A O Emelana le Moya wa Lefatshe?
“Re amogetse mōea o e señ oa lehatshe, e leñ mōea o e leñ oa Modimo.”—1 BAKORINTHA 2:12.
1, 2. Go ne ga direga matlhotlhapelo afe ka gase e e botlhole kwa Bhopal, India, mme lefa go ntse jalo ke “gase” efe e e botlhole le go gaisa eo e e hemiwang mo lefatsheng lotlhe?
ENE ya re bosigo bongwe go le tsiditsana ka December 1984, ga direga sengwe se se tshosang kwa Bhopal, kwa India. Mo toropokgolong eo, go na le madirelo mangwe a dikhemikale mme mo bosigong joo jwa December, belofo nngwe ya ditanka tse di bolokileng gase e ne ya senyega. Ka tshoganetso fela, gase ya methyl isocyanate e ne ya simolola go pomponyegela mo phefong e le ntsintsi. Gase eno e e bolayang e ne ya tsewa ke phefo mme ya fokela mo matlong koo malapa a neng a santse a robetse teng. Go ne ga swa batho ba le diketekete, mme ba bangwe gape ba le bantsi ba ne ba sala ba le digole. E ne e le kotsi e e maswe go gaisa dikotsi tsotlhe tsa madirelo tse di diragetseng pele ga yone.
2 Batho ba ne ba hutsafala fa ba utlwalela ka ga tiragalo ya kwa Bhopal. Mme lefa gase e e neng e dutla koo e ne e bolaya jaana, e ne ya bolaya batho ba palo e e kwa tlase fela thata fa e bapisiwa le ya ba ba bolawang ka tsela ya semoya ke “gase” e batho mo lefatsheng lotlhe ba e hemang letsatsi le letsatsi. Bibela e e bitsa ‘moya wa lefatshe.’ Moaposetoloi Paulo o ne a bapisa one moya o o bolayang oo le moya wa Modimo fa a ne a re: “Re amogetse mōea o e señ oa lehatshe, e leñ mōea o e leñ oa Modimo; gore re tlè re itse dilō tse re di nèwañ hèla ke Modimo.”—1 Bakorintha 2:12.
3. ‘Moya wa lefatshe’ ke eng?
3 Tota ‘moya wa lefatshe’ ke eng? Go ya ka The New Thayer’s Greek English Lexicon of the New Testament, ka kakaretso lefoko “moya” (Segerika, pneuʹma) le kaya “boikutlo kana tlhotlheletso e e amang thata e bile e laola moyasebele wa mongwe le mongwe.” Motho a ka nna le moya kana boikutlo jo bo molemo kana jo bo bosula. (Pesalema 51:10; 2 Timotheo 4:22) Setlhopha sa batho le sone se ka nna le moya, kana boikutlo jo bo atileng mo go sone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela tsala ya gagwe Filemone jaana: “A tshegōhaco ea Morèna oa rona Yesu Keresete e nnè le [moya o lo o bontshang, NW].” (Filemone 25) Ka tsela e e tshwanang—mme e le ka selekanyo se segolwane fela thata—lefatshe ka kakaretso le na le boikutlo jo bo laolang mo go lone, mme ke jone ‘moya wa lefatshe’ o Paulo a buileng ka one. Go ya ka Word Studies in the New Testament ya ga Vincent, “polelwana eno e kaya mokgwa wa go dira bosula o o tlhotlheletsang lefatshe le le sa ikwatlhaeng.” Ke go rata go dira boleo mo go anameng mo tseleng e lefatshe leno le akanyang ka yone e bile go tlhotlheletsa tsela e batho ba itshwarang ka yone.
4. Motswedi wa moya wa lefatshe ke mang, mme moya ono o ama batho jang?
4 Moya ono o na le botlhole. Ka ntlha yang? Ka gonne o tswa mo ‘kgosaneng ya lefatshe leno,’ Satane. Eleruri, o bidiwa “kgōsana ea thata ea loapi, ea mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō.” (Yohane 12:31; Baefesia 2:2) Go thata go tila “mōea” ono, kana “mōea o gompiyeno o dihañ mo baneñ ba ba kgōpō.” O gongwe le gongwe mo setšhabeng sa batho. Fa re o hema, re simolola go nna le maikutlo a a dumalanang le one, maikaelelo a one. Moya wa lefatshe o kgothaletsa ‘go tshela kafa nameng,’ ke gore go dumalana le go sa itekanelang ga rona ka ntlha ya boleo. O baka loso, “gonne ha lo tshela kaha nameñ, lo na le go shwa.”—Baroma 8:13.
Go Tila Moya wa Lefatshe Leno
5. Mosupi mongwe o ne a dira ka botlhale jang fa go direga masetlapelo kwa Bhopal?
5 Mo matlhotlhapelong a kwa Bhopal, Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a tsosiwa ke digoagoe le ke monko o o bogale wa gase eo e e botlhole. Gone fela foo o ne a tsosa lelapa la gagwe a itlhaganelela le bone kwa mmileng. O ne a ema motsotswana fela go utlwa gore phefo e fokela kae, go tswa foo a bo a itshukunyetsa fa gare ga batho ba bantsintsi ba ba neng ba tlhakane tlhogo mme a tshabisetsa lelapa la gagwe kwa godimo ga thota nngwe e e kwa ntle ga toropokgolo. Fa ba tsena koo ba ne ba kgona go tlatsa makgwafo a bone ka moya o o phepa o o neng o foka go tswa mo letšheng le le fa gaufi.
6. Re ka tshabela moya wa lefatshe kae?
6 A go na le lefelo lengwe le le goletsegileng le re ka yang kwa go lone gore re tshabele “mōea” ono o o botlhole wa lefatshe leno? Bibela e bolela gore le teng. Moperofeti Isaia o ne a kwala jaana a lebisitse mo metlheng ya rona: “Go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè: gonne mo Siona go tla cwa molaō, le lehoko ya ga Yehofa le tla cwa Yerusalema.” (Isaia 2:2, 3) Lefelo le le kwa godimo la kobamelo e e itshekileng, “thaba ea ntlo ea ga Yehofa” e e goletsegileng, ke lone fela lefelo mo polaneteng eno le le senang moya o o hupetsang, o o botlhole wa lefatshe leno. Ke gone fa moya wa ga Jehofa o elelang fela ka kgololesego mo gare ga Bakeresete ba ba ikanyegang.
7. Batho ba le bantsi ba ile ba falodiwa jang mo moyeng wa lefatshe?
7 Batho ba le bantsi ba pele ba neng ba hema moya wa lefatshe leno ba ile ba gololesega jaaka Mosupi yole wa kwa Bhopal. Fa moaposetoloi Paulo a sena go bua kaga ‘bana ba ba kgopo’ ba ba hemang phefo, kana moya wa lefatshe leno, o bolela jaana: “Ba le rona rotlhe re kileñ ra tshela nabō mo dithatoñ tsa nama ea rona, ra diha dikeleco tsa nama le tsa megopolō, me mo tlholegoñ ea rona re le bana ba re chwanetseñ bogale, hèla yaka ba bañwe: me Modimo, ka o humile boutlwèlō botlhoko, le ka ntlha ea loratō lo logolo loa ōna, lo o re ratileñ ka lōna, le re sa nntse re shule ka ditlolō tsa rona, oa re rudisa mmōgō le Keresete.” (Baefesia 2:3-5) Batho ba ba hemang moya o o botlhole wa tsamaiso eno ya dilo fela ba sule ka tsela ya semoya. Lefa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa, dimilione tsa batho gompieno di tshabela kwa lefelong le le goletsegileng ba iphalotsa boemo joo jo bo felelang ka loso.
Kafa ‘Moya wa Lefatshe’ O Iponatsang ka Gone
8, 9. (a) Ke eng se se bontshang gore re tshwanetse go nna re itisitse kgatlhanong le moya wa lefatshe? (b) Moya wa ga Satane o ka re gobatsa jang?
8 Moya wa ga Satane o o bolayang o santse o foka go re dikologa. Re tshwanetse gore re nne re itisitse mme re se ka ra ya le mokgokolosa wa thaba, ra kgokologela gape mo lefatsheng, gongwe re bo re hupela semoyeng. Seno se tlhoka gore motho a nne a thantse ka metlha. (Luke 21:36; 1 Bakorintha 16:13) Ka sekai, ela tlhoko ntlha eno. Bakeresete botlhe ba itse melao ya ga Jehofa ya boitsholo mme ba ka se ke le ka motlha ba dumelane le mekgwa e e leswe ya boaka, kgokafalo, le bosodoma. Lefa go ntse jalo, ngwaga le ngwaga go kgaolwa batho ba ka nna 40 000 mo phuthegong ya ga Jehofa. Ka ntlha yang? Gantsi e a bo e le ka ntlha ya yone mekgwa eno e e seng phepa. Seo se tla jang?
9 Ka gonne rotlhe ga re a itekanela. Nama e bokoa, mme ka metlha re tshwanelwa ke go lwa kgatlhanong le ditshekamelo tse di sa tshwanelang tse re nnang natso mo pelong. (Moreri 7:20; Yeremia 17:9) Lefa go ntse jalo, ditshekamelo tseo tse di phoso di kgothadiwa ke moya wa lefatshe. Batho ba le bantsi mo lefatsheng leno ga ba bone boitsholo jo bo sa siamang bo le phoso ka gope, mme mogopolo wa gore sengwe le sengwe fela se a letlelesega ke karolo ya tsela ya go akanya ya mo tsamaisong ya ga Satane ya dilo. Kana gone, fa re inaakanya le megopolo eo, ruri re tla simolola go akanya jaaka lefatshe le akanya. Go ise go ye kae, megopolo e e ntseng jalo e e seng phepa e ka dira gore re nne le dikeletso tse di phoso tse di tla felelang ka boleo jo bo masisi. (Yakobe 1:14, 15) Re tla bo re fologile thaba ya kobamelo ya ga Jehofa e e itshekileng re weleletse mo nageng e e kwa tlase e e leswe e leng lefatshe la ga Satane. Ga go na ope yo o tla ruang botshelo jo bo sa khutleng mme a iteseleditse ka bomo gore a nne koo.—Baefesia 5:3-5, 7.
10. Moya wa ga Satane o iponatsa ka tsela efe e nngwe, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go e tila?
10 Moya wa lefatshe o a bonala go re dikologa. Ka sekai, go na le tsela e batho ba le bantsi ba lebang botshelo ka yone ka go bo tsaya motlhofo le go bo nyenyafatsa. Ba bua ka lonyatso le ka dilo tse di masisi tota ka gonne ba kgobilwe marapo ke borapolotiki ba ba bosula kana ba ba sa kgoneng le ke baeteledipele ba bodumedi ba ba seng maitsholo mantle, ba ba bogagapa. Bakeresete ba gana tshekamelo eno. Le fa re ka tswa re rata metlae e e siameng, re tila go tlisa moya wa tshotlo e e lonyatso mo phuthegong. Tsela e Mokeresete a buang ka yone e supa gore o boifa Jehofa le gore pelo ya gagwe e itshekile. (Yakobe 3:10, 11; bapisa Diane 6:14.) Lefa re ka tswa re le basha kana re le bagolo, puo ya rona e tshwanetse gore “e nnè ntlè ka metlha eotlhe, e lokilwe ka lecwai, gore [re] tlè [re] itse kaha [re] chwanetseñ go hètola moñwe le moñwe ka gōna.”—Bakolosa 4:6.
11. (a) Karolo ya bobedi ya moya wa lefatshe ke efe? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba farologane le batho ba ba bontshang karolo eno?
11 Tshekamelo e nngwe e e atileng e e bontshang moya wa lefatshe leno ke letlhoo. Lefatshe le kgaogantswe ka bogare ke go ilana le go tlhoana ka ntlha ya go farologana ga lotso, setšhaba, morafe, le gone go nna le botho jo bo farologaneng. A bo dilo di nna botoka thata jang ne fa moya wa Modimo o dira! Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. Akanyañ dilō tse di tlotlègañ mo matlhoñ a batho botlhe. Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona. Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna. Me ha mmaba oa gago a bolailwe ke tlala, u mo hè diyō; ha a le lenyōra, u mo nosè; gonne ka go diha yalo, u tla bo u tlhatlaganya magala a molelō mo tlhogoñ ea gagwè. Lo se ka loa heñwa ke boshula, me henyañ boshula ka molemō.”—Baroma 12:17-21.
12. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tila go rata dilo tse di bonalang?
12 Moya wa lefatshe leno gape o tlhotlheletsa go rata dilo tse di bonalang. Batho ba le bantsi ba kgothadiwa ke tsa papadi gore ba rate mo go feteletseng didirisiwa tsa bosheng, dilo tse di mo fesheneng, kara ya mothale wa bosheng. Ba dirilwe makgoba ke “kgatlhègō ea matlhō.” (1 Yohane 2:16) Batho ka bontsi ba lekanya tsela e ba atlegileng ka yone mo botshelong ka bogolo jwa ntlo ya bone kana selekanyo sa madi a ba nang nao mo bankeng. Bakeresete ba gana tshekamelo eno ka gonne ba hema moya o o phepa wa semoya mo thabeng e e goletsegileng ya kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa. Ba itse gore go ititaya sehuba gore ba batle dilo tse di bonalang go ka ba gobatsa. (1 Timotheo 6:9, 10) Jesu o ne a gopotsa barutwa ba gagwe jaana: “Botshelō yoa motho ga boa èma mo le[t]lotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.”—Luke 12:15.
13. Moya wa lefatshe leno o iponatsa ka ditsela dife tse dingwe?
13 ‘Moya’ o o sa siamang wa lefatshe leno o iponatsa le ka ditsela tse dingwe. E nngwe ke ya go nna le moya wa botsuolodi. (2 Timotheo 3:1-3) A o lemogile gore batho ba le bantsi ga ba tlhole ba dirisana le babusi? A mo lefelong le o berekang mo go lone o lemogile gore go na le mokgwa o o atileng wa gore batho ba bereke fela fa go na le mongwe yo o ba lebeletseng? O itse batho ba le kae ba ba robileng melao—gongwe ba tsietsa fa ba ntsha lekgetho kana ba utswa kwa ba berekang teng? Fa e le gore o santse o tsena sekolo, a o kile wa ikutlwa o kgobega marapo o re o leka go dira bojotlhe jwa gago ka gonne ba o mo mophatong le bone ba sotla batho ba ba fenyang mo dithutong tsa bone? Tseno tsotlhe ke ditsela tse moya wa lefatshe o iponatsang ka tsone tse Bakeresete ba tshwanetseng go di tila.
Kafa O Ka Emelanang le Moya wa Lefatshe Leno ka Gone
14. Bakeresete ba farologane ka ditsela dife le batho ba e seng Bakeresete?
14 Lefa go ntse jalo, re ka emelana le moya wa lefatshe jang fa gone re tshela mo lefatsheng? Re tshwanetse ra gakologelwa gore go sa kgathalesege gore gone re ka tswa re le fa kae ka mmele, ka tsela ya semoya gone ga re karolo ya lefatshe. (Yohane 17:15, 16) Mekgele ya rona ga se mekgele ya lefatshe leno. Tsela e re lebang dilo ka yone e farologane. Re batho ba semoya, re bua le go akanya “eseñ ka puō e re e rutwañ ke botlhale yoa motho, e le e re e rutwañ ke Mōea, re chwantsha dilō tsa semōea ka [mafoko a, NW] semōea.”—1 Bakorintha 2:13.
15. Re ka emelana jang le moya wa lefatshe?
15 Motho o ne a ka dira eng fa a ne a ka iphitlhela a le mo lefelong le le kgotletsweng ka gase e e botlhole? O ne a ka nna a rwala mmaseke o o sireletsang mo gaseng mme o mo fa moya o o phepa, kana o ne a ka nna a tsamaya ka boene a tswa mo lefelong leo. Tsela e motho a ka tilang moya wa ga Satane ka yone e dirisa mekgwa eno ka bobedi. Go ya fela ka fa re ka kgonang ka teng, re leka go intsha gotlhelele mo go sengwe le sengwe fela se se ka dirang gore moya wa lefatshe o kgone go ama tsela e re akanyang ka yone. Ka jalo, re tila go itsalanya le batho ba ba ka re faposang, mme ga re amane le mofuta ope wa boitlosobodutu jo bo rotloetsang bothubaki, boitsholo jo bo sa siamang, tirisabadimo, botsuolodi, kana epe fela ya ditiro tse dingwe tsa nama. (Bagalatia 5:19-21) Lefa go ntse jalo, e re ka re tshela mo lefatsheng, ga re kake ra tila gotlhelele gore dilo tse di se ka tsa re ama. Ka jalo re tla bo re dira ka botlhale fa re ikgolaganya le motswedi wa moya o o phepa. Re tlatsa makgwafo a rona a semoya, jaaka fa go ka tualo, ka go nna gone kwa dipokanong ka metlha, go nna le thuto ya motho ka namana, go dira ditiro tsa Bokeresete le go itsalanya le Bakeresete, mmogo le thapelo. Ka tsela eno, fa go ka tsena moya wa ga Satane ka tsela nngwe mo makgwafong a rona a semoya, moya wa Modimo o tla re nonotsha gore re o gane.—Pesalema 17:1-3; Diane 9:9; 13:20; 19:20; 22:17.
16. Re supa jang gore re na le moya wa Modimo?
16 Moya wa Modimo o fetola Mokeresete gore a nne motho yo o tlhomologileng ka a farologane le ba ba leng karolo ya lefatshe leno. (Baroma 12:1, 2) Paulo o ne a re: “Louñō loa Mōea ke loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō: dilō tse, ga di añwe ke molaō opè.” (Bagalatia 5:22, 23) Moya wa Modimo gape o dira gore Mokeresete a tlhaloganye dilo ka tsela e e boteng thata. Paulo o ne a re: “Dilō tsa Modimo, ga go opè eo o di itseñ, ha e se Mōea oa Modimo.” (1 Bakorintha 2:11) Ka kakaretso, “dilō tsa Modimo” di akaretsa boammaaruri jo bo tshwanang le setlhabelo sa thekololo, Bogosi jwa Modimo go busa Jesu Keresete, tsholofelo ya go tshelela ruri, le go tlosiwa ga lefatshe leno le le bosula mo go tlogang go diragala. Moya wa Modimo o o boitshepo o thusa Bakeresete gore ba itse ba bo ba amogele dilo tseo gore ke boammaaruri, mme seno se dira gore ba tseye botshelo ka tsela e e sa tshwaneng le ya batho ba lefatshe. Ba kgotsofalela go itumelela go direla Jehofa gone jaanong, ba ntse ba lebeletse go mo direla go ya go ile.
17. Ke mang yo o tlhomileng sekao se se gaisang tsotlhe sa go emelana le moya wa lefatshe, mme o dirile seo jang?
17 Jesu e ne e le sekao se segolo thata sa bao ba emelanang le moya wa lefatshe leno. Moragonyana fela ga gore Jesu a kolobediwe, Satane o ne a leka go mo faposa mo go direleng Jehofa ka go mo tlela ka dithaelo tse tharo. (Mathaio 4:1-11) Ya bofelo e ne e le ya gore Jesu o ne a ka kgona go laola lefatshe lotlhe fa fela a ne a ka dira selo se le sengwe fela fela go obamela Satane. Jesu o ka bo a ile a akanya jaana: ‘Eh, ke tla dira selo se sengwe fela seo go mo obamela, mme fa ke setse ke laola lefatshe, ke tla ikwatlhaya ke bo ke obamela Jehofa gape. Fa ke le mmusi wa lefatshe, ke gone nka solegelang batho molemo thata go feta gone jaanong ke le mmetli fela yo o tswang kwa Nasaretha.’ Jesu ga a ka a akanya jalo. O ne a iketleeditse go leta go fitlha Jehofa a re a buse lefatshe lotlhe. (Pesalema 2:8) Ka nako eo, le ka dinako tse dingwe tsotlhe mo botshelong jwa gagwe, o ne a emelana le tlhotlheletso e e botlhole ya moya wa ga Satane. Ka jalo, o ne a fenya lefatshe leno le le kgotletsweng ka tsela ya semoya.—Yohane 16:33.
18. Go emelana ga rona le moya wa lefatshe go tlisa kgalaletso go Modimo jang?
18 Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore re tshwanetse go tsamaya mo dikgatong tsa ga Jesu. (1 Petere 2:21) Tota ke mang yo o neng a ka re tlhomela sekao se se botoka go gaisa seo? Mo metlheng eno ya bofelo, batho ba nwelelela kwa tlasetlase mo bosuleng, ba tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe. A bo go itumedisa jang ne gore mo gare ga lefatshe le le ntseng jalo, lefelo le le goletsegileng la kobamelo ya ga Jehofa le teng le itshekile e bile le phepa! (Mika 4:1, 2) Kwantle ga pelaelo, maatla a moya wa Modimo a bonala ka gonne dimilione tsa batho di oologela kwa lefelong la Modimo la kobamelo, di emelana le moya o o gongwe le gongwe wa lefatshe leno mme di tlotla le go galaletsa Jehofa! (1 Petere 2:11, 12) E kete rotlhe re ka ititaya sehuba gore re nne mo lefelong leo le le goleditsweng go fitlha Kgosi e e tloditsweng ya ga Jehofa e tlosa lefatshe leno le le bosula e bo e tsenya Satane Diabolo le badimona ba gagwe mo moleteng. (Tshenolō 19:19–20:3) Ka nako eo, moya wa lefatshe leno o tla bo o sa tlhole o le gone. A bo eo e tla nna nako e e itumedisang jang ne!
A O Ka Tlhalosa?
◻ Moya wa lefatshe ke eng?
◻ Moya wa lefatshe leno o ama batho ka namana jang?
◻ Moya wa lefatshe o iponatsa ka ditsela dife tse dingwe, mme re ka o tila jang?
◻ Re bontsha jang gore re na le moya wa Modimo?
◻ Batho ba ba emelanang le moya wa lefatshe ba tlelwa ke masego afe?
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Moya wa lefatshe o tswa kwa go Satane
Gore o tile moya wa lefatshe, tshabela kwa lefelong le le goletsegileng la kobamelo ya ga Jehofa