LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w87 9/15 ts. 15-20
  • Nna o Ikobetse ‘Moya o o Rudisang’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nna o Ikobetse ‘Moya o o Rudisang’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tiriso e e Siameng ya Loleme
  • Dijo, Dino, le Boitloso-bodutu
  • Boikgogomoso jwa Lotso​—Phefo e e Bosula
  • Nna o Ntse o Hema ‘Moya’ o o Rudisang
  • Go Hema ‘Moya’ wa Lefatshe Leno Go a Bolaya!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A O Emelana le Moya wa Lefatshe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Basha—Ganang Moya wa Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Gana go Tlhotlhelediwa ke “Moya wa Lefatshe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
w87 9/15 ts. 15-20

Nna o Ikobetse ‘Moya o o Rudisang’

“Mōea ko ōna o rudisañ; nama ga e thuse sepè.”​—YOHANE 6:63.

1. (a) Jehofa o thusa batho ba gagwe jang o ganana le tlhotlheletso ya ‘moya’ wa lefatshe leno? (b) Go tlhagolela maungo a moya wa Modimo go tla re thusa jang go nna le tshekamelo e e siameng ya mogopolo?

MOYA o o boitshepo wa ga Jehofa Modimo o tlhokega thata gore re tle re ganane le tlhotlheletso ya ‘moya’ wa lefatshe jeno, kana boikutlo jwa lone. (Baefesia 2:1, 2) Gape re tlhoka Bibela, e e nang le megopolo ya Modimo e e kwadilweng ka kaelo ya moya o o boitshepo. Ebile re tshwanetse go nna le boikutlo jwa boikokobetso jwa Bokeresete, jo bo nnang gone ka go tlhagolela maungo a moya wa Modimo​—“loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō.” Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa jaana: “Sepelañ ka mōea, me ga lo ketla lo dihatsa thatō ea nama. Gonne dithatō tsa nama di tlhabana le mōea, le mōea o tlhabana le nama; gonne dilō tse di a tlhabana; e le gore lo se ka loa diha dilō tse lo di ratañ hèla.”​—Bagalatia 5:16, 17, 22, 23.

2. Se se ntshiwang ke moya wa Modimo se farologana jang le matswela a go nna le “mōea oa . . . lehatshe”?

2 Gape Paulo o ile a kwala jaana: “Re amogetse mōea o e señ oa lehatshe, e leñ mōea o e leñ oa Modimo; gore re tlè re itse dilō tse re di newañ hèla ke Modimo.” (1 Bakorintha 2:12) ‘Moya,’ kana boikutlo jwa tlhaloganyo, jwa lefatshe leno ke jo bo bolayang, mme se Modimo o se nayang ka moya o o boitshepo se leretse ba ba o amogelang botshelo jo bo sa khutleng. Jesu o ne a re: “Mōea ke ōna o o mdisañ; nama ga e thuse sepè; mahoko a ke a buileñ le lona, ko aōna a e leñ mōea, e bile a botshelō.” (Yohane 6:63) Ereka “nama e sa thuse sepè, ’ re tlhoka thuso ya bomodimo go fenya boleo le go ganana le moya wa lefatshe je.

3, 4. (a) Bogagapa ke eng, mme ‘mmusi wa moya’ o dirisa keletso ya nama ya dilo tse di bonalang jang? (b) Motho yo o bogagapa ke moobamedi wa medimo ya disetwa jang?

3 Mo setlhogong se se fetileng, re ne ra buisana ka dikarolo di le pedi tse di kotsi tsa ‘moya’ wa lefatshe leno​—go tshameka ka dilo tsa boitsholo jo bo maswe le mekgwa e e sa siamang ya go apara le go ikgabisa Mme go na le dikarolo tse dingwe tse dintsi. Ka sekai, seemo sa lefatshe leno se tletse ka bogagapa, ka keletso e e nonofileng ya melemo ya dilo tse di bonalang. ‘Mmusi wa moya’ o ile a dira gore boipapatso jwa lefatshe le kitsiso ya papadi di dire gore o ikutlwe o sa felela fa o sena dilo tse di bonalang tse dintsi. Karolo eno ya ‘moya’ wa lefatshe e ka go taga ka mogopolo wa gore tseno ke dilo tse dikgolo mo botshelong. A o ile wa amiwa ke ‘moya’ ono wa dilo tse di bonalang?

4 Bibela ya re: ‘Mogokahadi kana motho yo o maswe kana yo o bogagapa​—ke gore yo o obamelang medimo ya disetwa—​ga a na boswa bope mo Bogosing jwa ga Keresete le jwa Modimo.’ (Baefesia 5:5) Elatlhoko gore motho yo o bogagapa tota ke moobamedi wa medimo ya disetwa. O ka nna wa akanya jaana, ‘Ruri, ga nkake ka ya bokgakaleng joo, ke nna moobamedi wa medimo ya disetwa.’ Mme kobamelo ya medimo ya disetwa ke eng? A ga se go baya sengwe mo boemong jwa ga Jehofa le kobamelo ya gagwe, go neela tlhokomelo mo go sone go na le Modimo le tirelo ya gagwe? Bogagapa bo ka kopanyeletsa se se bonalang e le kobamelo ya madi le maatla a one le tlhotlheletso ya one. Fa o baya go nna le koloi e ntšha, setshameka dikhasete sa video, kana sepe fela sa dilo tse di bonalang kwa pele ga go oketsa tirelo ya gago mo go Jehofa, a seo ga se bosupi jwa gore ‘moya’ wa lefatshe leno o go ama ka go go gobatsa? A dilo tse di bonalang ga di nne jaaka medimo ya disetwa mo go wena?

5. ‘Moya’ wa lefatshe leno o tladitswe ka keletso ya boikgagapeledi ya dikhumo ka ditsela dife?

5 Fa o batla thuto e e kwa godimo kana tiro ya maemo, a o dira seo go huma kana eo nna le dilo tse di bonalang tse dintsi go feta tseo o di tlhokang? A o tlhotlhelediwa ke mekgwa ya go huma ka bofefo, o batla go kopanyelediwa mo go yone? ‘Moya’ wa lefatshe leno o tletse ka keletso ya bogagapa ya matlotlo le go tsietsa malebana le go duela makgetho a puso. Mo seemong seno go betšha le ditiro tse dingwe tse di tshwanang le gone di tseelwa kwa godimo. O seka wa raelwa. Bao ba tilang tlhotlheletso ya ‘moya’ o o tletseng bogagapa wa lefatshe leno ba fitlhela gore boitumelo jwa boammaaruri bo tswa mo go kgotsofaleleng dilo tse di tlhokafalang mme ba baya kwa pele dikgatlhego tsa Bogosi.​—Mathaio 6:25-34; 1 Yohane 2:15-17.

Tiriso e e Siameng ya Loleme

6. Mekgwa ya go bua ya lefatshe leno e ka nna le phelelo efe mo go rona jaaka Bakeresete?

6 Gotweng ka mekgwa ya rona ya go bua? Dinyao, mafoko a a bogale, go aka​—‘moya’ wa lefatshe leno o kgotlhetswe thata ke puo e e ntseng jalo e e leswe. Lefa go le jalo, le e leng puo ya bangwe ba sekae ba ba kopanelang le phuthego ya Bokeresete ka dinako tse dingwe e nna makgwakgwa, le eleng dithogano. Morutwa Yakobe o re bolelela jaana ka tlhamalalo: “Go baka le go hutsaka go tlo go cwe mo molomuñ o le moñwe hèla. Ba ga echo, dilō tse ga di a chwanèla go nna yalo. A mocwedi o tlo o cwelè metse a a monate le a a botlhoko mo leitlhoñ le le leñwe hèla?” (Yakobe 3:10, 11) A o ile wa itlwaetsa dingwe tsa dipuo tse di thata kana tse di sokameng tsa lefatshe leno? A o na le ditsela di le pedi tsa go bua, e nngwe o e dirisa fa gare ga Bakeresete, mme e nngwe o e dirisa golo gongwe? Paulo o ile a kwala jaana: “A go se cwe puō epè e e bodisañ mo melomuñ ea lona, ha e se e e molemō hèla go agèlèla kaha go tlhōkahalañ ka gōna, gore e tlè e neè ba ba utlwañ letshegō.” (Baefesia 4:29) Abo go le botlhokwa jang ne go dirisa puo e e tshwanetseng e e phepa ka nako tsotlhe!

7. Ke eng se se akarelediwang mo ‘go tlogeleng maaka le go bua boammaaruri?

7 Gape re tlhoka go nna kelotlhoko gore ka nako tsotlhe re bue boammaaruri Go nna ba ba dikologang kana re timetsa ba bangwe ka boomo e le gore re tle re tile boikarabelo tota go isa kwa go akeng. Ka gone tlhomamisega go reetsa kgakololo ya ga Paulo: “Ke gōna, apolañ kakō, me a moñwe le moñwe a buè boamarure le oa ga gabō: gonne moñwe le moñwe oa rona ke tokololō ea eo moñwe.”​—Baefesia 4:25; Diane 3:32.

8. (a) Batho ba lefatshe ba le bantsi ba itsaya jang fa ba rumolwa? (b) Fa re rumolwa, re tshwanetse go dira eng?

8 Go galefa kwantle ga go itshwara ke karolo e nngwe ya moya wa lefatshe leno. Bo ntsi jwa batho ba lefatshe ba fela pelo motlhofo. Ba bua fela ba gagolaka, mme go tswa foo ba kopa maitshwarelo ba re ba ne ba ntsha mafatlha a bone fela. Mme seno ga se se Paulo a se buileng fa a ne a gakolola, ereka a ne a re: “A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le kōmañ, le go kgala, le kilō eotlhe.” (Baefesia 4:31) Mme go tweng fa go gakala go gola go sa kgathalesege maiteko a rona a go itshwara le maungo a mangwe a moya wa Modimo? “Lo nnè bogale, me lo se ka loa leoha,” go ne ga kwala Paulo jalo. “A letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale, le gōna lo se ka loa naea Diabolo sebaka.” (Baefesia 4:26, 27) Ka gone fa re galefa, re tshwanetse go fedisa kgang ka bofefo, pele ga bokhutlo jwa letsatsi Eseng jalo, go tenega le go ngala di tla simolola go nnela ruri mo pelong, mme go bokete go di ntsha. O seka wa iteseletsa go hema ‘moya’ wa bogale le wa go ipusolosetsa wa lefatshe leno!​—Pesalema 37:8.

9. Ke boikutlo bofe jo bo tlwaelegileng mo ba hiriweng, mme ke eng fa re tshwanetse go elatlhoko mekgwa ya rona ye kwa tirong?

9 Go tweng ka mokgwa wa gago wa go bereka? Go tsamaya-tsamaya mo tirong le go utswa didirisiwa tsa mohiri ke dilo tse di tlwaelegileng gompieno. A o ile wa bapala bontlhanngwe jwa ‘moya’ ono? A boikutlo jwa ‘mongwe le mongwe o dira jalo’ bo feteletse mo go wena? O seka wa lebala gore tsela e re dirang ka yone kwa tirong jaaka Bakeresete e supa kaga Jehofa le kobamelo ya gagwe ya boammaaruri. A o ka batla gore mongwe a gane boammaaruri jo bo buiwang ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa kgorong ya gagwe ka ntlha ya tsela e o itshwarang ka yone kwa tirong? “Eo o ucwileñ a a se tlhole a uewa,” go ne ga rialo Paulo, “me bogolo a a dihè . . . gore a tlè a dihanè le se o ka se naeañ eo o tlhōkañ.”​—Baefesia 4:28.

10. Mo go direng tiro ya boitshediso, re ka bontsha jang gore ga re amiwe ke ‘moya’ wa bogagapa wa lefatshe leno?

10 Lemororo dikamano tsa morena le motlhanka tse di neng di le gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga di sa tlwaelega gompieno, bahiriwa ba Bakeresete ba ka ithuta mo go se Paulo a neng a se kwalela batlhanka ba Bakeresete mo go Baefesia 6:5-8. Koo badiri ba ne ba bolelelwa go ‘ikobela bao ba neng ba ba direla, eseng fela jaaka baitumedisi ba batho, mme jaaka batlhanka ba ga Keresete.’ Ka gone Mokeresete ga a tshwanela go dira maano a go tila go bereka ka malatsi a a tletseng a tiro kana dilo tse di solofeditsweng kana ditirelo. Fa re dira dilo “yaka e ka bo e le go dihèla Modimo,” re tla nna le boikutlo jo bo tshwanetseng mme ga re kitla re amiwa ke ‘moya’ wa botshwakga le bogagapa wa lefatshe leno.

Dijo, Dino, le Boitloso-bodutu

11. Boikutlo jwa lefatshe mo dijong le mo dinong bo ile jwa ama bangwe ba batho ba ga Jehofa jang mo metlheng ya Bibela?

11 A tiriso e e feteletseng ya dijo le dino ya lefatshe leno e go amile? Boikutlo jwa lone ke jwa ‘a re jeng, re nweng, re bo re itumele, gonne ka moso re tla bo re sule.’ (1 Bakorintha 15:32) Mme moya ono o amile bangwe ba batlhanka ba Modimo, le eleng fa e sale ka dinako tsa bogologolo. Gakologelwa nako ele ya mo sekgweng fa Baiseraele “ba dulèla go ya le go nwa, me ba itse go nanoga ba tshameka.” (Ekesodo 32:6) Go “tshameka” moo go ne ga gogela kwa boitshwarong jo bo repileng jo bo sa laolesegeng le kobamelo ya medimo ya disetwa, mo eleng gore bogale jwa Modimo bo ne jwa ba tukela. Le ka motlha a re seka ra latela tsela eno.​—1 Petere 4:3-6.

12. Fa mekgwa ya rona ya go ja le ya go nwa e tlhoka tlhokomelo, re tshwanetse go dira eng?

12 Jehofa o re neetse dijo tse dintsi tsa mefuta tse di monate, tse di nang le dikotla tse di kgatlhisang le dino, mme o batla gore re di dirise ka teka-tekanyo. Bogagaru le botagwa di kgadiwa mo Bibeleng. (Diane 23:20, 21) Ka gone nna boikanyego mme c ipotse jaana: A go na le golo gongwe fa go tshwanelwang ke go baakanngwa mo mekgweng ya me ya go ja le go nwa? Fa o tshwanelwa ke go itshwara fela thata, lemoga seno mme o bereke tumalanong le go rapelela moya wa Modimo ga gago go go thusa go fenya bothata jono. “Me se tagweñ ke boyalwa, ka bo na le tlhapeō, me lo tladiwè ka mōea,” go ne ga rialo Paulo. (Baefesia 5:18) Ee, tladiwa ka moya wa Modimo, mme o seka wa ineela mo moyeng wa lefatshe leno o o sa laolesegeng! “Leha lo ya, leha lo nwa, leha e ka bo e le eñ se lo se dihañ, cotlhe hèla lo di dihèlè kgalalecoñ ea Modimo.” (1 Bakorintha 10:31) Lefa go ntse jalo, fa o na le bothata jo bogolo mo kgannyeng eno batla thuso ya semoya mo banneng ba ba nonofileng mo phuthegong.​—Bagalatia 6:1; Yakobe 5:14, 15.

13. (a) Go supega jang gore Diabolo o leswefaditse bontsi jwa boitloso-bodutu jo bo leng teng gompieno? (b) Re ka tila jang boikutlo jono jwa lefatshe mo boitloso-bodutung?

13 Lefatshe leno le lemaletse thata mo metshamekon , mmino le mefuta e mengwe ya boitloso-bodutu. Go ipelela dilo tse di ntseng jalo ga go reye gore ga go a siama, fa fela di sa tlole melao-metheo ya Dikwalo. Mme bothata ke gore Satane ‘kgosi e e laolang moya,’ o bodisitse bontsi jwa boitloso-bodutu jo bo leng gone gompieno. (Baefesia 2:2, The Jerusalem Bible) Gantsi, boitsholo jo bo sa siamang bo a rotloediwa, thubakanyo e a mpampediwa, le katlego e e dirwang ka boferefere, tsietso, le eleng polao e a bontshiwa. Fa re lebelela boitloso-bodutu jo bo ntseng jalo, re hemela boikutlo jo bo ntseng jalo mo teng-teng ga dipelo tsa rona, mme diphelelo tsa jone tse di borai di ka nna tsa re gobatsa. Mo godimo ga moo, lefa dikarolo dingwe tsa boitloso-bodutu dingwe di se kgatlhanong leIDikwalo, go na le kotsi ya go lemalela mo go tsone, mo eleng gore go sala nako e nnye fela ya dilo tsa semoya. Ka gone, re tshwanetse go nna ba ba tlhophang. Senya nako o ipelela boitapoloso jo bo agang le jo bo nang le mosola ka teka-tekanyo, mme tila go etsa go feteletsa dilo ga lefatshe. Go sa kgathalesege gore a ‘moya’ wa lefatshe jeno o nkga monate kana o a gogela, o kgotlhetswe ebile o a bolaya!​—Diane 11:19.

Boikgogomoso jwa Lotso​—Phefo e e Bosula

14. Tebang le mathata a setho, re ka amiwa ke ‘moya’ wa lefatshe leno jang?

14 Karolo e nngwe e tota e leng boferefere ya ‘moya’ wa lefatshe leno ke boikgogomoso jwa lotso le semorafe. Bangwe ba godisa mogopolo o o phoso wa gore lotso longwe le na le tlotlomalo mme a mangwe a kwa tlase. Bosemorafe bo kgothaletsa batho go leba lefatshe la ga bone jaaka le legolo go na le a mangwe. Tota ebile, bangwe ba bogisega ka mo go sa tlhokafaleng ebile ba rontshiwa ditshwanelo tsa setho tsa botlhokwa le ditlhokafalo ka ntlha ya bogagapa le pono e e phoso ke ba bangwe. Go tenega, le eleng bothubaki, di nna gone. Ba le bantsi ba dira ditsogologelano, ba itirela katlholo, ba tlhatswegile pelo go fedisa mathata a setho ka tsela e e leng ya bone. Le rona, re ka nna ra tshwarega mo megopolong eno. Fa re lemoga tshiamololelo kana re e direlwa mme re utlwa ba ba batlang diphetogo tsa setho, re ka nna ra tlhotlheletsega fa re se kelotlhoko. Re ka nna ra simolola go tlogela boemo jwa rona jwa boitlhaodi mme ra tsaya karolo. (Yohane 15:19) Se se masisi go feta ke gore, re ka nna ra ikutlwa re raelesega go tsenelela mo go nneng baemela-bangongoregi, boipapatsong, kana ra tsena mo dikgoberegong e le go pateletsa gore go dirwe diphetogo.

15. Bibela e kgothaletsa tsela efe fa re ikutlwa re na le tshekamelo ya ‘go ipusolosetsa’?

15 Bomoya jwa phuthego bo ka amiwa ka go gobadiwa ke boikutlo jwa lotso le bomorafe. (Bapisa Ditihō 6:1-7.) Mme re tla nna le moya o o siameng fa re reetsa kgakololo e e reng: “Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona. Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale ; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna.” (Baroma 12:18, 19) Ereka ditso tsotlhe di tswa kwa banyalaning ba ntlha, ebile Modimo e se motlhaodi wa batho, ga go na lebaka lepe la boikgogomoso jwa lotso kana semorafe mo phuthegong ya Bokeresete.​—Ditihō 10:34, 35; 17:26; Baroma 10:12; Baefesia 4:1-3.

Nna o Ntse o Hema ‘Moya’ o o Rudisang

16. Ke eng se se tla thusang go thibela gore re seka ra amiwa ke bomoya jwa lefatshe leno?

16 Be buile ka dikarolo tse dikgolo tse di bolayang tsa ‘moya’ (air) kana ‘moya’ (spirit) wa lefatshe leno. O re dikologile mme o na le kgatelelo e e leng gore fa re ka letlelela phatlha go nna gone mo bomoyeng jwa rona, ‘moya’ ono o o bosula o tla e tlatsa. Katlego mo go gananeng le one e itshetlegile segolobogolo ka moo re ratang se se itshekileng, se se phepa, se se tshiamo, mme re ila se se sa itshekang se se seng phepa, le se se bosula ka teng. Re tla tswelela-pele re hema ‘moya’ o o siameng fa re tswelela re tlhagolela boikutlo jo bo siameng jwa mogopolo re arabela kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo.​—Baroma 12:9; 2 Timotheo 1:7; Bagalatia 6:7, 8.

17. Ke eng se se tshwanetseng go dirwa ka bofefo fa re utlwa karolo ya ‘moya’ wa lefatshe leno e fokela ntlheng ya rona?

17 Dira ka bojotlhe gore o seka wa letlelela ‘moya’ wa lefatshe leno o o bosula go go nkgela monate. Mmusi wa ‘moya’ ono o itse se tota se tlhokafalang go ikuela mo boikutlong le go dira keletso e gantsi e gogelang kwa boleong. (Yakobe 1:14, 15) Nna mo karolong ya “ga go gogiwe,” eleng paradaise ya semoya ya ga Jehofa. Fa o utlwa gore monko wa ‘moya’ wa lefatshe leno o tla kwa go wena, o tshabe. O tile fela jaaka o ka tila botlhole jo bo bolayang. “Ke gōna, lo lebè thata kaha lo sepelañ ka gōna, e señ yaka ba ba señ botlhale, me yaka ba ba botlhale; ka go shwèla lobaka molemō, ka metlha e, e boshula. Ke gōna se nneñ boeleele, me lo tlhaloganye go rata ga [Jehofa], go re ke eñ.”​—Baefesia 5:15-17.

18. Bomoya jwa ba ba tla nnang le tshiamelo ya go tshela mo lefatsheng le le phepafaditsweng e tla bo e le eng?

18 Modimo o rata re mo direla jaaka baboloka-bothokgami Go dira jalo go tla naya botshelo mo tsamaisong e ntšha ya gagwe, e icono-na o leng gauñ. Fa re hema moya ka nako eo, abo o tla bo o lapolosa jang ne! Go sena dilo tse di kgotlelang tse di bolayan , e le moya o o rudisang o o itshekileng fela. šeo se tla bo se le boammaaruri ka moya wa mmatota mme, se se botlhokwa thata, ka bomoya jwa bao ba tla nnang le tshiamelo ya go tshela mo lefatsheng le le phepafaditsweng. Ba tla nna le boikutlo jwa kutlo, jwa boikokobetso, le jo bo arabelang. ‘Moya’ wa lefatshe leno le legologolo, o o tletseng ka ditlhotlheletso tse e seng tsa bomodimo le tsa boganana le tse di bodileng o tla bo o seyo.​—Tshenolo 21:5-8.

19. Ke bomang ba ba tla falolelang mo tsamaisong e ntšha ya ga Jehofa?

19 Ruri, ga re batle go nna gareng ga bao ba hemang ‘moya’ wa tsamaiso eno fa Jehofa a tlosa kgotlelo gammogo le ba ba kgotlelang kwa Hara-Magedona. Fa lefatshe le legologolo le ile mme ‘mmusi wa moya’ a golegilwe, abo go tla lapolosa jang ne! Mongwe le mongwe yo o ratang Jehofa mme a tswelela ka go rata se se phepa, se sentle, le se se tshiamo o tla bo a le gone. Jehofa o batla gore ba nne koo mme o tla ba thusa ka moya wa gagwe. O tla ba neela botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong e ntšha e e phepa le e e itekanetseng. A re seka ra latlhegelwa ke tshiamelo eo ka ntlha ya go hema ‘moya’ o o bolayang wa tsamaiso eno e kgologolo!

O Ne O Tla Arabela Jang?

◻ Motho yo o bogagapa a ka nna moobamedi wa medimo ya disetwa ka tsela efe?

◻ ‘Moya’ wa lefatshe leno o ka nna wa ama mekgwa ya go bua ya gago jang?

◻ Bahiriwa ba Bakeresete ba tshwanetse go bontsha moya ofe fa ba dira tiro ya boitshediso?

◻ O ka tila go amiwa ke boikutlo jwa lefatshe leno jang tebang le dijo, dino, le boitloso-bodutu?

◻ Ke moya ofe tebang le lotso le bomorafe o o sa tshwanelang go tla mo phuthegong ya Bokeresete?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

A lelapa la gago le nonofile semoyeng mo le ka emelanang le ‘moya’ wa lefatshe e leno?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa re dira dilo “yaka a ka bo e le go dihèla Modimo,” a re kitla ra amiwa e ‘moya’ lwa lefatshe leno wa bogagapa e wa botshwakga

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela