropong tseno tse di ntseng di golela pele.
Pego nngwe ya bosheng jaana go tswa go UNEP (United Nations Environment Program) le World Health Organization e bontsha gore go kgotlelwa ga mowa kwa ditoropong tse 20 tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng go ntse go etegela pele. Our Planet, makasine o o gatisitsweng kwa Kenya ke UNEP, o bolela jaana: “Mo mafelong mangwe go kgotlelega ga mowa go maswe thata mo e bileng go gaisang mosi o o itsegeng thata o o neng o kuelela dingwaga tse 40 tse di fetileng kwa Lontone.” Baagi ba ba amiwang thata ke seno ke ba kwa Mexico City, mme lefa go ntse jalo, dimilione tse di masomesome tsa batho ba ba nnang kwa ditoropong tse dikgolo tse di jaaka Bangkok, Beijing, Cairo, le São Paulo ba amega fela jalo.
Mowa wa kwa ditoropong tseno tse dikgolo o diphatsa go le kana kang? Aitsane, dilo di le dintsi tse e leng tsone di o kgotlelang thata tse di jaaka okosaete ya salefa, khabonomonokosaete, le lloto, di kotsi ka ditsela tse di farologaneng. Ditsela tse di amang mmele wa motho ka tsone di dintsi thata: di ka baka mathata a go hema, le a pelo le tsamao ya madi, tsa gobatsa thulaganyo ya methapo tota le e leng go baka mathata a mooko mo marapong, sebete le diphilo.
Ke eng se se bakang kgotlelo eno? Go ya ka Our Planet, selo se segolo se se e bakang mo ditoropong tseno tse dikgolo ke dikoloi. E re ka gone jaanong go na le dikoloi tse di ka nnang dimilione tse 630 mo lefatsheng mme “go solofetswe fa palo eno e tla oketsega go imenne sebedi mo dingwageng tse 20-30 tse di tlang, segolobogolo kwa ditoropong,” ruri mowa mo ditoropong tseno o tlile go nna diphatsa tota. Go ya kafa pego e bolelang ka teng, selo se se gakatsang dilo go feta ke gore, mo bontsing jwa ditoropo tseno tse dikgolo ga go tsewe matsapa a magolo go rarabolola bothata jono ka gonne “ga go lemogiwe fa bothata jono bo le masisi.” Ga go gakgamatse he, go bo Our Planet e kgothaletsa gore batho ba kwa ditoropong tseno ba tseye dikgato tse di masisi go phepafatsa mowa wa tsone. Fa go sa dirwe jalo, maemo mo isagweng a tla nna maswe tota. Go ya kafa pego eno e bonang dilo ka teng, “ditoropo tseno tse dikgolo di lebagane le go ikhupetsa jaaka fa mowa wa teng o nnela go leswafalela pele.”