LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 9/15 ts. 10-15
  • Go Hema ‘Moya’ wa Lefatshe Leno Go a Bolaya!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Hema ‘Moya’ wa Lefatshe Leno Go a Bolaya!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng se ‘Moya’ wa Lefatshe Leuo o Dirilweng ka Sone?
  • ‘Moya’ wa Mekgwa ya Selefatshe
  • Nna o Ikobetse ‘Moya o o Rudisang’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Moya
    Tsogang!—2023
  • Moya o o Phepa le Letsatsi​—⁠A ke “Dibolayamegare” Tsa Tlholego?
    Tsogang!—2015
  • A O Emelana le Moya wa Lefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 9/15 ts. 10-15

Go Hema ‘Moya’ wa Lefatshe Leno Go a Bolaya!

“Le lona o lo rudisitse, yale ka lo no le shule ka ditlolō tsa lona le dibe, Tse e rileñ galè loa sepela mo go cōna . . . kaha taoloñ ea kgōsana ea thata ea loapi.”​—BAEFESIA 2:1, 2.

1. Kgotlelo ya moya e ile ya nna e e bolayang Jang mo bathong?

GO HEMA moya o o phepa! Abo go lapolosa jang ne morago ga motho a sena go nna mo kamoreng e e tletseng moya o o maswe! Mme le eleng mo sebakeng se se atlhameng, go kgotlelwa ga moya ke bothata jo bogolo gompieno. Botlhole jo bo kgwelwang mo loaping bo bogolo mo go tshosang mo dinageng di le dintsi. Mesi e e borai, lerole le le nang le marang a motlakase, megare e e bakang bolwetsi, le ditshidi tse di sa bonweng ka matlho tse di lwatsang tsotlhe di tsamaya ka moya. Moya o o neelang botshelo, o o neetsweng ke Mmopi yo o lorato, o ntse o oketsegela go nna o o bolayang ka ntlha ya bogagapa jwa batho le botlhaswa.

2. Ke ‘moya’ ofe o o leswe o o borai thata go na le moša o o kgotlelegileng o re ka tswang re o hema.

2 Lefa go ntse jalo, jaaka kgotlelo ya moya e le borai, go na le eleng mofuta o mongwe o o bolayang wa kgotlelo ya ‘moya.’ Ga se moya o o leswe o o tswang mo kotsing ya nuklea kwa Chernobyl (U.S.S.R.) kana moya o o tletseng ka mesi wa Los Angeles, kwa California (U.S.A.). Nnyaa, re mo kotsing ya go hema ‘moya’ o o bileng o bolaya go feta. Moaposetoloi Paulo o ne a o umaka fa a ne a bolelela Bakeresete-ka-ene jaana: “Le lona o lo rudisitse, yale ka lo no lo shule ka ditlolō tsa lona le dibe, Tse e rileñ galè loa sepela mo go cōna kaha mokgweñ oa lehatshe yeno, kaha taoloñ ea kgōsana ea thata ea loapi, ea mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō.”​—Baefesia 2:1, 2.

3, 4. (a) ‘Mmusi wa bolaodi jwa moya’ ke mang? (b) Ke eng fe ‘moya’ wa Baefesia 2:1, 2 e se boago jwa badimona?

3 ‘Moya’ ono ke eng? Paulo o bontsha gore o na le ‘taolo,’ kana thata, le gore go na le ‘molaodi’ mo go one. Ga go na pelaelo ya gore molaodi yono ke mang. Ke Satane Diabolo, e ne yo Jesu Keresete a mmiditseng “kgōsana ea lehatshe yeno.” (Yohane 12:31) Ka go lemoga seno, baithuti bangwe ba Bibela ba ikutlwa gore Paulo fano o ne a dirisa metswedi ya Sejuda kana ya seheitane mme a bua ka moya jaaka bonno jwa badimona bao Diabolo a nang le taolo mo go bone. Bontsi jwa dithanolo bo bontsha pono eno. Mme ‘moya’ ono ga se one ‘manno a selegodimo’ ao “meōea e e mashwe” e agileng mo go one.​—Baefesia 6:11, 12.

4 Fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete kwa Efeso, Satane le badimo ba ne ba santse ba le kwa legodimong, lemororo ba ne ba sa amogelwe ke Modimo. Ba ne ba santse ba tla digelwa mo tikologong ya mo lefatsheng. (Tshenolō 12:7-10) Mo godimo ga moo, moya o amana thata le batho go na le ditshidi tsa semoya. Ka gone moo, mokgatlho wa batho o ne o tshwanetse go ikutlwela diphelelo fa mogopo wa bofelo wa bogale jwa Modimo o ne o tshololelwa mo “moeeñ.”​—Tshenolō 16:17-21.

5. ‘Moya’ o o tlotliwang fano ke eng, mme o ne le diphelelo dife mo bathong?

5 Ka gone moo, go lebega fa Paulo a dirisa moya wa mmatota, kana tikologo ya lefatshe, go tshwantsha moya (spirit) ka kakaretso, kana boikutlo jo bo bonalang jwa bogagapa le botlhoka-kutlo, jo bo bontshiwang ke batho ba ba itomolotseng mo Modimong. Go tshwana fela le “mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō” le ‘moya (spirit) wa lefatshe.’ (Baefesia 2:2; 1 Bakorintha 2:12) Fela jaaka moya wa mmatota o le gongwe le gongwe, o emetse go hemiwa, ka tsela e e tshwanang “mōea . . . oa lehatshe” o teng ka dinako tsotlhe. Go tswa bonyaneng go ya kwa phupung, o a anama, o a tlhotlheletsa, o laola tsela e batho ba akanyang ka yone le go dira jaaka ba batla go kgotsofatsa dikeletso tsa bone, ditsholofelo le ditelekiso.

6. (a) Maatla a ‘moya’ wa lefatshe leno a okediwa jang, mme o diragatsa ‘taolo’ jang? (b) Go hema ‘moya’ ono go ka tlhotlheletsa motho jang go etsa tsela ya boitaolo ya ga Diabolo?

6 Moya (spirit) ono wa boleo le boganana o bonala sentle mo mokgatlhong wa batho ba ba sa itekanelang. Jaaka ‘moya’ ono o hemiwa, maatla a one a go bolaya a okediwa ke kgatelelo e kgolo le keletso e e golelang pele ya go iitumedisa. Ka gone, o ile wa nna le ‘taolo’ mo bathong. (Bapisa Baroma 6:12-14.) Legale, Diabolo ke mosimolodi wa tsotlhe tse di boikepo. (Yohane 8:44) Ka gone o tlhotlheletsa batho go etsa tsela ya gagwe ya boganana ka gone a tlhotlheletsa, a kaela, le go laola moya (spirit) wa setho, kana ‘moya.’ Jaaka ‘molaodi’ wa maatla ano a a bosula, kana ‘bolaodi,’ Satane o e dirisa go laola go akanya ga batho. Dikarolo tsa one di dirisiwa go dira gore batho ba tshwarege mo go kgotsofatseng dikeletso tsa nama le go lelekisa dikgatlhego tsa selefatshe mo eleng gore ga ba na nako kana boikaelelo jwa go itse Modimo le go ikobela moya wa gagwe o o boitshepo, “mōea . . . o [o] rudisañ.” (Yohane 6:63) Fa go buiwa ka tsela ya semoya, ba sule.

7. (a) Bakeresete e ne e le “bana ba tshenyegō” ka tsela efe nako nngwe? (b) Fa re ne re fetoga Bakeresete, go ne ga nna le phetogo efe?

7 Bakeresete le bone ba ne ba le kafa tlase ga ‘bolaodi,’ kana taolo, ya ‘moya’ o o kgotletsweng ono pele ga ba ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo le go simolola go nna tumalanong le ditekanyetso tsa tshiamo tsa gagwe. “Ba le rona rotlhe re kileñ ra tshela nabō [batho ba lefatshe] mo dithatoñ tsa nama ea rona, ra diha dikeleco tsa nama le tsa megopolō, me mo tlholegoñ ea rona re le bana ba re chwanetseñ bogale, hèla yaka ba bañwe.” Mme fa re nna Bakeresete, re ne ra emisa go hema ‘moya’ o o bolayang wa lefatshe leno. Re ‘ne ra beela kwa thoko botho jwa bogologolo jo bo neng bo bopa tsela ya pele ya boitshwaro mme ra apara botho jo bosha jo bo bopilweng kafa go rateng ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.’​—Baefesia 2:3; 4:22-24.

8. Seemo sa rona gompieno se tshwana jang le sa morafe wa lseraele mo nageng?

8 Jaanong kotsi ke gore morago ga go falola loapi le le kgotletsweng la lefatshe leno re ka nna ra hepisiwa go boela mo go lone. Fano, re mo botennyeng jwa “motlha oa bokhutlō” ebile re le gaufi thata le lefatshe je lesha. (Daniele 12:4) Ka boammaaruri, ga re batle go latlhegelwa ka go wela mo diraing tse di tshwanang le tse Baiseraele ba neng ba wela mo go tsone. Morago ga ba sena go ntshiwa mo Egepeto ka dikgakgamatso ba le diketekete ba ne ba “ribegèdiwa mo nageñ” fa ba sena go goroga mo melelwaneng ya Lefatshe la Tsholofetso. Ka ntlha šang? Ka ntlha ya gore bangwe ba ne ba nna baobamedi ba medimo ya disetwa, ba bangwe ba gokafala, mme ba bangwe ba leka Jehofa ka go ngongorega le go balabala. Paulo o ntsha ntlha e e maatla ka gore: “Me yana dilō tse, di ba dihaletse ka mokgwa oa sekaèlō; me tsa kwalwa gore di nnè tlhagishō mo go rona ba dikhutlō tsa metlha di wetseñ mo go rona.”​—1 Bakorintha 10:1-11.

9. (a) Re ka nna mo lefatsheng jang mme re se karolo ya lone? (b) Re tshwanetse go nna jang e le gore re seka ra busetswa kwa seemong se se bolayang sa lefatshe?

9 Kaga barutwa ba gagwe, Jesu o ne a rapela jaana: “[Ga se] ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe. Ga ke rapele gore u ba ntshè mo lehatshiñ, ha e se gore u ba dibèlè mo go eo o boshula.” (Yohane 17:14, 15) Jehofa o tla re sireletsa mme ga a ‘re agelele’ kana gone gore o re dibela ka dikgakgamatso mo ‘moyeng’ wa lefatshe leno. (Yobe 1:9, 10) Ka gone kgwetlho ya rona ke go bo re le mo lefatsheng la ga Satane, lefa go ntse jalo re se karolo ya lone, go dikologiwa ke ‘moya’ o o kgotlhetsweng, lefa go ntse jalo re sa o heme. Fa re bala dikgatiso tsa lefatshe, re lebelela thelebishene, kana re ya kwa mafelong a boitloso-bodutu, re ka nna ra iphitlhela re le mo ‘moyeng’ wa lefatshe. Lefa bokopano le batho ba lefatshe bo ka seke bo tilwe​—kwa tirong, kwa sekolong, le ka tsela nngwe—​re tshwanetse go nna botlhale e le gore re seka ra busediwa kwa morago kwa moyeng o o bolayang wa lefatshe leno.​—1 Bakorintha 15:33, 34.

10, 11. (a) Go nna mo paradaiseng ya semoya ya ga Jehofa go ka tshwantshanngwa jang le go nna mo lefelong la “ga go gogiwe”? (b) Go tshwanetse fa tsewa dikgato dife fa dikarolo tsa ‘moya’ wa lefatshe leno di lemogiwa?

10 Re ka nna ra bapisa seemo sa rona le go nna mo lebentleleng la dijo le le nang le mafelo a “o ka goga” le a “ga go gogwe.” Jaaka Bakeresete mo paradaiseng ya semoya, ka tshwanelo re mo karolong ya “ga go gogwe,” kgakala le moya (spirit) wa lefatshe leno. Ka boammaaruri, re ka seke re dule mo karolong ya “o ka goga” ka boomo. Seo e tla bo e le boeleele. Mme ke eng se gantsi se diragalang fa re le mo karolong ya lebentlele la dijo ya “ga go gogwe”? Ebu, moya o o leswe o o tletseng mosi o a tla, mme re heme bontlhanngwe jwa one! Fa seno se diragala, a re fitlhela gore moya o o kgotletsweng o a hepisa? Kana a ga re tswe mo go one ka bofefo jo re ka bo kgonang?

11 Mme o dirang fa bontlhanngwe jwa ‘moya’ ono bo tla kwa go wena? A o tsaya kgato ka potlako go tswa mo tlhotlheletsong eno e e bosula? Fa o nna foo le go o hema, o ka tlhomamisega gore go akanya ga gago go tla amega. Fa o nna lebaka o ntse o hema ‘moya’ ono go o itshokela ga gago go a gola. Mo godimo ga moo, fa go ntse go ya monko ga o sa tlhole o go tena mo go kalo-kalo mme e nna o o tlwaelegang, o o tagang, o o elediwang ke nama. O ka nna wa nonotsha keletso nngwe ya sephiri eo o ntseng o lwantsha go e laola.

12. Ke eng se se batlegang go tila go amiwa ke dikarolo tseo tsa ‘moya’ wa lefatshe leno tse di sa lemogiweng motlhofo?

12 Dilo dingwe tse di kgotlhelang tse di bolayang tsa ‘moya’ wa lefatshe leno ga di lemogiwe motlhofo, fela jaaka dilo tseo tse di kgotlhelang moya wa sebele jaaka carbon monoxide di se na monko ebile di se na moutlwalo. Mme he, kotsi ke gore re ka seke re lemoge ‘meei e e bolayang’ go fitlhelela e re fenya. Ka gone, re tshwanetse go elatlhoko gore re seka ra gogelwa mo seraing se se bolayang ke moya wa lefatshe leno wa boitaolo kana go sa utlwe ditekanyetso tsa Modimo tsa tshiamo ga one. Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete-ka-ene go ‘tswelelapele go kgothatsana letsatsi le letsatsi . . . gore ope wa bone a seka a hekeetswa ke maatla a boferefere a boleo.’​—Bahebera 3:13; Baroma 12:2.

Ke Eng se ‘Moya’ wa Lefatshe Leuo o Dirilweng ka Sone?

13. (a) Ke karolo efe e nngwe ya ‘moya’ wa lefatshe leno e re tshwanetseng go itisa kgatlhanong le yone? (b) Go lebega jang gore ‘moya’ ono o amile bangwe ba batho ba ga Jehofa?

13 Ke boikutlo bofe jo bo tlwaelegileng jo re ka simololang go nna le jone, le eleng pele ga re lemoga, ka ntlha ya tlhotlheletso e e maatla ya ‘moya’ wa lefatshe leno? Jo bongwe ke go tshameka ka dilo tsa boitsholo jo bomaswe. Megopolo ya lefatshe leno mo go tsa dikobo le boitsholo tsotlhe di re dikologile. Ba le bantsi ba re: ‘Go siame fela go gokafala, go tshola bana ka kwantle ga lenyalo, le go tsenelela mo bosodomeng. Re dira fela se se siameng, se e leng sa tlholego.’ A ‘moya’ ono, kana boikutlo jwa selefatshe, bo amile batho ba ga Jehofa? Ka maswabi, mo ngwageng ya tirelo wa 1986, ba le 37 426 ba ne ba tshwanelwa ke go kgaolwa mo phuthegong ya Bokeresete, palo e kgolo ya bone e le ka ntlha ya boitsholo jo bomaswe jwa kafa dikobong. Mme seno ga se akaretse le eleng palo e kgolo ya ba ba neng ba kgalemelelwa boitsholo jo bomaswe mme ba seka ba kgaolwa ka ntlha ya go sokologa ga boammaaruri ga bone.​—Diane 28:13.

14. Ke eng fa Bakeresete bangwe ba latlhegelwa ke boitsholo jo bo siameng, ba tlogela kgakololo efe ya Dikwalo?

14 Go diragalang ka bao ba ineelang mo boitsholong jo bo maswe jwa kafa dikobong? Fa go tla go itsiwe, gantsi go fitlhelwa gore ba ile ba tsenelela mo go hemeng ‘moya’ o o bolayang wa lefatshe leno. Ba ile ba letlelela boikutlo jwa selefatshe go koafatsa ditekanyetso tsa bone. Ka sekai, ba ka nna ba simolola go lebelela dibaesekopo tse ba neng ba ka seke ba di lebelele dingwaga pelenyana. Se se maswe thata, mo didirisiweng tsa wideo kwa lapeng ba ka nna ba lebelela ditshwantsho tseo ka phepafalo di sa tshwanelang Mokresete. Go tshameka mo go ntseng jalo ka dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang go kgatlhanong thata le tlhagiso ya Dikwalo: “Me boaka, le mashwe aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō.”​—Baefesia 5:3, 4.

15. Thaelo ya go tshameka ka boitsholo jo bo maswe jwa kafa dikobong e ka simolola fela jang?

15 Ke boammaaruri, o ka gana tlhotlheletso e e tlhamaletseng ya go dira kgokahalo. Mme o arabela jang fa mongwe kwa tirong kana wa sekolong a leka go go hepisa, a leka go go ikitsise mo go feteletseng tebang le tebego ya gagwe, kana a go laleletsa o tsamaya le ene “go ya go iphokisa phefo? Bontlhanngwe jwa ‘moya’ ono wa lefatshe ka gone bo foketse ntlheng ya gago. A o itetlelela go ipelela kgatlhego, le go e kgothaletsa? Go ya ka dipego tse di amogetsweng mo bagolwaneng, go dira bosula gantsi go simolola ka ditsela fela tse eseng tsa sepe. Monna mongwe wa lefatshe a ka nna a raya mosadi wa Mokeresete a re: Abo o lebega o le montle jang ne gompieno! Seo se ka nna sa utlwala se ipedisa, segolo jang fa mosadi ka tsela nngwe a bolawa ke bodutu. Se se masisi go feta, bangwe ga ba a ka ba arabela ka botlhale mo maitekong a go amiwa a a sa tshwanelang. Ba ile ba neela tebego ya go gana ka maikutlo a mabedi mo eleng gore motho o ne a kgothatsega go tswelela mo go se a neng a se dira. Go tweng fa maiteko ao a a sa siamang kgatlhanong le mosadi wa Mokeresete a tswelela-pele, jaaka mosi o o maatla wa moya o o kgotletsweng o fokela ntlheng ya gagwe? Ka go nitama, o tshwanetse go mmolelela gore ga a batle le gore ga a kitla a amogela dikgatlhego tsa gagwe. Fa a tswelela-pele go hema ‘moya’ ono, maatla a gagwe a ka nna a koafala. A ka nna a gogelwa mo kgokahalong, fa e se mo lenyalong le le seng botlhale.​—Bapisa Diane 5:3-14; 1 Bakorintha 7:39.

16. Go batlega eng gore motho a nne “lonkō lo lo monate loa ga Keresete”?

16 Ka gone, nna bofefo mo go ganeng ‘moya’ o o bolayang wa boitsholo jo bo maswe wa lefatshe leno. Mo boemong jwa go ineela mo monkong wa one o o gogelang mme o bo o tlisetsa leina la ga Jehofa le phuthego ya gagwe kgobo, nna lonko lo lo itumedisang mo Modimong ka boikutlo jwa gago jwa bomodimo le boitshwaro. Paulo a riana: “Gonne re lonkō lo lo monate loa ga Keresete mo Modimoñ, mo go ba ba bolokwañ, le mo go ba ba latlhegañ; mo go ba bañwe e le lonkō loa loshō lo isa loshoñ; me mo go ba bañwe e le lonkō loa botshelō lo isang botsheloñ.” (2 Bakorintha 2:15, 16) A go raya sengwe fa bangwe ba nyatsa tsela ya Bokeresete? (1 Petere 4:1-5) Lesa lefatshe le tsamaye ka tsela ya lone, le tobe maungo a lone a a bosula ka malapa a a thubegileng, bana ba dikgora, malwetsi a dikobo, jaaka AIDS, gammogo le matlhotlhapelo a mangwe a a senang palo a a utlwisang botlhoko. O tla bo o sa sirelediwa mo matlhokong a le mantsi fela mme gape o tla amogelwa ke Modimo. Mo godimo ga moo, gongwe bangwe ba tla kgatlhwa ke boitshwaro jwa gago jo bo molemo le molaetsa wa Bogosi o o o rerang, ka gone ba gogiwa ke “lonkō loa botshelō.”

‘Moya’ wa Mekgwa ya Selefatshe

17. Mekgwa ya go apara le go ikgabisa e ka senola jang gore mongwe o ile a tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe leno?

17 Ntlha e nngwe ya ‘moya’ wa lefatshe leno ke kaga mekgwa ya go apara le ya go ikgabisa. Ba le bantsi mo lefatsheng ba apara ka tsela e e leng gore ba tsose keletso ya dikobo. Le eleng ba ba iseng ba tsene mo dingwageng tsa bogare ba batla gore ba lebege jaaka batho ba ba godileng, ba lekane go tsenelela mo dikobong. A o amiwa ke ‘moya’ ono o o anameng, kana boikutlo? A o apara e le gore o kgatlhe, o tshameke, o tsose kgatlhego e e sa siamang ya bao ba bong jo bongwe? Fa go ntse jalo, o tshameka ka molelo. Go hema ‘moya’ ono go tla hupetsa moya wa gago wa teka-tekanyo, keletso ya gago ya go nna o itshekile (Mika 6:8) O tla ngoka ba ba nang le moya wa selefatshe. Ka ntlha ya ditiro tsa gago, ba tla nna le boikutlo jwa gore o iketleeditse go kopanela le bone mo boitsholong jo bo sa siamang. Mme ke eng fa o simolola tsela eno ya go letla ‘moya’ o o ntseng jalo go go hepisa go dira se se bosula mo matlhong a Modimo?

18. Go gakologelwa ka metlha gore re emela Jehofa go tla re thusa jang go tlhopha mekgwa ya go apara le go ikgabisa?

18 Ga go tlhokafale gore re apare botlhaswa kana mo go sa kgatlheng e le gore re tle re nne teka-tekanyo. Akanyetsa tsela e bontsi-ntsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba aparang le go ikgabisa ka yone. Ba tila mekgwa e e feteletseng ya lefatshe leno mme ba ipoloka ba kgatlhisa, ba ntse ba gakolo etswe gore ke badihedi ba ba emetseng laos laodi yo Mogolo wa lobopo, Jehofa. Ba lesa lefatshe le legologolo le tshwenyega ka mekgwa ya lone ya teka-tekanyo. Le ka motlha ga ba letlelele boikutlo jwa lefatshe leno go koafatsa ditekanyetso tsa bone tsa Bokeresete. “Me gōna ke bua lehoko ye, ke bile ke shupa mo Moreneñ,” Paulo o ne a kwala jalo, “ka re, lo se ka loa tlhōla lo sepela yaka Badichaba ba sepela, mo boithamakoñ yoa dipelo tsa bōnè . . . e reñ ka ba helecwe ke maikutlō, boo ba ineèla mo bopepeñ, go diha mashwe aotlhe ka bopelotshètlha.” (Baefesia 4:17-19) Mokeresete yo o godileng o tla apara ka teka-tekanyo, a sa tsamaye jaaka Baditšhaba.​—1 Timotheo 2:9, 10.

19. Ereka re setse re tlotlile ka dintlha tse dikgolo tsa ‘moya’ wa lefatshe leno, ke eng se se setseng se bonala kaga bokotsi jwa go o hema?

19 Go fitlha fano, re ntse re tlhokometse dintlha di le pedi fela tsa ‘moya’ wa lefatshe leno. Mme re setse re bone gore ‘moya’ ono o borai thata mo botsogong jwa semoya. Mo setlhogong se se latelang, re tla itebaganya le dikarolo tse dingwe tsa ‘moya’ ono o o bolayang o Diabolo le tsamaiso ya gagwe a tswelelang-pele go o fokisetsa mo Bakereseteng, a solofela gore ba tla ineela mo go one. Abo go le molemo jang ne gore re tile ‘moya’ oo, ereka go amogela moya wa lefatshe leno go tshwana le go hema mesi ya loso!

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ ‘Moya’ wa lefatshe leno ke eng, mme ke mang yo o o laolang?

◻ ‘Moya’ o na le bolaodi bofe ‘mo bathong’?

◻ Ke eng fa go ka twe Bakeresete ba mo lefelong la “ga go gogwe”?

◻ Kaga go tshameka ka dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang, ‘moya’ wa lefatshe leno o ama batho ba ga Jehofa jang?

◻ Teka-tekano e ka re thusa jang go tila go tlhotlhelediwa ke ‘moya’ wa lefatshe leno malebana le go apara le go ikgabisa?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

A o gana o hema ‘moya’ wa lefatshe leno o o bolayang?

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

O dira eng fa bontlhanngwe jwa ‘moya’ wa lefatshe leno ba fokela kwa go wena?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela